A Fa Mongwe A Go Bitsa, O A Araba?
JAAKA FA E BOLETSWE KE SHINICHI TOHARA
GA KE ise ke bo ke buisanye le Modimo fa ke ne ke santse ke gola, lefa e le go batla kaelo e e tswang kwa go ene. Mmemogolo le Rremogolo ba ne ba fudugile kwa Japane go ya kwa Hawaii, mme batsadi ba me e ne e le Mabuda. Ba ne ba se matlhagatlhaga thata mo tumelong ya bone, ka jalo ke ne ke sa akanye thata ka Modimo fa ke ntse ke gola.
Morago ga moo ke ne ka ithuta ka thutotlhagelelo mme go ne ga tla mo go reng ke akanye gore abo go ne go le boeleele jang ne go dumela mo Modimong. Lefa go ntse jalo, fa thuto ya me ya semolao e ntse e golela kwa pele, dithuto tsa saense di ne tsa nthuta bolepadinaledi, physics le thutatshelo. Bosigo ke ne ke tle ke tsepe matlho kwa loaping mme ke ipotse gore go tlile jang gore dinaledi tse tsotlhe di nne koo. Lentswe le le kwa tlase mo teng ga me le ne la simolola go botsa le re: ‘A go ka tswa go na le Modimo yo o laolang dilo tse tsotlhe?’ Ke ne ka simolola go akanya gore go tshwanetse ga bo go na le Mongwe koo. Pelo ya me e ne ya simolola go goeletsa e re: ‘Modimo yono ke mang?’
Fa ke sena go aloga kwa sekolong se segolo, ke ne ka iphitlhela ke le mo dikgoleng ka ntlha ya tiro ya me jaaka mothudi kwa matitielong a bojalwa jwa reisi, mme ke ne ke sena nako ya go tlhatlhanya ka go nna teng ga Modimo. Ka bonako fela ke ne ka kopana le Masako, yo ke neng ka mo nyala ka 1937, mme kgabagare re ne ra segofadiwa ka bana ba le bararo. Abo Masako a ne a itshupa e le molekane yo o ikanyegang le yo o dirang ka natla jang ne!
E re ka jaanong ke ne ke na le lelapa, ke ne ka akanya ka tlhoafalo mabapi le bokamoso jwa rona. Ke ne ka simolola gape go tswela kwantle le go tsepa matlho kwa dinaleding. Ke ne ka ikutlwa ke kgotsofetse gore go ne go na le Modimo. Ke ne ke sa itse gore Modimo yoo ke mang, lefa go ntse jalo ke ne ka simolola go ikuela kwa go ene. Ke ne ke kopa kgapetsakgapetsa ke re: ‘Fa e le gore o teng golo gongwe koo, tsweetswee thusa lelapa la me gore le bone tsela e le ka tsamayang ka yone ka boitumelo.’
Kgabagare Kopo ya Me E Ne ya Arabiwa
Re ne re ntse re dula le batsadi ba me fa e sa le re nyalana, mme lefa go ntse jalo, ka 1941, re ne ra simolola go ipatlela ntlo e e leng ya rona kwa Hilo, Hawaii. Sebakanyana fela morago ga fa re sena go dula mo legaeng la rona le lesha, Majapane a ne a tlhasela Pearl Harbor, ka December 7, 1941. E ne e le nako ya kgatelelo, mme mongwe le mongwe o ne a tshwenyegile ka bokamoso.
Kgwedi morago ga go tlhaselwa ga Pearl Harbor, ke ne ke ntse ke phatsimisa koloi ya me fa monna mongwe a ne a tla kwa go nna mme a nnaya buka e e neng e na le setlhogo se se neng se re Children. O ne a ikitsise gore ke Ralph Garoutte modihedi wa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ke sa tlhaloganye se a neng a se bua, mme lefa go ntse jalo ke ne ke kgatlhegela go utlwa ka Modimo, ka jalo ke ne ka amogela buka eo. Ralph o ne a boa gape beke e e latelang mme a simolola thuto ya Bibela ya legae le nna. Lefa gone ke ne nkile ka utlwa sengwe ka Bibela, tota e ne e le la ntlha ke bona thuto e e ntseng jalo. Ke ne ka amogela thuto ya Bibela, mme mosadi wa me le kgaitsadie wa mosetsana yo mmotlana ba ne ba kopanela mo thutong eo le bone.
Boammaaruri jwa gore Bibela e ne e le Lefoko la Modimo bo ne jwa nkgatlha eletota. (2 Timotheo 3:16, 17) Lebaka la gore Jehofa o ne a na le maikaelelo le ne le le molemo le go feta. E ne e le Mmopi yo ke neng ke ntse ke mmatla! (Isaia 45:18) Re ne re itumeletse go ithuta gore Paradaise ya ntlhantlha e e neng e latlhegile e ne e tla busediwa gone mono lefatsheng, mme re ne re ka nna bontlhanngwe jwa yone. (Tshenolō 21:1-4) Jaanong ke ne ke bone karabo ya me ya go bitsa Modimo!
Re ne re bua le mongwe le mongwe le mang le mang mabapi le boammaaruri jono jo bosha jo re bo boneng. Batsadi ba me ba ne ba gopola gore ga re a felela sentle mo tlhaloganyong, mme lefa go ntse jalo, seo ga se a ka sa re kgoba marapo. Morago ga dikgwedi di le tharo re ntse re ithuta Bibela ka tlhoafalo, ka April 19, 1942, nna le mosadi wa me re ne ra kolobediwa re tshwaya gore re ineetse mo Modimong wa rona, Jehofa. Kgaitsadie Masako wa mosetsana yo mmotlana Yoshi le monna wa gagwe, Jerry, bao ka nako eo ba neng ba kopanetse le rona mo thutong ya Bibela, ba ne ba kolobediwa ka nako e le nngwe le rona. Re ne re na le kitsonyana fela e nnye ya Dikwalo Tse Di Boitshepo, mme lefa go ntse jalo e ne e lekane go re tlhotlheletsa gore re batle go direla Modimo.
Fa ntwa ya bobedi ya lefatshe e ne e santse e gaketse, ke ne ka bona gore bokhutlo jwa tsamaiso eno bo ne bo le gaufi thata, mme nna le mosadi wa me re ne ra bona go tlhokega gore re tlhagise batho kaga seno. Ba ga Garoutte e ne e le sekao sa rona mo kgannyeng eno. Ralph mmogo le mosadi wa gagwe ba ne ba direla jaaka babulatsela, ke gore badihedi ba nako e e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka bapisa boemo jwa rona le jwa ga Ralph. O ne a na le mosadi le bana ba bane. Ke ne ke na le mosadi le bana ba le bararo fela. Fa a ne a ka kgona go dira jalo, ke ne ke tla kgona go dira jalo le nna. Ka jalo, kgwedi morago ga gore re kolobediwe, re ne ra kopa go tsenela tiro ya nako e e tletseng.
Le e leng pele ga ke amogelwa jaaka mmulatsela, ke ne ka latlha dilo tsotlhe tse di neng di sa tlhokafale, go akareletsa le katara ya me ya tshipi, sekesofone, le sebintšholo. Ke ne ke le motho yo o ratang mmino thata, mme lefa go ntse jalo ke ne ka latlha sengwe le sengwe kwa ntle ga hamonika ya me e nnye. Mo godimo ga moo, tiro ya me ya kwa go dirwang bojalwa jwa reisi e ne e bonala e sa tlhole e kgatlhisa. (Bafilipi 3:8) Ke ne ka dira ntlonyana e e gogwang ka koloi mme ka leta go bona gore Jehofa o ne a tla arabela jang kopo ya me ya go ka dirisiwa. Ga ke ise ke ko ke lete lobaka lo loleele. Re ne ra amogelwa jaaka babulatsela go tloga ka June 1, 1942. Ga re ise re ko re dikadike go ya go direla Jehofa ka nako e e tletseng mme ga re ise re ko re ikwatlhaele go tsaya tshwetso eo.
Go Bula Tsela kwa Hawaii
Rona mmogo le ba ga Garoutte, re ne ra dira dikgaolo tsotlhe tsa Hawaii, Big Island, go akareletsa le Kona, lefelo le le itsegeng thata ka go lema kofi, le Kau. Mo metlheng eo re ne re bereka ka go dirisa keramafono. E ne e le bokete, lefa go ntse jalo re ne re santse re le basha ebile re na le maatla. Ka tsela e e ntseng jalo, re ntse re tshotse keramafono ka letsogo le lengwe mme ka le lengwe re tshwere kgetsi ya dibuka, re ne re latela batho bangwe le bangwe ba ba neng ba tla reetsa ba ba kwa masimong a kofi, dipolantase, le kwa lefelong lengwe le lengwe fela. Morago ga moo, fa re fetsa go dira setlhaketlhake sotlhe, re ne ra isiwa kwa Kohala kwa Big Island go ya go direla teng. Kohala e ne e le polantase e nnye ya ntšhe, baagi ba teng e ne e le Basweu, Ba-Philippine, Matšhaena, Ba-Hawaii, Majapane, le Mapotokise. Setlhopha sengwe le sengwe se ne se na le dingwao tsa sone, mokgwa o ba akanyang ka one, dilo tse ba di ratang, le ditumelo.
Fa e sa le ke ne ke simolola go bula tsela, ga ke ise ke ko ke dire tiro ya boitshediso gape. Nako e yotlhe re ne re ntse re tshela ka madi a ke neng ke ntse ke a bolokile, mme fa re ne re simolola go tlhoka madi, ke ne ke ya go tshwara ditlhapi. Se se neng se gakgamatsa ke gore, ka dinako tsotlhe ke ne ke sa nke ke tla gae ke sa tshwara sepe. Re ne re kgetla merogo ya naga le ditlhatshana tse di neng di tlhoga mo thoko ga tsela, mme tseo di ne di natetsha dijo tsa rona tsa maitseboa. Ke ne ke dirile onto ka lesenke, mme Masako o ne a ithutile go baka borotho. E ne e le borotho jo bo monate go feta marotho otlhe a nkileng ka a ja.
Fa re ne re le kwa Honolulu kwa kopanong ya Bokeresete ka 1943, Donald Haslett yo e neng e le molebedi wa lekala kwa Hawaii ka nako eo, o ne a re laletsa gore re fuduge koo mme re tle go nna mo kagong e nnye e e neng e agilwe mo godimo ga karaje ya Mokgatlho wa Watch Tower. Ke ne ke neetswe tiro ya go phepafatsa le go tlhokomela dithoto tsa lekala mme ke ne ka itumelela go bulatsela koo dingwaga tse tlhano tse di neng di latela.
Pitso E Re neng Re Sa E Lebelela
Ka 1943 re ne ra utlwa gore Mokgatlho o ne o simolotse sekolo sa go katisa barongwa go ya go direla kwa dinageng tse di kwantle. Abo re ne re ka rata go ya koo jang ne! Lefa go ntse jalo, malapa a a neng a na le bana a ne a se ka a lalediwa, ka tsela e e ntseng jalo, re ne ra se ka ra tlhola re akanyetsa kgang eo kwa pele. Lefa go ntse jalo, ka 1947, Mokaulengwe Haslett o ne a re bolelela gore Mokgatlho o ne o batla go itse gore a go ne go na le ba-Hawaii bangwe ba ba neng ba ka rata go tsaya tirelo ya go direla kwa dinageng tse di kwantle mo Japane. O ne a re botsa gore re akanya jang ka kgang eno, mme jaaka Isaia, ke ne ka re: “Roma nna.” (Isaia 6:8) Mosadi wa me le ene o ne a ikutlwa ka tsela e e tshwanang. Re ne ra seka ra dikadika go arabela pitso ya ga Jehofa.
Ka jalo, re ne ra lalediwa go tsenela Sekolo sa Bibela sa Watchtower sa Gileade go katisiwa jaaka barongwa. Taletso e ne e akaretsa bana ba rona ba bararo ba bannye. Go ne ga lalediwa gape ba bangwe ba batlhano e leng, Donald le Mabel Haslett, Jerry le Yoshi Toma, le Elsie Tanigawa, mme rotlhe re ne ra tsaya loeto lwa rona go ya kwa New York mo marigeng a 1948.
Re ne ra kgabaganya kontinente ka bese. Morago ga malatsi a mararo re ntse re le mo beseng, re ne re lapile rotlhe, mme Mokaulengwe Haslett a akantsha gore re ikhutse mme re ye go robala kwa hoteleng bosigo joo. Fa re fologa mo beseng, monna mongwe o ne a tla mo go rona me a goeletsa a re: “Japs! Ke ya gae go ya go tsaya tlhobolo mme ke tlile go ba thuntsha!”
“Ga se Majapane, ke ba-Hawaii ga o kgone go bona pharologanyo?” Go ne ga bolela jalo Mokaulengwe Haslett. Re ne ra bolokwa ke kakgelo ya gagwe ya go akanya ka bonako.
A tota re ne re le karolo ya tlelase ya setlhopha sa bo-11 sa Gileade? Go ne go bonala e le toro e e molemo tota. Lefa go ntse jalo, go ne ga bonala ka bonako se tota matswela a seno e neng e tlile go nna one. Mo tlelaseng ya rona, baithuti ba le 25 ba ne ba tlhophilwe ke mookamedi wa nako eo wa Mokgatlho wa Watch Tower, Nathan H. Knorr, gore ba katisetswe tirelo e e neng e ka nna teng ya borongwa kwa Japane. E re ka ke ne ke tswa mo lotsong lwa Majapane ebile ke na le kitsonyana ya Sejapane, ke ne ka abelwa gore ke rute setlhopha seno sa barutwa puo eo. Ereka ke ne ke sa itse puo eo sentle, go ne go se bonolo go e ruta; mme lefa go ntse jalo, ka tsela nngwe re ne ra atlega rotlhe!
Ka nako eo morwa wa rona, Loy, o ne a le dingwaga di le lesome, mme barwadi ba rona, Thelma le Sally, yo mongwe o ne a le dingwaga di le robedi yo mongwe di le thataro. Go ne go diragalang ka bone ka nako ya fa re le kwa sekolong? Le bone ba ne ba ya sekolong! Bese e ne e ba tsaya mo mosong mme e ba busetsa gae moragonyana mo letsatsing leo. Fa bana ba fitlha kwa gae go tswa sekolong, Loy o ne a bereka le bakaulengwe mo polaseng ya Mokgatlho, mme Thelma le Sally ba ne ba bereka mo go tlhatswiwang diaparo gone ba mena disakatuku.
Go Siamisetsa Mogopolo Se Se Sa Itsiweng
Fa re sena go aloga kwa Gileade ka August 1, 1948, re ne re tlhologeletswe go newa dikabelo tsa rona. Mokaulengwe Haslett o ne a tsamaela kwa pele go ya go batla lefelo le barongwa ba ne ba tla nna kwa go lone. Kgabagare, o ne a bona ntlo ya matlhatlaganyane a mabedi kwa Tokyo, mme ka August 20, 1949, lelapa la rona le ne la tloga go leba kwa legaeng la rona la isagwe.
Pele ga fa ke tla mo Japane, gantsi ke ne ke tle ke akanye ka naga eno ya Botlhaba. Ke ne ke akanya ka tsela eo batho ba Japane ba ikanyegang ka yone mo babusing ba bone ba batho le mo go mmusimogolo. Majapane a mantsi a ne a swela babusi bano ba batho. Ka ntwa ya bobedi ya lefatshe, bakgweetsi ba difofane tsa kamikaze ba ne ba swela mmusimogolo ka go lebaganya sefofane sa bone le mosi o o neng o tswa mo dikepeng tsa ntwa tsa baba ba bone. Ke gopola ke akanya gore fa batho ba Majapane ba ikanyega thata jaana mo babusing ba bone ba batho, ba ne ba tla itshwara jang fa ba ka bona Morena wa boammaaruri, Jehofa?
Fa re goroga kwa Japane, go ne go na le barongwa ba le supa fela le baboledi ba ka tlala seatla fela mo nageng eo yotlhe. Rotlhe re ne ra simolola go bereka, mme ke ne ka kgaratlhela go tokafatsa kitso ya me ya puo eo mme ke ne ka kgona go simolola dithuto tsa Bibela le ba bantsi ba ba neng ba ikuela go Modimo mo dipelong tsa bone. Bontsi jwa baithuti ba Bibela ba nako eo ba ile ba tswelela ba ikanyega go fitlhela le gompieno.
Tirelo ya Borongwa ka Bana Ba Rona
Re ne re ka kgona jang tirelo ya borongwa ka bana ba bararo ba bannye ba ba batlang go tlhokomelwa? Mme gone, Jehofa ke ene a neng a itse gore re tla kgona seno jang. Re ne re amogela madinyana a se makae fela a ditshenyegelo tsa rona go tswa kwa Mokgatlhong, mme Masako o ne a direla bana diaparo. Mo godimo ga moo re ne re bona dithuso dingwe mo batsading ba me.
Morago ga fa Loy a sena go wetsa dithuto tsa gagwe kwa sekolong se segolo, o ne a direla kwa lekaleng la Watch Tower Bible and Tract Society la kwa Japane. Lefa go ntse jalo, ka ntlha ya go sa tsoge sentle, o ne a fetsa ka gore a boele kwa Hawaii go ya go bona kalafi teng. Gone jaanong ene le mosadi wa gagwe ba direla Jehofa ka boikanyegi kwa California. Lenyalo la gagwe le ne la dira gore re segofadiwe ka ditlogolwana tse nne tse di ikanyegang. Botlhe ba kolobeditswe, mme yo mongwe wa bone, mmogo le mosadi wa gagwe, ba direla kwa Bethele kwa Brooklyn, ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa.
Bomorwadiake, Thelma le Sally, ba ne ba fiwa maemo a go direla jaaka barongwa fa ba gola. Gone jaanong Thelma o direla jaaka morongwa kwa toropong e kgolo ya Toyama. Sally o nyetswe ke mokaulengwe wa morongwa, Ron Trost, mme ba ile ba direla mo Japane jaaka barongwa mo tirong ya go potologa ka dingwaga tse 25 tse di fetileng.
Go Tswa Bokone Go Ya Borwa
Morago ga go dula dingwaga di le pedi kwa Tokyo, re ne ra romelwa kwa Osaka go direla teng dingwaga di le pedi. Mo kabelong ya rona e e latelang re ne ra ya kwa bokone kwa Sendai, koo re neng ra direla teng ka dingwaga di ka nna thataro. Dingwaga tseo tse pedi tse re di dutseng kwa Sendai di ne tsa re dira gore re abelwe go ya go direla kwa setlhaketlhakeng se se neng se le kwa bokone thata jwa Japane, e leng Hokkaido. Ke kwa Hokkaido koo barwadia rona ba neng ba fiwa maemo a go direla jaaka barongwa. Gape ke teng koo re neng ra tshwanelwa ke go itlwaetsa botsididi jwa mariga jo bo neng bo tle bo dire gore metsi a nne dikgapetla. Morago ga go nna mo mogoteng wa boboatsatsi wa Hawaii go ne ga nna le pharologano e kgolo!
Morago ga moo, ka letsatsi lengwe ke ne ka utlwa pitso e ntšha ka lekwalo le le neng le tswa kwa Mokgatlhong. Le ne le nkopa gore ke bule lekala la ofisi kwa Okinawa, eo e neng e santse e laolwa ke U.S. Go fuduga go tswa kwa setlhoeng se se tsididi sa bokone jwa Japane go ya kwa lefelong le le kwa borwa thata la puso ya Japane go ne go tla tlisa kgwetlho e kgolo. Ke eng seo ke neng ke tla se dira? Lefa gone koo ke ne ke ikutlwa gore ga ke ise ke siame go ka ya koo, ke ne ka goroga kwa Okinawa ka November 1965, le mosadi wa me yo o ikanyegang yo ka dinako tsotlhe a neng a ntse a mpatile. A botshelo jwa kwa Okinawa bo ne bo tla tshwana le jwa kwa Japane? Go tweng ka dingwao? A batho ba ne ba tla reetsa molaetsa wa ga Jehofa wa poloko?
Fa re goroga, go ne go le baboledi ba le mmalwa fela ba le 200 mo Okinawa. Mme gone jaanong go na le ba ba fetang 2 000. Mo nakong e e fetileng, ke ne ke le molebedi wa potologo wa namaosatshwere le molebedi wa lekala wa namaosatshwere. Go etela ga me go ralala ditlhaketlhake go ne ga nthusa gore ke nne le bokopano jo bo atamalaneng thata le bakaulengwe koo, mme ke go tsaya e le tshiamelo go bo ke ile ka ya go direla koo.
A Mathata A Ne A Fedile?
Botshelo jwa rona jwa go nna barongwa ga bo ise bo ke bo tlhoke go nna le mathata. Ka nako ya fa re ne re le mo malatsing a boikhutso kwa United States ka 1968, Masako o ne a lwala mme a tshwanelwa ke gore a dirwe karo. Go ne ga ntshiwa tlhagala mo maleng a gagwe mme morago ga moo o ne a nna botoka thata. Re ne re sena inshorense ya kalafi, mme re ne re tshwenyegile gore gongwe re ne re se kitla re kgona go boela kwa kabelong ya rona. Lefa go ntse jalo, go ne ga diragala sengwe se re neng re sa se lebelela, ditsala mo tumelong di ne tsa rwala maikarabelo mo go sengwe le sengwe.
Kafa letlhakoreng la me, gone jaanong ke tshwenngwa ke bolwetsi jwa sukiri. Lefa gone ke sa foufala, ga ke tlhole ke bona sentle. Mme lefa go ntse jalo, ka tlhokomelo e e lorato ya ga Jehofa, ke kgona go ikotla semoyeng ka dinako tsotlhe ka go reetsa dikgatiso tsa The Watchtower le Awake! mo theiping. Bakaulengwe le bokgaitsadi mo tumelong le bone ba a thusa ka go mpalela dikgatiso tse di farologaneng.
Ke ne ke tla tswelela ke neela dipuo tsa phatlalatsa jang ka matlho a a bokoa? La ntlha ke ne ke gatisa dipuo tsa me mme ke di dire gore di tshameke ka sebuela godimo sa mantswe fa ke ntse ke bua ka matsogo. Lefa go ntse jalo, ka go akantshiwa ke morwadiake, ke ne ka tokafatsa mo go seo. Gone jaanong ke gatisa dipuo tsa me ka segatisamantswe se sennye fa ka nako e e tshwanang ke ntse ke reeditse dipuo tse ke di gatisitseng pele ka seutlwamodumo sa ditsebe.
Nako le nako fa re kopana le mathata, re ne re sa nke re tlhoka go ikuela mo go Jehofa. Kwa morago, masego a a tswang kwa go Jehofa a go rarabolola mathata a rona ka dinako tsotlhe a ne a bonala a le magolo go feta mathata ao ka boone. Go tswelela re ntse re mo direla ke yone fela tsela e re ka bontshang go mo leboga ka yone.
Morago ga dingwaga di le 23 re ntse re le kwa Okinawa, re ne ra abelwa gape kwa lefelong lone le re neng re direla kwa go lone fa re ne re tla kwa Japane lantlha. Ofisi e kgolo ya Mokgatlho le ntlo ya borongwa e tona mo go tsone tsotlhe di mo lefelong la ntlhantlha la kago ele ya matlhatlaganyane a mabedi e e kwa Tokyo, e e neng ya rekwa ke Mokaulengwe Haslett dingwaga di le dintsi tse di fetileng.
Gone jaanong kwantle ga me le Masako, ba le 11 ba losika lwa rona ba direla jaaka barongwa mo Japane. Botlhe ba go tsaya e le tshiamelo go bo ba ile ba bona ka matlho kgolo e Jehofa a e tlisitseng mo nageng eno e pele e neng e laolwa ke dingwao tsa Mabuda le Mashinto. Tiro kwa Japane e simolotse e le potlana, mme lefa go ntse jalo maatla a ga Jehofa a dirile gore go nne le “morafe” wa baboledi ba ba fetang 167 000 ba mafoko a a molemo.—Isaia 60:22.
Fa ke ne ke ikuela go Modimo, o ne a nkaraba. Fa a ne a ntaletsa, ke ne ka araba kwantle ga go dikadika. Nna le mosadi wa me re ikutlwa gore re dirile fela se re neng re tshwanetse go ka bo re ne re se dirile. Go tweng ka wena? Fa Mmopi wa gago a bitsa, a o a araba?
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Boorra Tohara le bangwe ba setlhopha sa bone sa babulatsela kwa Hawaii, 1942
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Bana ba ga Tohara kwa Gileade ka 1948
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Shinichi le Masako Tohara ba feditse dingwaga di le 43 mo tirong ya borongwa, mme ba itumetse ka gonne ba ile ba arabela pitso