LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 5/1 ts. 21-25
  • Jehofa ga a Latlhe Batlhanka ba Gagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa ga a Latlhe Batlhanka ba Gagwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botshelo jwa Me Kwa Tshimologong
  • Go Ithuta Boammaaruri jwa Bibela
  • Tiro ya Rona Jaaka Barekisi ba Dibuka
  • Tirelo ya Bethele ya Nakwana
  • Go Neela Bosupi Fela go sa Kgathalesege Kganetso
  • Go Tshwarwa le go Latlhelwa mo Kgolegelong
  • Go Tswa mo Lefifing go ya mo Leseding
  • Go Tlogela Kobamelo ya Mmusimogolo ka go Tla mo kobamelong ya boammaaruri
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Jehofa o Gogela Batho ba Maemo a a Kwa Tlase mo Boammaaruring
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • ‘Go Batla Pele Bogosi’
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • ‘Go Jala ka Dikeledi Mme o Roba ka Boitumelo’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 5/1 ts. 21-25

Jehofa ga a Latlhe Batlhanka ba Gagwe

Jaaka go Boletse Matsue Ishii

E NE E le mo e ka nnang ngwaga yotlhe, ke ntse ke tswaletswe ke le nosi mo Sendai, mo Japane, mo ntlwaneng ya kgolegelo eo e neng e le sepitlaganyane, e le leswe, e tletse dinta. Mo nakong eo yotlhe, ke ne ke sa letlelelwe go tlhapa mmele le fa e le gone go itshutlha. Mmele wa me o ne o tletse dintho, ke lomilwe ke ditsitsiri. Ke ne ke koafaditswe thata ke ramatiki moo ke neng ke palelwa ke go nna fa fatshe lefa e le go ema ka dinao. Ereka jaana ke ne ke bopame thata ebile go setse marapo fela, ke le bokete jwa 30 kg, ke ne ke setse ke le gaufi le go swa.

Mme ke ka ntlha yang ke ne ke le fano? Ke ka ntlha yang fa babusi ba ne ba tla go kokota mo lebating la me ka nako ya botlhano mo mosong wa June 21, 1939, mme ba ntshwara? Ke ne ke dirile eng? Tseo e ne e le dipaka tse di thata mo e ka nnang dingwaga tse 50 tse di fetileng mo Japane. Mma ke go bolelele ka tsone le kaga maemo ao a neng a dira gore ke felele ke le mo kgolegelong le kafa ke neng ka falola ka gone.

Botshelo jwa Me Kwa Tshimologong

Ke ne ka tsalwa ka 1909 mo Kure City, mo Japane, dikilometara di ka nna 25 fela go tswa kwa Hiroshima. Batsadi ba me ba ne ba na le lebenkele la go rekisa reisi le la kimono. Fa ke ne ke le dingwaga di fera bongwe, bolwetsi jwa Leroborobo bo ne jwa tlhasela mo lefelong la rona, mme ka bonakonyana makese a baswi a tlhatlaganngwa fa botshubelong jwa mebele ya baswi. Re ne ra tsenwa ke bolwetsi jono nna le nkgonne wa mosadi, mme beke moragonyana ga moo o ne a swa. Fa a sena go swa ka tshoganyetso jalo, ke ne ka simolola go ipotsa gore: ‘Ke ka ntlha yang fa batho ba swa? Go diragalang fa motho a swa?’

Rre e ne e le Mo-Buda yo o tlhagafetseng, mme gore ke bone dikarabo, ke ne ka etela ditempele di le dintsinyana tsa Buda. Ke ne ke tle ke botse baruti ba tsone ke re: “Ke ka ntlha yang fa batho ba swa?”

“Ga o a tshwanela go akanya kaga dilo tseo,” ba ne ba araba jalo. “Fa o nna o ikantse fela mo go Buda le go nna o bua-bua dithapelo tsa gago, o tla tlhomamisega go tsena mo Nirvana le mo paradaiseng.”

Fa ke sena go nna dingwaga tse 17, ke ne ka utlwalela kaga buka nngwe e e bidiwang Bibela. Ke ne ka nna le yone mme ke sa e tlhaloganye. Moragonyana ke ne ka simolola go nna gone mo kerekeng nngwe ya “Bakeresete” mo Kure City. Fa ke sena go utlwa gore motho o ne a swa ka ntlha ya boleo jwa ga Adame, seo se ne sa lebega se utlwala mo go nna, mme ke ne ka nna leloko je le tlhagafetseng la kereke.

Ka yone nako eo baagi ba metse ya magae ba ne ba a tle ba re: “Bodumedi jwa Yaso (Bokeresete) bo tla senya naga eno.” Ereka e ne e le nna “Mokeresete” wa ntlha yo o tlhagafetseng mo lefelong la rona, batho ba motse ba ne ba mpona molato wa gore ke ba lereditse kgobo mo motseng mme ba nna gaufi le gore ba mpateletse go fuduga. Batsadi ba me ba ne ba intumologela thata.

Go Ithuta Boammaaruri jwa Bibela

Ka boiteko jwa gore ke latlhe tumelo ya me, Rre o ne a rulaganyetsa gore ke nyalane le motho mongwe yo ke neng ke sa mo itse gotlhelele, Jizo Ishii, yo o neng e le Mo-Buda yo o tlhagafetseng. Mogolowe e ne e le moperesiti yo mogolo wa tempele ya Buda. Ke ne ka bolelelwa gore, lefa Jizo a ne a se Mokeresete, o ne a tla nna pelontle fela kaga tumelo ya me. Jalo ke ne ka fudugela kwa Osaka mme ya re ke le dingwaga di le 19 ka nyalana le Jizo, yo o neng a le moroki. Mme phapaanong le seo rre a neng a se buile, Jizo o ne a seka a ntetlelela go ya kwa kerekeng.

Kafa morago ga ntlo ya rona mo Tojo-cho, Osaka, go ne go na le ntlo nngwe e na le sesupo se se reng: “Lekala la Osaka la Baithuti ba Bibela ba Merafe Yotlhe.” Ka go akanya gore e tshwanetse ya bo e le setlhopha sa Bakeresete, ke ne ka etela ntlo eo.

“A lo dumela mo go tleng ga bobedi ga Morena?” ka botsa lekawana lengwe le le neng la tla kwa go nna fa kgorwaneng ya ntlo.

“Go tla ga bobedi ga ga Keresete go ne ga diragala ka 1914,” a araba.

Ka go gakgamadiwa ke seno, ke ne ka mo raya ka re ga go a nna jalo. “O tshwanetse go bala buka eno,” a bolela, a nneela The Harp of God.

Go dira gore monna wa me a seka a bona buka eno, ke ne ka e fitlha mo kgetsaneng ya lotlhaka e e neng e na le magala mme ke e bala nako le nako fa ke ne ke kgona. Ntlha nngwe le nngwe e ne e ntlhaba jaaka lomao—ke batho ba ba 144 000 fela ba ba yang legodimong; Keresete ga se karolo ya Tharo-nngwe mme ke Morwa yo o tsetsweng a le esi wa ga Jehofa, Modimo mothatayotlhe; re tshela mo motlheng wa bofelo; bolwetsi jwa Leroborobo jo bo neng jwa bolaya nkgonne e ne e le karolo ya tiragatso ya polelelopele ya Bibela. Ke ne ka tlhatswega pelo gore seno e ne e le boammaaruri jo ke neng ke ntse ke bo batla.

Kgabagare, monna wa me o ne a lemoga gore ke ne ke bala buka ya Bokeresete. Lefa go ntse jalo, fa ke sena go itshwarelela mo tumelong ya me, o ne a simolola go akanya gore a go ka ne go na le sengwe se se botlhokwa thata seo se neng se kopanyelediwa mme jalo a bala The Harp of God ka boene. Ke ne ka kolobediwa mo ngwageng o o latelang, March 23, 1929, mme monna wa me a kolobediwa ka bokhutshwane morago ga moo.

Tiro ya Rona Jaaka Barekisi ba Dibuka

Re ne ra tswala lebenkele la go roka mme ra rebola bahiriwa ba rona go tsamaya. Ka go tlala boitumelo, re ne ra simolola go tsena mo tirong ya ntlo le ntlo mo Osaka. Ka September 1929, ke ne ka nna morekisi wa dibuka wa bobedi mo Japane, jaaka badihedi ba nako e e tletseng ba ne ba bidiwa ka nako eo, mme monna wa me o ne a tlhakanela le nna mo tirong ya go rekisa dibuka moragonyana. Rotlhe re ne ra akaretsa dikwatara di le tharo tsa Japane, ebong Osaka, Kyoto, Nagoya, Tokyo, Sendai, Sapporo, Okayama, le setlhaketlhake sa Shikoku. Re ne re fetsa dikgwedi di le thataro mo motseng mongwe le mongwe, re hirile ntlwana mme se re neng re se dira thata e ne e le go tsamaisa dibuka.

Re ne ra dirisa dibuka tse di neng di le gone ka Sejapane, jaaka The Harp of God, Deliverance, Creation, Reconciliation, le Government, gammogo le The Golden Age (e jaanong e leng Awake!) le Tora ya Tebelo. Jaaka barekisi ba dibuka, re ne re dirisa dioura di le 180 kgwedi nngwe le nngwe mo go tsamayeng ka ntlo le ntlo. Lemororo go ne go lapisa mo mmeleng, boitumelo jwa rona jwa go direla bo ne bo le bogolo.

Barekisi ba dibuka ba Japane mo metlheng eo ba ne ba sa duelelwe ditshenyegelo tsa bone mme bontlhanngwe jwa madi a bone a ba a boneng ka go tsamaisa dibuka ba ne ba itshedisa ka one. Botshelo bo ne bo se motlhofo. Morekisa-dibuka-ka-rona o ne a bolawa ke mala a mahibidu. Fa ke ntse ke oka molwetsi yoo, le nna ke ne ka tsenwa ke bolwetsi mme ka robadiwa kwa sepatela. Fa re ntse re direla mo Nagoya, molelo o ne wa tsoga kafa ntlong e nngwe go bapa le rona. Re ne ra fologa ka bofefo ka disetepose go tswa kwa bodilong jwa bobedi ka diaparo fela tseo re di apereng, mme ra falola ka tshoba la mogodu. Dilwana di sekae tse re neng re na natso le dibuka tse re neng re tshwanetse go di tsamaisa di ne tsa sha, mme ra sala re sena lefa e le madi.

Fa re ntse re le mo Okayama, monna wa me o ne a fetsa malatsi a le mantsi a tsenwe ke bolwetsi jwa letshoroma mme fa a tlhatlhobiwa ga twe o na le bolwetsi jwa mafatlha a magolo. Ka nako eo bolwetsi jwa mafatlha a magolo e ne e le jo bo diphatsa thata. Fa e le gore monna wa me o ne a tla felela a sule, re ne ra bona gore bogolo re ye kwa Sapporo kwa setlhaketlhakeng se se kwa bokone, Hokkaido, go ya go rera kwa tiro e neng e ise e ko e dirwe gone.

Ka September 1930, re ne ra fudugela kwa Hokkaido, koo ke neng ke solofetse gore monna wa me o tla swela gone. Fano phefo e ne e itekanetse, mashi le ditapole di sa ture thata, mme botsogo jwa monna wa me bo ne jwa tokafala ka iketlo. Jehofa o ne a seka a re latlha mme o ne a re segofatsa ka boipelo jo bogolo mo bodiheding jwa rona.

Fa e ne e le lantlha re dira mo Sendai, Mr. Inoue, yo o neng e le mookamedi wa Tohoku Imperial University, o ne a buisana le nna ka namana. O ne a amogela dibuka tse ke neng ke di tshotse mme a mpuledisa go tswa ka kgoro. Fa ke ntse ke tsamaya ka ntlo le ntlo, ke ne ka kopana gape le Bansui Doi, mokwadi yo mogolo wa dibuka, yo o neng a ranolela dibuka tsa ga Homer ebong, Iliad le Odyssey mo Sejapaneng. O ne a amogela buka ya Creation.

Gareng ga bao ba neng ba amogela molaetsa wa rona ka kanaanelo e ne e le balelapa la ga Miura kwa Ishinomori. Hagino, mosadi wa gagwe, o ne a le dingwaga tse 17 fela fa a re etela kwa Sendai. Morago ga go fetsa bosigo jotlhe re buisanya ka Bibela, o ne a tlhatswega pelo gore re ne re bua boammaaruri. Ka bonakonyana lelapa lotlhe le ne la fudugela kwa Tokyo, kwa Hagino le monna wa gagwe ba neng ba dira gone jaaka barekisi ba dibuka. Katsuo o ne a swa jaaka Mosupi yo o ikanyegang, mme Hagino o santse a dira ka boikanyego. Ngwana wa bone wa mosimane, Tsutomu, o na le dingwaga tse dintsi e ntse e le moranodi mo lekaleng la Japane la Mokgatlho wa Watch Tower.

Tirelo ya Bethele ya Nakwana

Ka bo-1930 nna le monna wa me re ne re tle re dire ka dikgwedinyana mo Bethele mo Ogikubo, Tokyo. Ka nako eo, go ne go na le ba ba ka tshwarang 20 ba ba neng ba bereka koo. Magatisetso a le mabedi a a modumo a ne a gatisa The Golden Age. Nna le Jizo re ne re dira mo Lephateng la Diaparo. Fa dipaka di fetoga, barekisi ba dibuka ba ne ba romela diaparo tsa bone tse di onetseng kwa Bethele. Re ne re di tlhatswa, re di roka, re di gatisa re bo re di ba romelela. Re ne re bile re segela barekisi ba dibuka diaparo tse disha. Fa tiro eno e sena go digelwa, le rona re ne re boela kwa tirong ya go rekisa dibuka.

Nngwe ya dilo tse ke di gakologelwang thata mo Bethele e ne e le kopano e e sa lebalesegeng mo Columbus, Ohio, U.S.A., ka 1931. Mokaulengwe mongwe o ne a tlhamile radionyana e e amogelang dikgaso tsa mafatshe a sele. Re ne ra lala re sokasokana le go batla seteishene seo se neng se gasa thulaganyo ya kopano bosigo jotlhe, ka ditsela tsotlhe. Gareng ga bosigo, go ne ga utlwala lentswe la mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower J. F. Rutherford, le tla ka maatla. Ka bofefo fela mokaulengwe mongwe a simolola go ranola. Jalo re ne ra utlwa maitlamo a go amogela leina je lesha, “Basupi ba ga Jehofa,” le magofi a a iteelwang kwa godimo a go amogela seo. Re le kgakala-kgakala mo Bethele ya Japane, re ne ra tlhaeletsa ka boitumelo re le kutlwanong le bakaulengwe ba rona mo Amerika. Metsotso e se kae moragonyana, lentswe la radio le ne la ngotlega, mme ra seka ra tlhola re utlwa sepe. Mme Jehofa o ne a dirile gore Japane a nne bontlhanngwe jwa nako eno e e sa lebalesegeng mo ditiragalong.

Go Neela Bosupi Fela go sa Kgathalesege Kganetso

Mo leubeng le legolo leo le neng le apere lefatshe lotlhe morago ga Ntwa ya Lefatshe I, matsubutsubu a bomorafe le a dintwa a ne a tlhasela mo Japane. Mmusi-mogolo o ne a tsewa jaaka modimo yo o tshedileng yoo batho botlhe ba neng ba tshwanetse go mmontsha bothokgami. Mme rona re ne re raya batho re re: “Modimo o mongwe fela.”

“A la re mmusi-mogolo ga se Modimo?” ba ne ba araba jalo.

“Go tla nna le isagwe e e molemo-lemo e Bogosi jwa Modimo bo tla e tlisang,” re ne re ba araba jalo.

“A lo batla puso nngwe kwa ntle ga ya mmusi-mogolo?” ba ne ba botsa jalo. Sengwe le sengwe se re neng re se bua, mafoko a rona a ne a faposiwa mme re ne re bidiwa baoki. Babusi ba ne ba oketsa maiteko a bone a go gapa dibuka tsa rona, mme mapodisi a a seng mo seaparong sa tiro a ne a oketsa dinako tsa bone tsa go re tlhotlhomisa.

Gantsi, gangwe fela mo ngwageng, go ne go nna le puo ya phatlalatsa. Lemororo re ne re na le Basupi ba le 20 fela mo Tokyo, go ne ga nna gone ba ba ka nnang 500 mo puong e e reng “Go wa ga Tlhabologo ya Bokeresete” mo Yodobashi Public Hall ya motse oo. Mapodisi a ne a dikanyetsa sebui mo seraleng, mme fa a ne a ka bua sengwe seo ba neng ba se kaya gore ga se a siama, go ne go utlwala lentswe le re, “Sebui, ema!” Mme sebui sone se ne se lebisa mo lekwalong lengwe ka tsela e e botlhale mme a le bale. Ka jaana Bibela e ne e sa thibelwa o ne a letlelelwa go tswelela.

Go Tshwarwa le go Latlhelwa mo Kgolegelong

Mo e ka nnang dingwaga tse di lesome morago ga re sena go simolola tiro ya go rekisa dibuka, tlhaselo e kgolo ya go tshwara Basupi ba ga Jehofa e ne ya simologa mo Japane. Mo mosong oo o o boitshegang wa June 21, 1939, ke ne ka isiwa kwa ofising ya mapodisi mo Ishinomaki mme ka latlhelwa mo ntlwaneng ya kgolegelo e e lefifi e e neng e lepeletse mosidi wa mosi mo ditlhomesong. Ka bofefo fela ke ne ka romelwa kwa Sendai mme ka tsenngwa mo ntlwaneng ya kgolegelo ke le nosi. Monna wa me le ene o ne a tshwarwa. Mme ke ne ka seka ka tlhola ke kopana le ene go fitlhelela morago ga ntwa.

Ke ne ka fetsa mo e ka nnang ngwaga otlhe mo ntlwaneng eo ya kgolegelo e e leswe-leswe gore ke bo ke rate go swela teng. Moragonyana, ke ne ka utlwalela gore mo lobakeng loo lotlhe babusi ba ne ba ntse ba tlhotlhomisa Junzo Akashi, molebedi wa lekala la Japane. Morago ga moo, ke ne ka simolola go bodiwa dipotso. “Latlhela Bibela mo bodilong mme o e shobotle,” ga bua jalo motlhotlhomisi yo o buang ka tshotlo. Morago o ne a mpontsha rekoto ya ditlhotlhomiso tsa ga Akashi. Lantlha ke ne ka akanya gore seo e ne e le leano fela.

“A o dumela mo go Akashi?” ga botsa mmotsi.

“Akashi ke motho fela yo o sa itekanelang,” ka araba. “Fa Akashi a ne a santse a dirisa melao-metheo ya Bibela, Akashi o ne a dirisiwa jaaka motlhanka wa Modimo. Mme ereka jaana dipolelo tsa gagwe di fapaane le Bibela, ga a sa tlhole a le mokaulengwe wa me.” Ijoo we, Akashi ruri o ne a tlogetse boammaaruri!

La bofelo, go ne ga ntshiwa katlholo, mme ke ne ka tswalelwa mo Kgolegelong ya Basadi ya Sendai. Ke ne ka latlhelwa gape mo ntlwaneng ya kgolegelo ke le nosi. Dijo tsone, lemororo di ne di le dipotlana, di ne di le gone. Mo mosong mongwe le mongwe, ke ne ke dumeletswe go tsamaya metsotso e le 30 ke disitswe ke modisa-kgolegelo wa mosadi. Nako nngwe modisa-kgolegelo o ne a nthaya a re: “Fa dipaka di ka bo di le botoka, o ne o tla bo o siametse go re ruta. Mme ereka jaana dipaka di le maswe, tswee-tswee nna pelotelele.” Ke ne ka kgothadiwa ke mafoko a gagwe.

Lefa go ntse jalo, Japane o ne a itatlhela mo ntweng kgatlhanong le United States, mme seno se ne sa gapa tlhokomelo ya lefatshe lotlhe. Go ya bofelong jwa 1944, dingwaga tse tlhano le sephatlo morago ga ke sena go tshwarwa, ke ne ka gololwa. Ka August 1945 dibomo tsa atomo di ne tsa latlhelwa mo Hiroshima le Nagasaki, mme Japane e ne ya fenngwa mo ntweng.

Go Tswa mo Lefifing go ya mo Leseding

Nna le monna wa me re ne ra boela kwa Kure City mme mo mmudubudung wa fa ntwa e sena go fela, re ne ra itshedisa ka go nna le madirelo a go rokela. Ditsala tsa rona tsa pele di ne di gasagasame mme ba ne ba re timelela gotlhelele. Lefa go ntse jalo, dingwaga tse di ka nnang nne morago ga ntwa, re ne ra utlwalela gore barongwa ba ne ba tla go tswa kwa United States, mme tiro ya Bogosi e ne e tla simololwa gape mo Japane.

Mmogo le mosimanyana wa rona wa dingwaga tse thataro, yo re neng ra mo ikgodisetsa morago ga ntwa, monna wa me o ne a nna gone mo kopanong ya morago ga ntwa eo e neng e tshwaretswe kwa Tarumi, Kobe. E ne ya simologa mo bofelong jwa December 1949 go ya mo ngwageng o mosha wa 1950. Fa esale ka ngwaga wa 1939 tiro ya Bogosi mo Japane e ne e le mo ‘metlheng ya lefifi,’ mme kgabagare re ne ra fudusediwa mo leseding!

Ka 1951 re ne ra utlwalela gore Nathan H. Knorr, yo ka nako eo e neng e le mookamedi wa Mokgatlho wa Watch Tower, o ne a rulaganyeditswe go etela Japane, mme re ne re sa itse gore leng. Ka April 27, 1951, fa re ntse re roka diaparo go fitlhelela bosigo-gare, re ne ra reetsa dikgang tsa bofelo tsa radio tsa letsatsi leo. “Mr. N. H. Knorr, mookamedi wa Watch Tower o tla etela Japane mme a fe puo kwa Kyoritsu Auditorium,” moanamisi a bolela. Mo letsatsing le le latelang ke ne ka palama terena mme ka tsamaya sekgala sa dikilometara di le 900 go ya kwa Tokyo, mo mmudubudung wa lehuma la morago ga ntwa. Ka April 29, ke ne ke ntse foo ke reeditse Mokaulengwe Knorr.

Ke ne ka itumela thata go utlwa go itsisiwe kaga kgatiso ya Tora ya Tebelo ka Sejapane e le lantlha morago ga ntwa. Ke ne ka boela gae ka tokololo ya bosheng ya May 1, 1951. Ga ke gakologelwe nako epe e nngwe e nkileng ka nna le boitumelo jo bo kana. “Tiro jaanong mo Japane e rebotswe gape semmuso,” ka akanya jalo, “mme fela jaaka go ne ga bolelelwa pele, tiro ya ga Jehofa e ne e tla oketsega, a le mongwe o tla nna sekete.”

Fa e sa le ka nako eo re ile ra ipelela kamano e e tletseng le phuthego ya ga Jehofa. Ka August 1951 Mokaulengwe Adrian Thompson o ne a re etela e le lantlha jaaka molebedi wa potologo. Dipokano di ne tsa simololwa, mme bakaulengwe ba babulatsela ba ntlha ba ba kgethegileng mo Japane ba ne ba romelwa kwa Kure City. Phuthego e ne ya gola ka bonya ka bonya mme monna wa me o ne a direla jaaka motlhanka wa phuthego.

Go ne ga diragalang ka Basupi ba le 130 mo Japane pele ga ntwa? Sekao se se sa siamang sa ga Junzo Akashi, e bong molebedi wa lekala, se ne sa gobatsa ba le bantsi. Ba sekae ba ne ba mo sala morago, ba bangwe ba falala, mme ba bangwe go bonala ba ne ba swela mo pogisong. Ba sekae ba ne ba nna ba tlhagafetse mo tirelong ya ga Jehofa, mme ba bangwe ba santse ba na le botsogonyana mme ba dira ka tlhagafalo.

Fa botsogo jwa me bo ntse bo tokafala, ke ne ka direla jaaka mmulatsela wa ka metlha ka dingwaga di sekae. Fa monna wa me a sena go tshwara dingwaga di le 71, o ne a kgwa namane e tona ya madi mme a potlakisediwa kwa sepatela. Dingaka ka tebogo, di ne tsa amogela go gana ga gagwe go tshelwa madi. Lemororo a ne a fola sentle, o ne a tlhokafala dikgwedi di le thataro moragonyana. Ngwana wa rona yo re mo ikgodiseditseng e bong, Kozo, o ne a nna mmulatsela yo o kgethegileng ka dingwaga di le dintsi mme jaanong ke mogolwane wa Mokeresete.

Phapaanong le seno, go lebega fa bontsi jwa ba ba neng ba na le bokgoni le botlhale pele ga ntwa ba ne ba tlogela phuthego fa ba bogisiwa thata. Gongwe ba ne ba ikaegile ka dikgono tsa bone. Ba ba neng ba nna fela ba ikanyega ba ne ba sena dikgono dipe tse di kgethegileng mme e bile ba sa itsege thata. Tota ruri rotlhe re tshwanetse go ikanya mo go Jehofa ka pelo yotlhe.—Diane 3:5.

Kgabagare “sepitla se segolo” ruri se tla tla. (Mathaio 24:21) Re ka nna he ra lebagana le diteko tseo di ka fetang tsa pele kgakala. Go di itshokela go ka nna ga seka ga nna motlhofo jaaka re ka akanya. Mme fa ruri re ikanya mo go Jehofa, re mo rata tota-tota e bile re batla thuso ya gagwe go tswa mo dipelong tsa rona, fela jaaka a ile a se ka a ntatlha, ga a kake a latlha batlhanka ba gagwe ba ba lekang thata go mo direla ka boikanyego.—Pesalema 37:25.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ke ne ka nyalwa ke Jizo Ishii, motho yo ke neng ke sa mo itse gotlhelele

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Fa Mokaulengwe Knorr a etetse Japane ka 1951, o ne a etela barongwa le dikopano mo Tokyo, Nagoya, le Kobe (fa godimo)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela