LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 7/1 ts. 14-19
  • Bagolwane, Atlholang Ka Tshiamo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bagolwane, Atlholang Ka Tshiamo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Keresete—Moatlhodi Yo O Tlhomang Sekao
  • Baatlhodi ba mo Lefatsheng
  • Baatlhodi Ba Ba ‘Itshwarang ka Poifo’
  • Badisa ka Dinako Tsotlhe
  • Go Direla Jaaka Badisa le Baatlhodi Ba Ba Molemo
  • Boikutlo Jo Bo Tshwanetseng kwa Ditshekong
  • Boikaelelo jwa Ditsheko tsa Katlholelo
  • Bagolwane—Tshwarang Letsomane la Modimo ka Bonolo!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Jehofa, “Moatlhodi oa Lehatshe Yeotlhe” Yo O Sa Tlhaoleng Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Go Boloka Phuthego E na Le Kagiso e Bile e le Phepa
    Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa
  • Bagolwane, Bontshang Gore lo Kutlwelobotlhoko le Gore lo Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 7/1 ts. 14-19

Bagolwane, Atlholang Ka Tshiamo

“Utlwañ ditshèkō tsa bana ba borra eno, lo atlholè ka tshiamō.”—DUTERONOME 1:16.

1.Malebana le katlholo, go abilwe thata efe, mme seno se kaya eng ka baatlhodi ba batho?

JAAKA Moatlhodi yo Mogolo, Jehofa o neetse Morwawe thata ya gore a atlhole. (Yohane 5:27) Le Keresete fela jalo, jaaka Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete, o dirisa setlhopha sa motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale le Setlhopha sa sone Se Se Laolang gore se tlhome bagolwane, bao ka dinako tse dingwe ba tshwanelwang ke go dira jaaka baatlhodi. (Mathaio 24:45-47; 1 Bakorintha 5:12, 13; Tito 1:5, 9) Ereka e le baatlhodi ba ba thusang, ba tshwanetse go latela dikao tsa Baatlhodi ba selegodimo ebong Jehofa le Keresete Jesu ka ditsela tsotlhe.

Keresete—Moatlhodi Yo O Tlhomang Sekao

2, 3. (a) Ke boperofeti bofe kaga Mesia jo bo senolang dinonofo tsa ga Keresete jaaka Moatlhodi? (b) Ke dintlha dife tse di tlhomologileng thata?

2 Go ne ga kwalwa kaga Keresete e le Moatlhodi, ka tsela ya seperofeti jaana: “Mōea oa ga Yehofa o tla nna mo go èna, mōea oa botlhale le oa tlhaloganyō, mōea oa kgakololō le nonohō, mōea oa kicō le oa go boiha Yehofa; Me go thama ga gagwè go tla nna mo go boiheñ Yehofa: me ga a ketla a atlhola kaha ponoñ ea matlhō a gagwè, leha e le go kgalema kaha kutloñ ea ditsèbè tsa gagwè: Me o tla atlholèla bahumanegi ka tshiamō, a kgalemèlèle bakgōbaladi ba lehatshe ka tekatekanyō.”—Isaia 11:2-4.

3 Ela tlhoko mo boperofeting joo dinonofo tseo di dirang gore Keresete a kgone go ‘atlhola lefatshe lotlhe ka tshiamo.’ (Ditihō 17:31) O atlhola tumalanong le moya wa ga Jehofa, botlhale jwa gagwe, tlhaloganyo, kgakololo, le kitso. Gape, ela tlhoko gore o atlhola ka go boifa Jehofa. Ka jalo, “sennō sa tshèkèlō sa ga Keresete” se emela “sennō sa tshekèlō sa Modimo.” (2 Bakorintha 5:10; Baroma 14:10) O ela tlhoko gore a atlhole dikgang go ya kafa Modimo o di atlholang ka gone. (Yohane 8:16) Ga a atlhole fela go ya ka tebego kana go ya ka magatwe fela. O atlhola ka tshiamo go thusa batho ba ba pelonomi le ba ba ikokobetsang. A Moatlhodi yo o molemo ruri! Gape abo e le sekao se se molemo jang ne mo bathong ba ba sa itekanelang bao ba tlhomiwang gore ba atlhole gompieno!

Baatlhodi ba mo Lefatsheng

4. (a) Nngwe ya ditiro tsa ba ba 144 000 e tla nna eng ka Puso ya ga Keresete ya Mileniamo? (b) Ke boperofeti bofe jo bo bontshang gore Bakeresete bangwe ba ba tloditsweng ba ne ba tla tlhomiwa go nna baatlhodi ba santse ba le mo lefatsheng?

4 Dikwalo di supa gore Bakeresete ba palo e potlana thata ba ba tloditsweng, go simolola ka baaposetoloi ba ba 12, e tla nna baatlhodi mmogo le Keresete Jesu ka Mileniamo. (Luke 22:28-30; 1 Bakorintha 6:2; Tshenolō 20:4) Masalela a maloko a a tloditsweng a Iseraele wa semoya a a mo lefatsheng one a ne a atlholwa a bo a tsosolosiwa ka 1918-19. (Malaki 3:2-4) Go ne ga bolelelwa pele jaana malebana le go tsosolosiwa gono ga Iseraele wa semoya: “Ke tla rebola baatlhodi ba gago, ba nna yaka ga ntlha, le bagakolodi ba gago yaka mo tshimologoñ.” (Isaia 1:26) Ka jalo, fela jaaka a ne a dirile “mo tshimologoñ” ya Iseraele wa senama, Jehofa o neetse masalela a a tsosolositsweng baatlhodi le bagakolodi ba ba siameng.

5. (a) Ke bomang ba ba ileng ba ‘tlhomiwa gore ba atlhole’ morago ga go tsosolosiwa ga Iseraele wa semoya, mme ba tlhalosiwa jang mo bukeng ya Tshenolō? (b) Balebedi ba ba tloditsweng jaanong ba thusiwa ke bomang mo tirong ya go atlhola, mme bano ba thapisiwa jang gore e nne baatlhodi ba ba botoka?

5 Selo sa ntlha, ‘banna ba ba botlhale’ bao ba neng ba ‘tlhomiwa gore ba atlhole’ botlhe e ne e le banna ba ba godileng ba ba tloditsweng, kana bagolwane. (1 Bakorintha 6:4, 5) Balebedi ba ba tloditsweng, ba ba ikanyegang, le ba ba tlotlegang mo lokwalong lwa Tshenolō ba bolelwa ba le kafa letsogong la ga Jesu la moja, ke gore, ba laolwa ke ene ebile ba kaelwa ke ene. (Tshenolō 1:16, 20; 2:1) Fa e sale ka 1935 batlodiwa ba ile ba engwa nokeng ka boikanyegi ke ba “boidiidi yo bogolo” bao ba ntseng ba oketsega, bao ba solofetseng go falola ‘sepitla se segolo’ le go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. (Tshenolō 7:9, 10, 14-17) Jaaka “nyalō ea Kwana” e ntse e atamela, batho ba palo e e ntseng e oketsega ba setlhopha seno ba ntse ba tlhomiwa ke Setlhopha Se Se Laolang se se tloditsweng gore ba direle jaaka bagolwane le baatlhodi mo diphuthegong tse di fetang 66 000 tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe.a (Tshenolō 19:7-9) Ba thapisiwa mo dikolong tse di kgethegileng gore ba nne le maikarabelo mo setšhabeng sa “lehatshe ye lesha.” (2 Petere 3:13) Sekolo sa Bodihedi sa Bogosi, seo mo dinageng di le dintsi se neng sa tshwarwa kwa bokhutlong jwa 1991, se ne sa gatelela kgang ya go seka dikgetsi tsa katlholelo sentle. Bagolwane bao ba direlang jaaka baatlhodi ba tlamega gore ba etse Jehofa le Keresete Jesu, bao dikatlholo tsa bone di leng boammaaruri ebile di le tshiamo.—Yohane 5:30; 8:16; Tshenolō 19:1, 2.

Baatlhodi Ba Ba ‘Itshwarang ka Poifo’

6. Ke ka ntlha yang fa bagolwane ba ba direlang mo dikomiting tsa katlholelo ba tshwanetse go ‘itshwara ka poifo’?

6 Fa Keresete ka boene a atlhola ka go boifa Jehofa le ka thuso ya moya wa Gagwe, abo bagolwane ba ba sa itekanelang ba tshwanelwa gore ba dire jalo le go feta jang ne! Fa ba abetswe go direla mo komiting ya katlholelo, ba tshwanetse ba ‘itshwara ka poifo,’ ba kopa ‘Rre yo o atlholang a sa tlhaole batho’ gore a ba thuse gore ba atlhole ka tshiamo. (1 Petere 1:17) Ba tshwanetse go gakologelwa gore ba dirisana le matshelo a batho, “meōa” ya bone, jaaka bao ba “tla ikarabèlañ.” (Bahebera 13:17) Ka ntlha ya seno, ga go belaetse gore diphoso dipe fela tseo ba di dirang mme ba ne ba ka di tila mo go atlholeng ga bone ba tla ikarabela ka tsone mo go Jehofa. Fa a ne a akgela ka Bahebera 13:17, J. H. A. Ebrard o ne a kwala jaana: “Tiro ya modisa ke go disa meya eo a e neetsweng gore a e tlhokomele, le gone . . . o tshwanetse a ikarabela ka yone yotlhe, mmogo le ka eo e latlhegileng ka phoso ya gagwe. Le ke lefoko le le masisi. A modihedi mongwe le mongwe wa lefoko a ele tlhoko gore o ithaopetse go tsaya maemo ano a a nang le boikarabelo jo bo boitshegang [jo bo boifisang] jaana.”—Bapisa Yohane 17:12; Yakobe 3:1.

7. (a) Baatlhodi ba motlha wa segompieno ba tshwanetse go gakologelwa eng, mme boikaelelo jwa bone e tshwanetse ya nna eng? (b) Bagolwane ba tshwanetse go ithuta eng mo go Mathaio 18:18-20?

7 Bagolwane bao ba dirang tiro ya boatlhodi ba tshwanetse go gakologelwa gore Baatlhodi ba mmatota ba kgang nngwe le nngwe ke Jehofa le Keresete Jesu. Gakologelwa mafoko ao a neng a bolelelwa baatlhodi ba kwa Iseraele: “Ga lo atlhole kaga motho, ha e se kaga Yehofa hèla; me o na le lona mo go atlholeñ. Me ke gōna yana a poihō ea ga Yehofa e nnè mo go lona. . . . Dihañ mo, me ga lo ketla lo nna molato.” (2 Ditihalō 19:6-10) Bagolwane bao ba atlholang kgetsi nngwe ba tshwanetse go dira bojotlhe jwa bone go tlhomamisa gore ruri Jehofa o ‘na le bone mo go atlholeng’ ba dira jalo ka poifo e e nang le tlotlo. Tshwetso ya bone e tshwanetse gore e tshwane tota le tsela eo Jehofa le Keresete ba lebang kgang eo ka gone. Seo ba se ‘bofang’ (go pega molato) kana ba se ‘bofololang’ (go se bone molato) mo lefatsheng e tshwanetse ya bo e le se se setseng se bofilwe kana se bofolotswe kwa legodimong—jaaka go senotswe ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. Fa ba rapela Jehofa mo leineng la ga Jesu, Jesu o tla bo a le “mo gare ba bōnè” go ba thusa. (Mathaio 18:18-20, ntlhanyana e e kwa tlase go NW; Tora ya Tebelo, February 15, 1988, tsebe 9) Tsela e ba dirisanang ka yone fa kgang e nnetswe fatshe e tshwanetse ya bontsha gore ruri Keresete o mo gare ga bone.

Badisa ka Dinako Tsotlhe

8. Boikarabelo jwa konokono jwa bagolwane ke bofe malebana le letsomane, jaaka fa bo supiwa ke sekao sa ga Jehofa le Jesu Keresete? (Isaia 40:10, 11; Yohane 10:11, 27-29)

8 Bagolwane ga ba atlhole ka dinako tsotlhe. Ke badisa ka dinako tsotlhe. Ke batho ba ba fodisang, ga se batho ba ba otlhayang. (Yakobe 5:13-16) Bokao jwa konokono jwa lefoko la Segerika le le rayang molebedi ebong (e·piʹsko·pos) ke jwa go tlhokomela le go sireletsa. Theological Dictionary of the New Testament e bolela jaana: “Lefoko [e·piʹsko·pos] fa le tlatsa la modisa [mo go 1 Petere 2:25], le kaya tiro ya bodisa ya go tlhokomela kana go disa.” Ee, boikarabelo jwa bone jwa konokono ke go tlhokomela dinku le go di disa, go di boloka mo teng ga letsomane.

9, 10. (a) Paulo o ne a gatelela jang tiro ya konokono ya bagolwane, ka jalo go ka bodiwa potso efe? (b) Mafoko a ga Paulo a a mo go Ditihō 20:29 a kaya eng, ka jalo bagolwane ba ka leka jang gore ba fokotse palo ya dikgetsi tsa katlholelo?

9 Fa a ne a bua le bagolwane ba phuthego ya kwa Efeso, moaposetoloi Paulo o ne a gatelela fa go tlhokegang gone ka go re: “Lo itisè, lo bo lo disè lecomane yeotlhe, ye Mōea o o Boitshèpō o lo dihileñ baokami ba yeōna, gore lo otlè [lo dise, “NW”] phuthègō ea Modimo e o e rekileñ ka madi a [Morwa] ōna.” (Ditihō 20:28) Paulo o gatelela go disa, eseng go otlhaya. Go ka nna molemo gore bagolwane bangwe ba akanye ka potso eno: ‘A re ne re ka boloka nako e ntsi e e tlhokegang go tlhotlhomisa le go reetsa dikgetsi tsa katlholelo ka go dirisa nako e e oketsegileng le boiteko jo bogolwane mo go diseng?’

10 Ke boammaaruri, Paulo o ne a tlhagisa ka “diphiri tse di setlhogo.” Mme lefa go ntse jalo a ga a ka a ba kgalemelela ‘go se rekegele letsomane’? (Ditihō 20:29) Mme lefa a ne a kaya gore balebedi ba ba ikanyegang ba tshwanetse go koba “diphiri” tseno, a mafoko a gagwe ga a bontshe gore bagolwane ba tshwanetse go dirisana le maloko a mangwe a letsomane ‘ka go le rekegela’? Fa nku e koafala semoyeng e bo e kgeloga, e tlhoka eng—go itewa kana go fodisiwa, go otlhaiwa kana go disiwa? (Yakobe 5:14, 15) Ka jalo, bagolwane ba tshwanetse gore ka metlha ba rulaganye nako ya go dira tiro ya bodisa. Seno se ka nna le matswela a a itumedisang a gore go se ka ga dirisiwa nako e ntsi go nnetswe dikgetsi di le dintsi tsa katlholelo tseo di jang nako e ntsi tse di amang Bakeresete ba ba fekeeditsweng ke sebe. Totatota, selo sa konokono seo bagolwane ba tshwanetseng go amega ka sone ke gore go nne le tsela eo batho ba ka imololwang ka yone le go bona tapologo, ka tsela e ntseng jalo ba dira gore go nne le kagiso, thethebalo le go bolokesega mo gare ga batho ba ga Jehofa.—Isaia 32:1, 2.

Go Direla Jaaka Badisa le Baatlhodi Ba Ba Molemo

11. Ke ka ntlha yang fa bagolwane ba ba direlang mo dikomiting tsa katlholelo ba tlhoka go sa tlhaole le “botlhale yo bo cwañ kwa godimo”?

11 Go dira tiro e e oketsegileng ya bodisa pele ga fa Mokeresete a tsaya kgato e e phoso ruri go ka fokotsa palo ya dikgetsi tsa katlholelo mo bathong ba ga Jehofa. (Bapisa Bagalatia 6:1.) Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya go leofa ga motho le go sa itekanela, balebedi ba Bakeresete ba ka nna kgapetsakgapetsa ba tshwanelwa ke go sekaseka dikgetsi tsa batho ba ba dirileng phoso. Ba tshwanetse go kaelwa ke melaometheo efe? E santse e tshwana fela le ya nako ya ga Moshe kana ya Bakeresete ba bogologolo. Mafoko ano a ga Moshe ao a neng a a lebisitse go baatlhodi ba kwa Iseraele a santse a dira: “Utlwañ ditshèkō tsa bana ba borra eno, lo atlholè ka tshiamō gare ga motho le ñwana a rragwè . . . Lo se ka loa tlhōkōmèla bomañmañ yoa batho mo katlholoñ.” (Duteronome 1:16, 17) Go sa tlhaole go bontsha “botlhale yo bo cwañ kwa godimo,” botlhale jo bo botlhokwa thata mo bagolwaneng ba ba direlang mo dikomiting tsa katlholelo. (Yakobe 3:17; Diane 24:23) Botlhale jo bo ntseng jalo bo tla ba thusa go lemoga pharologano fa gare ga bokoa le bosula.

12. Ke ka mogopolo ofe bagolwane ba sa tshwanelang go nna batho ba ba siameng fela mme gape ba tshwanetse go nna ba ba molemo?

12 Bagolwane ‘ba tshwanetse go atlhola ka tshiamo,’ go dumalana le melao ya ga Jehofa ya se se siameng le se se sa siamang. (Pesalema 19:9) Lefa go ntse jalo, fa ba ntse ba leka go nna banna ba ba siameng, ba tshwanetse gore gape ba leke go nna banna ba ba molemo, go ya ka tsela e Paulo a farologanyang ka yone e e bontshiwang mo go Baroma 5:7, 8. Fa e akgela kaga ditemana tseno mo setlhogong sa yone sa “Righteousness” (Tshiamo), buka ya Insight on the Scriptures e bolela jaana: “Go dirisiwa ga lefoko la Segerika go bontsha gore motho yo o tlhomologileng ka go nna molemo, kana yo o tlhaolwang ka bomolemo jwa gagwe, ke motho yo o pelotshweu (a rata go dira molemo kana go dira gore ba bangwe ba solegelwe molemo) ebile a le pelontle (a bontsha bomolemo jono ka ditiro). Ga a amege fela ka go dira se se bontshang tshiamiso mme o dira se se fetang seo, a tlhotlhelediwa ke go amega ka ba bangwe mo go siameng le go eletsa go dira dilo tse di tla ba solegelang molemo le go ba thusa.” (Bolumo 2, tsebe 809) Bagolwane ba ba sa siamang fela mme gape ba le molemo ba tla dirisana le batho ba ba dirang diphoso ka go amega ka bopelonomi. (Baroma 2:4) Ba tshwanetse gore ba batle go bontsha kutlwelobotlhoko le bopelotlhomogi. Ba tshwanetse go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go thusa motho yo o dirileng phoso go bona kafa go leng botlhokwa ka gone go ikwatlhaya, le mororo kwa tshimologong a ka nna a bonala a sa tseye kgato ka maiteko ao ba a dirang.

Boikutlo Jo Bo Tshwanetseng kwa Ditshekong

13. (a) Fa mogolwane a direla jaaka moatlhodi, ga a kgaotse go nna eng? (b) Ke kgakololo efe ya ga Paulo eo e dirang gape le fa kgang e nnetswe fa fatshe?

13 Fa boemo bo tlhoka gore kgetsi e nnelwe fa fatshe, balebedi ga ba a tshwanela go lebala gore e santse e le badisa, ba dirisana le dinku tsa ga Jehofa, kafa tlase ga “modisa eo o molemō.” (Yohane 10:11) Kgakololo eo Paulo a neng a e neela malebana le go thusa dinku tse di mo bothateng ka metlha e dira fela jalo le fa kgetsi e nnetswe fa fatshe. O ne a kwala jaana: “Ba ga echo, leha motho a chwerwe mo tloloñ ñwe, lona ba lo leñ ba semōea, shokololañ eo o nntseñ yalo ka mōea oa bonōlō; u nntse u ipōna, e se re kgotsa le wèna ua raèlwa. Rwadisanyañ merwalō, me lo dihatsè molaō oa ga Keresete yalo.”—Bagalatia 6:1, 2.b

14. Balebedi ba tshwanetse ba leba go nnelwa fa fatshe ga kgang jang, mme ba tshwanetse go ikutlwa jang kaga motho yo o dirileng phoso?

14 Go na le gore ba ipone e le baatlhodi ba maemo a a kwa godimo ba kopane go tla go otlhaya, bagolwane ba ba direlang mo komiting ya katlholelo ba tshwanetse go leba tsheko eno jaaka karolo nngwe ya tiro ya bone ya bodisa. Nngwe ya dinku tsa ga Jehofa e mo bothateng. Ba ka dira eng go mo thusa? A go setse go le thari thata go ka thusa nku eno e e katogetseng kgakala le letsomane? Re ka se ke re solofele gore go ntse jalo. Bagolwane ba tshwanetse go nna ba na le pono e e siameng ka go nna kutlwelobotlhoko fa go tshwanetseng teng. Ga se gore ba tshwanetse go repisa melao ya ga Jehofa fa go dirilwe boleo jo bo masisi. Mme lefa go ntse jalo go itse ka maemo ape ao a ka dirang gore katlholo e se nne botlhoko thata go tla ba thusa gore ba nne kutlwelo botlhoko fa go kgonega. (Pesalema 103:8-10; 130:3) Ka maswabi, batho bangwe ba ba dirang phoso ba nna le boikutlo jwa go tatalalela go dira phoso mo e leng gore bagolwane ba tlamega go gagamala, le mororo ba se ke le ka motlha ba nna peloethata.—1 Bakorintha 5:13.

Boikaelelo jwa Ditsheko tsa Katlholelo

15. Fa go tsoga bothata jo bo masisi fa gare ga batho, go tshwanetse ga tlhomamisiwa eng pele?

15 Fa go nna le bothata jo bo masisi fa gare ga batho bangwe, bagolwane ba ba botlhale ba tla tlhomamisa pele gore a bao ba amegang ba ile ba leka go rarabolola bothata ka bobone, jaaka go bontshitswe mo go Mathaio 5:23, 24 kana Mathaio 18:15. Fa e le gore seno ga se a rarabolola bothata, gongwe go ka lekana gore mogolwane a le mongwe fela kana ba le babedi ba gakolole. Kgato ya go atlhola e tlhokega fela fa e le gore go dirilwe boleo jo bo masisi jo bo ka gogelang kwa goreng motho a kgaolwe. (Mathaio 18:17; 1 Bakorintha 5:11) Go tshwanetse gore go bo go na le lebaka le le utlwalang la Dikwalo gore go tlhomiwe komiti ya katlholelo. (Bona Tora ya Tebelo, September 15, 1989, tsebe 18.) Fa komiti e e ntseng jalo e tlhomiwa, go tshwanetse ga tlhophiwa bagolwane ba ba tshwanelegang sentle go reetsa kgetsi eo.

16. Fa kgang e nnelwa fa fatshe bagolwane ba a bo ba leka go dira eng?

16 Fa bagolwane ba nnela dikgetsi fa fatshe ba a bo ba leka go dira eng? Selo sa ntlha, ga go kake ga kgonega go atlhola ka tshiamo fa boammaaruri bo sa itsewe. Jaaka kwa Iseraele, dikgang tse di masisi di tshwanetse go ‘tlhotlhomisiwa ka tlhoafalo.’ (Duteronome 13:14; 17:4) Ka jalo boikaelelo jo bongwe jwa tsheko ke go batlisisa boammaaruri kaga kgetsi. Mme lefa go ntse jalo seno se ka dirwa ka lorato ebile se tshwanetse go dirwa ka lorato. (1 Bakorintha 13: 4, 6, 7) Fa boammaaruri bo setse bo itsewe, bagolwane ba tla dira sengwe le sengwe se se tlhokegang go sireletsa phuthego le go e boloka e tshegetsa melao e e kwa godimo ya ga Jehofa le gore moya wa gagwe o nne o ntse o le teng. (1 Bakorintha 5:7, 8) Lefa go ntse jalo, bongwe jwa maikaelelo a tsheko ke go boloka moleofi yo o mo kotsing, fa go kgonega.—Bapisa Luke 15: 8-10.

17. (a) Motho yo o bonweng molato o tshwanetse a tshwarwa jang fa kgang e nnetswe fa fatshe, mme ka ntlha yang? (b) Seno se tla tlhoka gore maloko a komiti ya katlholelo a dire eng?

17 Motho yo o latofadiwang ga a tshwanela go tshwarwa ka tsela epe e sele fa e se jaaka nku ya Modimo. O tshwanetse go tshwarwa ka manontlhotlho. Fa go dirilwe boleo (kana maleo), boikaelelo jwa baatlhodi ba ba siameng e tla nna go thusa moleofi gore a fetoge, a tlhaloganye kafa se a se dirang se leng phoso ka gone, a ikwatlhaye, mme ka jalo a swatolwe mo “seruñ sa diabolo.” Go tla tlhoka gore ba bo ba ‘kgona go ruta,’ ba ‘laya ka bonolo.’ (2 Timotheo 2:24-26; 4:2) Go tweng fa e le gore go tloga foo moleofi o lemoga gore o leofile, a tlhabegile tota mo pelong, a bo a kopa gore Jehofa a mo itshwarele? (Bapisa Ditihō 2:37.) Fa komiti e tlhomamisega gore o batla thuso ka pelo yotlhe, gantsi go ka se ke go tlhokege gore a kgaolwe.—Bona Tora ya Tebelo, August 15, 1984, tsebe 31, serapa 1.

18. (a) Ke leng komiti ya katlholelo e tshwanetseng go gagamatsa letsogo ka go kgaola motho yo o dirileng phoso? (b) Ke boemo bofe jo bo utlwisang botlhoko jo bo tlhokang gore bagolwane ba dire ka natla go thusa dinku tse di timelang?

18 Kafa letlhakoreng le lengwe, fa maloko a komiti ya katlholelo a fitlhela go phepafetse gore ke kgang ya botenegi jo motho a sa bo ikwatlhaeleng, go tsuologela melao ya ga Jehofa ka boomo, kana bosula jo bo feletseng, tiro ya bone ke go sireletsa maloko a mangwe a phuthego ka go kgaola motho yo o dirileng phoso mme a sa ikwatlhae. Komiti ya katlholelo ga e tlamege gore gangwe le gape e kopane le motho yo o dirileng phoso kana go mo tsenya mafoko mo molomong, ba leka go mo pateletsa gore a ikwatlhaye, fa go bonala sentle gore ga a ikwatlhaye ka pelo yotlhe.c Mo dingwageng tsa bosheng palo ya batho ba ba ntseng ba kgaolwa mo lefatsheng lotlhe e ile ya nna mo e batlileng e le 1 lekgolong ya baboledi. Seo se raya gore mo dinkung tse di ka nnang lekgolo tse di salang mo letsomaneng, go timela e le nngwe—bobotlana e timela ka nakwana fela. Fa go lebelelwa nako le boiteko tseo di tlhokegang go lere motho mo letsomaneng, a ga go utlwise botlhoko go itse gore batho ba le dikete di le masomesome ba ‘newa Satane’ ngwaga le ngwaga?—1 Bakorintha 5:5.

19. Bagolwane ba ba direlang mo komiting ya katlholelo ga ba a tshwanela gore le ka motlha ba lebale eng, ka jalo boikaelelo jwa bone e tla nna eng?

19 Bagolwane bao ba simololang kgetsi ya katlholelo ba tshwanetse go gakologelwa gore gantsi boleo mo phuthegong bo bakwa ke bokoa, e seng bosula. Ga ba a tshwanela gore le ka motlha ba lebale setshwantsho sa ga Jesu sa nku e e latlhegileng, seo a neng a se konela ka mafoko ano: “Kea lo raea, Go tla nna boitumèlō hèla yalo kwa legodimoñ kaga moleohi a le moñwe hèla eo o ikwatlhaeañ, bogolo go kaga ba ba siameñ ba ba mashomè a a hèrañ o le moñwe le bohèra o le moñwe, ba ba sa diheñ boikwatlhaō sepè.” (Luke 15:7) Eleruri, “[Jehofa ga a] rate gore opè a shwè, ha e se gore botlhe ba tlè mo boikwatlhaoñ.” (2 Petere 3:9) Ekete Jehofa a ka thusa dikomiti tsa katlholelo tse di mo lefatsheng lotlhe gore di dire bojotlhe gore go nne le boitumelo kwa legodimong ka go thusa batho ba ba dirang phoso gore ba bone kafa go tlhokegang ka gone gore ba ikwatlhaye le gore ba boele ba tlhomame mo tseleng e tshesane e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng.—Mathaio 7:13, 14.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go bona tshedimosetso ka boemo jwa bagolwane ba ba tswang mo dinkung di sele malebana le go nna kafa letsogong le legolo la ga Keresete, bona buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo e Atametse! eo e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., tsebe 136, ntlhanyana e e kwa tlase.

b Bona Tora ya Tebelo, September 15, 1989, tsebe 19.

c Bona Tora ya Tebelo, February 1, 1982, tsebe 25, serapa 24.

Dipotso tsa Poeletso

◻ Bagolwane ba tshwanetse ba amega thata kaga eng, go latela sekao sa Modisa yo Mogolo le Modisa yo o Molemo?

◻ Bagolwane ba ka leka jang go fokotsa palo ya dikgetsi tsa katlholelo?

◻ Ke ka mogopolo ofe baatlhodi ba sa tshwanelang go nna tshiamo fela mme gape ba tshwanetse go nna molemo?

◻ Motho yo o dirileng phoso o tshwanetse go tshwarwa jang fa kgang e nnetswe fa fatshe, mme ka ntlha yang?

◻ Ke ka ntlha yang fa go kgaola go dirwa fela fa dikgato tse dingwe tsotlhe di paletswe?

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Fa tiro ya bodisa e dirwa nako e sale gone, go ka tilwa dikgetsi di le dintsi tsa katlholelo

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Le fa kgang e nnetswe fa fatshe, bagolwane ba tshwanetse go leka go gakolola motho yo o dirileng phoso ka bonolo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela