Go Tlogela Kobamelo ya Mmusimogolo ka go Tla mo kobamelong ya boammaaruri
JAAKA GO BOLETSE ISAMU SUGIURA
Le mororo go ne go le mo pepeneneng gore Japane e ne e tla fenngwa mo Ntweng ya Lefatshe II ka 1945, re ne ra solofela gore kamikaze (“phefo ya modimo”) e ne e tla phepheula baba e ba fenya. Kamikaze ke difefo tsa 1274 le 1281 tse ka makgetlo a mabedi di neng tsa senya ditlhopha tsa dikepe tsa ntwa tsa Ba-Mongolia tse di neng di tlhasela Japane go bapa le lobopo mme tsa dira gore ba boele morago.
KA GONE, e ne ya re fa Mmusimogolo Hirohito a bolelela setšhaba gore Japane e ineetse mo Masoleng a Semphato ka August 15, 1945, batho ba le dimilione di le lekgolo ba ba neng ba ntse ba ineetse mo go ene ba ne ba swaba thata. Ka nako eo, ke ne ke le mosimanyana yo o tsenang sekolo mme le nna ke ne ke swabile thata. Ke ne ka ipotsa, ‘Fa e le gore mmusimogolo ga se ene Modimo o o tshelang, ke mang yo e leng Modimo? Ke ikanye mang?’
Mme gone, go fenngwa ga Japane mo Ntweng ya Lefatshe II go ne ga bulela nna le diketekete tse dingwe tsa Bajapane tshono ya go ithuta ka Modimo wa boammaaruri, Jehofa. Pele ga ke go lotlegela ka diphetogo tse ke neng ka tshwanelwa ke go di dira, mma ke go tlhalosetse tsela ya bodumedi e ke godisitsweng ka yone.
Tlhotlheletso ya Bodumedi Fa ke Sa le Ngwana
Ke ne ka tsholelwa kwa toropongkgolo ya Nagoya ka June 16, 1932, ke le gofejane mo barweng ba le banè. Rre o ne a bereka tiro ya go tlhatlhoba mmu mo toropongkgolo. Mmè e ne e le modumedi yo o ineetseng wa Tenrikyo, lekoko la bodumedi jwa Seshinto, mme nkgonne o ne a ithutetse go nna morutisi wa Tenrikyo. Nna le mmè re ne re le ditsala tse dikgolo, mme o ne a tle a ye le nna kwa lefelong la kokoano go ya go obamela teng.
Ke ne ka rutwa go oba tlhogo le go rapela. Bodumedi jwa Tenrikyo bo ruta batho go dumela mo mmoping yo o bidiwang Tenri O no Mikoto le mo medingwaneng e mengwe e e lesome. Maloko a teng a ne a fodisa batho ka go ba rapelela e bile a gatelela thuto ya gore go direlwe batho ba bangwe molemo le gore go anamisiwe dithuto tsa jone.
Ke ne ke le mosimanyana yo o ratang go itse dilo. Ke ne ke kgatlhiwa ke ngwedi le dinaledi tse di se nang palo mo loaping bosigo, mme ke ne ke tle ke ipotse gore lefaufau le felela kae. Ke ne ke tle ke kgatlhiwe ke go lebelela tsela e semela sa eggplant le sa komokomore tse ke neng ke di jala mo tshingwaneng ya rona e nnye di neng di gola ka yone. Go leba dilo tsa tlholego go ne go nonotsha tumelo ya me mo Modimong.
Dingwaga Tsa Ntwa
Dingwaga tsa me tsa go tsena sekolo se se potlana go tloga ka 1939 go ya go 1945 di ne tsa thulana le motlha wa Ntwa ya Lefatshe ya II. Go obamela mmusimogolo, e leng selo sa konokono mo Boshintong, go ne go gatelelwa thata mo thutong ya sekolo. Re ne re rutwa shushin, e e neng e akaretsa go rutwa maitsholo a a siameng go kopantswe le dilo tse di amanang le boratanaga le tsa sesole. Go tsholetsa folaga, go opela pina ya setšhaba, go ithuta melao ya puso, le go obamela senepe sa mmusimogolo, tsotlhe e ne e le karolo ya dilo tse re neng re di dira ka metlha kwa sekolong.
Gape re ne re tle re ye kwa tempeleng ya mo lefelong la rona ya Seshinto go ya go rapela Modimo gore a thuse masole a puso go fenya. Bonkgonne ba babedi ba ne ba le mo bosoleng. Ka ntlha ya go tlhatlhelelwa dithuto tsa bodumedi le tsa boratanaga, ke ne ke itumelela go utlwa dikgang tsa gore masole a Japane a fentse.
Nagoya e ne e le boremelelo jwa madirelo a difofane a Japane, ka jalo Masole a Difofane a United States a ne a rata go tlhasela teng thata. Motshegare, difofane tsa B-29 Superfortress tse di latlhelang dibomo di ne di tle di okame motse di le bogodimo jwa dimetara di le 9000, di latlhela ditone di le diketekete tsa dibomo mo dikgaolong tsa madirelo ao. Bosigo mabone a magolo a ne a tle a bonese difofane tseno di fofa di le mo bogodimong jwa dimetara di le 1300 fela. Ditlhaselo tse di neng di dirwa gangwe le gape ka dibomo tse di bakang melelo di ne di tle di dire gore go tsoge kgaruru mo metseng. Kwa Nagoya fela, go ile ga tlhaselwa ka difofane ka makgetlho a le 54 mo dikgweding tsa bofelo tse robonngwe tsa ntwa, e leng se se neng sa baka pogo e kgolo le dintsho tse di fetang 7700.
Ka nako eo, dikepe tsa ntwa di ne di simolotse go latlhela dibomo kwa ditoropong tse di fa lobopong mme batho ba ne ba bolela gore go ka nna ga direga gore masole a United States a tsurame gaufi le Tokyo. Basadi le basimanyana ba ne ba rutwa go lwa ba dirisa marumo a a dirilweng ka bamboo go sireletsa naga ya bone. Moano wa rona e ne e le “Ichioku Sougyokusai,” mo go kayang “Bogolo go swe dimilione di le 100 go na le gore re ineele.”
Ka August 7, 1945, setlhogo sengwe sa lokwalodikgang se ne sa re: “Mofuta o Mosha wa Bomo o Latlhetswe Kwa Hiroshima.” Malatsi a le mabedi morago ga foo, e nngwe gape e ne ya latlhelwa kwa Nagasaki. Dibomo tseno e ne e le dibomo tsa atomo, mme moragonyana re ne ra bolelelwa gore di ile tsa bolaya palogotlhe ya batho ba le 300 000. Go tswa foo, ka August 15, morago ga go katisediwa go dirisa ditlhobolo tsa logong, re ne ra utlwa puo ya mmusimogolo e mo go yone a neng a itsise gore Japane e ineetse. Re ne re ntse re tlhatswegile pelo gore re tla fenya, mme jaanong re ne re kgobegile marapo thata!
Go Nna le Tsholofelo e Ntšha
Fa masole a Amerika a simolola go nna a itelekela, ka bonya re ne ra simolola go dumela gore United States e fentse ntwa. Japane e ne ya simolola go busiwa ka puso ya temokerasi, ga tlhomiwa le molaotheo o mosha o o neng o tlhomamisa kgololesego ya bodumedi. Botshelo bo ne bo le bokete tota, dijo di ne di tlhaela, mme ka 1946 rre o ne a swa a bolawa ke bolwetse jwa go tlhaela dikotla.
Fa go sa ntse go le jalo, re ne ra simolola go rutwa Seesemane kwa sekolong se ke neng ke tsena kwa go sone, mme le seteishene sa radio sa NHK se ne sa simolola go nna le thulaganyo ya motlotlo ka Seesemane. Ke ne ka fetsa dingwaga tse tlhano ke reetsa thulaganyo eno e e tumileng letsatsi le letsatsi ke tshotse buka ya go ithuta. Seno se ne sa dira gore ke nne le keletso ya gore letsatsi lengwe ke etele United States. Ka ntlha ya go swabisiwa ke bodumedi jwa Seshinto le Bobuda, ke ne ka simolola go akanya gore gongwe boammaaruri kaga Modimo bo ka bonwa mo madumeding a Bophirima.
Kwa tshimologong ya April 1951, ke ne ka kopana le Grace Gregory, morongwa wa Mokgatlho wa Watch Tower. O ne a eme fa pele ga seteishene sa terena sa Nagoya, a ntsamaisetsa Tora ya Tebelo ya Seesemane le bukana e e buang ka Baebele ya Sejapane. Ke ne ka kgatlhiwa ke go bona boikokobetso jwa gagwe mo go direng tiro e e ntseng jalo. Ke ne ka itseela dikgatiso tseo ka bobedi mme ka se ka ka okaoka go dumela fa a ne a kopa gore a ithute Baebele le nna. Ke ne ka mo solofetsa gore ke tla tla kwa legaeng la gagwe go tla go ithuta Baebele le ene malatsi a sekae moragonyana.
Fa ke nna mo setulong sa terena ke simolola go bala Tora ya Tebelo, lefoko la ntlha le le neng la gapa tlhokomelo ya me mo setlhogong sa ntlha sa yone e ne e le, “Jehofa.” Ke ne ke ise ke tsamaye ke bone leina leo. Ke ne ke sa solofela gore ke tla le fitlhela mo dikishinaring e nnye e ke neng ke e tshotse ya Seesemane le Sejapane, mme ke leo le ne le le gone! “Jehofa . . . , Modimo wa Baebele.” Jaanong ke ne ka simolola go ithuta ka Modimo wa Bokeresete!
Mo loetong loo lwa me lwa ntlha kwa legaeng la barongwa, ke ne ka utlwa gore mo dibekeng di sekae moragonyana go tlile go nna le puo ya Baebele e e neng e tlile go neelwa ke Nathan H. Knorr, yo ka nako eo e neng e le poresidente wa Watch Tower Bible and Tract Society. Ene le mokwaledi wa gagwe, Milton Henschel ba ne ba etetse Japane mme ba ne ba tla Nagoya. Le mororo ke ne ke na le kitso e nnye fela ka Baebele, ke ne ka itumelela puo eo thata le go tsalana le barongwa le batho ba bangwe ba ba neng ba tlile.
Mo dikgweding di ka nna pedi ke ithuta le Grace, ke ne ka ithuta boammaaruri kaga Jehofa, Jesu Keresete, thekololo, Satane Diabolo, Aramagedona le lefatshe la Paradaise. Dikgang tse di molemo tsa Bogosi e ne e le sone selo se ke neng ke ntse ke se senka. Ka yone nako e ke neng ka simolola go ithuta ka yone, ke ne ka simolola go nna gone le mo dipokanong tsa phuthego. Ke ne ke rata moya wa botsalano o o neng o le gone mo dikokoanong tseno, barongwa ba tswakana ka kgololesego le Bajapane e bile ba nna fa fatshe le rona mo tatami (mmetshe o o logilweng ka bojang).
Ka October 1951, go ne ga tshwarwa kopano ya ntlha ya potologo mo Japane kwa Nakanoshima Public Hall kwa toropongkgolo ya Osaka. Go ne go na le Basupi ba ba kwa tlase ga 300 mo Japane yotlhe; le fa go ntse jalo, go ne go tlile batho ba ka nna 300 kwa kopanong eo, go akaretsa le barongwa ba ba ba ka nnang 50. Ke ile ka ba ka nna le kabelo e nnye mo thulaganyong eo. Se ke neng ka se bona le go se utlwa se ne sa nkgatlha thata mo ke neng ka dira tshwetso mo pelong gore ke tlile go direla Jehofa botshelo jotlhe jwa me. Letsatsi le le latelang ke ne ka kolobediwa mo metsing a a bothitho a ntlo ya botlhapelo ya batho botlhe e e neng e le gaufi le foo.
Boipelo Jwa Tirelo ya Bobulatsela
Ke ne ke batla go nna mmulatsela, e leng tsela e badiredi ba nako e tletseng ba Basupi ba ga Jehofa ba bidiwang ka yone, mme gape ke ne ke ikutlwa ke patelesega go tlhokomela lelapa la gaetsho. Morago ga go ipeta pelo go bolelela mookamedi wa me ka keletso e ke nang le yone, ke ne ka gakgamala go utlwa a re: “Nka itumelela go go thusa fa e le gore seo se tla go itumedisa.” Ke ne ka kgona go bereka malatsi a le mabedi fela ka beke mme ke ne ke sa ntse ke kgona go thusa mmè ka ditshenyegelo tsa lelapa. Ruri ke ne ke ikutlwa jaaka nonyane e sa tswa go bulelwa mo serobeng.
Fa maemo a ntse a tokafala, ke ne ka simolola go nna mmulatsela ka August 1, 1954, mo tshimong e e neng e le fa morago ga seteishene sa terena sa Nagoya, sekgalanyana se sennye go tswa fa Grace a neng a kopana le nna la ntlha gone. Morago ga dikgwedi di sekae, ke ne ka amogela kabelo ya go nna mmulatsela yo o kgethegileng kwa Beppu, toropokgolo e e kwa setlhaketlhakeng se se kwa bophirima sa Kyushu. Ke ne ka abelwa Tsutomu Miura go nna mopati wa me.a Ka nako eo, go ne go se na diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa mo setlhaketlhakeng seo sotlhe, mme gone jaanong go na le di le makgolokgolo tse di kgaogantsweng ka dipotologo di le 22!
Go Latswa Lefatshe le Lesha go Sekae
Fa Mokaulengwe Knorr a ne a etetse Japane gape ka April 1956, o ne a nkopa gore ke mmalele dirapa di sekae go tswa mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya Seesemane. Ga a ka a mpolelela lebaka, le fa go ntse jalo dikgwedi di sekae moragonyana, ke ne ka amogela lekwalo le le neng le ntaletsa go nna gone kwa tlelaseng ya bo29 ya sekolo sa borongwa kwa Gileade. Ka jalo, ka November ya one ngwaga oo, ke ne ka tsaya loeto loo lo lo kgatlhang go ya kwa United States, go diragatsa keletso e ke neng ke sa bolo go nna le yone. Go nna le go bereka dikgwedi di sekae le lelapa le legolo la Bethele ya kwa Brooklyn go ne ga nonotsha tumelo ya me mo phuthegong ya ga Jehofa e e bonalang.
Ka February 1957, Mokaulengwe Knorr o ne a re isa re le baithuti ba bararo ka koloi kwa khempaseng ya Sekolo sa Gileade kwa South Lansing kwa New York. Dikgwedi tse tlhano tse di neng tsa latela re le kwa Sekolong sa Gileade fa ke ntse ke rutwa go tswa mo Lefokong la ga Jehofa e bile ke nna mo tikologong e ntle le baithutikanna, ke ne ka latswa lefatshe la Paradaise go sekae. Baithuti ba le lesome mo go ba le 103, go akaretsa le nna, ba ne ba abelwa Japane.
Go Anaanela Dikabelo Tsa Me
Go ne go na le Basupi ba ka nna 860 fa ke ne ke boela mo Japane ka October 1957. Ke ne ka abelwa go dira tiro ya go eta ke le molebedi wa potologo, mme pele ga foo Adrian Thompson o ne a nthapisetsa tiro eno malatsi a sekae kwa Nagoya. Potologo ya me e ne e akaretsa go tloga ka Shimizu, gaufi le Thaba ya Fuji, go fitlha ka Setlhaketlhake sa Shikoku e bile e ne e akaretsa ditoropo tse dikgolo thata tse di jaaka Kyoto, Osaka, Kobe le Hiroshima.
Ka 1961 ke ne ka abelwa go nna molebedi wa kgaolo. Seno se ne se akaretsa go tsaya loeto go tloga kwa setlhaketlhakeng sa Hokkaido se se kwa bokone se se ratwang ke semathana go fitlha ka setlhaketlhake se se mogote sa Okinawa tota le e leng ka kwa ga ditlhaketlhake tsa Ishigaki gaufi le Taiwan, e leng sekgala sa dikilometara di le 3000.
Mme ka 1963, ke ne ka lalediwa go ya kwa khosong ya dikgwedi di le lesome ya Sekolo sa Gileade kwa Bethele ya Brooklyn. Ka nako ya khoso eno, Mokaulengwe Knorr o ne a gatelela botlhokwa jwa go nna le maikutlo a a siameng ka tiro e re e abetsweng. O ne a re go phepafatsa dintlwana tsa boithomelo e ne e le kabelo e e botlhokwa thata fela jaaka tiro ya mo ofising. O ne a re fa dintlwana tsa boithomelo di ne di se phepa, lelapa lotlhe la Bethele le tiro ya bone e ne e tla kgoreletsega. Moragonyana, karolo nngwe ya tiro e ke neng ka e dira mo Bethele ya Japane e ne e le go phepafatsa dintlwana tsa boithomelo mme ke ne ka gopola kgakololo eo.
Morago ga go boela kwa Japane, ke ne ka abelwa tiro ya go eta gape. Dingwaga di sekae morago ga foo, ka 1966, ke ne ka nyala Junko Iwasaki, mmulatsela yo o kgethegileng yo o neng a le kwa toropongkgolo ya Matsue. Lloyd Barry, yo ka nako eo e neng e le mookamedi wa lekala la Japane, o ne a neela puo ya lenyalo la rona e e amang maikutlo. Morago ga foo Junko o ne a mpata mo tirong ya go eta.
Dikabelo tsa rona di ne tsa fetolwa ka 1968 fa ke ne ke bilediwa kwa ofising ya lekala kwa Tokyo go tla go dira tiro ya go ranola. Ka ntlha ya go tlhaela ga bonno, ke ne ke tla go bereka mme ke robala kwa Sumida Ward, Tokyo, Junko ene e ne ya nna mmulatsela o o kgethegileng mo phuthegong ya teng. Ka nako eo, go ne go tlhokega dikago tsa lekala tse di kgolwane. Ka jalo ka 1970 go ne ga rekwa setsha kwa Numazu, e e seng kgakala le Thaba ya Fuji. Go ne ga agiwa feketeri ya moago o o tlhatlaganeng gararo le lefelo la bonno teng. Pele ga go simololwa tiro ya go aga, go ne go ntse go dirisiwa matlo a sekae mo setsheng seno go tshwarela Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi, se mo go sone go thapisiwang balebedi ba diphuthego. Ke ne ka nna le tshiamelo ya go ruta mo sekolong seno mme Junko ene o ne a apeela baithuti. Go ne go itumedisa go bona banna ba Bakeresete ba le makgolokgolo ba thapisediwa bodiredi.
Thapama nngwe ke ne ka amogela thelekerama e e potlakileng. Mmè o ne a le kwa bookelong mme go ne go sa solofelwe gore o tla tshela. Ke ne ka tsaya terena ya lobelo lo logolo go ya kwa Nagoya mme ka itlhaganelela kwa bookelong. O ne a le mo maibing, le fa go ntse jalo ke ne ka fetsa bosigo joo ke bapile le bolao jwa gagwe. Mmè o ne a tlhokafala phakela mo mosong. Fa ke boela Numazu, ke ne ka palelwa ke go ithiba dikeledi fa ke gopola mathata a magolo a a neng a rakana le one mo botshelong le tsela e a neng a nthata ka yone. Fa Jehofa a rata, ke tla boa ke mmona gape ka nako ya tsogo.
Go ise go ye kae ke fa moago wa Numazu o le monnye. Ka jalo go ne ga rekiwa setsha sa diheketara di le supa kwa Ebina City, tiro ya go simolola go aga moago o mosha wa lekala e ne ya simolola ka 1978. Gone jaanong setsha seno sotlhe se tletse ka feketeri le meago ya bonno le Holo ya Kopano e e tsayang batho ba le 2800. Kago e e sa tswang go agiwa bosheng jaana e e akaretsang dikago tse pedi tsa bonno tsa matlhatlaganyane a le 13 le kago ya go phaka dikoloi le ya tirelo ya matlhatlaganyane a le 5, e ne ya wediwa kwa tshimologong ya monongwaga. Gone jaanong palo ya lelapa la rona la Bethele ke 530, mme dikago tse di okeditsweng di ka tshola batho ba ka nna 900.
Mabaka a Mantsi a go Ipela
Go ile ga itumedisa tota go bona boporofeti jwa Baebele bo diragadiwa, ee go bona ‘yo mmotlana a nna morafe o o thata.’ (Isaia 60:22) Ke gopola mongwe wa bonkgonne a mpotsa jaana bogologolo ka 1951, “Go na le Basupi ba le kae mo Japane?”
Ke ne ka araba jaana: “Ba ka nna 260.”
“A ke gone gotlhe?” o ne a mpotsa jalo ka lentswe le le nyenyefatsang.
Ke gopola ke akanya jaana, ‘Go tla bonala fa nako e ntse e ya gore ke batho ba le kae ba Jehofa a tla ba ngokelang mo kobamelong ya gagwe mo nageng eno e e tletseng ka Boshinto le Bobuda.’ Mme Jehofa o arabile! Gompieno, ga go tlhole go na le ditshimo tse di sa abiwang tse go ka rerwang mo go tsone mono Japane mme palo ya baobamedi ba boammaaruri e oketsegile go nna ba ba fetang 222 000 mo diphuthegong tse 3800!
Dingwaga tse 44 tsa botshelo jwa me tse ke di feditseng mo bodireding jwa nako e tletseng—tse 32 tsa tsone ke na le mosadi wa me yo ke mo ratang—e ile ya nna tse di itumedisang thata. Ke feditse di le 25 tsa tsone ke le mo Lefapheng la Thanolo mono Bethele. Gape ka September 1979, ke ne ka lalediwa go nna leloko la komiti ya lekala la Basupi ba ga Jehofa mono Japane.
Ruri ke tshiamelo e bile ke lesego go bo ke ile ka nna le seabe go sekae mo go thuseng batho ba ba tlhoafetseng le ba ba ratang kagiso go tla mo kobamelong ya ga Jehofa. Bontsi jwa bone bo ile jwa dira se ke se dirileng—ba tlogela go obamela mmusimogolo ba obamela Modimo o o osi wa boammaaruri, Jehofa. Ke eletsa thata gore ke thuse batho ba bangwe ba bantsinyana go tla mo letlhakoreng la ga Jehofa la phenyo mme ba bone botshelo jo bo sa feleng mo lefatsheng le lesha la kagiso.—Tshenolo 22:17.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Rraagwe e ne e le Mosupi yo o ikanyegang yo o neng a falola go phamphamologa ga bomo kwa Hiroshima ka 1945 fa a ne a le mo kgolegelong ya Japane. Bona Tsogang! ya October 8, 1994, ditsebe 11-15 (ka Seesemane).
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Thuto ya sekolo e ne e remeletse mo kobamelong ya mmusimogolo
[Motswedi wa Setshwantsho]
The Mainichi Newspapers
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Kwa New York ke na le Mokaulengwe Franz
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
Ke na le mogatsake, Junko
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Mo tirong mo Lefapheng la Thanolo