LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 10/1 ts. 13-18
  • Etsa Bopelotlhomogi Jwa ga Jehofa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Etsa Bopelotlhomogi Jwa ga Jehofa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tšhakgalo ya Morwarraagwe
  • Dikakanyo Tse di sa Siamang
  • Bopelotlhomogi Jwa ga Rre
  • Go Etsa Bopelotlhomogi Jwa Modimo Gompieno
  • “Jehofa, Modimo o o Tletseng Bopelotlhomogi o o Tsalano”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Re Direla Modimo yo o “Kutlwelobotlhoko”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • ‘Rraalona o Kutlwelobotlhoko’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Fa Morwa yo o Timetseng a Bonwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 10/1 ts. 13-18

Etsa Bopelotlhomogi Jwa ga Jehofa

“Tswelelang lo le kutlwelobotlhoko, fela jaaka Rraalona a le kutlwelobotlhoko.”—LUKE 6:36.

1. Bafarasai ba ile ba supa jang gore ga ba na kutlwelobotlhoko?

LE MORORO batho ba bopilwe mo setshwanong sa Modimo, gantsi ba palelwa ke go etsa bopelotlhomogi jwa gagwe. (Genesise 1:27) Ka sekai, akanya ka Bafarasai. Botlhe fela ba ne ba se ka ba itumela fa Jesu ka bopelotlhomogi a ne a fodisa seatla se se omeletseng sa monna mongwe ka Sabata. Go na le moo, ba ne ba gakololana ka Jesu “gore ba tle ba mo senye.” (Mathaio 12:9-14) Mo lekgetlong le lengwe, Jesu o ne a fodisa monna mongwe yo o neng a tshotswe a foufetse. Le mo lekgetlong leno “bangwe ba Bafarasai” ba ne ba se ka ba itumelela kutlwelobotlhoko ya ga Jesu. Go na le moo, ba ne ba ngongorega jaana: “Yono ga se monna yo o tswang kwa Modimong, ka gonne ga a boloke Sabata.”—Johane 9:1-7, 16.

2, 3. Jesu o ne a kaya eng ka mafoko ano, “Lo dise sebidiso sa Bafarasai”?

2 Ka bosetlhogo jono jwa bone, Bafarasai ba ne ba leofela batho e bile ba leofela le Modimo. (Johane 9:39-41) Ke ka lebaka le le utlwalang go bo Jesu a ile a tlhagisa barutwa ba gagwe gore ba “dise sebediso” sa setlhopha seno se se ikgodisang le ba bangwe ba ba ratang bodumedi thata, ba ba jaaka Basadukae. (Mathaio 16:6) Mo Baebeleng sebediso se dirisiwa go tshwantshetsa boleo kana go senyega. Ka jalo Jesu o ne a re dithuto tsa “bakwadi le Bafarasai” di tla senya kobamelo e e itshekileng. Jang? Ka gonne di ne di ruta batho gore ba lebe Molao wa Modimo go ya ka melao ya bone ya botho le dingwao, mme ba itlhokomolosa “dilo tse di bokete segolo,” go akaretsa le bopelotlhomogi. (Mathaio 23:23) Mofuta ono wa kobamelo e e gagametseng o ne o dira gore kobamelo ya Modimo e nne mokgweleo o o imetsang.

3 Mo karolong ya bobedi ya setshwantsho sa gagwe sa sesenyi, Jesu o senola tsela e e bosula ya go akanya ya baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda. Mo setshwantshong seo, rre yo o tshwantshetsang Jehofa, o ne a iketleeleditse go itshwarela morwawe yo o ikwatlhaileng. Mme morwarraagwe mosimane yono, yo o neng a tshwantshetsa “Bafarasai le bakwadi,” o ne a ikutlwa ka tsela e e farologaneng gotlhelele ka kgang eno.—Luke 15:2.

Tšhakgalo ya Morwarraagwe

4, 5. Morwarraagwe sesenyi o ne a “latlhegile” ka tsela efe?

4 “Jaanong morwawe yo mogolwane a bo a le kwa tshimong; mme fa a ne a fitlha gautshwane le ntlo a utlwa konsarata ya mmino le go bina. Jalo a biletsa mongwe wa batlhanka kwa go ene mme a tlhotlhomisa gore dilo tseno di ne di raya eng. A mo raya a re, ‘Morwarraago o tlile, mme rraago o ne a tlhaba powana e e nontshitsweng, ka gonne o mmone gape a tsogile sentle.’ Mme a shakgala e bile a se ka a rata go tsena.”—Luke 15:25-28.

5 Go a bonala gore mo setshwantshong seno sa ga Jesu ga se sesenyi fela se se neng se na le bothata. Buka nngwe e bolela jaana: “Barwa ba go buiwang ka bone mo setshwantshong seno boobabedi ba ne ba latlhegile, yo mongwe e le ka ntlha ya go senngwa ke tshiamololo, mme yo mongwe ene e le ka ntlha ya go foufadiwa ke go ipona tshiamo bobe.” Ela tlhoko gore, morwarraagwe sesenyi ga a ka a gana fela go itumela mme gape o ne “a shakgala.” Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “tšhakgalo” ga le kaye thatathata go galefa, go na le moo, le lebisitse thata mo boemong jwa go se fetole mogopolo. Go bonala fa morwarraagwe sesenyi a ile a nna ka pelo e e lefuto, ka jalo o ne a bona go sa tshwanela gore go dirwe moletlo wa go itumelela motho yo tota a neng a sa tshwanela go bo a tlogile mo gae.

6. Morwarraagwe sesenyi o tshwantshetsa bomang, mme ka ntlha yang?

6 Morwarraagwe sesenyi o ne a tshwantshetsa sentle batho ba ba neng ba le kgatlhanong le go bo Jesu a ne a utlwela baleofi botlhoko le go amega ka bone. Batho bano ba ba iponang tshiamo thata ba ne ba sa amiwe ke bopelotlhomogi jwa ga Jesu; e bile ba ne ba sa bontshe boitumelo jo bo leng kwa legodimong fa moleofi a itshwarelwa. Go na le moo, bopelotlhomogi jwa ga Jesu bo ne jwa dira gore ba shakgale, mme ba simolola go “akanya dilo tse di boikepo” mo dipelong tsa bone. (Mathaio 9:2-4) Mo lekgetlong lengwe Bafarasai bangwe ba ne ba shakgala thata jaana mo e leng gore ba ne ba tshwara monna yo Jesu a mo fodisitseng mme ba mo “latlhela kwa ntle” ga sinagoge—go bonala fa ba ne ba mo leleka! (Johane 9:22, 34) Jaaka morwarraagwe sesenyi, yo o neng a ‘sa rate go tsena,’ baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba gana go ‘ipela le batho ba ba ipelang’ fa ba ne ba na le tshono ya go dira jalo. (Baroma 12:15) Jesu o ne a tswelela pele go senola tsela e e sa siamang e ba akanyang ka yone fa a ne a tswelela ka setshwantsho sa gagwe.

Dikakanyo Tse di sa Siamang

7, 8. (a) Morwarraagwe sesenyi o ne a sa tlhaloganye bokao jwa go nna morwa ka tsela efe? (b) Morwa yo mogolo o ne a sa tshwane le rraagwe jang?

7 “Foo rraagwe a tswa mme a simolola go mo rapela. Fa a fetola a raya rraagwe a re, ‘Ke dingwaga di le dintsi thata jaanong ke le motlhanka wa gago mme lefa e le ka motlha ope ga ke ise ke tlole taolo ya gago, mme lefa go ntse jalo nna ga o ise lefa e le ka motlha ope o nneye potsane gore ke ijese monate le ditsala tsa me. Mme ka bonako fela fa yono morwao yo o neng a ja le diaka a ba a fetsa mo o itshedisang ka gone a goroga, o ne wa mo tlhabela powana e e nontshitsweng.’”—Luke 15:28-30.

8 Ka mafoko ano, morwarraagwe sesenyi o ne a supa sentle gore o ne a sa tlhaloganye bokao jwa mmatota jwa go nna morwa. O ne a direla rraagwe fela jaaka modiri a direla mong wa gagwe. Ka gonne o ne a raya rraagwe a re: ‘Ke ntse ke le motlhanka wa gago.’ Ke boammaaruri gore morwa yono yo mogolo ga a ise le ka motlha a tloge mo gae kana go tlola melao ya ga rraagwe. A mme go nna kutlo ga gagwe go ne go tlhotlhelediwa ke lorato? A tota o ne a itumelela go direla rraagwe, kana go na le gore a dire jalo o ne a simolola go ikgotsofatsa ka gore ke morwa yo o siameng e le fela ka go bo a dira ditiro tsa gagwe “kwa tshimong”? Fa e le gore tota e ne e le morwa yo o ineetseng, ke eng fa a ile a palelwa ke go nna le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga rraagwe? Fa a ne a newa tshono ya go tlhomogela morwarraagwe pelo, ke eng fa a ile a se ka a mo utlwela botlhoko?—Bapisa Pesalema 50:20-22.

9. Tlhalosa gore baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba tshwana jang le morwa yo mogolo.

9 Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba tshwana le morwa yono yo mogolo. Ba ne ba akanya gore ba ikanyega mo Modimong fela ka gonne ba ne ba kgomaretse melao thata. Ke boammaaruri gore go nna kutlo go botlhokwa. (1 Samuele 15:22) Mme go gatelela ga bone thata mo ditirong tsa molao go ne ga dira gore go obamela Modimo e nne seomodiro fela, go dira gore batho ba bontshe go ineela e le fela gore ba bonwe ke batho. Megopolo ya bone e ne e laolwa ke dilo tsa ngwao. Dipelo tsa bone di ne di se na lorato. Ebu, ba ne ba leba batho ba e seng ba maemo jaaka lorole lo lo kafa tlase ga dinao tsa bone, e bile ka lonyatso ba ba bitsa “batho ba ba hutsegileng.” (Johane 7:49) Tota gone, Modimo o ne a ka kgatlhwa jang ke ditiro tsa baeteledipele ba ba ntseng jalo fa dipelo tsa bone di ne di le kgakala le ene?—Mathaio 15:7, 8.

10. (a) Ke eng fa mafoko a a reng “Ke batla kutlwelobotlhoko, e seng setlhabelo,” e ne e le kgakololo e e tshwanelang? (b) Go tlhoka kutlwelobotlhoko ke kgang e e masisi go le kana kang?

10 Jesu o ne a raya Bafarasai a re “tsamayang . . . mme lo ithute gore seno se rayang, ‘Ke batla kutlwelobotlhoko, e seng setlhabelo.’” (Mathaio 9:13; Hosea 6:6) Ba ne ba sa itse dilo tse di leng botlhokwa go feta tse dingwe, ka gonne fa ba se kutlwelobotlhoko ditlhabelo tsa bone tsotlhe fela e ne e tla bo e le tsa lefela. Kgang eno e masisi tota, ka gonne Baebele e bolela gore “ba ba se nang kutlwelobotlhoko” ba balwa gareng ga batho ba Modimo a ba lebang e le ba ba “tshwanetswe[ng] ke loso.” (Baroma 1:31, 32) Ka jalo, ga go gakgamatse go bo Jesu a ile a re baeteledipele ba bodumedi botlhe fela ba le setlhopha ba lebanwe ke tshenyego ya bosakhutleng. Go bonala gore go tlhoka kutlwelobotlhoko ga bone ke gone go dirileng thata gore ba tshwanelwe ke katlholo eno. (Mathaio 23:33) Mme gongwe batho bangwe go tswa mo setlhopheng seno ba ne ba ka thusiwa. Fa Jesu a konela setshwantsho sa gagwe, o ne a leka go fetola tsela ya go akanya ya Bajuda ba ba ntseng jalo ka mafoko a rre a neng a a bua le morwa yo mogolo. A re bone gore jang.

Bopelotlhomogi Jwa ga Rre

11, 12. Rre yo o mo setshwantshong sa ga Jesu o leka jang go akantshana le morwawe yo mogolo, mme go dirisa ga rre yono polelwana e e reng “morwarraago” go ka tswa go ne go kaya eng?

11 “Foo a mo raya a re, ‘Ngwanaka, o ntse o na le nna ka metlha, e bile dilo tsotlhe tse e leng tsa me ke tsa gago; mme ke fela gore re ne re tshwanetse go ijesa monate re bo re ipele, ka gonne yono morwarraago o ne a sule mme a tshela, e bile o ne a latlhegile mme a bonwa.’”—Luke 15:31, 32.

12 Ela tlhoko gore rre o ne a dirisa mafoko a a reng “morwarraago.” Ka ntlha yang? Gakologelwa gore pelenyana fa mosimane yo mogolo a ne a bua le rraagwe, o ne a bitsa sesenyi “morwao”—e seng “morwarre.” Go bonala fa a ne a sa batle go supa go amana le morwarraagwe. Ka jalo, tota rre o raya mosimane yono wa gagwe yo mogolo a re: ‘Ga se morwaake fela. Ke morwarraago, nama le madi a gago. O na le lebaka le le utlwalang la go itumelela go boa ga gagwe!’ Baeteledipele ba Bajuda ba tshwanetse go bo ba ile ba tlhaloganya molaetsa wa ga Jesu sentle. Baleofi ba ba neng ba ba tseela kwa tlase tota e ne e le “bomorwarraabo.” Eleruri, “ga go na mosiami ope mo lefatsheng yo o dirang molemo a sa leofe.” (Moreri 7:20) Ka jalo he, Bajuda ba maemo ba ne ba na le mabaka a a utlwalang a go itumela fa baleofi ba ikwatlhaya.

13. Go fela ga setshwantsho sa ga Jesu ka tshoganyetso go dira gore re sale ka potso efe e e dirang gore re akanye?

13 Fa rre a sena go ikuela jalo, setshwantsho se fela ka tshoganyetso. Go ntse jaaka e kete Jesu o ne a batla gore bareetsi ba gagwe ba feleletse kgang ka bobone. Le fa morwa yo mogolo a ka tswa a ile a arabela ka tsela efe, moreetsi mongwe le mongwe o ne a lebane le potso e e reng, ‘A wena o tla nna le boitumelo jo bo leng teng kwa legodimong fa moleofi a ikwatlhaya?’ Bakeresete gompieno le bone ba na le tshono ya go supa kafa ba arabang potso eno ka teng. Jang?

Go Etsa Bopelotlhomogi Jwa Modimo Gompieno

14. (a) Re ka dirisa jang kgakololo ya ga Paulo e e mo go Baefeso 5:1 malebana le bopelotlhomogi? (b) Ke ntlha efe ya go sa tlhaloganye bopelotlhomogi jwa Modimo e re tshwanetseng go itisa kgatlhanong le yone?

14 Paulo o ne a gakolola Baefeso jaana: “Nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang.” (Baefeso 5:1) Ka jalo, jaaka Bakeresete re tshwanetse go anaanela bopelotlhomogi jwa Modimo, re bo tsenye mo botennyeng jwa dipelo tsa rona mme go tswa foo re bo re supa nonofo eno fa re dirisana le batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, tlhagiso eno e a tshwanela. Ga re a tshwanela go tlhakatlhakanya bopelotlhomogi jwa Modimo le go mpampetsa boleo. Ka sekai, bangwe ba ka akanya fela ba sa amege gore, ‘Fa ke leofa, nka nna ka rapela Modimo gore a intshwarele mme o tla nkutlwela botlhoko.’ Boikutlo jo bo ntseng jalo bo tla tshwana fela le se mokwadi wa Baebele e bong Jude a neng a re ke go “[fetola] bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo wa rona seipato sa boitshwaro jo bo repileng.” (Jude 4) Le fa Jehofa a le pelotlhomogi, fa a dirisana le badirabosula ba ba sa ikwatlhayeng, ‘ga a kitla a golola yo o molato ka gope.’—Ekesodo 34:7; bapisa Jošua 24:19; 1 Johane 5:16.

