LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 8/1 ts. 28-30
  • “Boèlañ mo go Nna, Mme ke Tla Boèla Kwa go Lona”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Boèlañ mo go Nna, Mme ke Tla Boèla Kwa go Lona”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditiro tsa ga Jehofa tsa Kutlwelobotlhoko
  • Dilo Tse Di Kgopisang
  • A O Tla Arabela Taletso ya ga Jehofa?
  • Ba Thusitswe Gore Ba Boele
  • A O Kile wa ne o Kopanela le Phuthego ya ga Jehofa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ba Thuse Gore ba Boe Ntle le go Senya Nako!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • “Boelang mo go Nna”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
  • Boelang Kwa “Modiseng le Molebedi wa Meya ya Lona”
    Boela Kwa go Jehofa (rj)
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 8/1 ts. 28-30

“Boèlañ mo go Nna, Mme ke Tla Boèla Kwa go Lona”

LELAPA le ne le iphokisa phefo mo sekgweng ka boitumelo. Go tswa foo, Peter, yo mmotlana mo go bone botlhe, o ne a tlogela ba bangwe, a leleka setlhora go welela le thota. Ka bofefo fela, loapi lo ne lwa tlala ka maru, mme pula ya simolola go na. La ntlha e ne e sarasara, mme ka iketlo ya simolola go na matsorotsoro. Lelapa le ne la itlhaganelela go phutha dilwana le go tabogela kwa koloing ya bone. Mme mongwe le mongwe a bo a ipotsa gore Peter o ne a le kae.

Ka nako eo, Peter o ne a leka go boela kwa malokong a mangwe a lelapa. Go ne go le thata go bona kwa pele, mme tselana e e palamelang thota e ne e relela ka ntlha ya pula. Ka tshoganetso, go ne ga nna jaaka ekete lefatshe le a bulega fa a wela mo khuting e e fitlhegileng, e e boteng. O ne a leka go palamela gore a tswe, mme lefa go ntse jalo go ne go relela thata kafa dithoko.

Metsi a pula a ne a fologela le thota mme a tlatsa khuti eno ka dithetse. Peter o ne a le mo kotsing tota ya gore a ka nwela. Mme lefa go ntse jalo rraagwe o ne a tloga a mmona mme a mo ntsha ka kgole. Moragonyana, Peter o ne a omanngwa thata ka gonne a ne a katogetse kgakala. Lefa go ntse jalo o ne a ka kgona go amogela kotlhao motlhofo fela ereka a ne a phuthetswe ka kobo a le mo diatleng tsa ga mmaagwe.

Boitemogelo jono bo tshwantshetsa sentle seo se diragalelang bangwe bao ba kileng ba bo ba le mo gare ga batho ba Modimo. Ba ile ba wela mo khuting e e boteng ya tsamaiso eno ya dilo mme ba a kgaratlha ba leka gore ba tswe ba boele mo phuthegong ya ga Jehofa. Abo go itumedisa jang ne go itse gore Jehofa o kutlwelobotlhoko mme o iketleeditse go ba ‘folosetsa kgole’ le go ba thusa gore ba boe ba sireletsege!

Ditiro tsa ga Jehofa tsa Kutlwelobotlhoko

Bogologolo mo metlheng ya Iseraele, fa tempele e fediwa go agiwa, Solomone o ne a rapela thapelo ya go neela eo mo go yone a neng a kopa Jehofa gore a reetse dikopo tseo di neng di dirwa go lebilwe tempele. Go tswa foo o ne a re: “Ha [Baiseraele] ba go leohèla, (gonne ga go na motho opè eo o sa leohañ,) me u nna bogale nabō, me u ba neèla baba, . . . ha ba ikgopodisa ba le mo lehatshiñ ye ba isicweñ kwa go yeōna ba golegilwe, me ha ba shokologa, me ba gu kokotlèla mo lehatshiñ ya bōnè ba ba ba tlositseñ ba golegilwe, . . . u tlo u utlwè morapèlō oa bōnè le mokokotlèlō oa bōnè u le bonnoñ yoa gago kwa legodimoñ.”—1 Dikgosi 8:46-49.

Kopo ya ga Solomone e ne ya diragadiwa ka makgetlo a le mantsi mo hisitoring ya Iseraele. Gangwe le gape, batho ba Modimo ba ne ba fulara ba mo latlha. Go tswa foo ba ne ba lemoga phoso ya bone ba bo ba boela kwa go ene, ba mmatla. Mme Jehofa o ne a ba itshwarela. (Duteronome 4:31; Isaia 44:21, 22; 2 Bakorintha 1:3; Yakobe 5:11) Jehofa o ne a dirisa Malaki go sobokanya kafa a neng a dirisana le batho ba Gagwe ka dingwaga tse di sekete ka teng fa A ne a re: “E sa le ka metlha ea borra eno lo nntse lo hapogile ditaeō tsa me hèla, ga loa di tshegetsa. Boèlañ mo go nna me ke tla boèla kwa go lona.”—Malaki 3:7.

Dilo Tse Di Kgopisang

Fela jaaka Baiseraele, bangwe ba batho ba Modimo gompieno ba a fapoga ba ikgaoganya le phuthego ya ga Jehofa. Ka ntlha yang? Ba bangwe ba latela seo pele se lebegang se siame fela, jaaka Peter a leleka setlhora. Ke sone seo se ileng sa diragalela Ada. O bega jaana: “Re ne re tlwaetse gore rotlhe jaaka badiri mmogo re ye go ja dijo tsa motshegare mmogo mo resetšhurenteng e e fa gaufi motshegare wa setlhoboloko. Ka jalo fa ba ntaletsa go ya go nwa tee le bone maitseboa, go ne go se boima mo go nna gore ke dumele. Ke ne ke ipha mabaka a gore ke ne ke sa dirise nako eo ke ka bong ke e dirisetsa go ya dipokanong kana go rera. Ke ne ke sa lemoge gore seno e ka nna ya bo e le go sa utlwe molaomotheo o o mo go 1 Bakorintha 15:33.

“Go ise go ye kae, ke ne ke tsamaya le bone go ya go palama dipitse ka Matlhatso mongwe le mongwe. Go tswa foo ke ne ke tsamaya le bone go ya go bona difilimi. Seno se ne sa felela ka gore ke se ka ka ya dipokanong tse dingwe. Kgabagare, ke ne ke sa ye dipokanong ebile ke sa dire tiro ya go rera. Fa ke tla go lemoga gore go ne go diragala eng, ke ne ke sa tlhole ke kopanela le phuthego.”

Mo makgetlong a mangwe lebaka e ka nna ya bo e le boleo bongwe jo bo masisi jo bo fitlhegileng joo bo dirang gore motho a ikutlwe a sa tshwanelegele go direla Modimo. (Pesalema 32:3-5) Kana motho a ka nna a kgopisiwa ke sengwe se se builweng kana se se dirilweng ke Bakeresete ka ene, a sa tlhaloganye, jaaka Solomone a ne a bolela, gore “ga go na motho opè eo o sa leohañ.”—1 Dikgosi 8:46; Yakobe 3:2.

Ba bangwe gape ba kgobega marapo fa ba otlhaiwa. (Bahebera 12:7, 11) Go gogelwa ke botshelo jo mo go jone go bapalwang dilo tse di bonalang go ile ga dira gore ba le bantsi ba lese go direla Modimo. Gantsi, fa ba ntse ba batla go atlega mo lefatsheng, ba ile ba tsena ka tlhogo mo tirong ya boitshediso mo e leng gore ga go a ka ga nna le sebaka sa go direla Modimo mo matshelong a bone. (Mathaio 13:4-9; 1 Timotheo 6:9, 10) A batho ba ba ntseng jalo ba ka itlhoboga?

A O Tla Arabela Taletso ya ga Jehofa?

Nako nngwe Jesu o ne a bua sengwe seo go neng go le thata go se tlhaloganya, mme bangwe ba ne ba kgopisega. Pego e bega jaana: “Barutwa ba gagwè ba le bantsi ba tenèga, me ba se ka ba tlhōla ba tsamaea naè.” Mme lefa go ntse jalo ga ba a ka ba tenega botlhe. Pego ya Bibela e tswelela ka go re: “Yesu o na a raea ba ba shomè le bobedi, a re, A le lona lo rata go tsamaea? Simone Petere a mo raea, a re, Morèna, ana re ka ea kwa go mañ? wèna u na le mahoko a botshelō yo bo sa khutleñ.” (Yohane 6:66-68) Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba lemoga ka botlhale gore go ne go tla nna kotsi gore ba tlogele Jesu.

Bangwe bao ba wang mo phuthegong ya Modimo le bone kgabagare ba fitlha mo tshwetsong e e ntseng jalo. Ba lemoga gore ba ne ba tsere kgato e e kotsi ka go tlogela phuthego ya Modimo le gore ba ka bona mafoko a a isang botshelong mo go Jehofa le Keresete fela. Fa ba lemoga seo, gape ba tshwanetse go lemoga gore ga go ke go nna thari go sekaseka sesha, go kopa boitshwarelo mo go Jehofa, le go boela kwa go ene. Jehofa ke ene a neng a laletsa ka go re: “Boèlañ mo go nna me ke tla boèla kwa go lona.”—Malaki 3:7.

Totatota, Mokeresete yo o peloephepa a ka bona kae boitumelo fa e se mo go direleng Jehofa? Fa motho a katogela koo a sena go nna karolo ya phuthego ya Modimo ka nakwana, o tla fitlhela eng kwa ntle kwa lefatsheng? O tla lemoga ka bofefo gore jaanong ke karolo ya lefatshe le le nnelang boikepo go ya pele. O tla iphitlhela a le mo tsamaisong ya dilo e e tletseng ka boitimokanyi, maaka, tsietso, le boitsholo jo bo sa siamang, lefatshe le le kotsi ebile le le bosula jaaka mosima o o tletseng dithetse o o neng o tshosetsa botshelo jwa ga Peter yo mmotlana. Fa a rarabologelwa a bo a lemoga gore a ka nna a se ka a bona botshelo jo bo sa khutleng, o tshwanetse gore kwantle ga go senya nako a batle thuso ya gore a intshe mo boemong jono. Lefa go ntse jalo, go boa go ka nna ga nna boima.

A o mongwe yo o lekileng go boela kwa go Jehofa mme o go fitlhetse go le boima? He itse gore o tlhoka thuso. Gape o dumele gore bakaulengwe ba gago le bokgaitsadi mo phuthegong ya Modimo ba iketleeditse go go thusa. Mme lefa go ntse jalo o tshwanetse wa dira boiteko gore o bontshe Jehofa gore o eletsa eng. Ke nako ya gore o ‘ikgopotse’ mme o ‘sokologele kwa go Jehofa.’—1 Dikgosi 8:47.

Ba Thusitswe Gore Ba Boele

Ada o tlhalosa seo se neng sa mo thusa gore a boele kwa go Jehofa: “Ka nako e e tshwanetseng tota, kgaitsadi yo o neng a nthutile o ne a ntaletsa go ya le ene kwa kopanong ya potologo. O ne a le bonolo tota! Mme ga a ka a bo a nkomanya le eseng! O ne a le lorato tota. Go ne go setse go fetile ngwaga fa e sale ke ya pokanong la bofelo, mme lefa go ntse jalo ke ne ke ntse ke tlhatlhanya kafa lefatshe le leng lolea ka gone le go tlhatlhanya ka ntlha e e reng, kafa morago ga bontle jo bo kafa ntle, go ne go na le khutsafalo fela, go swaba, le boitsholo jo bo maswe. Ka jalo ke ne ka swetsa ka gore ke tla ya kopanong. Fa ke fitlha kwa lefelong leo e neng e tshwaretswe mo go lone, ke ne ka ya kwa ditulong tse di kwa moragorago ka iphitlha mo khutleng e e lefifi. Ke ne ke sa batle gore bakaulengwe ba mpone mme ba mpotse dipotso.

“Lefa go ntse jalo, thulaganyo e ne e na le kgakololo eo ke neng ke e tlhoka fela thata. Fa e fela, ke ne ka ititaya sehuba gore ke ne ke se kitla ke boela mo bathong ba ga Jehofa fela mme gape ke ne ke tla ineela mo go ene ka pelo ya me yotlhe. Bakaulengwe ba ne ba nkamogela ka diatla tsoopedi mme ‘yo o neng a latlhegile’ o ne a boa.” (Luke 15:11-24) Gotlhe moo go diragetse nako e e fetileng, mme Ada jaanong o setse a na le dingwaga di feta 25 a le mo tirelong ya nako e e tletseng.

Mongwe yo o ileng a katogela kgakala le ene go ne ga felela sentle ka ene. Bagolwane bangwe ba ne ba neela José kgakololo eo e neng e ikaegile ka megopolo ya bone thata go na le go ikaega ka melaometheo ya Bibela. José ka go kgobega marapo le go tenega, kgabagare o ne a tsidifala. O ne a kgaogana le batho ba Modimo ka dingwaga di le robedi, mme ka nako eo a nyala motho yo o sa dumeleng mme a nna le bana bao a ileng a letla gore mongwe wa bone a kolobediwe mo Kerekeng ya Katoliki.

Kgabagare, o ne a thusega fa molebedi wa potologo a ne a mo direla maeto a bodisa a bo a kgothaletsa bagolwane gore ba dire jalo. O ne a tsosolosiwa a bo a itumelela go bona mosadi wa gagwe a kgatlhegela boammaaruri. José jaanong o direla jaaka mogolwane mo phuthegong. Jaaka fa maitemogelo a mabedi ano a bontsha, Jehofa ga a gane ka masego mo go bao ba arabelang taletso ya gagwe e e lorato ya gore ba boe.

Lefa go ntse jalo, gore motho a ipelele masego a a ntseng jalo, o tshwanetse gore pele a lemoge thuso eo a ka e neelwang a bo a tseye kgato ka yone. Mo diphuthegong di le dintsi bakaulengwe ba gakologelwa batho ba ba tsidifetseng ba bo ba ba etela gangwe le gape, ba leka go ba thusa. Go arabela thuso e e ntseng jalo go bontsha go anaanela kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa.—Yakobe 5:19, 20.

Eleruri, eno ke nako ya go arabela taletso ya ga Jehofa ya go re: “Boèlañ mo go nna.” (Malaki 3:7; Isaia 1:18) Se re ka moso. Ditiragalo tsa lefatshe di direga ka bofefo jo bo gakgamatsang. Lefelo le go leng molemo go gaisa gore o bo o le mo go lone fa mathata a a santseng a le kwa pele a fitlha ke phuthego ya ga Jehofa, o le kafa tlase ga tshireletso ya gagwe. Ba ba nang le tsholofelo e e nonofileng ya gore ba tla sujwa mo bogaleng jwa ga Jehofa ka letsatsi le legolo la bogale jwa gagwe ke ba ba tshabelang mo go ene fela.—Sefania 2:2, 3.

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

A o tla arabela taletso ya ga Jehofa e e reng “Boèlañ mo go nna”?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela