MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | EKESODO 17-18
Banna ba ba Boikobo ba Thapisa ba Bangwe e Bile ba ba Naya Maikarabelo
Fa bakaulengwe ba ba nang le maitemogelo ba thapisa bakaulengwe ba basha e bile ba ba naya maikarabelo seno se bontsha gore ba boikobo, ba rata ba bangwe e bile ba bona se se molemo mo go bone. Ba dira seno jang?
Ba tlhopha ba ba nang le bokgoni jwa go dira maikarabelo a le mantsi
Ba ba bolelela dilo tse ba tshwanetseng go di dira gore ba kgone go diragatsa dikabelo tsa bone
Ba ba thusa, ba ba naya madi le didirisiwa tse ba di tlhokang go diragatsa kabelo eo
Nako le nako ba lebelela gore mokaulengwe yoo o dira kabelo ya gagwe jang e bile ba nna ba mmolelela gore ba dumela gore o tlile go dira kabelo ya gagwe sentle
IPOTSE JAANA, ‘Ke maikarabelo afe a nka a abelang ba bangwe?’