Lefatshe Le Le Senang Boleo—Le Tla Nna Teng Jang?
MO MOTSANENG mongwe o o didimetseng o o mo Tokyo, go ne ga utlwala selelo sa motho a batla thuso se se neng sa senya thetebalo e e neng e le gone ka makuku a mo mosong mongwe wa mariga. Batho ba le mmalwa ba ne ba utlwa mosadi mongwe yo o tsamaisang dipampiri tsa dikgang a goa ka tsela ya go itlhoboga ka lobaka lwa metsotso e le metlhano go ya go e le lesome fa motho mongwe a mo lelekile a ntse a mo tsatsanka ka thipa. Go ne go se na motho ope yo o neng a ipha matsapa a go ya go bona gore go diragala eng. O ne a tlhokafala ka a ne a dutla madi a mantsi thata. “Fa mongwe wa batho bano a ne a ile a begela mapodisi ka tiragalo eno ka bofefo fela fa a ne a utlwa a goa,” go ne ga bolela jalo motlhotlhomisi mongwe, “o ka bo a ile a tshela.”
Le mororo bao ba neng ba utlwa mosadi yono yo o swang ba ne ba se ka ba dira sepe fa e se go mo tlhokomologa fela, a ruri ba ne ba ka ipolela gore ba ne ba sena molato? “Segakolodi sa me se ne sa ntshwenya letsatsi lotlhe la Labotlhano morago ga fa ke sena go utlwa ka polao eno,” go ne ga bolela jalo monna mongwe yo o neng a utlwa selelo sa gagwe. Seno se re dira gore re ipotse gore, Eletota boleo ke eng?
Boleo ke Eng?
Hideo Odagiri, motshwayadiphoso wa dikwalo ebile yo pele e neng e le moporofesa kwa Yunibesithing ya Hosei kwa Tokyo, kwa Japane, fa a ne a bontsha mabapi le gore motho a ikutlwe a na le boleo, o ne a bolela jaana, jaaka go tsopotswe mo pampiring ya dikgang ya Asahi Shimbun: “Ke ka se ka ka tlodisa matlho dilo tse ke di gakologelwang sentle tse ke neng ke ikutlwa ke na le maleo mo go tsone, tse di jaaka go tlhoka maitseo mo go fitlhelwang mo ngwaneng, lefufa le le tlhabisang ditlhong, go direla motho yo mongwe boferefere. Go ikutlwa gono go ne ga nwelelela mo mogopolong wa me fa ke ne ke le kwa sekolong se sebotlana ebile go sa ntse go ntshwenya.” A o kile wa tsamaya wa ikutlwa ka tsela e e ntseng jalo le wena? A o na le lentswe le le mo go wena le le go kgalemelang fa o dira sengwe seo o itseng gore se phoso? Gongwe ga o ise o ko o dire molato ope, mme lefa go ntse jalo o na le boikutlo jo bo sa go jeseng monate jo bo ganelelang mo mogopolong wa gago ebile bo go imela. Seno ke segakolodi sa gago fa se bereka, mme Bibela e bolela kaga sone ka tsela e e latelang: “E re ha Badichaba ba ba senañ molaō ba diha dilō tsa molaō ka tèmalō ea tlhōlègō, bōnè bauō, ereka ba sena molaō, go bo go le molaō bōnè ka bosi; Ka ba shupa tihō ea molaō o o kwadilweñ mo dipeduñ tsa bōnè; segakolodi sa bōnè le shōna se shupa naō, le megopolō ea bōnè mo teñ ga bōnè e ba nee molato, kgotsa e ba golole.” (Baroma 2:14, 15) Ee, ka tlholego fela batho ba le bantsi ba ikutlwa ba tshwenngwa ke ditiro tse di jaaka boaka, go utswa, le go bua maaka. Segakolodi sa bone se ba bontsha gore ba dirile boleo.
Lefa go ntse jalo, fa lentswe leno la segakolodi o le itlhokomolosa nako le nako, ga le sa tlhole le go sireletsa. Le ka nna la se ka la kgona go go tsibosa ebile le ka leswefala. (Tito 1:15) Ga le sa tlhole le tsibogela se se bosula. Ebile tota, digakolodi tsa batho ba le bantsi gompieno di sule fa re bona kafa ba dirang boleo ka teng.
A segakolodi ke sone fela se se re thusang go ikutlwa gore re na le boleo, kana a go na le sengwe se se ka re nayang tekanyetso e e feletseng malebana le gore boleo bo akaretsa eng mme ga bo akaretse eng? Mo e ka nnang dingwaga tse di fetang 3 000 tse di fetileng, Modimo o ne a neela batho ba gagwe ba a ba itlhophetseng molao, mme ka one Molao ono, boleo bo ne jwa “lemogiwa fa e le boleo.” (Baroma 7:13, New International Version) Le e leng boitshwaro jo pele bo kileng jwa ne bo amogelesega jaanong bo ne jwa senolwa gore tota e ne e le eng—boleo. Batho ba ba itlhophetsweng ke Modimo ebong Baiseraele, ba ne ba senolwa gore ke baleofi mme ka jalo ba ne ba tshwailwe jaaka ba ba molato.
Maleo ano ke afe ao segakolodi sa rona se a re lemotshang le ao Molao wa ga Moshe o neng wa a tlhomolola le go a tlhomaganya? Go ya kafa Bibela e dirisang lefoko leno ka teng, boleo bo raya go sa fitlhelele tekanyetso ya Mmopi. Sengwe le sengwe se sa dumalaneng le botho jwa gagwe ka namana, ditekanyetso, ditsela, le thato ya gagwe ke boleo. O ka se letlelele sebopiwa sepe go tshela seo se sa fitlheleleng tekanyetso eo a e tlhomileng. Ka jalo rramelao mongwe wa mo lekgolong la ntlha la dingwaga o ne a tlhagisa Bakeresete ba Bahebera jaana: “Lo itisè, ba ga echo, e se re kgotsa go bo go ka na le mo go moñwe oa lona pelo e e boshula, e e sa dumeleñ, ea go kgaogana le Modimo o o tshedileñ.” (Bahebera 3:12) Ee, go tlhoka tumelo go Mmopi go dira gore motho a dire boleo jo bogolo. Ka gone, selekanyo sa boleo jaaka go tlhalositswe mo Bibeleng, se segolo thata go gaisa seo se neng se tlwaetswe gore ke boleo. Bibela e tswelela pele e bolela jaana: “Botlhe ba leohile, ba tlhaetse kgalaleco ea Modimo.”—Baroma 3:23.
Go Simologa ga Boleo
A seo se raya gore motho o bopilwe a ntse a leofile? Nnyaa, Jehofa Modimo, Motlhodi wa batho, o dirile motho wa ntlha e le sebopiwa se se itekanetseng. (Genesise 1:26, 27; Duteronome 32:4) Lefa go ntse jalo, banyalani ba ntlha ba ne ba se ka ba fitlhelela tekanyetso eno fa ba ne ba tlola thibelo e e neng e le yone fela e Modimo a e tlhomileng, fa ba ne ba ja “setlhare sa kicō ea molemō le boshula” se go tulweng ba se ka ba se ja. (Genesise 2:17) Le mororo ba ne ba bopilwe ba itekanetse, jaanong ba ne ba sa fitlhelela tekanyetso eno ya go nna kutlo go Rraabone ka mo go feletseng, ya nna baleofi, mme ka jalo ba ne ba atlholelwa loso.
Hisitori eno ya bogologolo e amana jang le boleo gompieno? Bibela e tlhalosa jaana: “Boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla, le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile.” (Baroma 5:12) Kwantle ga go tlhaola ope mongwe le mongwe wa rona o leofile ka ntlha ya boleo jo re bo ruileng; ka jalo, rotlhe re a swa.—Moreri 7:20.
Maiteko a Batho a go Tlosa Boleo
Adame o ne a fitisetsa boleo mo baneng ba gagwe, mme gape bo ne jwa fetela go mpho e Modimo o e re neileng ya segakolodi. Boleo bo ka re dira gore re ikutlwe re sa je monate. Jaaka go ne ga umakiwa pelenyana, batho ba ile ba loga maano a a farologaneng gore ba kokobetse maikutlo a a ntseng jalo. Lefa go ntse jalo, a eleruri a ile a atlega?
Kwa Bophirima le kwa Botlhaba, batho ba ile ba leka go dirisana le phelelo ya boleo ka go fetola ditekanyetso tsa bone kana ka go sa dumele gore boleo bo gone. (1 Timotheo 4:1, 2) Boemo jwa batho jwa go dira boleo bo ka tshwantshanngwa le molwetsi yo o nang le letshoroma. Boleo bo ka bapisiwa le mogare o o bakang ditshupo tsa bolwetsi joo, fa segakolodi se se tshwenyegang sone se bapisiwa le letshoroma le le sa jeseng monate. Go thuba themometa ga go ne go fetola lebaka la gore molwetsi o na le letshoroma le legolo. Fa motho a sa dirise ditekanyetso tsa boitsholo, jaaka batho ba le bantsi ba ile ba dira mo go Labokeresete, ebile a itlhokomolosa se a se bolelelwang ke segakolodi sa gagwe ga go thuse sepe fa a tlodisa boleo joo matlho.
Motho o ka nna a dirisa kgetsana e e nang le dikgapetla gore a ikalafe letshoroma. Seo se tshwana le fa o ka leka go fodisa manokonoko a segakolodi ka go tsena fela mo maibing a mekgwa ya go ntlafatsa ya Seshinto. Kgetsana e e nang le dikgapetla e ka nna ya tsidifatsa motho yo o nang le letshoroma ka nakwana fela, mme lefa go ntse jalo ga e tlose seo se bakang letshoroma leo. Baruti le baporofeti ba motlha wa ga Jeremia ba ne ba leka go alafa Baiseraele ba nako eo ka mokgwa o o tshwanang. Ba ne ba fodisa dintho tsa batho bano tsa semoya le tsa boitsholo go le “gonnye hèla,” ba re, “Tsotlhe di apere tshiamo, tsotlhe di apere tshiamo.” (Yeremia 6:14; 8:11, An American Translation) Go tsenwa ke maibi fela a bodumedi le go boaboeletsa sengwe se se jaaka, “tsotlhe di apere tshiamo” go ne ga se ka ga alafa go sa itshware sentle ga batho ba Modimo, mme le ditsela tsa go ntlafatsa ga di fetole mekgwa ya batho gompieno.
Fa motho yo o tshwerweng ke letshoroma a nwa melemo e e le fodisang e ka nna ya dira gore le fokotsege, mme lefa go ntse jalo mogare one o ntse o le mo mmeleng. Seno se ntse jalo le ka tsela ya go dirisana le bosula ka thuto ya Bo-Confucius. Ka kakaretso fela e ka thusa batho go tlogela go dira bosula, mme lefa go ntse jalo li yone e thibela motho gore a se ka a dira boleo mme ga e tlose tshekamelo e motho a tsetsweng ka yone ya go dira boleo, e leng selo sa konokono se se bakang bosula.—Genesise 8:21.
Go tweng ka thuto ya Sebuda ya go tsena mo teng ga Nirvana e e dirang gore motho a itlose ditshekamelo tsa go dira boleo? Boemo jwa Nirvana, jo go tweng bo kaya “go tingwa,” ke joo go tweng bo ka se tlhalosiwe, e leng go tima kgatlhego le keletso yotlhe ya motho. Ba bangwe ba bolela gore ke go fedisiwa ga botshelo jwa motho. A seo ga se tshwane le jaaka o ka bolelela motho yo o lwalang letshoroma gore a swe e le gore a tle a bone boikhutso? Se sengwe gape, go akanngwa gore go fitlhelela boemo joo jwa Nirvana go boima, ebile ga go kgonege. A thuto eno e utlwala e ka thusa motho yo o tshwenngwang ke segakolodi?
Go Gololwa mo Boleong
Go phepafetse sentle he gore matlhajana a batho mabapi le botshelo le go sekamela mo go direng boleo fa e le sengwe, a ka felela fela mo go kokobetseng segakolodi sa motho fela. Ga a tlose boleo. (1 Timotheo 6:20) A go na le tsela epe ya go ka dira seno? Mo Bibeleng mo bukeng ya bogologolo e e neng ya kwalwa kwa Botlhaba Jo Bo Gaufi, re fitlhela sekopololo sa go gololwa mo boleong. “Leha dibe tsa lona di hubitse bohibidu yo bo letlōlōlō, di tla nna dichweu yaka kapōkō . . . Ha lo etleetsegile lo le kutlō, lo tla ya molemō oa lehatshe.” (Isaia 1:18, 19) Fano Jehofa o ne a bua le Baiseraele, bao ba neng ba se ka ba fitlhelela tekanyetso ya go boloka bothokgami go ene, le mororo e ne e le batho ba gagwe ba a ba itlhophetseng. Lefa go ntse jalo, molaomotheo o o tshwanang o dira go batho ka kakaretso. Go bontsha keletso ya go reetsa mafoko a Mmopi ke sone sekopololo fela sa gore motho a phepafadiwe mo maleong, a tlhapisiwe, jaaka go ka tualo.
Lefoko la Modimo le re bolelela eng malebana le go tlhapisiwa ga maleo a batho? Fela jaaka batho ba ile ba nna baleofi ka ntlha ya boleo jwa motho a le mongwe fela, Bibela e bolela gore batho ba ba kutlo ba tla gololwa mo tshotlegong ya bone, ka motho yo mongwe yo o itekanetseng yo o kutlo go Modimo. (Baroma 5:18, 19) Jang? “Modimo ōna, o re tlhōmamiseditse loratō loa ōna, ka e rile re sa nntse re le baleohi, Keresete a re shwèla.” (Baroma 5:8) Jesu Keresete, yo o neng a tsalwa e le monna yo o itekanetseng ebile a se na boleo, yo o neng a lekana le Adame wa morago pele a leofa, o ne a kgona go sikara maleo a batho. (Isaia 53:12; Yohane 1:14; 1 Petere 2:24) Jesu o ne a golola batho mo bokgobeng jwa boleo le loso, ka go bolaelwa mo koteng ya tlhokofatso jaaka modiramolato. “Gonne e rile re sa nntse re le bokōa, Keresete a shwèla baikepi mo lobakeñ lo e leñ lōna . . . Yaka boleo bo busitse mo loshuñ, le eōna tshegōhaco e tlè e busè ka tshiamō go isa botsheloñ yo bo sa khutleñ, ka Yesu Keresete Morèna oa rona,” Paulo o ne a tlhalosetsa jalo Bakeresete ba kwa Roma.—Baroma 5:6, 21.
Go swa ga ga Keresete a swela batho botlhe le go lekalekanya sekale se se digilweng ke Adame go bidiwa thulaganyo ya “thekololo.” (Mathaio 20:28) E ka tshwantshanngwa le molemo o o lwantshang mogare o o bakang letshoroma. Ka go dirisa molemo wa thekololo ya ga Jesu mo bathong, boemo jwa batho jo bo bokoa jo bo bakilweng ke boleo—go akaretsa le loso ka bolone—di ka alafiwa. Thulaganyo eno ya go alafa e tlhalosiwa jaana ka tsela ya tshwantshetso mo bukeng ya bofelo ya Bibela: “Moseya ono ga noka, le moseya ole, ga bo go le setlhare sa botshelō, se se uñwañ mauñō a le mehuta e le shomè le bobedi, se uñwa ka kgwedi ñwe le ñwe: me makakaba a setlhare e ne e le a a hodisañ merahe.” (Tshenolō 22:2) Akanya fela! Noka ya metsi a botshelo e e leng ya tshwantshetso e elela fa gare ga ditlhare tsa botshelo ka matlhare a tsone, e le go alafa batho. Ditshwantsho tseno tse di tlhotlheleditsweng ke Modimo di emela paakanyetso ya gagwe ya go tsosolosetsa batho mo boitekanelong mo motheong wa setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu.
Diponatshegelo tsa polelelopele ya buka ya Tshenolō di tla tloga di diragadiwa. (Tshenolō 22:6, 7) Morago ga moo, fa go dirisiwa molemo wa setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu mo bathong, batho botlhe ba ba dipelo di siameng ba tla itekanela mme ba ‘tla gololwa mo botlhankeng jwa go bola mme ba tla nna le kgololesego ya kgalalelo ya bana ba Modimo.’ (Baroma 8:21) Go diragadiwa ga dipolelelopele tsa Bibela go bontsha gore kgololesego eno e e itumedisang e gaufi. (Tshenolō 6:1-8) Mo bogautshwaneng Modimo o tla tlosa boikepo mo lefatsheng, mme batho ba tla itumelela botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise. (Yohane 3:16) Eleruri leo e tla bo e le lefatshe le le senang boleo!
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu se tla dira gore malapa a a tshwanang le leno a nne le boitumelo jwa goyagoile