LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 10/15 ts. 28-29
  • Mokwalo O O Tlhomologileng Thata wa Bibela ya Sehebera

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mokwalo O O Tlhomologileng Thata wa Bibela ya Sehebera
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Serwalo”
  • Tiro ya Setswerere
  • Mokwalo wa Masora ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Thuto ya bo 5—Tshedimosetso ya Sehebera ya Dikwalo Tse Di Boitshepo
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • “Pina ya Lewatle”—Mokwalo wa Seatla o o Golaganyang Dipaka Tse Pedi Tsa Hisitori
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • A3 Matsapa a a Tserweng Gore re Nne le Baebele
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 10/15 ts. 28-29

Mokwalo O O Tlhomologileng Thata wa Bibela ya Sehebera

PELE memeno ya Lewatle Le Le Suleng e bonwa ka 1947, memeno ya ntlhantlha e e neng e itsiwe ya Bibela ya Sehebera—kwantle ga dikarolwana di le mmalwa—e ne e le ya kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo 9 le la bo 11 la dingwaga. A seo se kaya gore pele ga 1947 mekwalo ya Bibela ya Sehebera e ne e sa itsiwe? Le gone ke ka ntlha yang fa go ne go na le mekwalo e sekaenyana fela ya Sehebera?

Fa re sekaseka potso eo ya bofelo pele, mo tsamaisong ya kereke ya Sejuda, mekwalo epe fela ya Bibela ya Sehebera e e neng e tsewa e onetse thata gore e ka dirisiwa e ne a lotlelelwa mo teng ga genizah, lefelo la bobolokelo kwa sinagogeng. Moragonyana, Mekwalo eno e e neng e kgobelegane e ne e ntshiwa e bo e epelwa mosima. Bajuda ba ne ba dira seno go thibela gore mekwalo ya bone e se ka ya leswefadiwa kana ya dirisiwa ka tsela e e sa tshwanelang. Ka ntlha yang? Gonne e ne e na le Tetragrammaton, ditlhaka tsa Sehebera tse di neng di emela leina le le boitshepo la Modimo leo ka tlwaelo le emelwang ke “Jehofa” ka Setswana.

“Serwalo”

Karolo e kgolo ya ditemana tsa Sehebera e ile ya nna ya fetisiwa ka boikanyegi go tloga mo metlheng ya bogologolo. Ka sekai, go ne go na le mokwalo mongwe wa Sehebera o o botlhokwa o o neng o bidiwa Keter, “Serwalo” oo kwa tshimologong o neng o na le Dikwalo tsa Sehebera, kana “Tesetamente E Kgologolo.” O ne o sireleditswe mo sinagogeng ya motse mongwe o monnye wa Bajuda ba ba neng ba nna kwa Aleppo, kwa Siria, kwa toropong e e tletseng Bamoselema. Pele ga foo, mokwalo ono o ne o tlogeletswe Bajuda ba Ba-Karaite kwa Jerusalema mme Batlhabanelatumelo ba ne ba o gapa ka 1099. Moragonyana, mokwalo ono o ne a wa bonwa gape mme wa tseelwa kwa Old Cairo, kwa Egepeto. O ne wa goroga kwa Aleppo mo e ka nnang ka lekgolo la bo 15 la dingwaga mme morago o ne wa itsiwe jaaka Aleppo Codex. Letlha la mokwalo ono e ne e le la mo e ka nnang ka 930 C.E., mme le ne le lejwa jaaka karolo e e kwa godimo ya Masora, jaaka leina la one le kaya. Ke sekao se sentle tota sa go supa kafa ditemana tsa Bibela di neng tsa nna tsa fetisiwa ka teng ka kelotlhoko mme eleruri e ne e le mokwalo o o tlhomologileng thata wa Sehebera.

Mo metlheng e e ka kwano thata ya segompieno, bao ba neng ba tshotse mokwalo o o tlhomologileng ono ba ne ba sa dumele gore o bonwe ke bakanoki ka go boifa gore selo se se boitshepo seno sa bone se ka itshekololwa ka go bo ba ne ba dumela mo botlhoding. Mo godimo ga moo, ereka go ne ga tsewa setshwantsho sa letlhare le le lengwe fela, kopi ya one e ne e sa kgone go phasaladiwa gore e ithutiwe.

Fa Maboritane a ne a tswa mo Palesetina ka 1948, go ne ga tsoga dikhuduego kgatlhanong le Bajuda kwa Aleppo. Sinagoge ya bone e ne ya fisiwa; codex e e botlhokwatlhokwa eno e ne ya nyamela mme go ne ga akanngwa gore e sentswe. Abo go gakgamatsa jang ne, he go itse gore nngwetharong ya yone e ne ya falola mme e ne ya ntshiwa ka sephiri mo Siria ya isiwa kwa Jerusalema! Kgabagare go ne ga gololwa dikopi di le 500 tsa yone tse di mebala ka 1976.

Tiro ya Setswerere

Ke ka ntlha yang fa mokwalo ono o le botlhokwa jaana? Gonne mokwalo wa yone wa ntlhantlha wa ditumanosi o ne wa baakanngwa wa bo wa tsenngwa matshwao a puo mo e ka nnang ka 930 C.E. ke Aaron ben Asher, mongwe wa bakanoki ba ba itsegeng thata ba ba katiseditsweng go kopolola le go anamisa Bibela ya Sehebera. Ka gone, e ne le codex e e tlhomologileng e e neng e supa kafa dikopi tsa mo isagweng tse di neng di tla dirwa ke bakwadi ba ba seng ditswerere thata di neng di tshwanetse go nna ka teng.

Kwa tshimologong e ne e na le difolio di le 380 (ditsebe di le 760) mme e ne e kwadilwe ka dikolomo di le tharo mo matlhareng. Jaanong e na le difolio di le 294 mme ga e na karolo ya Pentateuch le karolo ya bofelo e e nang le Dikhutsahalo, Sehela sa Dihela, Daniele, Esethere, Esere, le Nehemia. O tsopolwa jaaka “Al” mo go New World Translation of the Holy Scriptures—Reference Bible (Yoshue 21:37, ntlhanyana e e kwa tlase.) Moses Maimonides (yo o tshwantshitsweng fano), mokanoki wa metlha ya bogare wa Mojuda wa lekgolo la bo 12 la dingwaga C.E., o ne a bolela gore Aleppo Codex e ne e gaisa tsotlhe tse a kileng a di bona.a

Ditemana tsa Sehebera tse di neng di kopolotswe ka seatla go tswa mo lekgolong la bo 13 la dingwaga go fitlha ka la bo 15 la dingwaga di ne di tlhakane di tswa mo ditlhopheng tse pedi tsa ditemana tsa Masora eleng tsa ga Ben Asher le tsa ga Ben Naphtali. Jacob ben Hayyim o ne a kwala ditemana tsa Bibela e e gatisitsweng ya Sehebera mo lekgolong la bo 16 la dingwaga go tswa mo go tseno tsa semorafe tse di tlhakaneng mme e ne ya nna tsone motheo wa mo e ka nnang Dibibela tsotlhe tsa Sehebera tse di neng tsa gatisiwa mo dingwageng tse 400 tse di neng tsa latela.

Fa go ne go gatisiwa thanolo ya boraro ya Biblia Hebraica (ditemana tse di gatisitsweng tsa Sehebera) ka 1937, go ne ga lejwa ya ga Ben Asher jaaka e ne e bolokilwe mo mokwalong mongwe kwa Russia, o o neng o itsiwe jaaka Leningrad B 19A. Letlha la Leningrad B 19A ke la go tloga ka 1008 C.E. Yunibesithi ya Sehebera kwa Jerusalema e rulaganya go phasalatsa ditemana tsa Sehebera tsa Aleppo tse di feletseng fa nako e ntse e tsamaya, mmogo le tshedimosetso ya mekwalo yotlhe le dithanolo tsotlhe tse di botlhokwa go akaretsa le Memeno ya Lewatle Le Le Suleng.

Ditemana tsa Bibela tse re di dirisang gompieno di tlhomame. Di tlhotlheleditswe ke Modimo ebile re ne ra di kwalelwa ke bakwadi ba ba kwalololang bao ba neng ba dira ka matsetseleko tota ka makgolokgolo a dingwaga. Bakwalolodi bano ba ne ba dira ka kelotlhoko mme seno se bonwa ka dipharologano tse dinnye tota ka mo go gakgamatsang fa go bapisiwa momeno wa Isaia o o neng wa bonwa fa thoko ga Lewatle Le Le Suleng ka 1947 le ditemana tsa Masora le eleng lefa Momeno wa Lewatle Le Le Suleng o feta Bibela ya Masora e kgologolo go di gaisa tsotlhe ka dingwaga di le sekete. Mo godimo ga moo, ereka jaanong bakanoki ba kgona go bona Aleppo Codex, e tlile go ba naya lebaka la go tlhomamisega tota gore ditemana tsa Dikwalo tsa Sehebera di tlhomame. Ka boammaaruri, “lehoko ya Modimo le tla èma ka bosakhutleñ.”—Isaia 40:8.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bakanoki bangwe ba ne ba belaela ka dingwaga di le mmalwa gore Aleppo Codex e ne e le one mokwalo o o neng wa tsenngwa matshwao a puo ke Ben Asher. Lefa go ntse jalo, ereka codex e sale e ntse e le teng gore e ithutiwe, go ile ga nna ga tla bosupi jwa gore ke one mokwalo wa ga Ben Asher o o neng wa umakiwa ke Maimonides.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 28]

Bibelmuseum, Münster

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 29]

Jewish Division / The New York Public Library / Astor, Lenox, and Tilden Foundations

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela