LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 10/15 ts. 20-23
  • Bagolwane—Abelang Ba Bangwe Ditiro!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bagolwane—Abelang Ba Bangwe Ditiro!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa go Katisa Ba Bangwe go Leng Botlhokwa ka Teng
  • Go Abela Ba Bangwe Ditiro go Kaya Eng?
  • Kafa O ka Abelang Ba Bangwe Ditiro ka Teng
  • Go Aba Tiro—Ke ka Ntlha Yang Fa go Le Botlhokwa Mme go ka Dirwa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Banna ba ba Boikobo ba Thapisa ba Bangwe e Bile ba ba Naya Maikarabelo
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
  • Bagolwane—Thapisang ba Bangwe go Rwala Morwalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • “Dilo Tseno di Neye Banna ba ba Ikanyegang”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 10/15 ts. 20-23

Bagolwane—Abelang Ba Bangwe Ditiro!

ENE e le monna yo o pelotelele, yo o boikokobetso, a rata tshiamo thata mme a e dira go ya ka boitemogelo jwa gagwe jwa botshelo. Ke gone ka moo banna, basadi, le bana ba ba fetang dimilione tse tharo ba neng ba batla kgakololo mo go ene. O ne a leka gore a se ka a ba swabisa. O ne a reetsa mathata a bone go tloga mo mosong go fitlha maitseboa mme a ba thusa ka bopelotelele go bona kafa melao ya Modimo e neng e ama maemo a bone ka teng. Ee, ditso tse 12 tsa Iseraele di ne tsa laolwa ka lobaka lo lokhutshwane mo dingwageng tse 3 500 tse di fetileng ke monna a le mongwe fela a sa thusiwe ke ope—Moshe.

Lefa go ntse jalo, Jetherwe, mogwagwadiagwe Moshe, o ne a amegile thata. Tota Moshe o ne a solofetse gore o tla kgona jang go tswelela a dira ka tsela eno? Ke gone ka moo Jetherwe a neng a bolela jaana: “Mo u go dihañ ga go molemō. Rure u tla tlhōrèga hèla, wèna le batho ba u nañ nabō: gonne mo u go dihañ go bokete bobe mo go wèna; ga ua lekana go go diha u le nosi.” (Ekesodo 18:17, 18) Seno se ne sa rarabololwa jang? Jetherwe o ne a gakolola Moshe gore a abele ba bangwe ditiro tse dingwe tsa gagwe. (Ekesodo 18:19-23) A kgakololo e e molemo ruri!

Mo phuthegong ya Bokeresete gompieno go na le bagolwane ba bantsi bao jaaka Moshe ba lekang go dira tiro e ntsi e ba ka se kang ba e kgona ba le nosi. Ba rulaganya dipokano mmogo le go di baakanyetsa ba bo ba neela dikarolo tsa thulaganyo ka tsela e e tshwanetseng, le ka matsetseleko tota. (1 Bakorintha 14:26, 33, 40; 1 Timotheo 4:13) Bagolwane gape ba tlamela leloko lengwe le lengwe la phuthego ka dilo tse le di tlhokang. (Bagalatia 6:1; 1 Bathesalonia 5:14; Yakobe 5:14) Ba etelela pele mo tirong e e botlhokwa thata ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi. (Mathaio 24:14; Bahebera 13:7) Gape ba rulaganyetsa gore phuthego e nne le dibuka gore e kgone go di abela batho.

Mo godimo ga moo, bagolwane bangwe ba abelwa dikarolo dingwe mo dithulaganyong tsa dikopano tsa potologo le tsa kgaolo. Ba rulaganyetsa dikopano le go dira mo dikomiting tse di buisanang le dikokelo. Bangwe ba thusa mo go ageng Diholo tsa Bogosi. Mme dilo tseno tsotlhe ba di dira ba ntse ba dira le boikarabelo jwa bone jwa lelapa le jwa go le tlamela semoyeng. (Bapisa Yoshue 1:8; Pesalema 110:3; 1 Timotheo 3:4, 5; 4:15, 16.) Banna bao ba Bakeresete ba kgona jang go dira dilo tseno tsotlhe? Ba tlhoka go thusiwa fela jaaka Moshe. Ba tshwanetse ba ithuta go abela ba bangwe ditiro. Eleruri, motho yo o sa kgoneng go abela ba bangwe ditiro o bokoa mo go rulaganyeng.

Kafa go Katisa Ba Bangwe go Leng Botlhokwa ka Teng

Go na le mabaka a mangwe gape a go tshwanetseng ga abiwa ditiro ka one. Mo setshwantshong sa ga Jesu sa ditalenta, mong o ne a bitsa batlhanka ba gagwe mme a ba naya ditiro tsa boikarabelo jo bo sa lekaneng pele a tsaya loeto lo loleele. (Mathaio 25:14, 15) Ka go dira jaana, mong o ne a kgona go fitlhelela mekgele e le mmalwa. Sa ntlha, fa a ntse a tsamaile, batlhanka ba gagwe ba ne ba mo emela ebile ditiro tse di neng di tlhoka go dirwa fa a ne a seyo di ne tsa se ka tsa ema. Sa bobedi, ereka ditiro di gaisa go bua ka molomo, mong o ne a kgona go bona gore batlhanka ba gagwe ba kgona go le kana kang le gore ba ikanyega go le kana kang. Sa boraro, mong o ne a naya batlhanka tshono ya go nna le boitemogelo jo bo tlhokegang thata.

Setshwantsho seno se kaya go le gontsi mo go rona gompieno. Ka nako ya fa Jesu a ne a tloga mo lefatsheng, o ne a naya balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng boikarabelo bongwe. Ba ba santseng ba setse ba bone ba santse ba dira dilo tse di solegelang Bogosi joo molemo. (Luke 12:42) Go ile ga itshupa gore Jehofa o segofatsa phuthego ya gagwe mo motlheng ono wa segompieno oo batlodiwa ba santseng ba okametse dilo ka one. Go ile ga felela ka gore e oketsege ka tsela e e gakgamatsang. Aitsane, mo dingwageng tse tlhano fela tse di fetileng go ile ga ineela ba ba fetang milione ba bo ba supa fa ba ineetse ka go kolobediwa ka metsi! Seno se ile sa felela ka gore go tlhomiwe diphuthego tse disha le dipotologo tse disha di le makgolokgolo.

Fela jaaka Jesu Keresete a ne a naya “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” maikarabelo mangwe, le bone ka mo go tshwanang ba ile ba naya bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba “dinku di sele” boikarabelo mo phuthegong. (Mathaio 24:45-47; Yohane 10:16) Lefa go ntse jalo go tlhokega banna ba bantsi ba ba ineetseng go tla go thusa ba ba oketsegang bano. Ba tlile go tswa kae? Bagolwane ba tshwanetse go ba katisa. Mme lefa go ntse jalo, bagolwane ba ka katisa banna ba ba ntseng jalo jang fa ba sa abele batho ba ba itshupang fa ba kgona maikarabelo? Ke ka tsela efe gape bagolwane ba ka kgonang go bona gore banna ba babotlana ba a kgona le gore ba ka ikanngwa?

Go Abela Ba Bangwe Ditiro go Kaya Eng?

Mo bathong ba bangwe, “go abela ba bangwe ditiro” go kaya go ithola morwalo, go o tila, go tlogelela dilo, go latlha maikarabelo. Lefa go ntse jalo, fa go “abela ba bangwe ditiro” go dirwa sentle ke tsela nngwe ya go kgona go dira maikarabelo. Lediri la Seesemane “go abela” le tlhalosiwa jaana, “go naya mongwe; go tlhopha mongwe jaaka moemedi; go abela boikarabelo kana thata nngwe.” Lefa go ntse jalo, motho yo o abang tiro o na le boikarabelo mo go seo se dirwang.

Bangwe ba ka nna ba tila go abela ba bangwe ditiro gongwe ba tshaba gore ba tla latlhegelwa ke go laola. Lefa go ntse jalo, go naya ba bangwe ditiro ga go reye gore o tla latlhegelwa ke go laola. Keresete Jesu o laola phuthego ya Bokeresete le mororo a sa bonale ebile a busa a le kwa legodimong. Le ene ka boene o abetse banna ba ba nang le boitemogelo gore ba tlhokomele phuthego.—Baefesia 5:23-27; Bakolosa 1:13.

Ba bangwe ba ka nna ba se ka ba rata go abela ba bangwe ditiro ba akanya gore tiro eo ba e dira ka bofefo fa ba e itirela ka bobone. Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a bona go le botlhokwa go katisa ba bangwe. Ga go na motho yo o neng a ruta ka tsela e e kgatlhang jaaka Jesu. (Yohane 7:46) Lefa go ntse jalo, fa a sena go naya balatedi ba le 70 ditaolo, o ne a ba romela go ya go dira tiro ya go rera. Le mororo ba ne ba sa kgone go ruta jaaka Jesu, ba ne ba boa ba itumeletse kafa ba neng ba atlega ka teng. Jesu o ne a ba itumelela a bo a ba akgola, ka go bo a ne a itse gore ba ne ba tla tswelela ka tiro ka lobaka lo loleele fa a sena go tsamaya le gore kgabagare ba ne ba tla kgona go dira tiro e ntsi go gaisa e a neng a ka kgona go e dira a le nosi.—Luke 10:1-24; Yohane 14:12.

Go abela ba bangwe ditiro gape go kaya go thusiwa ka dilo dingwe tse di tlhokegang. Jesu o ne a laela Petere le Johane go dira dithulaganyo tse di tlhokegang tsa dijo tsa Tlolaganyo ya gagwe ya bofelo letsatsi pele a swa. (Luke 22:7-13) Jesu ga a ka tshwenyega kaga go rekwa ga kwanyana, beine, senkgwe se se sa bedisiwang, le merogo e e galakang; kana gone gore o ne a tshwanetse go phutha dijana, dikgong tsa molelo le dilo tse dingwe. Petere le Johane ba ne ba dira dilo tseo.

Bagolwane ba ka bona melemo e e tshwanang gompieno fa ba ka etsa sekao sa ga Jesu. Ka sekai, yoo a tlhokomelang dibuka a ka nna a kopiwa gore a otore tse di tla tlhokegang mo letsholong le le latelang. A ka nna a laelwa gore a tlhatlhobe direkoto tsa gagwe go bona gore dilo tseo di ne tsa dirisiwa jang mo matsholong a a fetileng. A ka nna a ela tlhoko le kafa tshimo ya phuthego eo e ntseng ka teng pele a tlatsa foromo e e tlhokegang. Morago ga foo o tla isa foromo kwa mokwaleding wa phuthego gore a e tlhatlhobe. Fa motlhanka wa dibuka a sena go itse tiro ya gagwe, mokwaledi ga a tlhoke go tlhatlhoba direkoto tsa nako e e fetileng fa e le gore dipalogotlhe tse di fa thoko mo foromong di siame. Ka phepafalo, tiro e e motlhofo eno ya go abela ba bangwe ditiro e tla dira gore go otora dibuka go nne motlhofo ebile go nne bonolo mo go botlhe.

Ereka seno se na le melemo e e ntseng jalo, motho a ka aba tiro ka tsela e e tla nnang le mosola jang?

Kafa O ka Abelang Ba Bangwe Ditiro ka Teng

Tlhalosa kafa tiro eo e ntseng ka teng. Sa ntlha, bolela gore o batla go bona matswela afe. “Bapalañ ka tse, go tsamaee ke be ke tle ke tle” ke seo “mogolwane moñwe” mo setshwantshong sa ga Jesu sa ditalenta a neng a se bolelela batlhanka ba gagwe ba ba lesome. (Luke 19:12, 13) Mong o ne a lebeletse gore batlhanka bano ba bapale ka ditalenta tseo mme ba tle go bega morokotso o ba o dirileng fa a boa. Ba ne ba itse gore ba tshwanetse go dira eng. Molaomotheo ono o ka dira jang mo ditirong tsa motlha wa segompieno tsa go aga Diholo tsa Bogosi? Ka sekai, mokaulengwe yo o abetsweng go baakanya marulelo ka tlwaelo o tla bolelelwa gore a dirise didirisiwa dife, o tla di bona kae, le gore a simolole tiro leng, fa maemo a bosa a mo letla. Go kaela ka tsela e e ntseng jalo go ka thusa gore dilo di rulaganngwe sentle.

Go botlhokwa gore go se ka ga tlhalosiwa fela gore tiro eo e akaretsa eng mme lefa go ntse jalo motho a bolelelwe gore o letliwa go dira ditshwetso dife le gore ke mathata afe a a tshwanetseng go lebisiwa kwa go mongwe o sele. Moshe o ne a bolelela batho ba a ba tlhophileng gore ba ne ba tla atlhola dikgetsi tse dipotlana, mme lefa go ntse jalo ba lere tse di bokete kwa go ene.—Ekesodo 18:22.

Fa o abela ba bangwe maikarabelo mangwe, tila go naya batho ba bantsi tiro e e tshwanang. Go nna le tlhakatlhakano fa batho ba bantsi ba abetswe ditiro tse di tshwanang. Akanya gore go ne go ka diragala eng fa kwa kopanong e kgolo ya Basupi ba ga Jehofa Lephata la go Phepafatsa le Lephata la Tirelo ya Dijo a ne a abetswe go phepafatsa ditafole tsa dijo, kana fa Lephata la Balebeledi le Lephata la Kolobetso a ne a abetswe go tlhokomela batho ba ba lebileng ka nako ya fa go kolobediwa.

Tlhopha banna ba ba kgonang. Jetherwe o ne a gakolola Moshe jaana: “Me u tlhophe banna ba ba kgonang, banna ba ba boifang Modimo mo bathong, ba ba ikanyegang, ba ba senang mekgwa e e maswe, mme o ba tlhophe go okamela batho.” (Ekesodo 18:21, The New English Bible) Go phepafetse gore, motho o tshwanetse go tshwanelega pele semoyeng. Fa go sekasekiwa gore a motho o ‘nonofile’ go dira tiro e e fa pele ga gagwe, go tshwanetse ga akanyediwa dintlha tse di tshwanang le dinonofo tsa botho, boitemogelo, katiso, le ditalenta tse motho a nang le tsone. Ka gone, Mokeresete yo ka tsela e e kgethegileng a nang le botho jo bo rategang, yo o itumetseng, le yo o ratang go thusa o tla dira sentle kwa khaontareng ya dimakasine kana jaaka molebeledi. Ka tsela e e tshwanang, fa go tlhophiwa motho go thusa mokwaledi wa phuthego, ka tshwanelo fela go tla sekasekiwa gore a ke motho yo o itseng go rulaganya. A o ela tlhoko kafa selo se tshwanetseng go dirwa ka teng tota, a o ka ikanngwa, ebile a o kgona go tshola sephiri? (Luke 16:10) Go tlhokomela dintlha tse di ntseng jalo mmogo le dilo tse di tlhokegang tsa semoya go tla thusa gore go tlhophiwe motho yo o tshwanetseng tiro e e rileng.

A a newe dilo tse di lekaneng. Motho yo o dirang o tla tlhoka go newa dilo dingwe gore a kgone go wetsa tiro e a e neilweng. Gongwe o tla tlhoka didirisiwa, madi, kana mothusi. Mo neye dilo tse di lekaneng. Ka sekai, mokaulengwe mongwe a ka nna a kopiwa gore a baakanye Holo ya Bogosi fa go tlhokegang teng. Go phepafetse gore o tla bolelelwa gore go tlhokega gore a dire eng, mme lefa go ntse jalo a ka nna a tlhoka madinyana a go reka dilo dingwe tse di ka nnang tsa tlhokega. Gongwe a ka tlhoka go thusiwa. Ka jalo bagolwane ba ka nna ba kopa ba bangwe gore ba mo thuse kana ba itsise phuthego gore ‘Mokaulengwe Semangmang o tla bo a dira tiro ya goregore mo holong, gape o tla tla kwa go bangwe ba lona go ba kopa gore ba mo thuse.’ Go akanyetsa dilo kwa pele jalo go tla thibela gore tiro e abelwe mongwe mme a sena dilo tse di lekaneng. “O se ka wa aba tiro mme o sa dire jalo ka botlalo,” go bolela jalo mogakolodi mongwe mo go tsa go okamela tiro.

Fa o naya mongwe maikarabelo a gago, bolelela ba bangwe gore motho yoo o go emetse. Thata ya go laola mo boemong jwa gago le yone ke sedirisiwa. Joshue o ne a tlhongwa jaaka moeteledipele yo mosha wa Iseraele fa pele ga “phuthègō eotlhe.” Moshe o ne a laetswe gore ‘a bee tlotlo ya gagwe mo go ene.’ (Dipalō 27:18-23) Fa e le mo phuthegong go ka dirwa se se tshwanang ka go kwala lenaane la bao ba abetsweng ditiro tse di rileng mo lomating lwa tshedimosetso.

Tshegetsa ditshwetso tsa bone. Jaanong yo o abetsweng go dira jalo a ka tswelela ka tiro e a e neetsweng. Ka jalo, gakologelwa gore o ka mo kgothatsa fa o tshegetsa ditshwetso tse di siameng tse a di dirang. Ka sekai, wena jaaka mogolwane go ka tswa go na le tsela nngwe e wena o batlang dibuelagodimo le ditulo di bewa ka yone mo seraleng mo Holong ya Bogosi, gongwe ka tsela e e farologaneng le eo mokaulengwe yo o abetsweng go dira seo a di bayang ka yone. Lefa go ntse jalo, fa mokaulengwe yo o tlhokomelang serala a tlogelwa go dira tiro ya gagwe a gololesegile, o tla itshepa ebile o tla nna le boitemogelo. Kwantle ga moo, a ka nna a tokafatsa dilo. Mogakolodi mongwe mo go tsa kgwebo o ne a bolela jaana: “Aba tiro, se abe kafa e dirwang ka teng. . . . Gantsi talenta ya go tlhama dilo e a itshupa.”

Mo godimo ga moo, mokaulengwe yo e leng ene a dirang tiro, gantsi o a bo a tlwaelane le boemo joo mme ka gone a ka kgona go tlhaloganya mathata a yone. O tla rarabolola mathata a yone ka tsela e e molemo thata. A ka tswa ebile a dira dilo dingwe tseo bao ba lebileng ba sa di lemogeng. Ke gone ka moo molebedi mongwe wa Mokeresete a neng a bolela jaana ka mothusi mongwe yo o neng a na le boitemogelo: “Fa a nthaya a re go na le matlapa mo mmung, ke dumela se a se bolelang.”

Ee, didirisiwa tse di botlhokwa thata tseo bagolwane ba Bakeresete ba nang le tsone ke banna le basadi ba ba ineetseng bao ba iketleeditseng ebile ba kgona go thusa ka tsela epe fela e ba kaelwang go thusa ka yone. Bagolwane dirisang batho ba ba molemo thata bano! Go abela ba bangwe ditiro ke sesupo sa go nna bori ebile go ka fokotsa go tshwenyega maikutlo le go tlalelwa. Ga o kitla o kgona fela go dira go le gontsi mme lefa go ntse jalo o tla naya ba bangwe tshono ya go nna le boitemogelo jo ba bo tlhokang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela