LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 11/15 ts. 4-6
  • Lebaka la Go Bo go Na le Bangwe Ba Ba Tsalwang Sesha

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebaka la Go Bo go Na le Bangwe Ba Ba Tsalwang Sesha
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boikaelelo jwa Modimo ka Batho
  • Go Diragala Eng ka Moya mo Losong?
  • Go Tsalwa Sesha Gore Ba Buse Jaaka Dikgosi
  • Go Tweng ka Lefatshe?
  • Ke Bomang Ba Ba Tla Solegelwang Molemo?
  • O ka Dumela mo Lefatsheng la Paradaise
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Botshelo Morago ga Loso—Baebele ya Reng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Tsalo-Sesha
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Tumelo ya Gago mo Tsogong ya Baswi e Nonofile go le Kanakang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 11/15 ts. 4-6

Lebaka la Go Bo go Na le Bangwe Ba Ba Tsalwang Sesha

“HA MOTHO a sa tsalwe sesha, ga a kake a bōna bogosi yoa Modimo.” (Yohane 3:3) Mafoko ao a ile a kgatlha a bo a gakgamatsa batho ba bantsi fa esale Jesu Keresete a a bua dingwaga tse di fetang 1 900 tse di fetileng.

E le gore re kgone go tlhaloganya sentle dilo tse Jesu a neng a di bolela kaga go tsalwa sesha, re tshwanetse ra araba pele dipotso tseno: Boikaelelo jwa Modimo ka batho ke eng? Go diragala eng ka moya mo losong? Bogosi jwa Modimo bo tshwanetse jwa dira eng?

Boikaelelo jwa Modimo ka Batho

Motho wa ntlha ebong Adame o ne a bopiwa e le morwa wa motho yo o itekanetseng wa Modimo. (Luke 3:38) E ne e se boikaelelo jwa ga Jehofa Modimo gore Adame a swe. Adame le mosadi wa gagwe, Efe, ba ne ba ka nna le bana ba ba itekanetseng ba ba neng ba tla tshelela ruri mme ba tlatse lefatshe la paradaise. (Genesise 1:28) Go tloga fela kwa tshimologong Modimo o ne o sa ikaelela gore monna yoo le mosadi yoo ba swe. Loso lo ne lwa tsena mo bathong fela ka ntlha ya go tsuologela molao wa Modimo.—Genesise 2:15-17; 3:17-19.

Botsuolodi jono bo ne jwa tsosa dikgang tse ditona tse di amang melaometheo jaaka gore a Modimo o tshwanela go nna molaodi le gore a batho ba nonofile go ikobela melao ya gagwe. Go ne go tla tlhoka nako gore dikgang tseno di rarabololwe. Mme lefa go ntse jalo boikaelelo jwa ga Jehofa Modimo ka batho ga bo a ka jwa fetoga, ebile ga a kake a palelwa ke go dira seo a batlang go se dira. O ikaeletse ka botlalo gore o tla tlatsa lefatshe ka lelapa le le itekanetseng la batho leo le tla tshelang ka bosakhutleng mo Paradaiseng. (Pesalema 37:29; 104:5; Isaia 45:18; Luke 23:43) Re tshwanetse go nna re akantse ka boammaaruri jono jwa motheo fa re sekaseka mafoko a ga Jesu a a kaga go tsalwa sesha.

Go Diragala Eng ka Moya mo Losong?

Batlhalefi ba Bagerika ba ne ba kgaratlha go leka go bona gore botshelo tota bo kaya eng ereka ba ne ba sa itse seo moya wa Modimo o o boitshepo o neng o se senoletse bakwadi ba Bibela. Ba ne ba sa dumele gore motho o ne a beetswe go tshela dingwaga di le mmalwa fela, gantsi ebile a le mo maemong a a utlwisang botlhoko, morago ga foo a bo a sa tlhole a tshela. Ba ne ba nepile mo go seno. Mme lefa go ntse jalo, tshwetso ya bone kaga se se diragalelang motho fa a sena go swa e ne e le phoso. Ba ne ba swetsa ka gore motho o ne a tswelela a tshela a le mo sebopegong se sengwe fa a sena go swa, gore motho mongwe le mongwe o ne a na le moya o o sa sweng mo teng ga gagwe.

Bajuda le batho bangwe ba ba neng ba ipitsa Bakeresete ba ne ba tlhotlhelediwa ke dikgopolo tse di ntseng jalo. Buka ya Heaven—A History e bolela jaana: “Gongwe le gongwe koo Bajuda ba bafaladi ba neng ba kopana le barutegi ba Bagerika teng go ne go buiwa ka kgang ya gore moya ga o swe.” Buka eo e oketsa jaana: “Dithuto tsa Bagerika tse di kaga moya di ne tsa ama dilo tse di neng di dumelwa ke Bajuda le tse morago di neng di dumelwa ke Bakeresete. . . . Philo [motlhalefi wa lekgolo la ntlha la dingwaga wa Mojuda wa kwa Alexandria] o ne a betlela Bakeresete ba moragonyana tsela ka go tlhama dikgopolo tse di sa tshwaneng le dipe a tlhakanya botlhajana jwa ga Plato le dingwao tsa Bibela.”

Philo o ne a dumela eng? Yone buka eo e tswelela jaana: “Mo go ene, loso lo busetsa moya kafa o neng o ntse ka teng kwa tshimologong, mo boemong jwa pele ga tsalo. Ereka moya e le selo sa lefatshe la semoya, go tshela jaaka motho e nna paka e khutshwane, gantsi ebile e se monate.” Lefa go ntse jalo Adame o ne a seyo “pele a tsalwa.” Go ya ka pego ya Bibela, Modimo ga o ise o ke o rulaganyetse go isa motho kwa lefelong le lengwe fa a swa, jaaka ekete lefatshe e ne e le lefelo la nakwana la go tshela o le sebopiwa se se kwa godingwana kana se se kwa tlasenyana.

Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng ka moya eleng Bibela ga le rute thuto ya gore moya wa motho ga o swe. Ga le umake le fa e le gangwe fela lereo “moya o o sa sweng.” Le bolela gore Adame o ne a bopiwa e le moya, eseng a na le moya. Genesise 2:7 e bolela jaana: “Me Yehofa Modimo a bopa motho ka lorole loa mbu, me a budulèla mōea oa botshelō mo dinkoñ tsa gagwè; me motho a dihèga mōea o o tshedileñ.” Motho ga a ise a ko a lebelele gore a ka ya go tshelela ruri kwa legodimong kana a ka ya go bogisiwa ka bosakhutleng mo molelong wa dihele. Bibela e bontsha gore moya, kana motho, fa a swa ga a tlhole a ikutlwa ka gope. (Pesalema 146:3, 4; Moreri 9:5, 10; Esekiele 18:4) Ka gone, batlhalefi ba ile ba dumela dikgopolo tse e seng tsa Dikwalo kaga moya. Re tlhoka go itisa mo dikgopolong tse di tsietsang tse di ka nnang tsa hupetsa kafa re tlhaloganyang mafoko a ga Jesu kaga go tsalwa sesha ka gone.

Go Tsalwa Sesha Gore Ba Buse Jaaka Dikgosi

Jesu o ne a bolelela Nikodemo gore bao ba ‘tsalwang sesha . . . ba tsena mo bogosing jwa Modimo.’ (Yohane 3:3-5) Bogosi joo ke eng? Jehofa Modimo o ne a itsise boikaelelo jwa gagwe jwa go dirisa “losika” lo lo kgethegileng—mmusi mongwe yo a neng a tla—go tla go tšhwetla tlhogo ya Noga ya kwa tshimologong, Satane Diabolo, a itsise seno ka puo ya tshwantshetso kwa tshimologong ya hisitori ya batho. (Genesise 3:15; Tshenolō 12:9) Jaaka go ile ga nna ga senolwa mo Dikwalong kgato ka kgato, “losika” lono lo supiwa gore ke Jesu Keresete, yoo a busang le babusi ba bangwe go supa gore Modimo ke molaodi ka tsela e e sa tshwaneng le epe eleng ka Bogosi jwa ga Mesia. (Pesalema 2:8, 9; Isaia 9:6, 7; Daniele 2:44; 7:13, 14) Jono ke Bogosi jwa legodimo, puso e e kwa legodimong e e tla tlotlomatsang bolaodi jwa ga Jehofa mme e golole batho mo bokgobeng jwa loso le boleo.—Mathaio 6:9, 10.

Jesu o na le babusi ba bangwe ba ba 144 000 ba ba rekilweng go tswa mo bathong. (Tshenolō 5:9, 10; 14:1-4) Modimo o ile wa tlhopha batho bangwe mo lelapeng le le sa itekanelang la ga Adame go tla go nna “baitshepi ba Mogodimodimo,” bao ba busang le Keresete mo Bogosing jwa Bomesia. (Daniele 7:27; 1 Bakorintha 6:2; Tshenolō 3:21; 20:6) Banna bano le basadi ba dumela mo go Jesu Keresete yo a neng a bolela gore ba ne ba tla “tsalwa sesha.” (Yohane 3:5-7) Go tsalwa gono go diragala jang le gone ka ntlha yang?

Batho bano ba ile ba kolobediwa ka metsi jaaka balatedi ba ga Keresete. Modimo o itshwaretse maleo a bone ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo, o ba kaile ba siame, mme o ba tsetse jaaka barwa ba semoya. (Baroma 3:23-26; 5:12-21; Bakolosa 1:13, 14) Moaposetoloi Paulo o bolelela ba ba ntseng jalo bao jaana: “Lo amogetse mōea oa boñwana, o re bitsañ ka ōna, re re, Aba, ke go re, Rara. Mōea ka osi o shupa le mōea oa rona ha re le bana ba Modimo: Me ha re le bana, hoñ re baruaboshwa ba Modimo, re baruaboshwa mmōgō le Keresete; ke raea ha re bogisiwa naè, gore le gōna re tlè re galalediwe naè.”—Baroma 8:15-17.

Jaaka balatedi ba ga Keresete, ba ne ba tsalwa sesha, kana ba simolola botshelo sesha. Seno se ile sa felela ka gore ba tlhatswege pelo gore ba tla rua le Jesu boswa jwa selegodimo. (Luke 12:32; 22:28-30; 1 Petere 1:23) Moaposetoloi Petere o ne a tlhalosa go tsalwa gono gape jaana: “[Modimo] o o bileñ o re tsaletse go re isa choloheloñ e e tshedileñ, kaha boutlweloñ botlhoko yo bogolo yoa ōna, ka go coga ga Yesu Keresete mo bashwiñ, Go tla re bōna boshwa yo bo sa boleñ, le yo bo sa leshwèhalañ, le yo bo sa nyeleleñ, yo lo bo beecweñ kwa legodimoñ.” (1 Petere 1:3, 4) Batho ba ba ntseng jalo ba kgona go bona botshelo jo bosha jono jwa legodimo gonne Modimo o ba tsosa mo baswing fela jaaka a ne a tsosa Jesu.—1 Bakorintha 15:42-49.

Go Tweng ka Lefatshe?

Seno ga se reye gore batho botlhe ba ba utlwang ba tla tsalwa sesha ba tloga mo lefatsheng ba ya kwa legodimong. Kgopolo e e ntseng jalo e e phoso e ne e tshwana le e e neng e dumelwa ke batlhalefi ba ba tshwanang le Philo, yoo a neng a akanya gore “go tshela jaaka motho [ke] paka e khutshwane, e gantsi e seng monate.” Mme lefa go ntse jalo, dibopiwa tsa ntlha tse Jehofa Modimo a neng a di bopile tsa selefatshe di ne di siame.—Genesise 1:31; Duteronome 32:4.

Botshelo jwa motho bo ne bo sa rulaganngwa gore bo nne bokhutshwane bo bo bo nne botlhoko. Jesu Keresete le bao ba tsetsweng sesha go dira jaaka dikgosi le baperisiti le ene kwa legodimong ba tla tlosa dilo tsotlhe tse di botlhoko tse di neng tsa diragala ka ntlha ya botsuolodi jwa ga Satane. (Baefesia 1:8-10) Jaaka “losika loa ga Aberahame,” “merahe eotlhe ea lehatshe e tla segōhala,” ka bone. (Bagalatia 3:29; Genesise 22:18) Mo bathong ba ba utlwang seno se tla kaya gore ba tla tshela mo lefatsheng la paradaise, le le farologaneng fela thata le botshelo jo bokhutshwane jo bo botlhoko jwa gompieno.—Pesalema 37:11, 29; Tshenolō 21:1-4.

Ke Bomang Ba Ba Tla Solegelwang Molemo?

Mo go bao ba solegelwang molemo ke dilo tse Modimo o di baakanyeditseng go segofatsa batho ka tsone go tla bo go na le bao ba tla tsosiwang mo baswing bao ba dumelang mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo. (Yohane 5:28, 29; Ditihō 24:15) Bontsi jwa bone ga bo itse sepe ka Modimo le Keresete mme ka gone ga ba a ka ba kgona go supa fa ba dumela mo go Jesu. Bao ba tsositsweng mo baswing ba tla akaretsa batho ba ba ikanyegang ba ba tshwanang le Johane Mokolobetsi, yoo a neng a swa pele Jesu a bula tsela ya go tshela kwa legodimong. (Mathaio 11:11) Kwantle ga bone, go na le ‘boidiidi jo bogolo jo bo tswang mo merafeng yotlhe jo bo tlhatswitseng dikobo tsa jone bo di sweufaditse mo mading a Kwana,’ Jesu Keresete. Ba tsaya kgato e e siameng fa ba rerelwa mo tirong ya go rera ka Bogosi e jaanong e eteletsweng pele ke “bonnake” ba ga Jesu ba ba tsetsweng sesha mme ba tla falola ntwa ya Modimo ya Hara–Magedona go tla go tshela mo lefatsheng le le phepafaditsweng. (Tshenolō 7:9-14; 16:14-16; Mathaio 24:14; 25:31-46) Ka gone, dimilione di tla bolokwa go ya kafa Modimo o rulagantseng ka teng, le mororo ba sa tsalwe sesha go ya go busa le Keresete kwa magodimong.—1 Yohane 2:1, 2.

A o tla nna mongwe wa bao ba tla ruang botshelo mo lefatsheng la paradaise? O ka nna ene fa o dumela mo setlhabelong sa ga Jesu Keresete mme o kopanela ka botlhaga le phuthego ya Bakeresete ba boammaaruri. Ga e a leswefadiwa ke matlhajana mme e ile ya nna e le “lekotwana le setshegeco sa boamarure.” (1 Timotheo 3:15; bapisa Yohane 4:24; 8:31, 32.) He o ka lebelela go bona isagwe e e molemolemo ka nako ya fa barwa ba Modimo ba ba tsetsweng sesha ba tla bo ba busa kwa legodimong le fa bana botlhe ba Modimo ba mo lefatsheng ba tla bo ba itekanetse gape ba le mo lefatsheng le lentle la paradaise. Ka jalo dira gore o bone tshono eno ya go tshela mo lefatsheng le lesha le le nang le masego a a sa khutleng.—Baroma 8:19-21; 2 Petere 3:13.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Adame ga a ise a ko a bolelelwe gore a ka tshela kwa legodimong kana go ya go bogisiwa ka bosakhutleng mo molelong wa dihele

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela