O Leba Boleo Jang?
“KE KA ntlha yang e re a rapela a bo a ntse a kopa gore re itshwarelwe maleo a rona?” go ne ga ngongorega jalo mmalapa mongwe yo o neng a ithuta Bibela le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. “Go lebega ekete ke ne ke le modiraphoso.” Fela jaaka mosadi yono, batho ba le bantsi gompieno ba itlhokomolosa maleo a bone mme ba rarabologelwe fela fa ba setse ba dirile molato mongwe.
Seno se ntse jalo segolobogolo kwa Botlhaba, koo ka tlwaelo fela batho ba senang kgopolo ya gore ba na le boleo jo ba bo ruileng jaaka go rutiwa mo ditumelong tsa Sejuda le tsa Bokeresete. (Genesise 3:1-5, 16-19; Baroma 5:12) Ka sekai, Bashinto ba tshwantsha boleo le leswe leo o ka kgonang go le tlosa motlhofo fela ka go le foka ka thobane ya moruti, eo kwa bofelong jwa yone e gokeletsweng pampiri kana leloba. Mokgwa ono ga o tlhoke gore motho a ikotlhaele seo a ileng a se dira se se phoso. Ka ntlha yang? “Ga se ditiro tse di bosula di le tsosi fela tse di neng tsa bidiwa tsumi [sebe], mme gape le masetlapelo a tlholego a go seng motho ope a ka a laolang,” go tlhalosa jalo Kodansha Encyclopedia of Japan. Matlhotlhapelo a tlholego, e leng tsumi ao a sa bakiweng ke batho, a ne a tsewa e le maleo a a ka tlosiwang ka ditlwaelo tsa go ntlafatsa.
Seno se ne sa gogela mo kakanyong ya gore boleo bongwe le bongwe, le e leng ditiro tse di bosula tse di dirilweng ka boomo (kwantle ga ditiro tsa badiramolato ba ba otlhaiwang ke molao) di ka tlosiwa ka ditlwaelo tsa go ntlafatsa. Tlase ga setlhogo se se neng se re “Tlwaelo ya go Ntlafadiwa mo Dipolotiking mo Japane,” The New York Times e ne ya bua ka pono e e ntseng jalo mme e ne ya tlhalosa gore boradipolotiki ba kwa Japane bao ba ileng ba dira melato ya matlhabisaditlhong ba ne ba tsaya gore ba “ntlafaditswe” fa batlhophi ba ne ba ba tlhopha gape. Ka gone, ga ba a lolamisiwa ka tsela ya mmatota, mme ba ka nna ba dira melato e e tshwanang gape ya matlhabisaditlhong.
Babuda bao ba dumelang go samsara, kana mo go tsalweng gape, le mo thutong ya motheo ya ga Karma ba na le dipono tse di farologaneng. “Go ya ka thuto ya motheo ya karman, boitshwaro jo bo siameng bo tlisa phelelo e e monate le e e itumedisang mme bo dira gore batho ba eletse go dira ditiro tse di tshwanang le tseo tse di molemo, fa boitshwaro jo bo sa siamang jone bo tlisa phelelo e e bosula ebile bo dira gore ba nne le tshekamelo ya go boaboela ditiro tse di bosula,” go tlhalosa jalo The New Encyclopædia Britannica. Ka mafoko a mangwe, go dira boleo go tlisa maungo a a bosula. Thuto eno ya ga Karma e nyalanngwa le thuto ya go tsalwa gape, ka gonne go bolelwa gore Ba-Karma bangwe ba bontsha maungo a bone mo isagweng ka dingwaga tse dintsi morago ga botshelo jo ba neng ba bo tshela fa ba ne ba dira boleo joo.
Thuto eno e ama jang batho ba ba e dumelang? Mosadi mongwe wa Mobuda yo o neng a dumela mo go Karma ka pelo yotlhe o ne a bolela jaana: “Ke ile ka akanya gore go ne go sa utlwale le eseng go boga ka ntlha ya sengwe se o tsetsweng ka sone mme lefa go ntse jalo o ne o sa itse sepe kaga sone. Ke ne ka tshwanelwa ke go go tsaya jaaka tlholelo ya me fela. Go boaboeletsa dipolelo tsa Sebuda le go leka ka natla go tshela botshelo jo bo siameng go ne ga se ka ga rarabolola mathata a me. Ke ne ka simolola go nna mmantwadumela ebile ke sa kgotsofale, ke ngongoregetse ruri fela.” Thuto eno ya Sebuda e e bolelang ka diphelelo tsa boitshwaro jo bo bosula e ile ya mo dira gore a ikutlwe e se motho wa sepe.
Bo-Confucius, bodumedi jo bongwe jwa kwa Botlhaba, bo ne jwa ruta ka tsela e e farologaneng malebana le go dirisana le bosula jwa motho. Hsün-tzu, mongwe wa batlhalefi ba bagolo ba bararo ba Confucius, o tlhalosa gore, motho o bosula ka tlholego fela ebile o pelotshetlha. E le gore batho ba nne ka thetebalo le mororo ba le gareng ga batho ba ba ratang go dira boleo, o ne a gatelela botlhokwa jwa li, e e kayang tshiamo, maitseo, le thulaganyo ya dilo. Meng-tzu, motlhalefi yo mongwe wa Confucius, le mororo a ne a tlhalosa kgopolo nngwe e e fapaaneng ya tlholego ya motho, o ne a dumela gore batho ba na le mathata mo botshelong, mme, ka go dumela gore motho ka tlholego fela o molemo, o ne a dumela gore motho ka boene o ka itokafatsa e le gore a bone tharabololo. Ka tsela e e tshwanang, batlhalefi ba Confucius ba ne ba ruta gore thuto le ikatiso di botlhokwa gore re kgone go lwantsha boleo mo lefatsheng. Le mororo dithuto tsa bone di dumalana ka gore li e botlhokwa, kgopolo ya bone kaga boleo le bosula ga e utlwale sentlentle.—Bapisa Pesalema 14:3; 51:5.
Kgopolo Kaga Boleo E Ntse E Nyelela kwa Bophirima
Kwa Bophirima, ka tlwaelo fela dikgopolo tse di malebana le boleo di ne di ntse di tlhamaletse, mme batho ba le bantsi ba ile ba dumela gore boleo bo gone le gore bo tshwanetse go tilwa. Lefa go ntse jalo, boikutlo jwa batho ba kwa Bophirima tebang le boleo bo ntse bo a fetoga. Batho ba le bantsi ga ba dumele seo se kaiwang ke boleo, mme ba re fa motho a tshwenngwa ke segakolodi e a bo e le go “ipona molato fela,” gore ke sengwe se se tshwanetseng go tilwa. Mo e ka nnang dingwaga tse di fetang 40 tse di fetileng, Pope Pius XII o ne a bua jaana ka khutsafalo: “Boleo jwa batho ba lekgolo leno la dingwaga ke go latlhegelwa ga bone ke se se kaiwang ke boleo ka bojone.” Go ya ka patlisiso nngwe e e neng e gatisitswe mo pampiring ya dikgang ya Katoliki e leng Le Pèlerin, e bolela gore, palo e e gakgamatsang ya 90 lekgolong ya batho ba Fora, koo ba le bantsi ba ipolelang gore ke Maroma Katoliki, batho ga ba sa tlhole ba dumela gore boleo bo gone.
Eleruri, go lebega batho ba le bantsi ba kwa Botlhaba le kwa Bophirima jaanong go sena letsapa lepe le le ba fisang pelo la go tshwenngwa ke se se kaiwang ke boleo ka bojone. Lefa go ntse jalo, a seno se raya gore ga go na boleo? A re ka kgona go bo itlhokomolosa motlhofo fela? A boleo bo tla tsamaya bo nyelela?