LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 5/15 ts. 26-28
  • Mokwalo wa Masora ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mokwalo wa Masora ke Eng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lefoko la ga Jehofa
  • Diphoso di Simolola go Tsena
  • Maiteko a go Fedisa Diphoso
  • A Re ka Kgona go Bona Mokwalo o o “Itshekileng” wa Masora?
  • Bamasora E ne E le Bomang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Mokwalo O O Tlhomologileng Thata wa Bibela ya Sehebera
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Thuto ya bo 5—Tshedimosetso ya Sehebera ya Dikwalo Tse Di Boitshepo
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Ntwa E E Lolweng ke Bibela Gore E Tswelele Pele E Le Teng
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 5/15 ts. 26-28

Mokwalo wa Masora ke Eng?

LEFA o ka tswa o bala Baebele ka puo efe, karolo ya buka eo e ka tswa e ile ya ranolwa ka tlhamalalo kana ka tsela nngwe go tswa mo mokwalong wa Masora, o o akaretsang Dikwalo tsa Sehebera, kana “Tesetamente ya Bogologolo.” Tota gone, go nnile le mekwalo e e fetang o le mongwe fela wa Masora. Ka jalo, go ne ga tlhophiwa ofe, le gone ka ntlha yang? Gone mme, mokwalo wa Masora ke eng, e bile re itse jang gore o tlhomame?

Lefoko la ga Jehofa

Go kwalwa ga Baebele go ile ga simologa kwa Thabeng ya Sinai ka 1513 B.C.E. Ekesodo 24:3, 4 e re bolelela jaana: “Moše a fitlha a bolelela batho mafoko otlhe a ga Jehofa, le dikatlholo tsotlhe; mme batho botlhe ba fetola ka lentswe le le lengwe fela ba re: ‘Mafoko otlhe a Jehofa o a buileng re tlaa a dira.’ Moše a kwala mafoko otlhe a ga Jehofa.”

Dikwalo tsa Sehebera di ne tsa tswelela pele di kwalwa dingwaga tse di fetang sekete go tloga ka 1513 B.C.E. go fitlha mo e ka nnang ka 443 B.C.E. E re ka bakwadi ba ne ba tlhotlhelediwa ke Modimo, go a utlwala gore o ne a tla kaela dilo ka tsela ya gore molaetsa wa gagwe o bolokiwe e le o o ikanyegang. (2 Samuele 23:2; Isaia 40:8) Lefa go ntse jalo, a seno se raya gore Jehofa o ne a tla dira gore batho ba se ka ba dira phoso epe gore go se ka ga nna le tlhaka e le nngwe e e tla fetolwang fa go ntse go dirwa dikhopi tse dingwe?

Diphoso di Simolola go Tsena

Le mororo banna ba ba tlotlang Lefoko la Modimo thata ba ne ba le kwalolola go tswa kokomaneng e nngwe go ya go e nngwe, go ne ga nna le diphoso dingwe tse di dirilweng ke batho tse di neng tsa tsenelela mo mekwalong eo. Bakwadi ba Baebele ba ne ba tlhotlheleditswe, mme batho ba ba neng ba e kwalolola bone ba ne ba dira tiro ya bone ba sa tlhotlhelediwe.

Fa Bajuta ba sena ba boa kwa botshwarwa jwa kwa Babilone ka 537 B.C.E. ba ne ba simolola mokgwa o mosha wa go kwala o ba neng ba o ithutile kwa Babilone o mo go one ba neng ba dirisa ditlhaka tse di sephara. Mokgwa ono o o farologaneng gotlhelele wa go kwala o ne wa dira gore go nne le bothata jwa gore ditlhaka dingwe tse di lebegang ka tsela e e tshwanang di farologanngwe. E re ka puo ya Sehebera e theilwe mo ditumammogong, fa mmadi a tsenya ditumanosi go ya ka tsela e ene a tlhaloganyang se a se balang ka teng, go fetolwa ga tumammogo e le nngwe go ka dira gore bokao jwa lefoko bo fetoge motlhofo fela. Lefa go ntse jalo, gantsi diphoso tse di ntseng jalo di ne di ka bonwa mme tsa baakanngwa.

Bajuta ba bantsi ga ba a ka ba boela kwa Iseraele fa Babilone e sena go wa. Ka jalo, disinagoge di ile tsa nna mafelo a kobamelo mo Bajuteng go ralala Botlhabagare le kwa Yuropa.a Go ne go tshwanetse gore go nne le dikhopi tsa memeno ya Dikwalo mo sinagogeng nngwe le nngwe. Jaaka fa dikhopi tseno di ne di ntse di oketsega, go ne go na le kgonego e ntsi ya gore bakwalolodi ba dire diphoso.

Maiteko a go Fedisa Diphoso

Go tloga ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. bakwadi kwa Jerusalema ba ne ba leka go dira gore go nne le mokwalo wa konokono o memeno e mengwe ya Dikwalo tsa Sehebera e neng e ka baakanngwa go tswa mo go yone. Lefa go ntse jalo, go ne go sena tsela e e tlhomameng e mokwalo wa ntlha o neng o ka farologanngwa ka yone le mekwalo e e neng e na le diphoso tse di dirilweng ke bakwalolodi. Fa e sa le ka lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. le go ya pele go ne ga bonala e kete Dikwalo tsa Sehebera tse di kwadilweng ka ditumammogo di ne di tlhomame sentle, lefa gone di ne di ise di tlhomamisiwe semolao. Ditemana tse di nopotsweng mo Dikwalong tsa Sehebera tse di tlhagelelang mo go Talmud (tse di neng tsa kokoanngwa fa gare ga lekgolo la bobedi le la borataro la dingwaga C.E.) gantsi di supa fa di tswa mo motsweding o o farologaneng gotlhelele le se moragonyana se neng sa itsege jaaka mokwalo wa Masora.

Lefoko “mokgwa” ka Sehebera ke ma·soh·rahʹ kana ma·soʹreth. Mo e ka nnang ka lekgolo la borataro la dingwaga C.E., batho ba ba neng ba tlhokometse mokgwa wa go kwalolola Dikwalo tsa Sehebera ka tsela e e tshwanetseng ba ne ba bidiwa Bamasora. Dikhopi tse ba neng ba di kwala di bidiwa mekwalo ya Masora. Ke eng se se neng se kgethegile ka tiro ya bone le ka makwalo a ba neng ba a kwala?

Sehebera se ne se setse se nyeletse, e sa tlhole e le puo e setšhaba se neng se e bua, mme Bajuta ba le bantsi ba ne ba sa tlhole ba kgona go se bua. Ka jalo, gone go tlhaloganya fela mokgwa wa go kwala Baebele ka ditumammogo go ne go tloga go fela. Go o sireletsa, Bamasora ba ne ba simolola mokwalo wa go tsenya ditumanosi tse di neng di supiwa ka dikhutlo le diteshe kana dintlhana. Dilo tseno di ne di kwalwa kwa godimo le kwa tlase ga ditumammogo. Bamasora ba ne ba simolola gape mokgwa o mongwe o o raraaneng wa matshwao a a neng a dirisiwa jaaka matshwao a puo gape a thusa gore mafoko a bidiwe ka tsela e e tshwanelang sentle.

Mo Bamasora ba neng ba akanya gore bakwadi ba dikokomane tse di fetileng ba fetotse temana kana ba kwalolotse temana ka tsela e e phoso, go na le gore ba fetole temana eo, ba ne ba kwala ditlhaloso kafa thoko. Ba ne ba tlhalosa ditsela tse di sa tlwaelegang tse mafoko a neng a kwalwa ka yone le tsela e a neng a bopiwa ka yone le makgetlho a mantsi a a neng a tlhagelela ka one mo bukeng e le nngwe kana mo Dikwalong tsotlhe tsa Sehebera. Ba ne ba tsenya gape le dintlha tse di oketsegileng tse di neng di tla thusa bakwalolodi gore ba dire tshekatsheko e e boteng. Ba ne ba simolola mokgwa wa go dirisa “dikhouto” tse di khutshwafaditsweng gore ba tle ba kgone go kwala tshedimosetso eno ba khutshwafatsa mafoko thata. Kwa godimo le kwa tlase ga mokwalo, go ne go na le khonkotense e nnye e e neng e na le dikarolo tsa ditemana tse di tsamaisanang le tse go neng ga buiwa ka tsone mo ditlhalosong tse di leng fa thoko ga mokwalo.

Mokgwa o o tumileng thata o ne wa baakanngwa ke Bamasora ba kwa Tiberia, gaufi le Lewatle la Galalea. Setlhopha sa ga Ben Asher le sa ga Ben Naphtali tse di neng di tshela mo lekgolong la borobongwe le la bolesome la dingwaga C.E. tse go ka tswang e ne e le tsa Bakaraite di ne di itsege thata.b Le mororo go ne go na le pharologanyo fa gare ga tsela e ditlhopha tse pedi tseno tsa baithuti di neng di bitsa mafoko ka yone le mo ditlhalosong tsa bone, ditumammogo tse ba neng ba di dirisa mo ditemaneng tsa bone di ne di farologana mo mafelong a a kwa tlase ga a a lesome mo Dikwalong tsotlhe tsa Sehebera.

Ditlhopha tse pedi tseno tsa Bamasora, setlhopha sa ga Ben Asher le sa ga Ben Naphtali, di ne tsa thusa thata mo go batleng tshedimosetso e e malebana le ditemana mo metlheng ya bone. Fa Maimonides (mokanoki mongwe wa lekgolo la bo12 la dingwaga wa mokwalo wa Talmud o o neng o tlhotlheletsa batho thata) a sena go tlotlomatsa mokwalo wa setlhopha sa ga Ben Asher, batho ba bangwe ba ne ba batla one fela. Go ne ga ya bokgakaleng jwa gore le e leng gompieno ga bo go sena mokwalo ope wa setlhopha sa ga Ben Naphtali. Se se setseng fela ke manaane a dilo tse ditlhopha tse pedi tseno di neng di farologana mo go tsone. Se se gakgamatsang ke gore dikakgelo tsa ga Maimonides di ne di amana le mokgwa wa go kwala, o o ntseng jaaka go tsenya diphatlha mo gare ga dirapa, mme e seng le dilo tsa botlhokwa jaaka gore tshedimosetso e fetisitswe fela jaaka e ntse.

A Re ka Kgona go Bona Mokwalo o o “Itshekileng” wa Masora?

Bakanoki ba ganetsana thata ka gore ke codex efe e e leng teng gompieno e e leng yone tota mokwalo o o “itshekileng” wa setlhopha sa ga Ben Asher, jaaka e kete go itse seo ke gone go tla re thusang gore re bone mokwalo wa Masora wa “boammaaruri.” Tota mme, ga go ise go ke go nne le fa e le mokwalo wa Masora o le mongwe fela o o tlhomologileng, o o “itshekileng” e bile e le one go iwang ka one. Go na le moo, go nnile le mekwalo e mentsi ya Masora, mongwe le mongwe wa yone o farologane go sekaenyana le e mengwe. Di-codex tsotlhe tse di santseng di le teng ke mekwalo e e tlhakaneng, e e tswang mo mekwalong ya ga Ben Asher le ya ga Ben Naphtali.

Tiro e moranodi mongwe le mongwe wa Dikwalo tsa Sehebera a lebaneng le yone gompieno e kgoba marapo. Ga a tlhoke fela go itse le mokwalo wa Sehebera mme gape o tshwanetse gore a itse le mafelo otlhe a temana e ka tswang e fetotswe mo go one ka ntlha ya phoso e mokwalolodi a e dirileng kana sengwe se sele fela. Le mororo mekwalo e e farologaneng ya Masora e ka nna yone motheo o a ka o dirisang, o santse a tlhoka go leba mekwalo e mengwe e e botlhokwa e e ka tsewang e le ya bogologolo kana gongwe e le dithanolo tse di senang diphoso thata tsa mokwalo wa ditumammogo.

Mo ketapeleng ya buka ya gagwe ya The Text of the Old Testament, Ernst Würthwein o tlhalosa jaana: “Fa re lebane le bothata jwa go ranola temana e e thata re ka se ka ra kokoanya mekwalo e e farologaneng fela mme ra tlhopha nngwe mo go yone e go bonalang e rarabolola bothata jono ka tsela e e motlhofo, gongwe ka nako nngwe re dirisa mokwalo wa Sehebera, ka nako e nngwe re dirise Septuagint, mme mo lekgetlhong le lengwe re bo re dirisa Targum ya Searamaika. Bosupi fela jo bo tsewang mo ditemaneng ka bojone fela ga bo ka ke jwa ikanngwa jotlhe. Bosupi bongwe le bongwe bo na le ditlhaloso tsa jone le hisitori e e farologaneng. Re tshwanetse gore re itse dilo tseno tsotlhe fa e le gore re batla go tila go neela dikarabo tse di sa felelang kana tse di seng boammaaruri.”

Re na le lebaka le le utlwalang la gore re dumele ka botlalo gore Jehofa o sireleditse Lefoko la gagwe. Ka ntlha ya maiteko a banna ba ba tlhoafetseng ba ba dirileng mmogo mo makgolong a dingwaga a a fetileng, re kgona go iponela molaetsa wa Baebele o santse o na le mosola wa yone, diteng tsa yone le ditlhaloso tsotlhe tsa yone motlhofo fela. Diphetogo dipe fela tse di potlana tse di dirilweng malebana le tlhaka kana lefoko ga di ame ka gope go tlhaloganya ga rona Dikwalo. Mme gone, potso e e botlhokwa ke gore, A re tla tshela tumalanong le Lefoko la Modimo e leng Baebele?

[Dintlha tse di kwa tlase]

a E re ka Bajuta ba le bantsi ba ba neng ba sa nne kwa Iseraele ba ne ba sa tlhole ba kgona go bala Sehebera sentle, go ise go ye kae go ne ga tlhokega gore Baebele e ranolelwe mo puong e e neng e buiwa mo metseng e Bajuta ba neng ba nna mo go yone e e tshwanang le motse wa kwa Alexandria, kwa Egepeto. Go fitlhelela seno, thanolo ya Septuagint ya Segerika e ne ya kwalwa mo lekgolong la boraro la dingwaga B.C.E. Moragonyana thanolo eno e ne ya nna botlhokwa thata e le yone e e dirisiwang go bapisa go bona diphoso.

b Mo e ka nnang ka 760 C.E. setlhopha sengwe sa Bajuta se se neng se bidiwa Bakaraite se ne se batla gore Dikwalo di ngaparelwe thatathata. E re ka se ne se gana molao wa borabi, le “Molao wa Batho,” le Talmud, se ne se na le mabaka a a utlwalang le go feta a go batla go tlhokomela mekwalo ya Baebele ka kelotlhoko thata. Ditlhopha dingwe tse di neng di tswa mo setlhopheng seno e ne ya nna ditswerere tsa bakwalolodi ba mekwalo ya Masora.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Codex ya Aleppo e na le ditemana tsa Masora

[Motswedi wa Setshwantsho]

Bibelmuseum, Münster

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela