Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
Bakeresete ba tshwanetse go tshwenyega go le kana kang gore dikarolwana tsa madi, jaaka plasma e e omisitsweng di ka tswa di tsentswe mo dijong?
Bakeresete ba tshwanetse go nna kelotlhoko tota fa go na le lebaka le le utlwalang la go dumela gore madi a diphologolo (kana dikarolwana tsa one) eleruri a tsenngwa mo dijong mo lefelong la bone. Lefa go ntse jalo, go tla go bo se botlhale gore motho a tshwenyege ka go belaela fela kana a tshela a belaela a sena lebaka le le tlhomameng.
Kwa tshimologong fela ya hisitori ya motho, Mmopi wa rona o ne a laola gore batho ba se ka ba ja madi. (Genesise 9:3, 4) O ne a bolela gore madi a emela botshelo, joo eleng neo e e tswang mo go ene. Madi a a ntshitsweng mo sebopiweng sengwe a ne a ka dirisediwa fela setlhabelo, jaaka mo sebesong. Go sa nneng jalo, madi a a tswang mo sebopiweng sengwe a ne a tshwanetse go tshelwa mo mmung, ka tlhaloganyo ya gore a newa Modimo gape. Batho ba gagwe ba ne ba tshwanetse go tila go itshedisa ka go ja madi. O ne a ntsha taolo eno: “Lo se ka loa ya madi a nama epè: gonne botshelō yoa nama eotlhe ke madi a eōna: leha e le mañ eo o a yañ o tla kgaolwa.” (Lefitiko 17:11-14) Molao wa Modimo o o thibelang gore go se ka ga jewa madi o ne wa beelwa le Bakeresete. (Ditihō 15:28, 29) Ka jalo Bakeresete ba pele ba ne ba tlhoka go tila go ja dijo tse di nang le madi, jaaka nama ya phologolo e e betilweng, kana boroso e e tsentsweng madi.
Lefa go ntse jalo, fa go tla mo go diriseng seo, Bakeresete bao ba ne ba tla dira jang ka go bo ba ne ba iketleeditse go ‘ithiba mo mading’? (Ditihō 21:25) A ba ne ba tla dirisa mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo a a reng: “Cotlhe tse di rekisiwañ kwa botlhabeloñ lo di yè hèla, lo sa botse sepè ka ntlha ea segakolodi” ba sa akanyetse?
Nnyaa. Mafoko ao a a mo go 1 Bakorintha 10:25 a bolela ka nama e e neng e ka tswa e ne e le ya phologolo e e neng e isitswe setlhabelo kwa tempeleng ya modimo wa disetwa. Ka nako eo, nama e e neng e sala kwa ditempeleng e ne e rekisediwa barekisi, bao ba neng ba ka e tsenya mo nameng e ba neng ba e rekisa mo mabenkeleng a bone. Paulo o ne a bolela gore nama e e tswang kwa tempeleng e ne e siame ebile e ne e sa leswefala. Go bonala gore ka tlwaelo madi a diphologolo tse di neng di isiwa ditlhabelo koo a ne a ntshiwa mme a dirisiwa mo dibesong tsa baheitane. Ka jalo fa nngwe ya nama e e setseng e ne e rekisiwa kwa marekelong, ebile go se sepe se se supang gore e tswa kwa tempeleng kana go sa supe gore e amana le dilo tse di phoso tse di neng di dumelwa ke baheitane, Bakeresete ba ne ba ka nna ba e reka fela jaaka nama e e rekisiwang e e phepa eo e neng e ntshitswe madi ka tshwanelo.
Lefa go ntse jalo, go ka bo go ile ga farologana fa e le gore Bakeresete bao ba ne ba itse gore nama ya diphologolo tse di betilweng (kana diboroso tsa madi) e ne e le yone e e kwa mabenkeleng a mo lefelong leo. Ba ne ba tla tshwanela go nna kelotlhoko thata fa ba tlhopha nama e ba e rekang. Ba ne ba ka kgona go lemoga dinama tse di nang le madi fa e le gore di ne di na le mmala mongwe o o rileng (fela jaaka gompieno boroso ya madi gantsi e kgona go bonwa jalo mo dinageng tse e tletsetletseng mo go tsone). Kana Bakeresete ba ka nna ba botsa motlhabi kana morekisi wa nama yo o itsegeng a siame. Fa e le gore ba ne ba sena lebaka la go dumela gore nama e e rileng e ne e na le madi, ba ka nna ba e reka mme ba e ja.
Paulo o ne a kwala gape jaana: “A boiphapaanyō yoa lona bo itsiwè mo bathuñ botlhe.” (Bafilipi 4:5) Seno se ka dira le mo kgannyeng ya go reka nama. Molao wa Iseraele le taolo e e neng ya newa Bakeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga ke setlhopha se se laolang ga di ise di ko di supe gore batho ba Modimo ba ne ba tshwanetse go tsaya matsapa ba botsa ka nama, gongwe ebile ba fetoga ba ba jang merogo fela fa ba ne ba belaela gore nama e ka tswa e na le madi.
Motsomi wa Moiseraele yoo a neng a bolaya phologolo o ne a tla e ntsha madi. (Bapisa Duteronome 12:15, 16.) Fa e le gore lelapa la gagwe le ne le ka se ka la ja nama yotlhe, o ne a ka nna a rekisa e nngwe. Le mo setotong seo se ntshitsweng madi go na le madinyana a a neng a tla salela mo nameng, mme lefa go ntse jalo ga go na sepe mo Bibeleng seo se akantshang gore Bajuda ba ne ba tshwanetse go tsaya matsapa a magolo ba botsa dilo tse di tshwanang le gore e ne ya bolawa ya bo ya ntshiwa madi ka lobaka lo lo kana kang, gore go ne ga segiwa tshika efe gore madi a tswe, le gore phologolo eo e ne ya kgwagediwa jang le gore ka lobaka lo lo kana kang. Mo godimo ga moo, setlhopha se se laolang ga se a ka sa kwala gore Bakeresete ba ne ba tshwanetse go nna kelotlhoko thata mo ntlheng eo, jaaka ekete ba ne ba batla dikarabo tsa sengwe le sengwe pele ba ka ja nama epe.
Mo dinageng tse dintsi gompieno, molao, ngwao, kana kafa go dirwang ka teng mo bodumeding di laola gore dikarolo tsa nama (kwantle ga tse di sa tlwaelegang, jaaka diboroso tsa madi) e bo e le tsa diphologolo tse di ntshitsweng madi fa di bolawa. Ka gone, Bakeresete ba ba nang mo mafelong ao ga ba a tshwanela go tshwenyega thata ka mekgwa e e dirisiwang fa di bolawa kana fa di segiwa. Ka tsela nngwe gape, ba ka ‘tswelela ba ja nama ya kwa marekelong, ba sa botse sepe,’ gape ba ka nna le segakolodi se se siameng sa gore ba ithiba mo mading.
Lefa go ntse jalo ka dinako dingwe go ile ga nna le dipego tsa semolao tse di neng tsa tshwenya Bakeresete bangwe tsa gore madi a a dirisiwa. Bangwe ba batho ba ba mo kgwebong ya nama ba bolela gore madi a mantsi a diphologolo tse di tlhabilweng a ka dirisiwa ka tsela e e mosola ebile go ka dirwa merokotso, jaaka fa a dirisiwa go dira menontsha kana dijo tsa diphologolo. Babatlisisi ba ile ba sekaseka gore a madi a a ntseng jalo (kana dilo tse di dirilweng ka one) a ka nna a dirisiwa mo dinameng tse di sitsweng. Mafelo a mantsi a kgwebo a ile a ntsha selekanyo se sennye sa plasma (kana disele tse dikhibidu tse di tlositsweng mmala) e le seedi, e gatseditswe, kana e dirilwe boupe me e ka nna ya tsenngwa mo boemong jwa selekanyo se sennye sa nama mo dilong tse di tshwanang le diboroso kana pâté. Bangwe ba ne ba batlisisa gore a go ka tsenngwa dilo tse di ntshitsweng mo mading tse di dirilweng boupe mo nameng e e sitsweng, mo dilong dingwe tsa go dira dikuku, kana mo dijong le mo dinong tse dingwe go di tsenya diporoteine kana aene.
Lefa go ntse jalo, go tshwanetse ga tlhokomelwa gore go ile ga nna ga batlisisiwa ka tsela e e ntseng jalo ka masomesome a dingwaga. Lefa go ntse jalo, go lebega gore dilo tse di ntseng jalo di dirisiwa ka selekanyo se sennye kana ebile mo dinageng tse dintsi ga di dirisiwe gotlhelele. Dipego dingwe tse di tshwanang di supa lebaka la seo jaana:
“Madi a na le dikotla le diporoteine tse di mosola. Lefa go ntse jalo, batho ba ja madi a nama ya kgomo ka selekanyo se sennye ka ntlha ya mmala wa one o o tseneletseng le tatso ya one e e sa tshwaneng le epe.”—Journal of Food Science, Volume 55, Number 2, 1990.
“Tsela e diporoteine tsa plasma ya madi di ntseng ka yone e mosola gonne di gakologa ka bonako, di nna seedi ka bonako ebile ga di tlhakane le metsi . . . mme di thusa thata fa di tsenngwa mo dijong. Lefa go ntse jalo ga go na tsela epe e e mosola e e leng teng ya go phepafatsa plasma eno kwa Japane segolobogolo fa e sena go omisiwa.”—Journal of Food Science, Volume 56, Number 1, 1991.
Bakeresete ba bangwe ka dinako dingwe ba leba dipampitshana tsa dijo tse di phuthetsweng ereka dipuso tse dintsi di batla gore dilo tse di tsentsweng mo dijong di kwalwe. Ebile ba ka nna ba tlhopha go dira jalo ka metlha ka sejo sepe fela fa ba na le lebaka la gore se ka tswa se na le madi. Gone mme go tla bo go tshwanetse go tila dijo tse di kwadilweng gore di na le mdi, plasma ya madi, plasma, diporoteine tsa globin (kana, globulin), kana aene ya hemoglobin (kana, globin). Tshedimosetso nngwe ya kgwebo ya khampani nngwe ya kwa Yuropa e ne ya bolela jaana e dumalana: “Tshedimosetso ya gore globin e dirisitswe e tshwanetse ya kwalwa mo pampitshaneng ya sejo ka tsela e e leng gore motho yo o rekang o itse sentle gore dijo tseo di tsentswe eng kana a itse boleng jwa dijo tseno.”
Lefa go ntse jalo, go sekaseka dipampitshana tse di kwadilweng kafa ntle kana go botsa barekisi ba nama go tshwanetse ga dirwa ka tsela e e tshwanetseng. Ga go reye gore jaanong Mokeresete yo mongwe le yo mongwe mo lefatsheng o tshwanetse go bala dipampitshana tse di kwadilweng tsa kafa ntle le dilo tsotlhe tse di tsentsweng mo dijong tse di phuthetsweng kana gone go botsolotsa badiri ba kwa reseturenteng kana kwa mabenkeleng a dijo. Mokeresete o tshwanetse go ipotsa pele gore, ‘A go na le bosupi jo bo tlhomamisitsweng jwa gore madi le dilo dingwe tse di ntshitsweng mo go one di tsentswe mo dijong mo lefelong leo kana mo nageng eo?’ Mo mafelong a mantsi karabo ke nnyaa. Ke gone ka moo Bakeresete ba bantsi ba ileng ba swetsa ka gore bone ga ba kitla ba senya nako e ntsi le matsapa ba batlisisa selo se se ka nnang sa se ka sa nna jalo. Motho yo o sa ikutlweng ka tsela eno o tshwanetse a dira go ya ka segakolodi sa gagwe, a sa atlhole ba bangwe ba ba ka tswang ba sweditse gore ba tla dira seno ka tsela e e farologaneng mme lefa go ntse jalo ba na le segakolodi se se siameng fa pele ga Modimo.—Baroma 14:2-4, 12.
Le eleng lefa gone go kgonega gore go ka dirwa dijo tse di nang le madi, e ka tswa e le gore ga di dirwe di le dintsi ka ntlha ya ditshenyegelo, di thibelwa ke molao, kana ka mabaka a mangwe. Ka sekai, Food Processing (September 1991) e ne ya akgela jaana: “Batho ba ba dirang ka nama bao ba nang le mathata ape a go nna le plasma e e kafa tlase ga 1% (mo nameng e e sitsweng) e e metsi ya kgomo mo motswakong wa bone, fa e tswakanngwa ka tsela nngwe seo se ka nna sa emisediwa ka go tsenya diporoteine tsa whey mme go ka bolelwa gore ke Kosher.”
Go tshwanetse ga gatelelwa gore go ya ka molao, ngwao, kana go ya kafa ratwang go selo se nna ka teng mo dinageng tse dintsi ke gore madi a ntshiwe fa phologolo e bolawa le gore madi ao a se ka a tsenngwa mo dijong. Fa go sena sepe se se boammaaruri se se dirang gore motho a akanye gore dilo di dirwa ka tsela e e farologaneng mo lefelong la ga bone kana gore go ile ga fetolwa dilo thata bosheng, Mokeresete o tshwanetse go itisa gore a se ka a tshwenngwa ke selo se a tshogang gore se ka nna sa diragala kana ke magatwe. Lefa go ntse jalo, fa go tlhomamisiwa gore madi a dirisiwa thata kana fa e le gore a ka nna a boa a dirisiwa thata—e ka tswa e le mo dijong kana mo melemong ya kalafi—re tshwanetse go iketleetsa gore re tla reetsa taolo ya Modimo ya gore re ithibe mo mading.