LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 10/1 ts. 8-13
  • “Jehofa, Modimo o o Tletseng Bopelotlhomogi o o Tsalano”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Jehofa, Modimo o o Tletseng Bopelotlhomogi o o Tsalano”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Morwa wa Seganana o Tloga mo Gae
  • Go Tlalelwa Kwa Lefatsheng le le Kgakala
  • Sesenyi se a Itharabologelwa
  • Go Amogelwa ka Lorato
  • Etsa Bopelotlhomogi Jwa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Go Amogela ba ba Boang ka Diatla Tsoo-pedi
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
  • Polelo Kaga Morwa yo o Timetseng
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Ke ka Siamisa Jang Botshelo Jwa Me?
    Tsogang!—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 10/1 ts. 8-13

“Jehofa, Modimo o o Tletseng Bopelotlhomogi o o Tsalano”

“Jehofa, Jehofa, Modimo o o tletseng bopelotlhomogi, o o tsalano, o o bonya go galefa, le o o letlotlo la boutlwelobotlhoko le boammaaruri.”—EKESODO 34:6.

1. (a) Baebele e gomotsa jang batho ba baratiwa ba bone ba ileng ba fapoga mo kobamelong e e itshekileng? (b) Jehofa o leba jang batho ba ba leofileng?

RRE mongwe wa Mokeresete o ne a bolela jaana: “Morwadiake o ne a mpolelela gore ga a tlhole a batla go nna karolo ya phuthego ya Bokeresete. Morago ga moo ke ne ka fetsa malatsi le dibeke ke tlhabiwa ke setlhabi se se botlhoko. Go ne go le botlhoko go feta loso.” Ruri go utlwisa botlhoko go bona motho yo o mo ratang a fapoga mo tseleng ya kobamelo e e itshekileng. A o kile wa diragalelwa ke selo se se ntseng jalo? Fa go ntse jalo, o tla gomodiwa ke go itse gore Jehofa o go tlhomogela pelo. (Ekesodo 3:7; Isaia 63:9) Mme gone, o leba jang batho bano ba ba leofang? Baebele e bontsha gore Jehofa o ba laletsa ka bopelotlhomogi gore ba boelane le ene. O ne a ikuela jaana mo Bajudeng ba motlha wa ga Malaki ba ba neng ba tsuologile: “Boelang mo go nna, mme ke tlaa boela mo go lona.”—Malaki 3:7.

2. Baebele e supa jang gore bopelotlhomogi ke karolo e e botlhokwa ya botho jwa ga Jehofa?

2 Modimo o ne a gatelela bopelotlhomogi jwa gagwe mo go Moshe kwa Thabeng ya Sinai. Koo, Jehofa o ne a itshenola e le “Modimo o o tletseng bopelotlhomogi, o o tsalano, o o bonya go galefa, le o o letlotlo la boutlwelo botlhoko le boammaaruri.” (Ekesodo 34:6) Mafoko ano a gatelela gore bopelotlhomogi ke karolo e e botlhokwa ya botho jwa ga Jehofa. Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Petere o ne a kwala jaana: “O eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikotlhaong.” (2 Petere 3:9) Gone mme, bopelotlhomogi jwa Modimo bo na le mo bo felelang teng. Moshe o ne a bolelelwa jaana: ‘Ga a kitla a golola yo o molato ka gope.’ (Ekesodo 34:7; 2 Petere 2:9) Le fa go ntse jalo, “Modimo o lorato,” mme bopelotlhomogi ke karolo e kgolo ya nonofo eo. (1 Johane 4:8; Jakobe 3:17) Jehofa ga a kitla a ‘tshegetsa bogale jwa gagwe ka bosakhutleng,’ mme o “rata boutlwelobotlhoko.”—Mika 7:18, 19.

3. Pono ya ga Jesu malebana le bopelotlhomogi e ne e farologana jang le ya bakwadi le Bafarasai?

3 Jesu o ne a tshwana kgo le Rraagwe wa selegodimo. (Johane 5:19) Tsela e a neng a tlhomogela badirabosula pelo ka yone e ne e se gore o mpampetsa boleo jwa bone, go na le moo, o ne a supa kafa a ba utlwelang botlhoko ka teng fela jaaka a ne a utlwela le ba ba lwalang mo mmeleng botlhoko. (Bapisa Mareko 1:40, 41.) Ee, Jesu o ne a akaretsa bopelotlhomogi gareng ga “dilo tse di bokete segolo” tsa Molao wa Modimo. (Mathaio 23:23) Go farologana le seo, akanya ka tsela e megopolo ya bakwadi le Bafarasai e e malebana le molao le tshiamiso gantsi e neng e sa akaretse bopelotlhomogi gotlhelele ka teng. Fa ba ne ba bona Jesu a na le baleofi, ba ne ba ngongorega jaana: “Monna yono o amogela baleofi e bile o ja le bone.” (Luke 15:1, 2) Jesu o ne a araba balatofatsi bano ba gagwe ka go dirisa ditshwantsho di le tharo, tse sengwe le sengwe sa tsone se neng se gatelela bopelotlhomogi jwa Modimo.

4. Jesu o ne a bua ditshwantsho dife tse pedi, mme sengwe le sengwe sa tsone se ne se ruta eng?

4 Sa ntlha, Jesu o ne a bua ka monna yo o neng a tlogela dinku di le 99 go ya go batla e le nngwe e e latlhegileng. O ne a batla go ruta eng? “Go tla nna le boipelo jo bogolo jalo kwa legodimong kaga moleofi a le mongwe yo o ikotlhayang go na le kaga basiami ba le masome a robabongwe le borobabongwe ba ba sa tlhokeng boikotlhao.” Morago ga foo, Jesu o bua ka mosadi mongwe yo o neng a batla ledi la derakema le le latlhegileng mme a bo a itumela fa a le bona. O ne a se tlhalosa jang? “Go tsoga boipelo mo baengeleng ba Modimo kaga moleofi a le mongwe yo o ikotlhayang.” Jesu o ne a tlhalosa setshwantsho sa gagwe sa boraro ka tsela ya tshwantshetso.a Batho ba le bantsi ba tsaya setshwantsho seno e le kgang e e tlhalositsweng ka tsela e e molemo go gaisa tsotlhe. Go sekaseka setshwantsho seno go tla re thusa go anaanela bopelotlhomogi jwa Modimo le go bo etsa.—Luke 15:3-10.

Morwa wa Seganana o Tloga mo Gae

5, 6. Morwa yo mmotlana wa setshwantsho sa ga Jesu sa boraro o ne a bontsha jang gore ruri ga a na kanaanelo?

5 “Monna mongwe o ne a na le barwa ba le babedi. Mme yo mmotlana wa bone a raya rraagwe a re, ‘Rra, nnaya mo e leng kabelo ya me mo leruong.’ Foo a ba kgaoganyetsa mo a itshedisang ka gone. Moragonyana, morago ga malatsi a se mantsi, morwa yo mmotlana a phutha dilo tsotlhe mme a tsaya loeto a ya kgakala kwa nageng e e kgakala, mme koo a dirisa thuo ya gagwe ka bofafalele ka go tshela botshelo jwa tlhapelo e e feteletseng.”—Luke 15:11-13.b

6 Ruri morwa yo mmotlana yo go buiwang ka ene fano o ne a se na kanaanelo. Sa ntlha, o ne a batla boswa jwa gagwe, go tswa foo o bo dirisa ka tsela ya bofafalele “ka go tshela botshelo jwa tlhapelo e e feteletseng.” Polelwana e e reng “botshelo jwa tlhapelo e e feteletseng” e ranotswe go tswa mo lefokong la Segerika le le kayang “go tshela ka tsela e e sa laolesegeng.” Mokanoki mongwe o bolela gore lefoko leo “le tlhalosa go tlhoka maitseo gotlhelele.” Go a tshwanela he, go bo lekawana la setshwantsho seno sa ga Jesu gantsi le bidiwa sesenyi, e leng lefoko le le tlhalosang motho yo o bosutlha e bile a senya ka tsela e e feteletseng.

7. Ke bomang ba gompieno ba tshwanang le sesenyi, mme ke eng fa bontsi jwa batho ba ba ntseng jalo ba batla boitaolo kwa “nageng e e kwa kgakala”?

7 A gompieno go na le batho ba ba tshwanang le sesenyi seno? Ee. Ka maswabi, go na le batho ba sekae ba ba ileng ba tloga mo “ntlong” e e babalesegileng ya ga Rraarona wa selegodimo e bong Jehofa. (1 Timotheo 3:15) Bangwe ba batho bano ba akanya gore tikologo ya ntlo ya Modimo e ba beela dithibelo tse dintsi, gore leitlho la ga Jehofa le le ba lebeletseng ke sekgoreletsi mo go bone go na le gore ba le lebe e le tshireletso. (Bapisa Pesalema 32:8.) Akanya ka mosadi mongwe wa Mokeresete yo o neng a godisitswe go ya ka melaometheo ya Baebele mme moragonyana a lemalela bojalwa le diokobatsi. Fa a akanya ka nako e e letobo eo ya botshelo jwa gagwe, o bolela jaana: “Ke ne ke batla go itshupa gore nka kgona go itirela botshelo jo bo botoka. Ke ne ke batla go dira se ke se batlang, mme ke ne ke sa batle ope a nthiba.” Jaaka sesenyi, mosadi yono o ne a batla go itaola. Ka maswabi, ka ntlha ya mekgwa e e seng ya Dikwalo e a neng a na le yone, go ne ga tlhokega gore a tlosiwe mo phuthegong ya Bokeresete.—1 Bakorintha 5:11-13.

8. (a) Batho ba ba sa batleng go tshela tumalanong le melao ya Modimo ba ka thusiwa jang? (b) Ke eng fa motho a tshwanetse go akanyetsa tlhopho e a e tsayang malebana le kgang ya kobamelo ka kelotlhoko?

8 Go utlwisa botlhoko tota fa modumedikarona a sa batle go tshela ka melao ya Modimo. (Bafilipi 3:18) Fa seno se direga, bagolwane le ba bangwe ba ba nang le ditshwanelego tsa semoya ba leka go sokolola motho yo o leofang yoo. (Bagalatia 6:1) Le fa go ntse jalo, ga go ope yo o patelediwang go tsena mo jokweng ya go nna morutwa wa Mokeresete. (Mathaio 11:28-30; 16:24) Tota le basha fa ba setse ba godile sentle, ba tshwanetse go itirela tshwetso ka bobone malebana le kgang ya kobamelo. Mongwe le mongwe wa rona o na le tshwanelo ya go itirela tshwetso e a e batlang mme o tla ikarabela mo Modimong. (Baroma 14:12) Mme gone, re tla ‘roba se re se jalang’—e leng thuto e sesenyi sa setshwantsho sa ga Jesu se neng se tla tloga se ithuta yone.—Bagalatia 6:7, 8.

Go Tlalelwa Kwa Lefatsheng le le Kgakala

9, 10. (a) Maemo a sesenyi a ne a fetoga jang mme se ne sa itshwara jang ka gone? (b) Tshwantsha kafa bangwe ba batho ba ba tlogelang kobamelo ya boammaaruri gompieno ba nnang le bothata jo bo tshwanang le jwa sesenyi ka gone.

9 “E rile a sena go dirisa sengwe le sengwe, ga nna leuba le le botlhoko mo nageng eo yotlhe, mme a simolola go nna mo letlhokong. O bile a ya a ikgolaganya le mongwe wa baagi ba naga eo, mme a mo romela kwa magoleng a gagwe go ya go disa dikolobe. Mme o ne a tle a eletse go kgora dikōkōla tsa karoba tse dikolobe di neng di di ja, mme go ne go se na ope yo o mo nayang sepe.”—Luke 15:14-16.

10 Le mororo sesenyi seno se ne se sotlega, se ne se ise se akanye ka go boela gae. Go na le moo, o ne a kopana le moagi mongwe yo o neng a mo naya tiro ya go disa dikolobe. E re ka Molao wa ga Moshe o ne o bolela gore dikolobe ke diphologolo tse di itshekologileng, Mojuda o ne a ka se amogele tiro e e ntseng jalo. (Lefitiko 11:7, 8) Mme fa e le gore segakolodi sa sesenyi se ne se tle se mo tshwenye, o tshwanetse a bo a ile a se gatelela. Tota o ne a ka se ka a lebelela gore mong wa gagwe, yo e neng e le moagi wa lefelo leo, a itshwenye ka maikutlo a motswakwa yo o humanegileng. Boemo jwa sesenyi bo tshwana le jwa bontsi jwa batho ba gompieno ba tlogelang tsela e e siameng ya kobamelo e e itshekileng. Gantsi batho ba ba ntseng jalo ba inaakanya le dilo tse pele ba neng ba di tsaya di le maswe. Ka sekai, lekawana lengwe le ne la simolola go tsuologela tsela ya Bokeresete e le godisitsweng ka yone le le dingwaga tse 17. O dumela jaana: “Boitsholo jo bo sa siamang le go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang di ne tsa dira gore ke tlhokomologe dithuto tse di theilweng mo Baebeleng tse ke neng ka di ithuta ka dingwaga di le dintsi.” Go ise go ye kae, lekawana leno le ne la iphitlhela le le kwa kgolegelong ka ntlha ya go thukhutha ka tlhobolo le go bolaya. Le fa gone moragonyana a ile a itharabologelwa mo semoyeng, ruri o ile a thanya lo setse lo le tsebeng ka ntlha ya go ja “monate wa boleo ka nakwana”!—Bapisa Bahebera 11:24-26.

11. Bothata jwa sesenyi bo ne jwa okediwa ke eng mme bangwe ba ile ba lemoga jang gore dithaelo tsa lefatshe ke “tsietso e e lolea” fela?

11 Bothata jwa sesenyi bo ne jwa okediwa ke lebaka la go bo “go ne go se na ope yo o mo nayang sepe.” Ditsala tsele tsa gagwe di ne di le kae? E re ka a ne a sa tlhole a na le madi, jaanong go ne go ntse jaaka e kete ba ‘a mo ila.’ (Diane 14:20) Le gompieno bontsi jwa batho ba ba fapogang mo tumelong ba fitlhela gore dithaelo le dipono tsa lefatshe leno ke “tsietso e e lolea” fela. (Bakolosa 2:8) Lekgarebe lengwe le le ileng la tlogela phuthego ya Modimo ka lobakanyana le bolela jaana: “Ke ne ke ngomoga tlhogo thata ka ntlha ya go tshela kwantle ga kaelo ya ga Jehofa. Ke ne ka leka go tshwana le batho ba lefatshe, mme ka go bo ke ne ke sa tshwane le bone tota, ba ne ba se ka ba nkamogela. Ke ne ke ikutlwa jaaka ngwana yo o latlhegileng yo o tlhokang rre go mo kaela. E ne e le ka yone nako eno ke neng ka lemoga gore ke tlhoka Jehofa. Ke ne ka se ka ka tlhola ke batla go tshela kwantle ga gagwe.” Sesenyi sa setshwantsho sa ga Jesu le sone se ne sa lemoga seno.

Sesenyi se a Itharabologelwa

12, 13. Ke dilo dife tse gompieno di thusitseng batho bangwe gore ba itharabologelwe? (Bona lebokoso.)

12 “E rile a itharabologelwa, a re, ‘Kana batho ba bantsi ba ba thapilweng ba ga rre ba na le senkgwe se sentsi jang ne, fa nna ke nyelediwa ke leuba fano! Ke tla nanoga ke tsaya loeto ke ya kwa go rre mme ke mo raya ke re: “Rra, ke leofetse legodimo le wena. Ga ke tlhole ke tshwanela go bidiwa morwao. Ntira mongwe wa batho ba gago ba ba thapilweng.”’ Jalo a nanoga mme a ya kwa go rraagwe.”—Luke 15:17-20.

13 Sesenyi se ne sa “itharabologelwa.” Se ne sa fetsa nako se ijesa menate, e kete se tshela mo lefatsheng la ditoro. Mme jaanong se ne sa lemoga boemo jwa sone jwa mmatota jwa semoya. Ee, tota le fa lekawana leno le ne le wele, le ne le sa ntse le ka tsoga. Le ne le na le dinonofonyana tse di molemo. (Diane 24:16; bapisa 2 Ditirafalo 19:2, 3.) Go tweng ka batho ba ba tlogelang letsomane la Modimo gompieno? A go siame gore re ba tlhoboge, re akanya gore botlhe fela ba leofetse moya wa Modimo o o boitshepo ka ntlha ya go fapoga ga bone mo tseleng? (Mathaio 12:31, 32) Nnyaa. Bangwe ba bone ba a tlhorega ka ntllha ya go fapoga ga bone mme fa nako e ntse e ya bontsi bo a itharabologelwa. Kgaitsadi mongwe o bolela jaana fa a akanya ka nako e a neng a tlogetse phuthego ya Modimo ka yone: “Le ka motlha ke ne ka se ka ka lebala Jehofa, le fa e le ka letsatsi le le lengwe fela. Ke ne ke nna ke rapela ka metlha gore ka tsela nngwe, ka letsatsi lengwe, a nkamogele gape mo boammaaruring.”—Pesalema 119:176.

14. Sesenyi se ne sa dira tshwetso efe, mme se ne sa bontsha jang boikokobetso ka go dira jalo?

14 Mme gone, batho ba ba ileng ba fapoga ba ka dira eng ka boemo jwa bone? Mo setshwantshong sa ga Jesu sesenyi se ne sa dira tshwetso ya go boela gae mme sa fitlha sa kopa maitshwarelo mo go rre wa sone. Se ne sa ikaelela go fitlha se bolela jaana: “Ntira mongwe wa batho ba gago ba ba thapilweng.” Motho yo o thapilweng e ne e le motho yo o dirang tiro ya letsatsi yo o neng a ka kobiwa letsatsi lengwe le lengwe. Tiro eno e ne e nyatsega go feta ya motlhanka yo ka tsela nngwe a neng a tsewa jaaka leloko la lelapa. Ka jalo sesenyi se ne se sa akanye go kopa gore se busediwe mo boemong jwa sone jwa pele jwa go nna morwa. Se ne se iketleeditse go amogela maemo a a kwa tlasetlase, go bontsha rraagwe gore jaanong o ne a ikaeletse go ikanyega go ya go ile. Le fa go ntse jalo, sesenyi se ne se tlile go gakgamala tota.

Go Amogelwa ka Lorato

15-17. (a) Rre yono o ne a itshwara jang fa a bona morwawe? (b) Purapura, mohitshana le bompaatšhane tse rre a neng a di naya morwawe di ne di bontsha eng? (c) Go rulaganya ga ga rraagwe moletlo go supa eng?

15 “Ya re a santse a le sekgala se se kgakala, rraagwe a tshogana ka a mmona mme a tlhotlheletsega go tlhomoga pelo, mme a siana a wela mo molaleng wa gagwe a ba a mo atla ka tlekeetso. Foo morwa a mo raya a re, ‘Rra, ke leofetse legodimo le wena. Ga ke tlhole ke tshwanela go bidiwa morwao. Ntira mongwe wa batho ba gago ba ba thapilweng.’ Mme rre a raya batlhanka ba gagwe a re, ‘Potlakang! ntshang purapura, e e gaisang tsotlhe, mme lo mo apese yone, mme lo tsenye mohitshana mo seatleng sa gagwe le bompaatšhane mo dinaong tsa gagwe. Mme tlisang powana e e nontshitsweng, e tlhabeng re jeng re bo re ijeseng monate, ka gonne yono morwaake o ne a sule mme a tshela gape; o ne a latlhegile mme a bonwa.’ Mme ba simolola go ijesa monate.”—Luke 15:20-24.

16 Motsadi mongwe le mongwe yo o lorato a ka eletsa gore ngwana wa gagwe a boele mo seemong se se siameng gape sa semoya. Ka jalo, re ka akanya fela kafa rraagwe sesenyi a neng a aga a tlhola tsela e e fa pele ga ntlo ya gagwe letsatsi le letsatsi ka teng, a solofetse ka tlhoafalo go bona morwawe a bowa. Jaanong o bona morwawe a tla le tsela! Ga go na pelaelo gore tebego ya mosimane e ne e fetogile. Le fa go ntse jalo, rraagwe o lemoga gore ke ene “a santse a le sekgala se se kgakala.” Ga a bone diaparo tse di makgasa le go ngomoga pelo ga gagwe; o bona morwawe, mme o a siana go ya go mo kgatlhantsha!

17 Fa rre a fitlha fa go morwawe, o wela mo molaleng wa gagwe a bo a mo atla ka tleeketso. Morago ga foo o laela batlhanka ba gagwe gore ba neye morwawe purapura, mohitshana le bompaatšhane. Purapura eno e ne e se seaparo fela se se tlwaelegileng, go na le moo, e ne e le “e e di gaisang tsotlhe”—gongwe e ne e le seaparo sa maratagolejwa se se abelwang moeng yo o tlotlegang. E re ka go ne go sa tlwaelega go bona batlhanka ba rwele mohitshana le bompaatšhane, rraagwe o ne a batla go bontsha sentle gore morwawe o amogelwa gape go nna leloko le le feletseng la lelapa. Mme rre yono o ne a dira selo se sengwe gape. O ne a laela gore go dirwe mokete gore go ketekiwe go boa ga morwawe. Ruri monna yono o ne a sa itshwarele morwawe ka go ikgolola fela kana ka go bo go boa ga gagwe go mo pateletsa gore a mo itshwarele; o ne a batla go mo itshwarela tota. Go ne ga mo dira gore a itumele.

18, 19. (a) Setshwantsho sa morwa wa sesenyi se go ruta eng kaga Jehofa? (b) Jehofa o ne a supa jang gore o ‘nna a letile’ go boa ga moleofi ka tsela e a neng a dirisana le Juda le Jerusalema ka yone?

18 Go fitlha fano, setshwantsho sa morwa yono wa sesenyi se re ruta eng ka Modimo yo re nang le tshiamelo ya go mo obamela? Sa ntlha, go re ruta gore Jehofa o ‘tletse bopelotlhomogi, o botsalano, o bonya go galefa, o letlotlo la boutlwelo botlhoko le boammaaruri.’ (Ekesodo 34:6) Eleruri, bopelotlhomogi ke nonofo e kgolo ya Modimo. Ke tsela e a tlwaetseng go direla batho ba ba tlhokang ka yone. Morago ga foo setshwantsho sa ga Jesu se re ruta gore Jehofa o “iketleeditse go itshwarela.” (Pesalema 86:5) Go ntse jaaka e kete o nna a ntse a batla tshono ya go bona batho ba ba leofileng ba fetoga gore a tle a ba utlwele botlhoko.—2 Ditirafalo 12:12; 16:9.

19 Ka sekai, akanya ka tsela e Modimo a neng a dirisana le Baiseraele ka yone. Jehofa o ne a tlhotlheletsa moporofeti Isaia gore a tlhalose Juda le Jerusalema e le ba ba ‘botlhoko go tswa mo tlhogong go fitlha kwa lenaong.’ Le fa go ntse jalo, gape o ne a re: “Jehofa o tla [leta] gore a tle a lo tlhomogele pelo, ke gone ka moo o tlaa nanogang gore a tle a nne pelotshweu go lona.” (Isaia 1:5, 6; 30:18; 55:7; Esekiele 33:11) Fela jaaka rre wa setshwantsho sa ga Jesu, go ntse jaaka e kete Jehofa o ‘nna a tlhola tsela.’ O eletsa ka tlhoafalo gore motho ope fela yo o tlogetseng ntlo ya gagwe a boe. A seno ga se se re ka se lebelelang mo go rre yo o lorato?—Pesalema 103:13.

20, 21. (a) Batho ba le bantsi ba gogelwa jang ke bopelotlhomogi jwa Modimo gompieno? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

20 Ngwaga nngwe le nngwe, bopelotlhomogi jwa ga Jehofa bo dira gore ba le bantsi ba itharabologelwe le go boela mo kobamelong ya boammaaruri. A bo seno se itumedisa baratiwa ba bone thata jang ne! Ka sekai, akanya ka rre wa Mokeresete yo o umakilweng kwa tshimologong. Ka lesego, morwadie o ne a itharabologelwa mo semoyeng mme gone jaanong ke modiredi wa nako e e tletseng. A re: “Ke itumetse ka tsela e motho a ka kgonang go itumela ka yone mo tsamaisong eno e kgologolo ya dilo. Kutlobotlhoko ya me e fetogile boipelo.” Ga go pelaelo gore, Jehofa le ene o a itumela!—Diane 27:11.

21 Mme go na le sengwe gape se setshwantsho sa sesenyi se re rutang sone. Jesu o ne a tswelela ka kgang ya gagwe gore a tle a bontshe pharologanyo fa gare ga bopelotlhomogi jwa ga Jehofa le bopeloethata le go rata go atlhola batho ga bakwadi le Bafarasai. Gore o ne a dira seo jang—le gore go kaya eng mo go rona—re tla go sekaseka mo setlhogong se se latelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Ditshwantshetso le ditshwantsho tse dingwe tse di tlhalosiwang mo Baebeleng ga di a ka tsa direga ka tsela ya mmatota. Mo godimo ga moo, e re ka boikaelelo jwa dikgang tseno e le go ruta ka tsa boitsholo, ga go tlhokege gore re batle go itse dintlha ka botlalo ka se di se tshwantshetsang.

b Bokao jwa seporofeti jwa setshwantsho seno bo tlhalosiwa mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya February 15, 1989, ditsebe 16, 17.

Poeletso

◻ Tsela e Jesu a neng a ikutlwa ka yone ka bopelotlhomogi e ne e farologane jang le ya Bafarasai?

◻ Ke bomang ba gompieno ba tshwanang le sesenyi, mme jang?

◻ Ke maemo afe a a neng a dira gore sesenyi se itharabologelwe?

◻ Rre o ne a bontsha jang gore o utlwela morwawe yo o ikwatlhayang botlhoko?

[Lebokoso mo go tsebe 11]

BA ILE BA ITHARABOLOGELWA

Ke eng se se thusitseng batho bangwe ba ba kileng ba tlosiwa mo phuthegong ya Bokeresete gore ba itharabologelwe? Dikakgelo tse di latelang di a tlhalosa.

“Mo pelong ya me ke ne ke sa ntse ke itse gore boammaaruri bo kae. Go ithuta Baebele le go ya dipokanong tsa Bokeresete ka dingwaga tse dintsi go ile ga nkama thata. Ke ne ke tla tswelela jang ke ntse ke fularetse Jehofa? O ne a sa ntatlha; ke nna ke neng ke mo latlhile. Kgabagare, ke ne ka dumela gore ke ntse ke dira phoso tota e bile ke ntse ke le Hhogoerhata le gore Lefoko leno la ga Jehofa le ne le ntse le le boammaaruri ka dinako tsotlhe—‘o tla roba se o se jalang.’”—C.W.

“Mosetsanyana wa me wa lesea o ne a simolola go bua, mme seo se ne se nkama pelo ka gonne ke ne ke batla go mo ruta dilo tse di jaaka gore Jehofa ke mang le gore a mo rapele jang. Ke ne ke sa kgone go robala, mme bosigo bongwe ke ne ka tsamaya ka koloi ka ya kwa parakeng mme ka nne-la go lela. Ke ne ka lela ka ba ka rapela Jehofa moraga ga nako e telele ke sa mo rapele. Ke ne ke utlwa gore ke tlhoka go busetsa Jehofa gape mo botshelong jwa me, mme ke ne ke solofela gore o tla intshwarela.”—G.H.

“Fa go ne go tsoga kgang ya bodumedi, ke ne ke tle ke bolelele batho gore fa ke ne nka tshwane-Iwa ke go tlhopha bodumedi jo bo rutang boammaaruri, ke ne ke tla tlhopha go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Morago ga foo ke bo ke ba bolelela gore nkile ka bo ke le mongwe wa bone, mme ke ne ka palelwa ke go tshela jaaka mongwe wa bone, mme ka tlogela go nna mongwe wa bone. Ka ntlha ya seno, gantsi ke ne ke ikutlwa ke le molato e bile ke sa itumela. Kgabagare ke ne ka dumela gore ‘Ke itsentse mo mathateng. Ke tlhoka go dira diphetogo tse dikgolo.’”—C.N.

“Dingwaga tse 35 tse di fetileng nna le monna wa me re ne ra kgaolwa. Mme ka 1991, re ne ra itumelela go etelwa ke bagolwane ba babedi ba ba neng ba re bolelela gore re ka kgona go boela mo go Jehofa. Dikgwedi tse thataro moragonyana, re ne ra itumelela go busediwa. Monna wa me o na le dingwaga di le 79 mme nna ke na le dingwa-ga di le 63.”—C.A.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela