Jehofa, “Moatlhodi oa Lehatshe Yeotlhe” Yo O Sa Tlhaoleng Batho
“Rra . . . eo o atlholañ kaha tihō ea motho moñwe le moñwe e nntseñ ka gōna, a sa tlhaole batho.”—1 PETERE 1:17.
1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa ntlha ya gore Jehofa ke Moatlhodi yo mogolo e tshwanetse ya re boifisa ya bo ya re gomotsa? (b) Mo kgannyeng ya ga Jehofa ya semolao kgatlhanong le merafe, batlhanka ba gagwe ba mo lefatsheng ba na le seabe sefe?
JEHOFA ke “Moatlhodi” yo mogolo “oa lehatshe yeotlhe.” (Genesise 18:25) Ereka e le Modimo o Mogolo wa lobopo, o na le tshwanelo e e feletseng ya go atlhola dibopiwa tsa gagwe. Eno ke kgopolo e e boifisang mme ka nako e e tshwanang e gomotsa. Moshe o ne a tlhalosa kgopolo eno e e lebegang e ikganetsa ka mafoko a a amang pelo, a re: “Yehofa Modimo oa lona, ko ōna Modimo oa medimo, le Morèna oa barèna, Modimo o mogolo, o o nonohileñ, o o boitshègañ, o o sa tlhokomeleñ bomañmañ yoa batho, leha e le go amogèla tuèlō. O dihisetsa masièla le mosadi eo motlhōlagadi katlholō, me o rata moeñ, ka go mo naea diyō le diaparō.”—Duteronome 10:17, 18.
2 Abo e le tekatekano ya selekanyo se se kwa godimo jang ne! Modimo o mogolo, o o maatla, o o boitshegang, mme o sa tlhaole batho ebile o bontsha lorato ka go tlhokomela dilo tse di tlhokwang ke masiela, batlholagadi, le baeng. Ke mang yo o ka eletsang go nna le Moatlhodi yo o lorato go feta Jehofa? Jehofa o ipolela fa a tlile go sekisa merafe ya lefatshe la ga Satane, mme o kopa batlhanka ba gagwe ba ba mo lefatsheng gore e nne basupi ba gagwe. (Isaia 34:8; 43:9-12) Ga a ikaege ka gore e nne bone ba supang gore ke Modimo le gore o tshwanelwa ke go nna molaodi. Mme lefa go ntse jalo o neela basupi ba gagwe tshiamelo e e sa tlwaelegang ya gore ba supe fa pele ga setho sotlhe gore ba mo tsaya a le mogolo go gaisa. Basupi ba gagwe ka bobone ba ineela kafa tlase ga bolaodi jwa gagwe jo bo siameng, mme ka bodihedi jwa bone jwa phatlalatsa, ba tlhotlheletsa ba bangwe gore ba ipeye kafa tlase ga taolo ya Moatlhodi yo Mogolo.
Kafa Jehofa A Atlholang ka Gone
3. Tsela eo Jehofa a atlholang ka yone e ka sobokanngwa jang, mme seno se ne sa bontshiwa jang mo kgannyeng ya ga Adame le Efa?
3 Kwa tshimologong ya hisitori ya setho, Jehofa o ne a atlhola ka namana batho bangwe bao ba neng ba tlola molao. Dikai tsa kafa a neng a seka dikgang tsa boatlhodi ka gone di ne tsa tlhomela batlhanka bao e neng e tla re morago ba tshwanelwe ke go seka dikgang tsa boatlhodi mo bathong ba gagwe sekao. (Pesalema 77:11, 12) Tsela eo a atlholang ka yone e ka sobokanngwa jaana: o gagamatsa seatla fa go tlhokega, o utlwela botlhoko fa ga kgonega. Fa e le ka Adame le Efa, dibopiwa tsa batho ba ba itekanetseng bao ba neng ba tsuologile ka boomo, ba ne ba sa tlhoke go utlwelwa botlhoko. Ka jalo, Jehofa o ne a ba atlholela loso. Mme lefa go ntse jalo o ne a utlwela bana ba bone botlhoko. Jehofa o ne a diegisa go diragadiwa ga katlholo ya gagwe ya loso, ka jalo a letla Adame le Efa gore ba nne le bana. Ka lorato o ne a neela bana ba bone tsholofelo ya gore ba tla gololwa mo bokgobeng jwa boleo le loso.—Genesise 3:15; Baroma 8:20, 21.
4. Jehofa o ne a dirisana jang le Kaine, mme ke ka ntlha yang fa kgang eno e kgatlhisa thata jaana?
4 Tsela eo Jehofa a neng a dirisana le Kaine ka yone e a kgatlha ka gonne ke yone kgang ya ntlha e go kwadilweng kaga yone e e amang mongwe wa bana ba ba sa itekanelang ba ga Adame le Efa, a “bapadicwe mo thateñ ea boleo.” (Baroma 7:14) A Jehofa o ne a akanyetsa seno mme a tshwara Kaine ka tsela e e farologaneng le eo A neng a dirisana le batsadi ba gagwe ka yone? A mme kgang eno e ka nna thuto mo balebeding ba Bakeresete gompieno? A re boneng. Ereka a ne a lemoga tsela e e phoso e Kaine a neng a itshwara ka yone fa setlhabelo sa gagwe se ne se sa amogelwe, Jehofa ka lorato o ne a mo tlhagisa ka kotsi eo a neng a le mo go yone. Seane sengwe sa bogologolo sa re: ‘Go botoka go thibela go na le go fodisa.’ Jehofa o ne a dira gotlhe mo a neng a ka go kgona ka go tlhagisa Kaine gore a se ka a letla go rata go leofa ga gagwe gore go mo fekeetse. O ne a leka ka thata go mo thusa gore ‘a dire sentle.’ (Genesise 4:5-7) Leno ke lekgetlo la ntlha leo ka lone Modimo o neng o bolelela motho yo o leofileng gore a ikotlhae. Fa Kaine a sena go bontsha gore ga a batle go ikotlhaya a bo a dira molato wa gagwe o mogolo, Jehofa o ne a mo atlholela gore a kobiwe mo nageng ya gagabo, a bo a nolofatsa katlholo eno ka go tlhoma molao o o neng o iletsa gore batho ba bangwe ba se ka ba mmolaya.—Genesise 4:8-15.
5, 6. (a) Jehofa o ne a dirisana jang le batho ba kokomana ya pele ga Morwalela? (b) Jehofa o ne a dira eng pele ga fa a diragatsa katlholo mo baaging ba Sodoma le Gomora?
5 Pele ga Morwalela, fa ‘Jehofa a ne a bona gore boikepo jwa motho bo ne bo le bogolo mo lefatsheng, go ne ga mo tlhokofatsa pelo.’ (Genesise 6:5, 6) O ne “a ikwatlhaea” mo e leng gore o ne a utlwa botlhoko gore bontsi jwa batho ba kokomana ya pele ga Morwalela ba ne ba sa dirisa kgololesego ya bone ya go ka itlhophela se ba se batlang sentle le gore o ne a tshwanetse go ba atlhola. Lefa go ntse jalo, o ne a ba neela tlhagiso e e lekaneng, a dirisa Noa jaaka “moreri oa tshiamō” ka dingwaga di le dintsi. Morago ga foo, Jehofa o ne a sena lebaka lepe la go ‘rekegela lefatshe leo la baikepi.’—2 Petere 2:5.
6 Ka tsela e e tshwanang Jehofa o ne a tlamega go nna le kgang ya semolao kgatlhanong le baagi ba ba bosula ba Sodoma le Gomora. Mme lefa go ntse jalo ela tlhoko gore o ne a e tsamaisa jang. O ne a utlwile “phashogō” kaga boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong jwa batho bano, ka dithapelo tsa mosiami Lote. (Genesise 18:20; 2 Petere 2:7, 8) Mme lefa go ntse jalo pele a tsaya kgato, o ne a ‘fologa’ a dirisa baengele ba gagwe go ya go tlhomamisa gore a seo ke boammaaruri. (Genesise 18:21, 22; 19:1) Gape o ne a tsaya nako a tlhomamisetsa Aberahame gore o ne a se kitla a dira ka tshiamololo.—Genesise 18:23-32.
7. Bagolwane ba ba mo dikomiting tsa katlholelo ba ka ithuta eng mo dikaing tsa kafa Jehofa a atlholang ka gone?
7 Bagolwane gompieno ba ka ithuta eng mo dikaong tseno? Mo kgannyeng ya ga Adame le Efa, Jehofa o ne a bontsha gore o ne a rata bao ba neng ba se molato mo kgannyeng ebile a ba akanyetsa, lefa gone ba ne ba le masika le ba ba molato. O ne a utlwela bana ba ga Adame le Efa botlhoko. Mo kgannyeng ya ga Kaine, Jehofa o ne a bonela pele kotsi eo Kaine a neng a le mo go yone mme a buisana le ene ka bopelontle, a leka go mo kganela gore a se leofe. Lefa a sena go mo koba, Jehofa o ne a akanyetsa Kaine. Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a itshoka thata ka bopelotelele pele a diragatsa katlholo mo bathong ba kokomana ya pele ga Morwalela. Fa Jehofa a ne a lebana le boikepo jo bo neng bo dirwa ka botlhogoethata, seno se ne sa “mo tlhokohatsa pelo.” O ne a utlwa botlhoko gore batho ba ne ba tsuologela puso ya gagwe e e lorato le gore o ne a tlamega go ba atlhola mo go botlhoko. (Genesise 6:6; bapisa Esekiele 18:31; 2 Petere 3:9.) Fa e le ka Sodoma le Gomora, Jehofa o ne a tsaya kgato fela fa a sena go tlhomamisa dikgang. Abo e le dikai tse di molemo jang ne mo go bao gompieno ba tshwanetseng go seka dikgang tse di amanang le molao!
Baatlhodi ba Batho mo Metlheng ya Ditlhogo tsa Lotso
8. Mo metlheng ya ditlhogo tsa lotso go ne go itsewe melaometheo efe ya ga Jehofa ya konokono?
8 Le mororo go bonala gore go ne go sena molao o o kwadilweng ka nako eo, batho ba metlha ya ditlhogo tsa lotso ba ne ba itse melao ya ga Jehofa ya konokono, ebile batlhanka ba gagwe ba ne ba tlamega go e utlwa. (Bapisa Genesise 26:5.) Ditiragalo tsa kwa Edena di ne di bontshitse kafa go neng go tlhokega ka gone go utlwa le go ineela mo bolaoding jwa ga Jehofa. Kgang ya ga Kaine e ne e bontshitse gore Jehofa ga a rate polao. Morago fela ga Morwalela, Modimo o ne a neela batho melao e e malebana le kafa madi a leng boitshepo ka gone, go bolaya, go atlholela loso, le go ja madi. (Genesise 9:3-6) Mo tiragalong eo e neng e ama Aberahame, Sara, le Abimeleke, kgosi ya Gerara, e e gaufi le Gasa, Jehofa o ne a kgala boaka fela thata.—Genesise 20:1-7.
9, 10. Ke dikai dife tse di bontshang gore go ne go na le tsamaiso ya boatlhodi mo setšhabeng sa motlha wa ditlhogo tsa lotso?
9 Mo malatsing ao ditlhogo tsa malapa di ne di direla jaaka baatlhodi mme di seka dikgetsi tse di amanang le molao. Jehofa o ne a bolela jaana kaga Aberahame: “Ke mo itsile gore a tle a nnè a laolè bana ba gagwè, le ba ntlo ea gagwè moragō ga gagwè, gore ba bolokè tsela ea ga Yehofa go diha tshiamishō le katlholō.” (Genesise 18:19) Aberahame o ne a bontsha go tlhoka bopelotshetlha le go nna botlhale fa a ne a rarabolola kgang eo e neng e le fa gare ga badisa ba gagwe le badisa ba ga Lote. (Genesise 13:7-11) Juda o ne a direla jaaka tlhogo ya lotso le moatlhodi, mme a laela gore ngwetsi ya gagwe Tamare a kgobotlediwe ka maje go fitlha a swa a bo a fisiwa, a akanya gore e ne e le seaka. (Genesise 38:11, 24; bapisa Yoshue 7:25.) Lefa go ntse jalo fa a utlwa boammaaruri jotlhe, o ne a bolela fa Tamare a ne a siame thata go mo feta. (Genesise 38:25, 26) Abo go le botlhokwa jang ne go itse boammaaruri jotlhe pele ga fa o ntsha katlholo!
10 Lokwalo lwa ga Yobe lo umaka tsamaiso ya boatlhodi mme lo bontsha kafa katlholo e go sa tlhaolweng batho mo go yone e eletsegang ka gone. (Yobe 13:8, 10; 31:11; 32:21) Jobe ka boene o gakologelwa nako eo ka yone e neng e le moatlhodi yo o tlotlegang yo o neng a nna kwa kgorong ya motse a atlhola a bo a buelela motlholagadi le lesiela. (Yobe 29:7-16) Ka jalo, go na le bosupi jwa gore le mo bathong ba metlha ya ditlhogo tsa lotso, “bagolwane” ba ne ba direla jaaka baatlhodi mo ditlogolwaneng tsa ga Aberahame le eleng pele ga Khudugo le melao eo morafe wa Iseraele o neng o e neilwe ke Modimo. (Ekesodo 3:16, 18) Ebile tota, Moshe o ne a boleletse “bagolwane” kana banna ba ba godileng ba Iseraele bao ba neng ba emela batho dilo tseo di neng di akarediwa mo kgolaganong ya Molao.—Ekesodo 19:3-7.
Tsamaiso ya Iseraele ya Boatlhodi
11, 12. Go ya ka baithuti ba Bibela ba le babedi, ke eng seo se neng se dira gore tsamaiso ya Iseraele ya boatlhodi e farologane le ya merafe e mengwe?
11 Kwa Iseraele tsamaiso ya boatlhodi e ne e farologane fela thata le ditsamaiso tsa molao tseo di neng di dirisiwa ke merafe e e fa gaufi. Go ne go sena pharologano fa gare ga molao wa ditshwanelo tsa batho le molao wa melato le kafa e otlhaelwang ka gone. Ka bobedi jwa yone e ne e lomagane le melao ya boitsholo le ya bodumedi. Go direla moagelani molato e ne e le go direla Jehofa molato. Mo bukeng ya gagwe ya The People and the Faith of the Bible, mokwadi André Chouraqui o kwala jaana: “Tsamaiso ya Bahebera ya boatlhodi e farologane le ya baagelani ba bone, eseng fela ka tsela eo melato le dikotlhao tsa yone di tlhalosiwang ka yone mme le ka bokao jwa konokono jwa melao eo. . . . Torah [Molao] ga e kgakala le botshelo jwa letsatsi le letsatsi; e laola tsela eo go tshelwang ka yone letsatsi le letsatsi le dilo tseo di dirwang mo botshelong ka go neela tshegofatso kana phutso. . . . Kwa Iseraele . . . go batlile go ka se kgonege go tlhaola ka phepafalo ditiro tsa motse tsa boatlhodi. Di ne di fitlhegile mo dikarolong tse di kopaneng tsa botshelo jo bo neng bo sekametse ka mo go feletseng mo go diragatseng thato ya Modimo o o tshelang.”
12 Boemo jono jo bo sa tshwaneng le bope bo sele bo ne bo dira gore tsela e tshiamiso e neng e dirwa ka yone mo Iseraele e nne ya boemo jo bo kwa godimo thata go feta ya merafe eo e neng e le gone ka nako eo. Moithuti wa Bibela ebong Roland de Vaux o kwala jaana: “Le mororo molao wa Baiseraele o tshwana ebile o na le dilo tse di tshwanang le dikarolo tsa ‘ditumalano’ le dikarolo tsa ‘melao’ ya Botlhabagare, o farologane fela thata le tsone. Ke molao wa bodumedi. . . . Ga go na molao ope wa Botlhabagare o o ka tshwantshiwang le molao wa Baiseraele, o go bolelwang gore otlhe fela o feletse o kwadilwe ke Modimo. Fa o na le melao e e amang boitsholo le mediro, mme gantsi o e lomaganya le yone ke ka gonne o ama sengwe le sengwe se se akarediwang ke Kgolagano ya Modimo, le ka gonne Kgolagano eno e ne e laola kafa batho ba dirisanang mmogo ka teng mmogo le kafa ba dirisanang ka teng le Modimo.” Ga go gakgamatse go bo Moshe a ne a botsa jaana: “Go na le morahe o mogolo ohe o o nañ le ditaeō le dikatlholō tse di siameñ yaka molaō o otlhe, o ke o baeañ ha pele ga lona gompiyeno?”—Duteronome 4:8.
Baatlhodi kwa Iseraele
13. Moshe e ne e le sekao se se molemo mo bagolwaneng ba gompieno ka ditsela dife?
13 Ereka go ne go na le tsamaiso e e kwa godimo jalo ya boatlhodi, go ne go tlhokega monna wa mofuta mang gore a direle jaaka moatlhodi? Bibela e bolela jaana ka moatlhodi wa ntlhantlha go tlhomiwa kwa Iseraele: “Monna eouō, Moshe, a bo a le boikokobeco thata, go heta batho botlhe ba ba neñ ba le mo lehatshiñ.” (Dipalō 12:3) O ne a sa itshepe mo go feteletseng. (Ekesodo 4:10) Le mororo a ne a tshwanetse go nna moatlhodi wa batho, ka dinako tse dingwe o ne a nna mmueledi wa bone fa pele ga Jehofa, a mo rapela gore a ba itshwarele a bo a bolela gore a ka intsha setlhabelo mo boemong jwa bone. (Ekesodo 32:11, 30-32) O ne a boka jaana: “Puō ea me e tla nya yaka monyō; yaka pula ea medupe mo loremeñ, le yaka pula ea maebana mo morogoñ.” (Duteronome 32:2) O ne a se ka a ikanya botlhale jwa gagwe ka namana fa a atlhola batho, mme go na le moo o ne a bolela jaana: “Ha ba na le mahoko mañwe, ba tle mo go nna; me ke atlhole gare ga motho le oa ga gabō, ke be ke ba itsise ditaeō tsa Modimo, le melaō ea ōna.” (Ekesodo 18:16) Fa a sa tlhomamise ka sengwe, o ne a isa kgang fa pele ga Jehofa. (Dipalō 9:6-8; 15:32-36; 27:1-11) Moshe e ne e le sekao se se molemo mo bagolwaneng bao gompieno ba ‘disang letsomane la Modimo’ le go dira ditshwetso tsa boatlhodi. (Ditihō 20:28) Ekete kamano ya bone le bakaulengwe ba bone le yone e ka tshwana le “pula ea medupe mo loremeñ.”
14. Banna ba Moshe a neng a ba tlhoma go nna baatlhodi kwa Iseraele ba ne ba tshwanetse go tshwanelega ka ditsela dife semoyeng?
14 Fa nako e ntse e ya Moshe o ne a se ka a tlhola a kgona go rwala morwalo wa go atlhola dikgang tsa batho a le nosi. (Ekesodo 18:13, 18) O ne a amogela kakantsho ya ga mogwagadiagwe ya gore a kope thuso. Fano le gone, go ne ga tlhophiwa banna ba ba ntseng jang? Re bala jaana: “Mo bontsiñ yoa batho u lebalebè banna ba ba nonohileñ, ba ba boihañ Modimo, banna ba boamarure, ba ba ilañ papadi e e sa siamañ. . . . Me Moshe a tlhaola banna ba ba nonohileñ mo go ba Iseraele botlhe, me a ba diha ditlhōgō mo bathuñ, balaodi ba makgolo a a mashomè, le balaodi ba makgolo, le balaodi ba mashomè a matlhano, le balaodi ba mashomè. Me ba atlhola batho ka metlha eotlhe: mahoko a a thata ba a ise kwa go Moshe, me mahoko a mabōtlana ba a atlhole ka bosi.”—Ekesodo 18:21-26.
15. Bao ba neng ba direla jaaka baatlhodi kwa Iseraele ba ne ba tshwanetse go tshwanelega ka ditsela dife?
15 Go a bonala gore go ne go sa lejwe dingwaga fela fa banna ba tlhophiwa gore ba nne baatlhodi. Moshe o ne a bolela jaana: “Tsaeañ banna ba ba botlhale, ba ba tlhaloganyō, e le ba ba [nang le maitemogelo, NW], kaha dicoñ tsa lona, me ke tla ba diha ditlhōgō tlhōgō mo go lona.” (Duteronome 1:13) Moshe o ne a itse sentle seo se neng sa bolelwa ke Elihu yo mmotlana dingwaga di le dintsi pele ga foo: “Ba batona ga se bōnè ba ba botlhale, leha e le bacohe ba ba tlhaloganyañ katlholō.” (Yobe 32:9) Kwantle ga pelaelo, bao ba tlhomiwang e ne e tshwanetse go nna ‘banna ba ba nang le maitemogelo.’ Mme lefa go ntse jalo sa botlhokwatlhokwa ke gore ba ne ba tshwanetse go nna banna ba ba nang le bokgoni, ba ba boifang Modimo, ba ba ikanyegang, bao ba neng ba tlhoile go bapala ka tsela e e sa siamang, ebile ba le botlhale. Jalo he, go bonala e le gore “ditlhōgō tlhōgō” le “baatlhodi” bao go buiwang ka bone mo go Yoshue 23:2 le 24:1 e ne e se batho ba ba farologaneng le “bagolwane” bao go buiwang ka bone mo ditemaneng tsone tseo mme ba ne ba tlhophilwe mo gare ga bone.—Bona Insight on the Scriptures, Bolumo 2, tsebe 549.
Go Diragatsa Tshiamiso
16. Ke eng seo re tshwanetseng ra se ela tlhoko gompieno kaga ditaelo tse Moshe a neng a di neela baatlhodi bao ba neng ba sa tswa go tlhomiwa go nna baatlhodi?
16 Fa e le ka dikaelo tse baatlhodi bano ba ba tlhomilweng ba di neetsweng, Moshe o ne a re: “Me ka laea baatlhodi ba lona ka lobaka louō, ka re, Utlwañ ditshèkō tsa bana ba borra eno, lo atlholè ka tshiamō gare ga motho le ñwana a rragwè, le èna moeñ eo o mo go lona. Lo se ka loa tlhōkōmèla bomañmañ yoa batho mo katlholoñ: lo utlwè ba babōtlana le ba bagolo, go chwanè hèla; lo se ka loa boiha sehatlhōgō sa motho; gonne katlholō ke ea Modimo: me tshèkō e e lo palèlañ lo e lere kwano go nna [Moshe], me ke tla e utlwa.”—Duteronome 1:16, 17.
17. Ke bomang bao ba neng ba tlhomiwa jaaka baatlhodi, mme Kgosi Jehoshafate o ne a ba tlhagisa jang?
17 Gone ke boammaaruri, kgang e ne e ka tlisiwa kwa go Moshe fela fa a santse a tshela. Ka jalo go ne ga dirwa dithulaganyo tse dingwe tsa gore dikgang tse di bokete di isiwe kwa baperesiting, kwa Balefing, le kwa baatlhoding ba ba tlhometsweng tiro eo. (Duteronome 17:8-12; 1 Ditihalō 23:1-4; 2 Ditihalō 19:5, 8) Kgosi Jehoshafate o ne a raya baatlhodi bao a neng a ba tlhomile mo metseng ya Juda a re: “Lo gopolè se lo se dihañ: gonne ga lo atlhole kaga motho, ha e se kaga Yehofa hèla . . . Lo dihè yana mo go boiheñ Yehofa, ka boikañō, le pelo e e itekanetseñ. Me ea tle e re kgañ ñwe e tla kwa go lona e cwa mo baneñ ba ga rra eno ba ba agileñ mo metsiñ ea bōnè, . . . lo ba tlhagisè, gore ba tlè ba se ka ba nna molato mo go Yehofa, me bogale yoa tla mo go lona le mo baneñ ba ga rra eno: dihañ mo, me ga lo ketla lo nna molato.”—2 Ditihalō 19:6-10.
18. (a) Mengwe ya melaometheo eo baatlhodi ba kwa Iseraele ba neng ba tshwanetse go e dirisa ke efe? (b) Baatlhodi ba ne ba tshwanetse go gakologelwa eng, mme ke dikwalo dife tse di bontshang gore fa ba lebala seno go ne go felela ka eng?
18 Mengwe ya melaometheo eo baatlhodi ba kwa Iseraele ba neng ba tshwanetse go e dirisa ke eno: bahumi le bahumanegi ba direlwe tshiamiso ka tekatekano (Ekesodo 23:3, 6; Lefitiko 19:15); go se ka ga tlhaolwa batho le eseng (Duteronome 1:17); go se ka ga amogelwa pipamolomo. (Duteronome 16:18-20) Ka metlha baatlhodi ba ne ba tshwanetse go gakologelwa gore ba ne ba atlhola dinku tsa ga Jehofa. (Pesalema 100:3) Ebile tota, lengwe la mabaka a go bo Jehofa a ile a latlha Iseraele wa senama e ne e le ka gonne baperesiti ba bone le badisa ba ne ba paletswe ke go atlhola ka tshiamo ebile ba tshwara batho setlhogo.—Yeremia 22:3, 5, 25; 23:1, 2; Esekiele 34:1-4; Malaki 2:8, 9.
19. Go sekaseka ditekanyetso tsa ga Jehofa tsa tshiamiso tsa pele ga Motlha O O Tlwaelegileng go re solegela molemo ka eng, mme re tla tlhatlhoba eng mo setlhogong se se latelang?
19 Jehofa ga a fetoge. (Malaki 3:6) Poeletso eno ya kafa katlholo e neng e tshwanetse go diragadiwa ka gone kwa Iseraele le kafa Jehofa a neng a leba go sa direlwe ka tshiamiso ka gone e tshwanetse ya dira gore bagolwane bao gompieno ba tshwanelwang ke go dira ditshwetso tsa boatlhodi ba eme ba je tlhogo. Sekao sa ga Jehofa jaaka Moatlhodi, le tsamaiso ya boatlhodi eo a neng a e tlhoma kwa Iseraele, di ne tsa tlhoma melaometheo eo e tshwanetseng ya salwa morago fa go diragadiwa tshiamiso mo phuthegong ya Bokeresete. Re tla bona seno mo setlhogong se se latelang.
Dipotso tsa Poeletso
◻ Tsela e Jehofa a atlholang ka yone e ka sobokanngwa jang?
◻ Tsela e Jehofa a neng a dirisana le Kaine le batho ba kokomana ya pele ga Morwalela ka yone e ne ya fa sekai jang sa tsela e a atlholang ka yone?
◻ Ke bomang bao ba neng ba direla jaaka baatlhodi mo motlheng wa ditlhogo tsa lotso, mme ba ne ba direla jang?
◻ Tsamaiso ya Baiseraele ya boatlhodi le ya merafe e mengwe di ne di farologana jang?
◻ Go ne go tlhomiwa banna ba mofuta mang go nna baatlhodi kwa Iseraele, mme ba ne ba tshwanetse go ka bo ba latetse melaometheo efe?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Mo metlheng ya ditlhogo tsa lotso le kwa Iseraele, bagolwane ba ba tlhomilweng ba ne ba diragatsa tshiamiso kwa kgorong ya motse