15. (a) Ke eng fa bagolwane segolobogolo ba tshwanetse go nna le pono e e lekalekaneng ka bopelotlhomogi? (b) Le fa bagolwane ba sa letlelele boleo ka boomo, ba tshwanetse go leka go dira eng, mme ka ntlha yang?

15 Mme gape kafa letlhakoreng le lengwe re tshwanetse go nna kelotlhoko thata gore re se ka ra feteletsa dilo—re sekamela thata mo go nneng peloethata le go atlhola batho ba ba ikwatlhayang ka mmatota e bile ba utlwile botlhoko ka tsela ya bomodimo ka ntlha ya boleo jwa bone. (2 Bakorintha 7:11) E re ka bagolwane ba filwe tiro ya go tlhokomela dinku tsa ga Jehofa, go botlhokwa gore ba nne le pono e e lekalekaneng malebana le seno, segolobogolo fa ba lebane le dikgang tsa katlholelo. Phuthego ya Bokeresete e tshwanetse go bolokiwa e le phepa, mme go a tshwanela go ya ka Dikwalo gore go ‘tlosiwe motho yo o boikepo’ ka go mo kgaola. (1 Bakorintha 5:11-13) Mme gape, go siame go utlwela motho botlhoko fa go na le mabaka a a utlwalang a go dira jalo. Ka jalo le fa bagolwane ba sa letlelele boleo jwa ka boomo, ba leka go dira dilo ka lorato le ka kutlwelobotlhoko ka tsela ya tshiamiso. Ba nna ba gakologetswe molaomotheo ono wa Baebele: “Yo o sa bontsheng kutlwelobotlhoko e le tlwaelo o tla bona katlholo ya gagwe kwantle ga kutlwelobotlhoko. Kutlwelobotlhoko e kgana ka phenyo e kganela katlholo.”—Jakobe 2:13; Diane 19:17; Mathaio 5:7.

16. (a) Ka go dirisa Baebele, bontsha kafa Jehofa a eletsang thata ka teng gore batho ba ba leofileng ba boele mo go ene. (b) Re ka supa jang gore le rona re itumelela go boa ga baleofi ba ba ikwatlhayang?

16 Setshwantsho sa sesenyi se bontsha sentle gore Jehofa o eletsa gore batho ba ba leofileng ba boele mo go ene. Ee, o nna a ntse a ba laletsa go fitlha ba itshupa gore tota ga ba batle go ikwatlhaya. (Esekiele 33:11; Malaki 3:7; Baroma 2:4, 5; 2 Petere 3:9) Jaaka rraagwe sesenyi, Jehofa o tshwara batho ba ba boelang mo go ene ka seriti, a ba amogela ka botlalo go nna maloko a a feletseng a lelapa. A o etsa Jehofa mo go seno? Fa modumedikawena, yo o kileng a bo a kgaotswe ka nako e e rileng a busediwa, o itshwara jang? Re setse re itse gore go nna le “boipelo . . . kwa legodimong.” (Luke 15:7) Mme a go nna le boipelo le mo lefatsheng, mo phuthegong, le e leng mo pelong ya gago? Kana jaaka go ne go ntse ka morwa yo mogolo mo setshwantshong, a go nna le ba ba nnang ka pelo e e lefuto, go nna jaaka e kete motho yono yo o ileng a tlogela letsomane la Modimo ga a tshwanelwe ke go amogelwa?

17. (a) Go ne ga nna le boemo bofe kwa Korintha ya lekgolo la ntlha la dingwaga mme Paulo o ne a gakolola ba ba mo phuthegong eo gore ba rarabolole bothata joo jang? (b) Ke eng fa kgakololo ya ga Paulo e ne e le mosola mme rona re ka e dirisa jang gompieno? (Bona le lebokoso le le kafa mojeng.)

17 Go re thusa go itlhatlhoba mo kgannyeng eno, a re akanyeng ka se se diragetseng kwa Korintha ka ngwaga wa mo e ka nnang ka 55 C.E. Koo go ne go na le monna mongwe yo o neng a tlositswe mo phuthegong yo kgabagare a neng a baakanya botshelo jwa gagwe. Bakaulengwe ba ne ba tshwanetse go dira eng? A ba ne ba tshwanetse go belaela boikwatlhao jwa gagwe mme ba tswelele pele ba mo tila? Go farologana le seo, Paulo o ne a kgothaletsa Bakorintha jaana: “Lo tshwanetse go mo itshwarela ka bopelonomi lo bo lo mo gomotse, gore ka tsela nngwe motho yo o ntseng jalo a tle a se ka a komediwa ke go utlwa botlhoko ga gagwe go feta selekanyo. Jalo ke lo rotloetsa gore lo mo tlhomamisetse lorato lwa lona.” (2 Bakorintha 2:7, 8) Gantsi baleofi ba ba ikwatlhayang ba tshwenngwa ke go ikutlwa ba le ditlhong le go tlalelwa. Ka jalo, batho bano ba tlhoka go tlhomamisediwa gore badumedikabone le Jehofa ba a ba rata. (Jeremia 31:3; Baroma 1:12) Seno se botlhokwa. Ka ntlha yang?

18, 19. (a) Bakorintha ba ne ba supa jang pelenyana gore ba leseletsa dilo thata? (b) Boikutlo jwa go tlhoka kutlwelobotlhoko bo ka tswa bo dirile gore Bakorintha ba ‘tsiediwe ke Satane’ jang?

18 Fa Paulo a ne a kgothatsa Bakorintha go itlwaetsa go itshwarela, lebaka le lengwe le a neng a le ba neela la go dira jalo e ne e le gore “re se ka ra tsiediwa ke Satane, gonne ga re ba ba se nang kitso ka maano a gagwe.” (2 Bakorintha 2:11) O ne a kaya eng? Ebu, pelenyana ga moo Paulo o ne a tshwanela gore a kgalemele phuthego ya Korintha ka ntlha ya go leseletsa dilo thata. Ba ne ba dumeletse ene monna yoo gore a tswelele pele ka boleo jwa gagwe a sa otlhaiwe. Ka go dira jalo, phuthego—segolobogolo bagolwane—ba ne ba letla gore Satane a ba dirise, ka gonne o ne a tla itumelela go bona phuthego e senyega leina.—1 Bakorintha 5:1-5.

19 Mme fa jaanong ba feteletsa dilo ka tsela e nngwe, ba gana go itshwarela motho yo o ikwatlhayang, Satane o ne a tla bo a ba tshwara ka tsela e nngwe. Jang? Ka go dirisa bopeloethata le go tlhoka kutlwelobotlhoko ga bone ka botlalo. Fa moleofi yo o ikwatlhayang “a komediwa ke go utlwa botlhoko ga gagwe go feta selekanyo”—kana jaaka Today’s English Version e e ranola ka gore “a hutsafala thata jaana mo e leng gore o itlhoboga gotlhelele”—a bo bagolwane ba tla nna le boikarabelo jo bogolo jang ne fa pele ga Jehofa! (Bapisa Esekiele 34:6; Jakobe 3:1.) Jesu o ne a na le lebaka le le utlwalang la gore fa a sena go tlhagisa balatedi ba gagwe malebana le go kgopisa “mongwe wa ba bannye bano,” a re: “Itlhokomeleng. Fa mokaulengwe wa gago a dira boleo mo kgale ka bogale, mme fa a ikotlhaya mo itshwarele.”a—Luke 17:1-4.

20. Go na le boipelo ka tsela efe kwa legodimong le mo lefatsheng fa moleofi a ikwatlhaya?

20 Diketekete tsa batho ba ba boelang mo kobamelong e e itshekileng ngwaga le ngwaga ba leboga bopelotlhomogi jo Jehofa a ba bo bontshang. Kgaitsadi mongwe wa Mokeresete o bolela jaana ka go busediwa ga gagwe: “Ga ke gakologelwe go kile ga nna le nako e ke neng ka itumelela sengwe thata jaana mo botshelong jwa me.” Ke boammaaruri gore, baengele le bone ba ipela fela jalo. E kete le rona re ka nna le ‘boipelo jo bo nnang gone kwa legodimong’ fa moleofi a ikwatlhaya. (Luke 15:7) Fa re dira jalo, re tla bo re etsa bopelotlhomogi jwa ga Jehofa.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Le fa go bonala moleofi wa kwa Korintha a ile a busediwa mo nakong e khutshwane, seno ga se a tshwanela go tsewa e le sekai sa gore go dirwe jalo ka batho botlhe ba ba kgaotsweng. Kgang nngwe le nngwe e farologane. Baleofi bangwe ba simolola go supa fa ba ikwatlhaya ka mmatota ka bonako fela fa ba sena go tlosiwa. Mo go ba bangwe, go tsaya nako e telele pele ga ba ka bontsha boikutlo jo bo ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, mo mabakeng otlhe, batho ba ba busediwang ba tshwanetse gore ba supe pele gore ba utlwile botlhoko ka tsela ya bomodimo mme fa go ka kgonega, ba tshwanetse go bontsha ditiro tse di supang gore ba a ikwatlhaya.—Ditiro 26:20; 2 Bakorintha 7:11.

Poeletso

◻ Morwarraagwe sesenyi o ne a tshwana jang le baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda?

◻ Morwarraagwe sesenyi o ne a supa jang gore ga a tlhaloganye bokao jwa go nna morwa sentle?

◻ Fa re akanya ka bopelotlhomogi jwa Modimo, ke ditsela dife tse pedi tsa go feteletsa dilo tse re tshwanetseng go di tila?

◻ Re ka etsa jang bopelotlhomogi jwa Modimo gompieno?

[Lebokoso mo go tsebe 17]

“LO MO TLHOMAMISETSE LORATO LWA LONA”

Paulo o ne a bolelela phutbego ya Korintha jaana malebana le moleofi yo o neng a lelekilwe mme a bo a supa boikwatlhao: “Ke lo rotloetsa gore lo mo tlhomamisetse lorato Iwa lona.” (2 Bakorintha 2:8) Lefoko la Segerika le le ranotsweng ka gore “tlhomamisetse” ke lefoko le le kafa molaong le le kayang go “supa fa go ntse jalo.” Ee, batho ba ba ikwatlhayang ba ba buseditsweng ba tshwanetse go ikutlwa ba ratiwa le gore ba amogelwa gape go nna maloko a phuthego.

Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go gakolo-gelwa gore, batho ba le bantsi mo phuthegong ga ba itse ka botlalo mabaka a a dirileng gore motho yoo a lelekiwe kana a busediwe. Mo godimo ga moo, go ka tswa go na le batho ba boleo jwa yo o ikwatlhayang bo ba amileng ka namana kgotsa bo ba utlwisitseng botlhoko—gongwe e bile go tla tsaya nako. Ka jalo, ka go akanyetsa dikgang tse di ntseng jalo, go a utlwala gore fa go dirwa kitsiso ya gore motho o buseditswe, ga re ne re itlhaganelela go supa gore re a mo amogela go fitlha re dira jalo re na le ene fela.

A bo batho ba ba buseditsweng ba nonotshiwa jang ne mo tumelong fa ba itse gore ba amogelwa gape go nna maloko a phuthego ya Bokeresete! Re ka kgothatsa batho ba ba ikwatlhayang ka go tlotla le bone le go ipha nako le bone kwa Holong ya Bogosi, mo bodireding le ka dinako tse dingwe tse di tshwanelang. Ka go bontsha kana go tlhomamisetsa batho bano ba re ba ratang gore re a ba rata, ga re fokotse bomasisi jwa maleo a ba a dirileng. Go na le moo, rona le masomosomo a legodimo, re itumelela go bo ba tlogetse tsela ya bone ya boleo mme ba boetse mo go Jehofa.—Luke 15:7.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Morwa yo mogolo o ne a gana go itumelela go boa ga morwarraagwe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela