A O Kile wa ne o Kopanela le Phuthego ya ga Jehofa?
LEKAWANA le ne le bonala le tlhajwa ke ditlhong ebile le swabile thata. Diaparo tsa gagwe, tseo di neng di kgagogile di le makgasa, di ne di itshupa fa di ne di le dintle pele. Mme jaanong di mo supa gore tota o ne a tlhagetswe ke mathata a magolo. Fa a ntse a akantse ka legae la gagwe le le neng le le kgakalakgakala, o ne a simolola go ikutlwa a swabela thatathata botshelo jwa gagwe jwa botlhaswa jo a neng a ntse a bo tshela le tsela eo a ileng a senya boswa jwa gagwe ka yone jo a ileng a gagamalela gore a bo fiwe pele ga lobaka. Legaba la gagwe le lone le ne la mo okeletsa mahutsana, mme a ikutlwa a tlhoafaletse gae. Ebu, le eleng bone batlhanka ba ga rraagwe kwa gae ba ne ba le botoka thata mo go ene! Ao tlhe, a bo a ne a ka rata jang ne go tshwana le bone!
Mme tota o ne a tla amogelwa ka tsela e e ntseng jang ke rraagwe fa jaanong a ne a ka boa? O ne a sa solofele le eseng gore o ne a ka dumedisiwa ka tsela e e molemo kana le eleng go dumelelwa go tsena mo tlung morago ga tsela e e tlhabisang ditlhong eo a ileng a dirisa bopelonomi jwa ga rraagwe ka tsela e e phoso. Lefa go ntse jalo, o ne a na le boikutlo jo bo nonofileng jo bo neng bo le mo mogopolong wa gagwe le mo pelong: O tshwanetse go boela gae.
Abo lekawana leno le ne le sa tlhaloganye thatathata jang ne boikutlo jwa ga rraagwe mo go ene! Abo a ne a tla feta a gakgamala thata jang ne fa a atamela gautshwane le legae la gagwe la pele! Tota, “ea re a sa nntse a le kgakala, rragwè a mmōna, me a tlhomolwa ke pelo, a taboga, a ea a wèla mo thamuñ ea gagwè, a mo atla.”—Luke 15:20.
Jaaka morwa sesinyi, a o ile wa tlogela legae la gago? A o ile wa relelela kgakala le Rrago, ebong Jehofa le phuthegong ya gagwe? A mme gape o eletsa go ‘tla gae’?
Gantsi, bao ba ileng ba relelela kgakala le phuthego ya ga Jehofa ga se gore totatota ba ile ba tshwana le morwa sesenyi. Mo go ba le bantsi, e ne ya nna fela ka tsela e e bonya ebile e e sa lemosegeng, ya go relela—jaaka mokorwana, o o kokobetseng mme ka bonya ka bonya o ntse o sutelela kgakalakgakala le lefatshe. Ba bangwe ba ile ba imelwa thatathata ke mathata a tsa madi kana makete a mo lapeng, ka bolwetsi kana le eleng “kgatelo pele” mo lefatsheng, mo dikgang tsa semoya di ileng tsa tlhokelwa sebaka. Ba bangwe ba ile ba itetlelela gore ba kgopisiwe ke batho bangwe ba ba kopanelang le phuthego ya Bokeresete kana ba ile ba e tlogela ka go bo ba ne ba sa dumalane le thuto nngwe e phuthego ya ga Jehofa e neng e e tlhalosa kafa ntlheng nngwe ya Dikwalo. Mme go bile go na le ba bangwe ba ba ileng ba iteseletsa go kgobega marapo mme jaanong ba akofile ba itsamaela fa ba bona gore tsamaiso eno ya jaanong ya dilo ga e a ka ya fela ka nako eo ba neng ba e lebeletse.
Fa e le gore o mongwe wa bao ba sa tlholeng ba tlhagafaletse go kopanela le phuthego ya ga Jehofa, go ka nna ga diragala gore lengwe la mabaka ano kana a a fetang ano a bo a ka tshwanela maemo a gago. Mme lefa e ka nna lebaka lefe, a eno ga se nako ya go akanya ka go boa?—Mathaio 18:12-14.
A o Ile wa Kgopisiwa ke Sengwe?
Fa re akanya ka selekanyo seo setho se ileng sa katogela kgakala le boitekanelo ka sone, motho o ka lebelela fela gore go nne le diphapaang tsa botho nako le nako. Seno se ile sa felela ka gore bangwe ba kgopise ba bangwe. Bangwe ba ile ba kgopisiwa ke fa mongwe yo ba neng ba mo tlotla thata ka tshoganetso fela a tsaya tsela nngwe ya boeleele kana e e seng ya Bokeresete kana a kopanyelediwa mo tirong nngwe e e phoso.
A seno se ile sa go diragalela? Lefa e ka nna eng se se ileng sa go kgopisa, tota ruri e ne e se Jehofa yo o ileng a dira gore o kgopisege jalo. (Bapisa Bagalatia 5:7, 8.) Jalo he a tota ruri go na le lebaka lepe la gore re ikgaoganye le ene ka go bo mongwe a ile a dira jalo? Go na le moo, a ga re a tshwanela go tswelela pele re mo direla ka boikanyego, re tlhomamisega gore Jehofa o itse se se diragalang mme o tla dirisanya le rona ka tsela e e lorato?—Bakolosa 3:23-25.
Morago ga lobaka, bangwe ba ile ba fitlhela gore se pele se neng se ba kgopisitse jaanong ga se sa tlhole se bonala se le masisi mo go kalo kalo kana le eleng go sa tlhole se le gone. Kana fa ba akanyetsa kgang ka botlalo, jaanong ba ka bona gore tota e ne e le bone ba ba neng ba le phoso. Se gantsi se ntse jalo fa motho a ile a seka a dumalana ebile a ile a kgopisiwa ke kgakololo nngwe kana kotlhao nngwe e a neng a e neetswe. Fa a ikakanya, o ka nna a lemoga gore kotlhao e e ntseng jalo e ne e ntshiwa ka lorato lwa boammaaruri mme ebile e thusa ene. (Bahebera 12:5-11) A bo he go tshwanela, go dira fela kafa kgakololong ya ga moaposetoloi Paulo! O ne a kwala a re: “Choletsañ mabōgō a a lepeletseñ, le mañōlè a a reketlañ; Me lo dihèlè dinaō tsa lona ditsela tse di siameñ, gore se se tlhotsañ se se ka sa lokologa, me bogolo se tlè se sidilègè.”—Bahebera 12:12, 13.
A o Ile wa Ganetsa Thuto Nngwe?
O ka nna gongwe wa bo o ile wa tlogela phuthego ya ga Jehofa ka go bo o ne o na le kutlwisiso e e farologaneng mo ntlheng nngwe ya kafa Dikwalong. Fela jaaka Baiseraele bao ba neng ba falodisitswe kwa Egepeto e ne ya re ka bofefo fela ba “lebala ditihō tsa [Modimo]” mme “ba se ka ba lebèlèla kgakololō ea gagwè,” gongwe o ne o ile wa itlhaganelela go nna le phetso ya gore ereka phuthego e ile ya seka ya dumalana le pono e o neng o tsaya gore e tshwanetse, o tla kgaogana le yone. (Pesalema 106:13) Gongwe fa e sale ka nako eo ntlha e ile ya phepafadiwa, e ka ne e ile ya fetolwa kana ya tiisediwa ka patlisiso e nngwe gape ya Dikwalo ka kaelo ya moya wa Modimo. A go ne go ka bo go sa nna botoka go nna fela mo phuthegong, o lebeletse fela mo go Jehofa?
Go molemo go gakologelwa gore Jehofa o nnile ka metlha a dira ka phuthego e le nngwe fela. Mo motlheng wa rona, “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” o aba dijo ka “dipaka tse e leñ cōna.” Elatlhoko gore motlhanka yono o ne a tshwanetse go ‘fitlhelwa ke Morena wa gagwe a ntse a dira jalo.’ (Mathaio 24:45-47) Tota ruri, ke bomang bao gompieno ba lemogang gore Morena o setse a gorogile? Mme ke bomang ba ba tshwaregileng mo tirong e e boletsweng? Ke bao fela ba kopanelang le phuthego ya ga Jehofa ya Basupi ba Bakeresete!
Erile fa ba bangwe ba latlha Jesu, moaposetoloi Petere o ne a re: “Morèna, ana re ka ea kwa go mañ? wèna u na le mahoko a botshelō yo bo sa khutleñ.” Petere o ne a itse sentlentle gore Jesu o ne a le Mesia. Jalo erile fa barutwa ba le bantsi ba kgopisiwa ke mafoko a ga Jesu, Petere a lemoga gore go ne go tla bo go se botlhale go tlogela motswedi wa “mahoko a botshelō yo bo sa khutleñ.” Morago ga lobakanyana pelaelo lefa e ka nna efe kana go sa utlwisise gope fela go a phepafadiwa. (Yohane 6:51-68; bapisa Luke 24:27, 32.) Mme go santse go ntse jalo le gompieno, jaaka Jehofa a ntse a tsweletse pele go tsamaisa batlhanka ba gagwe mo tseleng ya boammaaruri.—Diane 4:18.
Boa Gone Jaanong
“A re kheleiseñ re lekeñ ditsela tsa rona, me re bè re shokologèle mo go Yehofa,” ga ikuela jalo moperofeti Jeremia. (Dikhutsahalō 3:40) Lefa go le jalo, bangwe ba santse ba ka nna ba ikgogona, gongwe ba boifa gore ga ba na go amogelwa ka diatla tsoopedi ke ba ba mo phuthegong. Mme go ne ga nna jang fa morwa sesenyi a ne a boela gae? ‘E ne e le tshwanelo gore re itumele,’ ga tlhalosa rraagwe, “ka gonne eo monnao o na a shule, me o bile o tshedile; o na a latlhegile, mme o bonywe.” (Luke 15:32) Kamogelo e e tshwanang e e bothitho e tla neelwa ba ba ‘boelang go Jehofa’ ka keletso e e peloephepa ya go dira thato ya gagwe.—Bapisa Luke 15:7.
Mme phuthego ya Bokeresete ga e ise e ko e nne fela ka boiketlo le go letela go amogela ba ba ntseng jalo fa e le gore ba ka tla kana fa ba ka dira phetso ya go ‘tla gae.’ Mo setshwantshong sa ga Jesu, rre o ne a siana go ya go kgatlhantsha morwawe fa “a sa nntse a le kgakala.” Ka mo go tshwanang, Basupi ba ga Jehofa ba go tsaya e le boikarabelo jwa bone ka sebele go batla bao pele ba neng ba kopanela mme ba ba thuse gore ba boele mo phuthegong ya ga Jehofa.
Mme maemo ke afe ka motho yo o ileng a nna le molato wa phoso e e masisi fa a ntse a kgaoganye le phuthego ya ga Jehofa? Kana go ntse jang fa go ile ga tshwanela gore mongwe a tlosiwe mo go kopaneleng le batho ba Modimo ka ntlha ya phoso e e masisi mme fa e sa le ka nako eo a ile a emisa go tshwarega mo boitshwarong jo eseng jwa Bokeresete? Bagolwane ba tla itse kafa ba tla mo thusang ka gone ka tsela ya bopelonomi le e e lorato gore a tle a siamise mabaka a gagwe le Jehofa. Jalo mongwe le mongwe yo o eletsang go boela go Modimo le go tshela tumalanong le thato ya gagwe o ka itsise ka keletso eno ya gagwe go bagolwane. “Ntloñ yana, a re ganetsanyeñ [re siamise dikgang, NW] mmōgō, go bua Yehofa: leha dibe tsa lona di hubitse bohibidu yo bo letlōlōlō, di tla nna dichweu yaka kapōkō; leha di le bohibidu yo bo mokgona, di tla nna yaka boboea yoa nku.”—Isaia 1:18.
Abo Rraarona wa selegodimo a le pelonomi, pelonolo le lorato jang ne! Mme ebile a bo a le pelotelele jang ne a kgatlhegela mongwe le mongwe wa rona ka sebele! Tota ruri, ga a batle gore re senngwe le tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. (2 Petere 3:9) Jehofa ke ene yo o neng a kgothatsa batho ba gagwe ba bogologolo ka go re: “Boèlañ mo go nna me ke tla boèla kwa go lona.” Taletso eo e santse e ntse e dira le gompieno.—Malaki 3:7.
Nako e ntse e ya fela, jalo o seka wa goga dinao. Mmogo le batho ba ga Jehofa, ipelele gape ‘kagiso e kgolo ya ba ba ratang molao wa Modimo.’ ‘Bone ga ba na go kgopiwa gope,’ ga bolela jalo mopesalema. (Pesalema 119:165) Mo teng-teng ga pelo ya gago, a ruri o rata molao wa ga Jehofa? Fa o le motlhanka yo o ineetseng wa Modimo, ke ka lebaka leno o ileng wa ineela mo go ene. Ee—ga go sepe, gotlhelele—se se ka nnang botlhokwa go feta go tsosolosa kamano ya gago le Jehofa. O seka wa mo huralela. Akanyetsa kgang eno ka kelotlhoko le ka thapelo. Fa o ile wa tlhologelelwa go kopana mmogo le bopelonolo jwa batho ba ga Jehofa, lobaka ga lo ise lo ye kgakala gore o ka boela gape mo phuthegong ya ga Jehofa. Dira jalo kwantle ga go goga dinao.