LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 9/15 ts. 26-29
  • Bamasora E ne E le Bomang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bamasora E ne E le Bomang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lelapa Loorra Ben Asher
  • Motho O ne A Tshwanetse go Gakologelwa Dilo ka Tsela E e Sa Tlwaelegang
  • Ba ne ba Dumela Eng?
  • Go Solegelwa Molemo ke Tiro ya Bone
  • Mokwalo wa Masora ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Mokwalo O O Tlhomologileng Thata wa Bibela ya Sehebera
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Baebele e Falotse go Fetolwa ga Molaetsa wa Yone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2016
  • Thuto ya bo 5—Tshedimosetso ya Sehebera ya Dikwalo Tse Di Boitshepo
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 9/15 ts. 26-29

Bamasora E ne E le Bomang?

JEHOFA, “Modimo wa boammaaruri,” o dirile gore Lefoko la gagwe, Baebele le nnele ruri. (Pesalema 31:5) E re ka Satane, mmaba wa boammaaruri, a lekile go le leswafatsa le go le senya, go tlile jang gore re amogele Baebele e ntse fela jaaka e ne e kwadilwe?—Bona Mathaio 13:39.

Karolo ya karabo e ka bonwa mo kakgelong ya ga Porofesa Robert Gordis: “Dilo tse di kgonneng go dirwa ke bakwadi ba Bahebera, ba ba bidiwang bamasora kgotsa ‘batho ba ba bolokileng ngwao,’ ga di a ka tsa anaanelwa ka mo go lekaneng. Bakwadi bano ba go sa itsiweng maina a bone ba ile ba kwalolola Buka e e Boitshepo ka kelotlhoko le ka lorato.” Lefa gone re ntse re sa itse bontsi jwa bakwalolodi bano gompieno, leina la lelapa lengwe la Bamasora le ile la begwa sentle—boorra Ben Asher. Re itse eng ka bone le ka Bamasora ba bangwe?

Lelapa Loorra Ben Asher

Karolo ya Baebele e e neng e kwadilwe ka Sehebera kwa tshimologong, e gantsi e bidiwang Tesetamente e Kgologolo, e ne ya kwalololwa ka boikanyego ke bakwalolodi ba Bajuta. Go simologa ka lekgolo la borataro go fitlha ka la bolesome la dingwaga C.E., bakwalolodi bano ba ne ba bidiwa Bamasora. Tiro ya bone e ne e akaretsa eng?

Sehebera se ne se kwalwa fela go dirisiwa ditumammogo, ka makgolokgolo a dingwaga mme motho yo o balang a itsenyetsa ditumanosi. Lefa go ntse jalo, ka metlha ya Bamasora, mafoko a Sehebera a ne a sa tlhole a bidiwa sentle ka gore Bajuta ba bantsi ba ne ba sa tlhole ba kgona go bua puo eo sentle. Ditlhopha tsa Bamasora kwa Babilone le kwa Iseraele di ne tsa dira matshwao gore a kwalwe go dikologa ditumammogo go supa tsela e di tshwanetseng go bidiwa ka yone le tsela e ditumanosi di tshwanetseng go bidiwa ka yone. Go ile ga tlhangwa mekgwa e meraro e e farologaneng, mme e e neng ya itshupa e nonofile thata e ne e le ya Bamasora ba kwa Tiberia, kafa Lewatleng la Galalea, kwa legaeng loorra Ben Asher.

Metswedi e umaka dikokomana di le tlhano tsa Bamasora ba lelapa leno le le tlhomologileng, go simolola ka Asher yo Mogolo wa lekgolo la borobedi la dingwaga C.E. Ba bangwe e ne e le Nehemiah Ben Asher, Asher Ben Nehemiah, Moses Ben Asher mme wa bofelo e le, Aaron Ben Moses Ben Asher wa lekgolo la bolesome la dingwaga C.E.a Banna bano e ne e le baeteledipele ba batho ba ba neng ba batla gore matshwao a a kwadilweng a tlhoke phoso e bile a kgone gore a tlhalose se bone ba neng ba se tlhaloganya e le tsela e e tshwanetseng ya go bitsa ditlhaka tsa Baebele ya Sehebera. Ba ne ba tshwanetse gore ba itse thutapuo ya Sehebera gore ba tle ba kgone go tlhama matshwao ano. Go ne go sena mokgwa ope o o tlhomameng wa thutapuo ya Sehebera o o neng o kile wa kwalwa. Ka jalo, motho o ka nna a swetsa ka gore Bamasora bano e ne e le bangwe ba batho ba ntlha go tlhama thutapuo ya Sehebera.

Aaron, Momasora wa bofelo wa lelapa loorra Ben Asher, e ne ya nna wa ntlha go kwala le go rulaganya tshedimosetso eno. O ne a dira jalo mo bukeng nngwe e a e kwadileng e e bidiwang “Sefer Dikdukei ha-Te‘amim,” e e leng buka ya ntlha ya melao ya thutapuo ya Sehebera. Buka eno e ne ya nna motheo oo batlhami ba thutapuo ya Sehebera ba neng ba o dirisa mo makgolong a a neng a latela a dingwaga. Mme seno e ne e le fela sengwe sa dilo tse di neng tsa dirwa mo tirong e e botlhokwa ya Bamasora. Seo e ne e le eng?

Motho O ne A Tshwanetse go Gakologelwa Dilo ka Tsela E e Sa Tlwaelegang

Selo se segolo se Bamasora ba neng ba tshwenyegile ka sone e ne e le gore lefoko lengwe le lengwe le e leng tlhaka nngwe le nngwe ya makwalo a Baebele e kwalwe jaaka e tshwanetse. Bamasora ba ne ba tlhomamisa gore dilo di kwadilwe sentle ka go kwala tshedimosetso e e neng e supa phetogo nngwe le nngwe e e neng e ka dirwa mo temaneng kafa thoko ga ditsebe e ka tswa e ne e sa dirwa ka maikaelelo kana e dirilwe ka boomo ke batho ba ba kwalolotseng tshedimosetso eo pele ga bone. Bamasora gape ba ne ba kwala mefuta e e sa tlwaelegang ya mafoko le mainatswako ba tshwaya gore a tlhagelela ga kae mo lokwalong longwe kgotsa mo Dikwalong tsotlhe tsa Sehebera mo dikakgelong tseno tse ba neng ba di kwala kafa thoko ga tsebe. Dikakgelo tseno di ne di kwalwa di khutshwafaditswe thata ka gore go ne go sena sebaka se se lekaneng sa go di kwala. Ba ne ba tshwaya lefoko le le fa gare le tlhaka e e fa gare ya dikwalo dingwe go ba thusa fa ba ntse ba sekaseka ba senka diphoso. Ba ne ba bala palo ya ditlhaka tsa Baebele gore ba tlhomamise gore di kwalolotswe tsotlhe.

Mo dintlheng tse di kwadilweng kwa godimo le kwa tlase mo matlhakoreng a tsebe, Bamasora ba ne ba kwala dikakgelo tse di telele tse di tlhalosang dintlha dingwe tse di neng di khutshwafaditswe.b Tseno di ne di thusa fa tiro ya bone e ne e sekasekiwa go senkiwa diphoso. E re ka ditemana tsa Baebele di ne di sa kwalwa dinomoro mme gape go ne go sena khonkotense ya Baebele, Bamasora ba ne ba kgona go tlhola dikarolo tse dingwe tsa Baebele tse di tshwanang le tse dingwe jang gore ba kgone go senka diphoso? Mo meleng e e kwa godimo le e e kwa tlase ga tsebe, ba ne ba kwala mafoko a a tshwanang le a temana e e foo gore e ba gakolole gore lefoko kgotsa mafoko a a supilweng ao a fitlhelwa kae gape mo Baebeleng. Ka gore go ne go sena sebaka se ba neng ba ka kwalela mo go sone, gantsi ba ne ba kwala lefoko le le lengwe fela le le ka ba thusang gore ba gakologelwe mafoko a temana nngwe a a tshwanang le a e nngwe. Batho ba ba neng ba kwalolola Baebele ya Sehebera bano ba ne ba tshwanetse gore ba e itse yotlhe ka tlhogo gore dintlha tse di kwadilweng kafa dithoko di tle di nne le mosola.

Manaane a a neng a le maleele gore a ka kwalwa kafa thoko a ne a tlosiwa a ya go kwalwa kwa mafelong a mangwe fela mo mokwalong. Ka sekai, ntlha ya Masora e e kwadilweng kafa thoko mo go Genesise 18:3 e supa ditlhaka tse tharo tsa Sehebera, קלד. Seno ka Sehebera se lekana le palo ya 134. Kwa karolong e nngwe ya mokwalo, go na le lenaane le le supang makgetlho a le 134 a bakwalolodi ba Baebele pele ga Bamasora ba ntshitseng leina la ga Jehofa ka one mo makwalong a Sehebera, mme ba le emisetsa ka lefoko “Morena.”c Lefa gone Bamasora ba ne ba itse ka diphetogo tseno, ba ne ba se ka ba fetola ditemana tse ba neng ba di tshotse. Go na le moo, ba ne ba supa diphetogo tseno mo dintlheng tsa bone tse ba neng ba di kwala kafa thoko. Mme gone ke ka ntlha yang fa Bamasora ba ile ba tlhokomela thata gore ba se ka ba fetola ditemana fa batho ba ba e kwalolotsweng pele ga bone ba ne ba e fetotse? A tumelo ya bone mo Sejuteng e ne e farologana le ya ba ba e kwalolotseng pele ga bone?

Ba ne ba Dumela Eng?

Mo nakong eno ya fa mekwalo ya Masora e ntse e kwalololwa, Tsamaiso ya tumelo ya Sejuta e ne e le mo ntweng ya go ganetsana ka megopolo. Taolo ya Tsamaiso ya tumelo ya Sejuta ya borabi e ne e ntse e oketsega thata go simologa ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. Fa borabi ba ne ba kwala Talmud le go e ranola, molao o o sa kwalwang gope wa borabi o ne o dirisiwa go na le gore go dirisiwe mokwalo wa Baebele. Ka jalo, boikaelelo jwa gore Baebele e sirelediwe gore e se ka ya fetolwa bo ne bo ka nna jwa se ka jwa lejwa bo le botlhokwa.

Mo lekgolong la borobedi la dingwaga, setlhopha se se neng se bidiwa Bakaraite se ne sa tsuologa se sa batle go dira dilo ka mokgwa ono. E le gore ba tle ba kgone go gatelela botlhokwa jwa thuto ya motho ka namana ya Baebele, ba ne gana taolo le dithanolo tsa borabi le tsa Talmud. Ba ne ba amogela mokwalo wa Baebele fela o le osi jaaka motswedi wa bone wa tshedimosetso. Seno se ne sa oketsa go bo go tlhokega gore mokwalo oo o kwalololwe fela jaaka o ntse, mme ka jalo go ne ga ithutiwa mekwalo ya Masora thata.

Tumelo ya borabi kgotsa ya Bakaraite e ne ya tlhotlheletsa tiro ya Bamasora ka selekanyo se se kana kang? M. H. Goshen-Gottstein, yo e leng moitse wa mekwalo ya Baebele ya Sehebera, o bolela jaana: “Bamasora ba ne ba dumela gore . . . ba ne ba tlotla ngwao ya segologolo, mme ba ne ba leba go e senya e le go tlola molao ka tsela e e maswe thata.”

Bamasora ba ne ba tsaya go kwalolola mokwalo wa Baebele e le tiro e e boitshepo. Lefa gone bone ka bobone ba ka tswa ba ne ba rotloeditswe ke mabaka mangwe a bodumedi, go lebega tiro ya mekwalo ya Masora ka boyone e ne e sa amiwe ke dikgang tsa go ganetsana ka megopolo. Dintlha tse dikhutshwane tse di neng di kwadilwe kafa thoko di ne di sa ba letle gore ba ka ganetsana ka thutobomodimo. Mokwalo wa Baebele ka boone e ne e le selo se ba neng ba tshwenyegile thata ka sone; ba ne ba ka se ka ba o fetola.

Go Solegelwa Molemo ke Tiro ya Bone

Lefa gone Baiseraele ba tlholego ba ne ba sa tlhole e le batho ba ba itshenketsweng ke Modimo, bakwalolodi bano ba Bajuta ba ne ba ineetse ka botlalo gore ba boloke Lefoko la Modimo le ntse fela jaaka le tshwanetse. (Mathaio 21:42-44; 23:37, 38) Dilo tse ba lelapa loorra Ben Asher le Bamasora ba bangwe ba kgonneng go di dira di sobokanngwa sentle ke Robert Gordis, yo o neng a kwala jaana: “Batho bao ba ba neng ba ikokobeditse e bile ba le pelokgale . . . ba ne ba dira tiro ya bone e e bokete ya go disa Ditemana tsa Baebele gore di se ka tsa latlhega kana tsa fetolwa ba sa itlotlomatse.” (The Biblical Text in the Making) Ka gone, fa Balweladiphetogo ba lekgolo la bo16 la dingwaga ba ba tshwanang le Luther le Tyndale ba ne ba nyatsa taolo ya kereke mme ba simolola go ranolela Baebele mo dipuong tse di tlwaelegileng gore batho botlhe ba kgone go e bala, ba ne ba na le mokwalo wa Sehebera o o neng o bolokilwe sentle o ba neng ba ka o dirisa jaaka motheo wa tiro ya bone.

Se Bamasora ba se dirileng se ntse se re solegela molemo gompieno. Mekwalo ya bone ya Sehebera e bopa Dikwalo tsa Sehebera tsa New World Translation of the Holy Scriptures. Thanolo eno e ntse e ranolelwa mo dipuong tse dintsi ka maikutlo a a tshwanang a go ineela le a go amega ka go e kwala jaaka e tshwanetse a a neng a supiwa ke Bamasora ba bogologolo. Re tshwanetse go supa moya o o tshwanang wa go reetsa Lefoko la ga Jehofa Modimo.—2 Petere 1:19.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Ka Sehebera lefoko “ben” le raya “morwa.” Ka jalo, Ben Asher o raya “morwa Asher.”

b Dintlha tsa Masora tse di kwadilweng kafa thoko di bidiwa Masora a Mabotlana. Dintlha tse di kwadilweng kwa godimo le kwa tlase di bidiwa Masora a Magolo. Manaane a a mo mafelong a mangwe a mokwalo a bidiwa Masora a Bofelo.

c Bona Appendix 1B mo go New World Translation of the Holy Scriptures With References.

Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 28]

Mokgwa wa Sehebera wa go Bitsa Mafoko

BAMASORA ba ne ba senka mokgwa o o e gaisang yotlhe wa go kwala matshwao a ditumanosi le go kwala matshwao a a supang kafa go tshwanetseng ga bidiwa mafoko ka teng ka makgolokgolo a dingwaga. Ka lebaka leo, ga go gakgamatse go bo go fitlhelwa gore kokomana nngwe le nngwe ya lelapa loorra Ben Asher e ne e dira kgatelopele ka tsela nngwe. Mekwalo e e leng teng e kwadilwe ka mekgwa ya Bamasora ba bofelo ba lelapa loorra Ben Asher e bong Moses le Aaron.d Go ithuta mekwalo eno ka go e bapisa le e mengwe go supa gore Aaron o ne a tlhoma melao ya kafa mafoko a ka bidiwang ka teng le kafa a ka kwalwang ka teng mme e ne e farologane le ya ga rraagwe, e bong Moses.

Ben Naphtali o ne a tshela mo metlheng ya ga Aaron Ben Asher. Codex ya Cairo ya ga Moses Ben Asher e na le dithanolo tse dintsi tse go bolelwang gore ke tsa ga Ben Naphtali. Ka tsela e e ntseng jalo, e ka tswa e le gore Ben Naphtali ka boene o ne a rutiwa ke Moses Ben Asher kgotsa ka bobedi jwa bone ba ne ba dirisa mekgwa e e neng e dirisiwa bogologolo. Bakanoki ba bantsi ba bolela gore mekgwa e e neng e dirisiwa ke Ben Asher e ne e sa tshwane le ya ga Ben Naphtali mme M. H. Goshen-Gottstein o kwala jaana: “Go lebega go le boammaaruri go bolela gore go ne go dirisiwa mekgwa e mebedi mo lelapeng la ga Ben Asher e bile go siame go bitsa mekgwa e e farologaneng eno: Ben Asher kgatlhanong le Ben Asher.” Ka tsela e e ntseng jalo, go phoso go bolela gore boorra Ben Asher ba ne ba dirisa mokgwa o le mongwe. Go bo go ne ga amogelwa mekgwa ya ga Aaron Ben Asher kwa bofelong e ne e se ka ntlha ya go batla go mo tlotlomatsa. Ditemana tsa ga Aaron Ben Asher di ne tsa tlhophiwa gonne mokanoki wa lekgolo la bo12 la dingwaga, Talmud Moses Maimonides a ne a tseela mekgwa e a neng a e dirisa kwa godimo.

[Setshwantsho—Ditlhaka tsa Sehebera]

Karolo ya Ekesodo 6:2 e e nang le kafa ditumanosi di bidiwang ka gone le matshwao a modumo le e e senang one

[Ntlha e e kwa tlase]

d Codex ya Cairo (895 C.E.), e e tshotseng fela baperofeti ba pele le ba morago, e re naya sekai sengwe sa mekgwa e e neng e dirisiwa ke Moses. Codex ya Aleppo (c.930 C.E.) le ya Leningrad (1008 C.E.) di tsewa jaaka dikai tsa mokgwa o o neng o dirisiwa ke Aaron Ben Asher.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Tiberia, lefelo le mekwalo ya Masora e neng ya kwalelwa kwa go lone go simologa ka lekgolo la borobedi go fitlha ka la bolesome la dingwaga

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela