O Siana Jang mo Lobelong lwa Botshelo?
“A ga lo itse ha ba ba sianañ ba tle ba siane botlhe, me moñwe hèla a phamole sekgèlè? Sianañ hèla yalo, gore lo tlè lo amogèlè.”—1 BAKORINTHA 9:24.
1. Bibela e tshwantsha tsela ya rona ya Bokeresete le eng?
BIBELA e tshwantsha go batla botshelo jo bo sa khutleng ga rona le lobelo. Fa moaposetoloi Paulo a ne a tloga a swa, o ne a bolela jaana kaga gagwe: “Ke tlhabanye ntwa e e molemō, ke digetse sebaka sa tshianō, ke bolokile tumèlō.” O ne a kgothatsa Bakeresete ka ene go dira se se tshwanang fa a ne a re: “A le rona re latlheñ bokete boñwe le boñwe, le boleo yo bo bohehō go re rareètsa, me a re sianeñ ka bopelotelele tshianō e re e beilweñ pele.”—2 Timotheo 4:7; Bahebera 12:1.
2. Ke tsela efe e e kgothatsang e re bonang lobelo lwa botshelo lo simololwa ka yone?
2 Seno ke setshwantsho se se tshwanelang tota ka gonne lobelo lo na le fa lo simololang gone, sekgala se se beilweng, le fa lo felelang gone, kana mokgele. Go ntse jalo le ka kgatelopele ya rona ya semoya e e isang botshelong. Jaaka fa re setse re bone, ngwaga le ngwaga batho ba le makgolo a le diketekete ba simolola sentle mo lobelong lwa botshelo. Ka sekai, mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng, batho ba le 1 336 429 ba ne ba simolola sentle mo lobelong ka go ineela le go kolobediwa ka metsi. Go simolola ka matlhagatlhaga jalo go a kgothatsa eleruri. Lefa go ntse jalo, selo sa botlhokwa ke gore o nne o ntse o le mo lobelong go fitlha kwa bokhutlong jwa lone. A o dira jalo?
Lobelo lwa Botshelo
3, 4. (a) Paulo o ne a bontsha jang kafa go leng botlhokwa ka gone go nna o ntse o le mo lobelong? (b) Bangwe ba ile ba palelwa jang ke go utlwa kgakololo ya ga Paulo?
3 Paulo o ne a kgothatsa jaana fa a ne a gatelela kafa go leng botlhokwa ka gone go nna o le mo lobelong: “A ga lo itse ha ba ba sianañ ba tle ba siane botlhe, me moñwe hèla a phamole sekgèlè? Sianañ hèla yalo, gore lo tlè lo amogèlè.”—1 Bakorintha 9:24.
4 Ke boammaaruri, mo metshamekong ya bogologolo, motho a le mongwe fela ke ene a neng a ka fiwa sekgele. Lefa go ntse jalo, mo lobelong lwa botshelo, mongwe le mongwe a ka fiwa sekgele. Go tlhokega fela gore motho a nne mo lobelong go fitlha kwa lo felelang gone! Go a itumedisa gore batho ba le bantsi ba ile ba siana lobelo lono ka boikanyegi go fitlha ba swa, jaaka moaposetoloi Paulo a ne a dira. Mme ba le dimilione ba ntse ba a siana. Lefa go ntse jalo, bangwe ba ile ba palelwa ke go gatela pele kana go tswelela pele go fitlha kwa bokhutlong. Go na le moo, ba ne ba letla dilo tse dingwe gore di ba kgoreletse ba bo ba tswe mo lobelong kana ba se ka ba tshwanelega ka tsela nngwe. (Bagalatia 5:7) Seno se tshwanetse sa dira gore rotlhe re nne le lebaka la go itlhatlhoba gore re siana jang mo lobelong lwa botshelo.
5. A Paulo o ne a tshwantsha lobelo lwa botshelo le motshameko o go gaisanwang mo go one? Tlhalosa.
5 Go ka nna ga bodiwa potso eno: Paulo o ne a akantse eng fa a ne a re ‘a le mongwe fela o phamola sekgele’? Jaaka fa go umakilwe pelenyana, o ne a sa reye gore mo bathong botlhe ba ba neng ba tsenetse lobelo lo lo isang botshelong, a le mongwe fela o tla duelwa ka botshelo jo bo sa khutleng. Go bonala sentle gore go ne go ka se ka ga nna jalo, ka gonne gangwe le gape, o ne a tlhalosa ka phepafalo gore Modimo o rata gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe. (Baroma 5:18; 1 Timotheo 2:3, 4; 4:10; Tito 2:11) Nnyaa, o ne a sa re lobelo lwa botshelo ke kgaisano eo mo go yone mongwe le mongwe yo o e tsenetseng a lekang go fenya ba bangwe fela botlhe. Bakorintha ba ne ba itse sentle fela gore mofuta o o ntseng jalo wa go rata go gaisana o ne o nna mo batshameking kwa Metshamekong ya bone ya kwa Isthmus, eo go tweng ka nako eo e ne e le ya maemo a a kwa godimo go feta le yone Metshameko ya Olimpiki. Ka jalo, Paulo o ne a akantse eng?
6. Ditemana tse di dikologileng di senola eng kaga tlhaloso ya ga Paulo ya motabogi le lobelo?
6 Fa a ne a dira setshwantsho sa motabogi, tota Paulo o ne a tlhalosa se ene a neng a se solofetse malebana le go bolokwa. Mo ditemaneng tse di fa godimo, o ne a tlhalosa kafa a neng a berekile ka thata ka gone a iteka ka ditsela di le dintsi. (1 Bakorintha 9:19-22) Go tswa foo, mo temaneng ya 23, o ne a re: “Me ke diha dilō cotlhe ka ntlha ea Mahoko a a Molemō, gore ke tlè ke nnè le kabèlanō mo go aōna.” O ne a lemoga gore o ne a ka se ka a bolokwa fela ka gonne a ne a tlhophilwe go nna moaposetoloi kana ka gonne a ne a rerela ba bangwe ka dingwaga di le dintsi. E le gore a nne le seabe mo masegong a mafoko a a molemo, o tshwanetse gore a tswelele pele a dira sengwe le sengwe se a ka se kgonang a se direla mafoko a a molemo. O tshwanetse gore a siane a iketleeditse ka mo go feletseng gore a fenye, a iteka tota jaaka ekete o siana lobelo lwa maoto lwa Metshameko ya kwa Isthmus, koo ‘a le mongwe fela a phamolang sekgele.’—1 Bakorintha 9:24a.
7. Go ‘siana gore o tle o amogele’ go tlhoka eng?
7 Re ka ithuta go le gontsi mo go seno. Le mororo batho botlhe ba ba tsenelang lobelo lono ba batla go fenya, ba ba ka solofelang go fenya ke fela bao ruri ba ititeileng sehuba gore ba batla go fenya. Ga re a tshwanela go akanya gore fela ka gonne re le ‘mo boammaaruring’ dilo tsotlhe di tla siama. Re ka nna ra bo re bidiwa Bakeresete, mme lefa go ntse jalo, a go na le sengwe se se supang gore re Bakeresete? Ka sekai, a re dira dilo tse re itseng gore Mokeresete o tshwanetse a di dira—go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete, go nna le seabe mo bodiheding jwa tshimo, jalo le jalo? Fa go le jalo, seo se ka akgolelwa, mme re tshwanetse ra leka go nnela ruri mo mekgweng e e molemolemo eo. Lefa go ntse jalo, a go ka kgonega gore re solegelwe molemo ka mo go oketsegileng ke seo re se dirang? Ka sekai, a re nna re ipaakanyeditse go nna le seabe kwa dipokanong? A re dira boiteko jwa gore re dirise seo re se ithutang mo matshelong a rona ka namana? A re leka go tokafatsa bokgoni jwa rona gore re neele bosupi ka botlalo le mororo re kopana le dikgoreletsi mo tshimong? A re iketleeditse go amogela kgwetlho ya go boela kwa bathong ba ba kgatlhegang le go ba tshwarela dithuto tsa magae tsa Bibela? “Sianañ hèla yalo, gore lo tlè lo amogèlè,” Paulo o ne a kgothatsa jalo.—1 Bakorintha 9:24b.
Ikgape mo Dilong Tsotlhe
8. Paulo o ka tswa a ile a tlhotlhelediwa ke eng gore a kgothatse Bakeresete ka ene go ‘ikgapa mo dilong tsotlhe’?
8 Fa Paulo a ne a santse a tshela, o ne a bone batho ba le bantsi bao ba ileng ba iketla, ba katogela kgakala, kana ba tlogela lobelo lwa botshelo. (1 Timotheo 1:19, 20; Bahebera 2:1) Ke sone seo kgapetsakgapetsa a neng a gakolola Bakeresete ka ene gore ba mo kgaisanong e e batlang ba dira ka natla tota le e e tswelelang pele. (Baefesia 6:12; 1 Timotheo 6:12) O ne a oketsa setshwantsho sa motabogi go ya kwa pele a re: “Me motho moñwe le moñwe eo o lekèlañ mo ditshamekoñ, o tshela ka [boikgapo, NW] mo diloñ cotlhe.” (1 Bakorintha 9:25a) Ka go rialo, Paulo o ne a umaka sengwe seo Bakeresete ba Bakorintha ba neng ba se itse sentle, eleng, go ikatisa ka tlhoafalo thata go go neng go dirwa ke batho bao ba neng ba tsenela Metshameko ya kwa Isthmus.
9, 10. (a) Buka nngwe e tlhalosa jang batho ba ba neng ba tsenela Metshameko ya kwa Isthmus? (b) Ke eng se se kgatlhang thata ka tlhaloso eno?
9 Se se latelang ke tlhaloso e e phepafetseng ya go ikatisa ga motho yo o tsenelang dikgaisano tsa metshameko:
“O latela melao le dithibelo tsa go ikatisa tseo a ka se kang a tsenela kgaisano fa a sa di latele ka dikgwedi di le some, a kgotsofetse ebile a sa ngongorege. . . . O motlotlo ka mathatanyana a gagwe, letsapa, le go tlhaelwa ke dilo dingwe, mme o go tsaya e le sengwe se a ka ikgantshang ka sone gore a nne kelotlhoko gore a itime lefa e le sepe seo se ka fokotsang lefa go le gonnye fela tsholofelo ya gagwe ya gore a ka atlega. O bona banna ba bangwe ba kgotsofatsa keletso ya bone ya dijo, ba kgobile kgetse fa ene a hemahema ka ntlha ya letsapa, ba ja monate mo bateng, ba itumelela botshelo ba tlhabile kgobe ka mutlwa; mme ene ga a eletse le go eletsa, ka gonne o tlhomile pelo ya gagwe kwa sekgeleng, mme go botlhokwa gore a ikatise ka thata. O itse gore fa ka nako epe fela a ka repisa go itaya ga gagwe go go gagametseng, a ka se ka a bo a solofela go atlega.”—The Expositor’s Bible, Volume V, tsebe 674.
10 Go kgatlhisa thata go lemoga gore motho yo o ikatisang ‘o go tsaya e le sengwe se a ka ikgantshang ka sone’ go latela thulaganyo e e gagametseng jalo ya go itima dilo dingwe. Ebile tota, “ga a eletse le go eletsa” gore a ka iketla a nna kwa ga mothakga jaaka a bona ba bangwe ba dira. A re ka ithuta sengwe mo go seno? Ee, ruri.
11. Re tshwanetse ra nna re itisitse kgatlhanong le go leba dilo ka tsela efe e e phoso fa re ntse re le mo lobelong lwa botshelo?
11 Gakologelwa mafoko a ga Jesu a gore “kgōrō e atlhame, tsela le eōna e kgolo e e isañ tshenyegoñ, le ba ba tsènañ ka eōna ba bantsi. Gonne kgōrō e pitlaganye, tsela le eōna e e isañ botsheloñ e tshesane, me ba ba e bōnañ ga ba bantsi.” (Mathaio 7:13, 14) Fa o ntse o leka go tsamaya mo ‘tseleng e tshesane,’ a o tswela pelo kgololesego le boiketlo jo ba ba mo tseleng e nngwe ba lebegang ba na le yone? A o akanya gore o fetwa ke dingwe tsa dilo tse ba bangwe ba di dirang, tseo ka botsone di ka nnang tsa bo di sa lebege di le maswe go le kalo? Fa re sa nne re gakologetswe lebaka la go bo re le mo tseleng eno go motlhofo gore re ikutlwe jalo. “Bōnè ba diha yalo gore ba amogèlè serwalō se se bōlañ; me rona ke gore re bōnè se se sa boleñ,” go ne ga rialo Paulo.—1 Bakorintha 9:25b.
12. Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore kgalalelo le go tuma go batho ba ileng ba go batla go tshwana le serwalo se se swabang seo se neng se abiwa kwa Metshamekong ya kwa Isthmus?
12 Mofenyi wa Metshameko ya kwa Isthmus o ne a fiwa serwalo se se logilweng ka dithupa tsa phaene ya Isthmus kana semela sengwe se se ntseng jalo, e le serwalo seo gongwe se neng se swaba morago ga malatsi kana dibeke di sekae. Gone ke boammaaruri, batabogi ba ne ba sa lwele serwalo seno se se swabang, mme ba ne ba lwela go galalediwa, go tlotliwa, le go tuma go go neng go tla le sone. Buka nngwe e bolela gore fa mofenyi a boela gae, o ne a amogelwa jaaka mogaka yo o fentseng. Gantsi dipota tsa motse di ne di thubiwa gore mokoloko o o mo setseng morago o fete, ebile go ne go tlhomiwa difikantswe go mo tlotla. Lefa go ntse jalo, le mororo go ne go dirwa dilo tseno tsotlhe, tlotlomalo ya gagwe e ne e ntse e sa nnele ruri. Gompieno, ba a balwa batho ba ba itseng gore bagaka bano ba bafenyi e ne e le bomang, mme bontsi jwa batho tota ga bo amege ka seo. Batho ba ba dirisang nako ya bone, maikatlapelo a bone, le pholo ya bone, kana le eleng go letla gore ba malapa a bone ba felelwe ke boitumelo e le fela gore ba tle ba bone thata, ba tume, kana ba nne le dikhumo mo lefatsheng, mme lefa go ntse jalo ba sa huma kafa Modimong, ba tla fitlhela gore “serwalō” sa bone sa dilo tse di bonalang, jaaka botshelo jwa bone, tota se a fela.—Mathaio 6:19, 20; Luke 12:16-21.
13. Tsela eo motho yo o mo lobelong lwa botshelo a tshelang ka yone e farologane jang le ya motabogi?
13 Batho ba ba nnang le seabe mo dikgaisanong tsa motshameko wa atletiki ba ka nna ba bo ba iketleeditse go dira dilo tse di gagametseng tse ba tlhokang go di dira fa ba ikatisa, jaaka tseo di tlhalositsweng fa godimo, mme lefa go ntse jalo e le ka nako e khutshwane fela. Fa metshameko e fela, ba boela gape mo tseleng e ba e tlwaetseng ya go tshela. Ba ka nna ba tswelela ba ikatisa kgapetsakgapetsa gore ba se ka ba lebala bothakga jwa bone, mme lefa go ntse jalo ga ba tlhole ba latela yone thulaganyo ele e e gagametseng ya go itima dilo dingwe, bobotlana go fitlha motshameko o o latelang o setse o le gaufi. Ga go a nna jalo ka ba ba leng mo lobelong lwa botshelo. Bone ba tshwanetse ba ithapisa le go itima dilo dingwe botshelo jwa bone jotlhe.—1 Timotheo 6:6-8.
14, 15. Ke ka ntlha yang fa motho yo o mo lobelong lwa botshelo a tshwanetse go ikgapa ka dinako tsotlhe?
14 “Fa mongwe a batla go ntshala morago,” go ne ga rialo Jesu Keresete a bolelela balatedi ba gagwe ba kokoane le ba bangwe, “a a iitatole [kana, “o tshwanetse go ithaya a re ‘Nnyaa,’” go ya ka thanolo ya ga Charles B. Williams] mme a tseye mokgoro wa gagwe a bo a tswelela pele go ntshala morago.” (Mark 8:34, NW) Fa re amogela taletso eno, re tshwanetse gore re bo re iketleeditse go “tswelela pele” re dira jalo, e seng ka gonne go itima dilo dingwe ka bogone go na le tuelo nngwe e e kgethegileng, mme e le ka gonne go sa lebe dilo sentle ka nakwana fela, go sa dire tshwetso e e tshwanetseng gangwe fela, go ka nna ga senya gotlhe mo go setseng go dirilwe, ga bo ga re tsenya mo kotsing ya gore re se ka ra atlega ka bosakhutleng. Go gatela pele semoyeng gantsi go dirwa ka bonya, mme abo go ka busediwa kwa morago ka bofefo jang ne fa re sa nne re itisitse ka metlha!
15 Mo godimo ga moo, Paulo o ne a kgothatsa gore re tshwanetse ra nna boikgapo “mo diloñ cotlhe,” ke gore, re tshwanetse ra dira jalo ka dinako tsotlhe mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo. Seno se na le tlhaloganyo ka gonne fa motho yo o ikatisang a ja mo go feteletseng kana a tshela ka go dira boithatelo, mosola wa go bo a itshoketse go utlwa botlhoko mo mmeleng le go lapa e tla bo e le ofe? Fa re le mo lobelong lwa rona lwa botshelo, le rona fela jalo re tshwanetse ra ikgapa mo dilong tsotlhe. Motho a ka nna a ikgapa mo dilong tse di tshwanang le botagwa le boaka, mme lefa go ntse jalo seno ga se nne le mosola fa e le gore o rata go ikgantsha le go tsosa dikomang. Kana go tweng fa e le gore o pelotelele le pelonomi mo go ba bangwe, mme lefa go ntse jalo a na le sebe sengwe se a se fitlhang se a se dirang mo botshelong jwa gagwe? Gore boikgapo bo nne mosola tota, bo tshwanetse jwa dirwa “mo diloñ cotlhe.”—Bapisa Yakobe 2:10, 11.
Sianang ‘Lo Sa Akabale’
16. Go siana ‘eseng jaaka ekete ga o a tlhomama’ go raya eng?
16 Paulo o ne a tswelela pele ka go bua jaana gonne a ne a lemoga kafa go tlhokegang ka gone go iteka ka natla gore o atlege mo lobelong lwa botshelo: “Me ke gōna, nna ke siana yana, e señ yaka ekete kea akabala [ga ke a tlhomama, NW]; ke lekèla yalo, e señ yaka eo o betsañ sebaka hèla.” (1 Bakorintha 9:26) Lefoko ‘go sa tlhomama’ ka tlhamalalo le raya “go sa bonale sentle” (Kingdom Interlinear), “go sa elwa tlhoko, go sa tshwaiwa” (Lange’s Commentary). Ka jalo, go siana ‘eseng jaaka ekete ga o a tlhomama’ go raya gore mongwe le mongwe yo o lebeletseng o tshwanetse gore a bo a kgona go bona sentle gore motabogi o ya kae. The Anchor Bible e e ranola e re “e seng ka matsoketsoke.” Fa o ne o ka bona motlhala wa dikgato tsa motho o ya kwa le kwa fa lotshitshing, o etla o dikologa, ka dinako tse dingwe ebile o boela kwa morago, ruri o ne o ka se ka wa akanya gore motho yono o ne a taboga, lefa e le gone gore o ne a itse gore tota o ya kae. Mme lefa go ntse jalo fa o ne o ka bona motlhala wa dikgato tsa motho o tlhamaletse, kgato nngwe le nngwe e le kwa pele ga e nngwe ebile e katogane le e nngwe ka sekgala se se lekanang, o ne o tla dira tshwetso ya gore ke dikgato tsa motho yo tota a itseng gore o ya kae.
17. (a) Paulo o ne a bontsha jang gore o ne a siana ‘eseng jaaka ekete ga a tlhomama’? (b) Re ka etsa Paulo jang mo ntlheng eno?
17 Botshelo jwa ga Paulo bo bontsha sentle gore o ne a siana ‘eseng jaaka ekete ga a tlhomama.’ O ne a na le bosupi jo bo lekaneng go bontsha gore e ne e le modihedi wa Mokeresete le moaposetoloi. O ne a na le boikaelelo bo le bongwe fela, mme o ne a iteka ka natla botshelo jwa gagwe jotlhe gore a bo fitlhelele. O ne a se ka a bo a faposiwa ke go tuma, go nna le thata, go huma, kana go tshela botshelo jwa manobonobo, lefa gongwe a ka bo a ile a kgona go bona sepe fela sa tsone. (Ditihō 20:24; 1 Bakorintha 9:2; 2 Bakorintha 3:2, 3; Bafilipi 3:8, 13, 14) Fa o leba kwa morago mo botshelong jwa gago, o bona motlhala o o ntseng jang? A ke motlhala o o tlhamaletseng o go bonalang sentle gore o ya kae kana ke motlhala o o pholethang fela? A go na le bosupi jwa gore o a iteka mo lobelong lwa botshelo? Gakologelwa, ga re mo lobelong lono gore re goge dinao fela, jaaka go ka tualo, mme re mo go lone gore re fitlhe kwa bofelong jwa lone.
18. (a) Ke eng se mo go rona se ka tshwanang le ‘go betsa sebaka fela’? (b) Ke ka ntlha yang fa eo e le tsela e e kotsi go e sala morago?
18 Fa a tshwantsha ka motshameko o mongwe wa atletiki, Paulo o ne a tswelela pele ka go re: “Ke lekèla yalo, e señ yaka eo o betsañ sebaka hèla.” (1 Bakorintha 9:26b) Fa re ntse re lwela go bona botshelo, re na le baba ba le bantsi, go akaretsa Satane, lefatshe, le bosaitekanelang jwa rona. Jaaka ramabole wa bogologolo, re tshwanetse gore re kgone go ba keteka ka mabole a a lebagantsweng sentle. Se se itumedisang ke gore, Jehofa Modimo o a re katisa le go re thusa mo ntweng eno. O re neela dikaelo ka Lefoko la gagwe, mo dikgatisong tsa Bibela, le kwa dipokanong tsa Bokeresete. Lefa go ntse jalo, fa re bala Bibela le dikgatiso tsa yone re bo re nna gone kwa dipokanong mme lefa go ntse jalo re sa dirise seo re se ithutang, a ga re itekele lefela, re ‘betsa sebaka fela’? Go dira jalo go re baya mo seemong se se kotsi fela thata. Re akanya gore re a lwa mme ka jalo re bo re akanya ka phoso gore re sireletsegile, mme lefa go ntse jalo re sa fenye baba ba rona. Ke gone ka moo morutwa Jakobe a neng a gakolola ka go re: “Lo nnè badihi ba lehoko, e señ bautlwi hèla, lo iphora hèla.” Fela jaaka ‘go betsa sebaka fela’ go se kitla go koafatsa baba ba rona, le go nna “bautlwi hèla” ga go kitla go tlhomamisa gore re dira thato ya Modimo.—Yakobe 1:22; 1 Samuele 15:22; Mathaio 7:24, 25.
19. Re ka dira jang gore re se ka ra bo ra ganwa ka mokgwa mongwe?
19 Labofelo, Paulo o ne a re bolelela gore o kgona jang go atlega: “Ke ikgōba mmele, ke o baea mo taoloñ: e se re kgotsa ka mokgwa moñwe, e tla re ke sena go rerèla ba bañwe Mahoko a a Molemō, nna ka nosi ka tla ka ganwa.” (1 Bakorintha 9:27) Jaaka Paulo, le rona re tshwanetse gore re kgone go laola mebele ya rona e e sa itekanelang go na le go e letla gore e re laole. Re tshwanetse go khumola ka medi go rata go dira dilo tsa senama, go di tlhologelelwa, le go di eletsa. (Baroma 8:5-8; Yakobe 1:14, 15) Go dira jalo go ka nna ga nna botlhoko, ereka lefoko le le ranotsweng go “ikgōba” totatota le raya ‘go ititaya kafa tlase ga leitlho’ (Kingdom Interlinear). Lefa go ntse jalo, a ga go botoka go bolaisega mo leitlhong, jaaka go ka tualo, o bo o tswelela o tshela go na le go ineela mo dikeletsong tsa mmele o o sekametseng mo boleong o bo o swa?—Bapisa Mathaio 5:28, 29; 18:9; 1 Yohane 2:15-17.
20. Ke ka ntlha yang fa jaanong go potlakile thata gore re tlhatlhobe kafa re tabogang ka gone mo lobelong lwa botshelo?
20 Gompieno, re atamela kwa bofelong jwa lobelo. Nako ya gore go abiwe dikgele e setse e le gaufi. Mo Bakereseteng ba ba tloditsweng, ke “sekgèlè sa pilecogodimo ea Modimo mo go Keresete Yesu.” (Bafilipi 3:14) Mo go ba boidiidi jo bogolo, ke botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Ereka go akarediwa dilo di le dintsi jaana, a re ititeyeng sehuba, jaaka Paulo, gore ‘re se ka ra tla ra ganwa ka mokgwa mongwe.’ Ekete mongwe le mongwe wa rona a ka utlwa taolo eno: “Sianañ hèla yalo, gore lo tlè lo amogèlè.”—1 Bakorintha 9:24, 27.
A O A Gakologelwa?
◻ Ke ka ntlha yang fa go tshwanela go tshwantsha botshelo jwa Mokeresete le lobelo?
◻ Lobelo lwa botshelo lo farologane jang le lobelo lwa maoto’?
◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ikgapa ka metlha ebile e le “mo diloñ cotlhe”?
◻ Motho o ka siana jang ‘a sa siane jaaka ekete ga a tlhomama’?
◻ Ke ka ntlha yang fa go le kotsi go ‘betsa sebaka’ fela?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Serwalo sa mofenyi, mmogo le kgalalelo le tlotlo, di a fela