LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 5/15 ts. 9
  • Paulo O Ganetsa Plato mo Kgannyeng ya Tsogo ya Baswi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Paulo O Ganetsa Plato mo Kgannyeng ya Tsogo ya Baswi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Plato
    Tsogang!—2013
  • Tumelo ya Gago mo Tsogong ya Baswi e Nonofile go le Kanakang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • “Loso Ruri lo Tla Nyelediwa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Tsholofelo ya Tsogo e Maatla
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 5/15 ts. 9

Paulo O Ganetsa Plato mo Kgannyeng ya Tsogo ya Baswi

MOAPOSETOLOI Paulo o ne a kwala kaga tsogo ya baswi mo go 1 Bakorintha 15:35-58 le 2 Bakorintha 5:1-10. Fa a ne a dira jalo, a o ne a latela dikgopolo tsa ga Plato le batlhalefi ba Bagerika tsa gore moya ga o swe, kana a o ne a dumalana le dithuto tsa ga Jesu le Dikwalo tse dingwe tsotlhe?

Bukana ya Immortality of the Soul or Resurrection of the Individual: St. Paul’s View with Special Reference to Plato, e e kwadilweng ka 1974 ya ba ya dumelelwa semolao ke mobishopomogolo wa Greek Orthodox Church wa Amerika Bokone le Amerika Borwa, e re naya karabo e e re nayang tshedimosetso tota. Fa e sena go tlotla kafa tsogo ya baswi e tlileng go nna ka teng jaaka e umakiwa ke ditemana tse di umakilweng fa godimo le tlhotlheletso ya hisitori ya Bagerika ya nako eo, mokwadi o konela ka tsela e e latelang:

“Plato o ruta gore moya o tswelela o tshela ka bosenabokhutlo, o kgaogane le mmele. Mo go Plato moya ga o swe go ya ka tlholego ya one le go ya kafa o ntseng ka teng tota . . . Moitshepi Paulo ene ga a rute dikgopolo tse di ntseng jalo le fa e le gone go ipolela gore o dira jalo . . .

“Moaposetoloi Paulo ga a amega thata ka go sa sweng ga psyche kana moya [spirit] jaaka dikarolo tse di sa tshwaraganang kana tse di ikemetseng ka nosi mme lefa go ntse jalo o amegile ka go tsoga ga selo se le sengwe eleng mmele wa motho wa moya ka ntlha ya tsogo ya ga Keresete. Kgopolo ya ga Paulo kaga go tsosiwa ga mmele ga e amane ka gope le go tsosiwa mo baswing ga mebele e e suleng go tswa mo mabitleng.

“Kgopolo ya gagwe kaga mmele o o tla tsosiwang e ka tlhalosiwa jaaka go fetoga, go bopiwa sesha le go busediwa gape mo sebopegong sa ntlhantlha ka maatla a Modimo, go tsosiwa motho yo o feletseng, motho ene yole, e le sebopiwa se se nang le botho jone jole, e le motho yo o nang le boikutlo, le yo o nang le tlhaloganyo le mmele. Tsela e re tla tsosiwang ka yone mo baswing mo isagweng e tla diragala eseng jaaka selo sa tlholego fela, mme jaaka mpho e kgolo tota ya Modimo ya segosi.”

Ee, bosasweng ga se selo se motho mongwe le mongwe a se ruileng. Go na le moo, ke mpho e e tlhwatlhwakgolo le e e itumedisang thata e Jehofa ka Morena wa rona Jesu Keresete a e fileng bao ba bopang phuthego ya gagwe e e tloditsweng ya Bokeresete.—1 Bakorintha 15:20, 57; Bafilipi 3:14.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Motlhalefi wa Mogerika Plato

[Motswedi wa Setshwantsho]

Vatican Museum photograph

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela