J́ehofa Ga A Tshwanela go Pegiwa Molato
“Yaka rra bana a tla a utlwèlè bana ba gagwè botlhoko, Yehofa le èna o tlhomogèla ba ba mmoihañ pelo yalo. Gonne o itse popègō ea rona, o gakologecwe ha re le lorole hèla.”—PESALEMA 103:13, 14.
1, 2. Aberahame e ne e le mang, mme go ne ga tla jang gore setlogolo sa gagwe Lote se nne mo motseng o o tletseng boikepo wa Sodoma?
JEHOFA ga a ikarabele ka gope mo mathateng a a re tlhagelang ka ntlha ya diphoso tsa rona. Mabapi le seno a o ko o ele tlhoko se se neng sa diragala dingwaga di le 3 900 tse di fetileng. Tsala ya Modimo Aberahame (Aberame) le setlogolo sa gagwe Lote ba ne ba humile thata. (Yakobe 2:23) Ebile tota, dithoto tsa bone le leruo la bone di ne di le dintsi ‘mo lefatshe le neng le sa ba lekana gore ba ka nna mmogo.’ Mo godimo ga moo, go ne ga tsoga ntwa fa gare ga badisa ba banna ba babedi bano. (Genesise 13:5-7) Ke eng se se neng se ka dirwa kaga seno?
2 Aberahame o ne a akantsha gore ba kgaogane, mme o ne a letla Lote gore a tlhophe pele gore ntwa eno e fele. Le mororo Aberahame e ne e le ene yo mogolwane ebile setlogolo sa gagwe se ne se tshwanetse sa mo letla gore a tseye karolo e e gaisang, Lote o ne a itlhophela lefelo le lentle—kgaolo e e nang le metsi a mantsi ya Joredane e e kwa Tlase. Tebego ya kafa ntle e ne ya mo tsietsa, ka go bo gaufi fela le foo go ne go na le metse e e nang le boitsholo jo bo maswe ya Sodoma le Gomora. Kgabagare Lote le lelapa la gagwe ba ne ba fudugela mo Sodoma, mme seno se ne sa baya bomoya jwa bone mo kotsing. Mo godimo ga moo, ba ne ba gapiwa ke Kgosi Kedorelaomere le ditsala tsa gagwe fa ba ne ba fenya kgosi ya Sodoma. Aberahame le banna ba gagwe ba ne ba ba golola, mme lefa go ntse jalo Lote le lelapa la gagwe ba ne ba boela kwa Sodoma.—Genesise 13:8-13; 14:4-16.
3, 4. Go ne ga diragala eng ka Lote le maloko a lelapa la gagwe fa Modimo o ne o senya Sodoma le Gomora?
3 Jehofa o ne a dira tshwetso ya gore a nyeletse metse eo ka ntlha ya boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le boitsholo jo bo kwa tlase jwa Sodoma le Gomora. O ne a romela baengele ba babedi bao ba neng ba etelela pele Lote, mosadi wa gagwe, le bomorwadie ba babedi ba ba ntsha mo Sodoma ka ntlha ya kutlwelobotlhoko ya gagwe. Ba ne ba sa tshwanela go leba kwa morago, mme lefa go ntse jalo mosadi wa ga Lote o ne a dira jalo, gongwe a gopotse dithoto tsa gagwe tse a neng a di tlogela kwa morago. O ne a fetoga motlhoboloko wa letswai ka yone nako eo.—Genesise 19:1-26.
4 Abo Lote le bomorwadie ba ne ba latlhegelwa jang ne! Basetsana bao ba ne ba tlogela banna ba ba neng ba tlile go ba nyala. Lote jaanong o ne a sena mosadi ebile a sena dithoto. Ebile tota kgabagare o ne a tshwanela go nna mo legageng le bomorwadie. (Genesise 19:30-38) Seo se neng sa lebega se le molemo mo go ene se ne sa itshupa se farologane thata. Le eleng lefa a ne a dirile diphoso dingwe tse di masisi, moragonyana o ne a bidiwa “mosiami Lote.” (2 Petere 2:7, 8) Mme eleruri Jehofa Modimo o ne a ka se ka a pegiwa molato ka ntlha ya diphoso tsa ga Lote.
“E Mañ Eo O Ka Lemogañ Ditimèlō tsa Gagwè?”
5. Dafide o ne a ikutlwa jang ka diphoso le ka go ikgogomosa?
5 Rotlhe re dira diphoso ka gonne re sa itekanela ebile re tletse boleo. (Baroma 5:12; Yakobe 3:2) Jaaka Lote, re ka nna ra tsiediwa ke tebego ya kafa ntle mme ra atlhola ka tsela e e phoso. Ke gone ka moo mopesalema Dafide a neng a kopa jaana: “E mañ eo o ka lemogañ ditimèlō tsa gagwè? A u ko u ntlosè melato e e hitlhegileñ. U bo u kganèlè motlhanka oa gago mo maleuñ a boitaleco; a a se nne le taolō mo go nna: hoñ ke tla nna boitekanèlō, me ke tla bo ke se molato oa tlolō e kgolo.” (Pesalema 19:12, 13) Dafide o ne a itse gore o ne a ka nna a dira boleo a sa lemoge. Ke gone ka moo a neng a kopa gore a itshwarelwe diphoso tseo a ka tswang a ne a sa di itse. Ka nako ya fa a ne a dira phoso e e masisi ka go bo nama ya gagwe e e sa itekanelang e ne e mo tlhotlheletsa gore a tseye tsela e e phoso, o ne a kopa gore Jehofa a mo thuse. O ne a batla gore Modimo o mo thibe gore a se ka a dira ditiro tsa boikgodiso. Dafide o ne a sa batle gore a nne le boikutlo jwa go ikgodisa. Go na le moo, o ne a batla go ineela ka botlalo mo go Jehofa Modimo.
6. Pesalema 103:10-14 e ka re gomotsa jang?
6 Jaaka batlhanka ba segompieno ba ba ineetseng ba ga Jehofa, le rona ga re a itekanela mme ka gone re dira diphoso. Ka sekai, fela jaaka Lote, re ka nna ra tlhopha go nna mo lefelong le le phoso. Gongwe re ka tlogela fela tshono ya go oketsa tirelo e e boitshepo e re e direlang Modimo. Le mororo Jehofa a bona diphoso tse di ntseng jalo o itse bao dipelo tsa bone di ratang tshiamo. Le eleng lefa re ka dira boleo jo bo masisi mme re bo re ikwatlhaya, Jehofa o a itshwarela ebile o a re thusa gape o re leba jaaka batho ba bomodimo. Dafide o ne a bolela jaana: “Ga aa re dihèla kaha maleoñ a rona, leha e le go re duèla kaha maikepoñ a rona. Gonne yaka legodimo le nntse le le kwa godimo, godimo ga lehatshe, boutlwèlō botlhoko yoa gagwè mo go ba ba mmoihañ, bo nntse bogolo yalo. Yaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi, le èna o re tloseditse ditlolō tsa rona bokgakala yo bo kalo. Yaka rra bana a tla a utlwèle bana ba gagwè botlhoko, Yehofa le èna o tlhomogèla ba ba mmoihañ pelo yalo. Gonne o itse popègō ea rona, o gakologecwe ha re le lorole hèla.” (Pesalema 103:10-14) Rraarona wa selegodimo yo o kutlwelobotlhoko a ka nna a re thusa go fetola diphoso tsa rona kana a re naya tshono e nngwe gape ya go tsweletsa tirelo e e boitshepo, gore a bakiwe.
Phoso ya go Pega Modimo Molato
7. Ke ka ntlha yang fa re nna le mathata?
7 Batho ba tlwaetse go pega mongwe kana sengwe molato fa dilo di sa tsamaye sentle. Ba bangwe ebile ba pega Modimo molato. Mme lefa go ntse jalo Jehofa ga a direle batho dilo tse di ntseng jalo tse di botlhoko. O dira molemo, eseng dilo tse di utlwisang botlhoko. Ka go bo “o tlhabisetsa ba ba molemō le ba boshula letsatsi ya gagwè, a nesetse basiami le basiamolodi pula”! (Mathaio 5:45) Lebaka le legolo la go bo re tlhagelwa ke matlhotlhapelo ke gore re tshela mo lefatsheng le le busiwang ka melaometheo ya bogagapa le leo le busiwang ke Satane Diabolo.—1 Yohane 5:19.
8. Ke eng seo Adame a neng a se dira fa dilo di ne di sa tsamaye sentle?
8 Go pega Jehofa Modimo molato ka mathata a a re tlhagelang ka ntlha ya diphoso tse re di dirileng ga go botlhale ebile go kotsi. Re ka nna ra latlhegelwa le ke matshelo a rona fa re dira jalo. Monna wa ntlha ebong Adame, o tshwanetse a bo a ne a baka Modimo ka dilo tse dintsi tse a neng a di filwe. Ee, Adame o ne a tshwanetse go leboga Jehofa ka ntlha ya botshelo fela ka bojone le ka masego a a neng a na nao mo legaeng le le tshwanang le paraka, tshimo ya Edena. (Genesise 2:7-9) Adame o ne a dira eng fa dilo di ne di sa tsamaye sentle gonne a ne a se kile a utlwa Jehofa mme a jele leungo le le ileditsweng? Adame o ne a ngongoregela Modimo jaana: “Mosadi eo o mo nneileñ gore ke nnè naè, ke èna eo o nneileñ setlhare, me ka ya.” (Genesise 2:15-17; 3:1-12) Eleruri ga re a tshwanela go pega Jehofa molato jaaka Adame.
9. (a) Fa re nna le mathata ka ntlha ya ditiro tsa rona tsa boeleele, ke eng se se ka re gomotsang? (b) Go ya ka Diane 19:3, ba bangwe ba dira eng fa ba sena go itirela mathata?
9 Fa re nna le mathata gonne re dirile dilo dingwe tse di seng botlhale, re ka gomodiwa ke go itse gore Jehofa o tlhaloganya makoa a rona go feta jaaka re a tlhaloganya le gore o tla re golola mo mathateng fa re ineela ka botlalo mo go ene. Re tshwanetse go itumelela thuso ya bomodimo e re e bonang, re sa pege Modimo molato ka dilo tse di re pitlaganyang le mathata a re a iteretseng rona ka borona. Seane se se botlhale se bolela jaana kaga seno: “Boeleele yoa motho bo tlo bo theole tsela ea gagwè; me pelo ea gagwè e cararègèle Yehofa.” (Diane 19:3) Thanolo e nngwe e bolela jaana: “Batho ba bangwe ba itshenya ka ditiro tsa bone tsa boeleele mme ba bo ba pega MORENA molato.” (Today’s English Version) Thanolo e nngwe gape e bolela jaana: “Botlhokakitso jwa motho bo tlhakatlhakanya dikgang tsa gagwe a bo a tlhasela Jehofa.”—Byington.
10. Boeleele jwa ga Adame bo ne jwa ‘theola tsela ya gagwe’ jang?
10 Go ya ka molaomotheo wa seane seno, Adame o ne a dira ka bogagapa mme tsela ya boeleele e a neng a akanya ka yone ‘e ne ya theola tsela ya gagwe.’ Pelo ya gagwe e ne ya fularela Jehofa Modimo, mme o ne a tsaya tsela ya gagwe ya bogagapa ya go itirela dilo ka boene. Ka go bo, Adame o ne a sa leboge mo a neng a pega Mmopi wa gagwe molato mme ka go dira jalo a itira mmaba wa Mogodimodimo! Boleo jwa ga Adame bo ne jwa senya botho jwa gagwe le jwa lelapa la gagwe. Abo seno se re tlhagisa jang ne! Bao ba ratang go pega Jehofa molato ka maemo a a seng monate ba ka nna ba ipotsa jaana: A ke baka Modimo ka dilo tse di molemo tse ke nang natso? A ke lebogela go bo ke tshela jaaka sengwe sa dibopiwa tsa gagwe? A e ka tswa e le gore diphoso tse ke di dirileng ke tsone di lerileng mathata ano? A ke tshwanelwa ke go ratiwa ke Jehofa kana a ke tshwanela gore a nthuse ka go bo ke latela kaelo ya gagwe, jaaka e kwadilwe mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng, Bibela?
Kotsi E E Lebaneng le Bao Tota E Leng Batlhanka ba Modimo
11. Go ya ka Modimo, baeteledipele ba tumelo ya Bajuda ba na le molato ofe?
11 Baeteledipele ba bodumedi ba lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. ba Bajuda ba ne ba ipolela gore ba direla Modimo mme lefa go ntse jalo ba ne ba tlhokomologa lefoko la gagwe la boammaaruri mme ba ikaega ka tlhaloganyo ya bone. (Mathaio 15:8, 9) Ba ne ba bolaya Jesu Keresete gonne a ne a senola gore ba akanya ka tsela e e phoso. Moragonyana, ba ne ba galefela barutwa ba gagwe thata. (Ditihō 7:54-60) Tsela ya banna bao e ne e sokame mo e leng gore totatota ba ne ba galefela Jehofa ka boene.—Bapisa Ditihō 5:34, 38, 39.
12. Ke sekai sefe se se bontshang gore le batho bangwe ba ba ba leng mo phuthegong ya Bokeresete ba leka go pega Jehofa molato ka ntlha ya mathata a bone?
12 Le gone mo phuthegong ya Bokeresete go na le batho bangwe ba ba akanyang ka tsela e e kotsi tota, ba leka go pega Modimo molato ka mathata a ba ileng ba nna nao. Ka sekai, bagolwane bangwe ba ba tlhophilweng mo phuthegong nngwe ba ne ba bona go le botlhokwa gore ba neye kgaitsadi mongwe yo mmotlana yo o nyetsweng kgakololo e e pelonomi mme e le e gagamatseng ya Dikwalo ka go bo a ne a tsalana le monna mongwe wa selefatshe. Ka nako nngwe fa go ntse go buiwa, o ne a pega Modimo molato wa gore ga wa ka wa mo thusa gore a se ka a raelwa eleng seo se neng sa diragala gonne a ne a tswelela a tsalana le monna yono. Totatota o ne a bolela gore o galefetse Modimo! Go bua le ene ka Dikwalo le go leka go mo thusa gangwe le gape go ne ga se ka ga thusa sepe, mme boitsholo jwa gagwe jo bo maswe bo ne jwa felela ka gore moragonyana a kobiwe mo phuthegong ya Bokeresete.
13. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tila go nna le boikutlo jwa go ngongorega?
13 Go nna le moya wa go ngongorega go ka dira gore motho a pege Jehofa molato. “Batho ba ba sa reñ Modimo sepè” bao ba neng ba kukunetse mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le moya o o maswe o o ntseng jalo, gape ba ne ba akanya ka ditsela tse dingwe gape tse di maswe semoyeng. Fela jaaka morutwa Jude a ne a bolela, banna bano ba ne “ba hetola tshegōhaco ea Modimo oa rona bopèpè, ba itatola eo e leñ èna Muñ oa rona le Morèna oa rona eo o esi, eboñ Yesu Keresete.” Jude o ne a bolela gape jaana: “Ba, ke bañōñōregi le bagaladi, ba ba tsamaeañ kaha dithatoñ tsa bōnè.” (Yude 3, 4, 16) Batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba tla rapela ka botlhale gore ba nne le moya wa go rata go leboga, ba sa nne le boikutlo jwa go rata go ngongorega joo kgabagare bo ka nnang jwa dira gore ba tenege mme ba se ka ba tlhola ba dumela mo Modimong ba bo ba beye kamano ya bone le ene mo kotsing.
14. Motho a ka nna a tsaya kgato efe fa a kgopisiwa ke Mokeresete yo mongwe, mme lefa go ntse jalo ke ka ntlha yang fa tsela eo e le phoso?
14 O ka nna wa akanya gore seno se ka se ka sa go diragalela. Lefa go ntse jalo, dilo tse di senyegang ka ntlha ya diphoso tsa rona kana tsa ba bangwe di ka nna tsa re dira gore kgabagare re pege Modimo molato. Ka sekai, motho a ka nna a kgopisiwa ke se se buiwang ke modumedi yo mongwe kana seo a se dirang. Motho yo o kgopisitsweng—gongwe e le yo a sa bolong go direla Jehofa ka dingwaga tse dintsi—a ka nna a bolela jaana: ‘Ga nkitla ke ya kwa dipokanong fa motho yole a ntse a le mo phuthegong.’ Motho a ka nna kgopisega mo a ka nnang a bolela jaana mo pelong ya gagwe: ‘Fa e le gore go diragala dilo tse di tshwanang le tse, ga ke tlhole ke batla go nna karolo ya phuthego.’ Mme lefa go ntse jalo a Mokeresete o tshwanetse go nna le boikutlo jo bo ntseng jalo? Fa e le gore o kgopisitswe ke motho mongwe yo o sa itekanelang, ke ka ntlha yang fa o galefela phuthego yotlhe ya batho bao Modimo o ba amogelang le bao ba mo direlang ka boikanyegi? Ke ka ntlha yang fa motho yo o ineetseng mo go Jehofa a tlogela go dira se e leng go rata ga Modimo mme a bo a galefela Modimo? A ruri go botlhale go letla motho mongwe kana maemo mangwe a a rileng go senya kamano ya gago e e molemo le Jehofa? Eleruri e tla bo e le boeleele ebile e le go dira boleo go tlogela go obamela Jehofa Modimo ka lebaka lepe fela.—Yakobe 4:17.
15, 16. Dioterefese o ne a na le molato wa go dira eng, mme lefa go ntse jalo Gaio o ne a itshwara jang?
15 Ikakanye o ne o le mo phuthegong e le nngwe le Mokeresete yo o lorato ebong Gaio. O ne a “diha tihō ea boikañō” a amogela baobamedi ba bangwe ba ba etang—bao a neng a sa ba itse! Mme lefa go ntse jalo, go lebega go ne go na le monna mongwe yo o ikgogomosang mo go yone phuthego eo ebong Dioterefese. O ne a nyatsa sengwe le sengwe seo se neng se bolelwa ke Johane, yo e neng e le mongwe wa baaposetoloi ba ga Jesu Keresete. Ebile tota, Dioterefese o ne a tsamaya a buabua mafoko a a sa siamang ka Johane. Moaposetoloi yono o ne a bolela jaana: “Me le mo, go bo go sa lekane; me go le èna [Dioterefese], ga a chole bakauleñwe, le ba ba eletsañ go diha yalo oa ba itsa, me a ba lèlèke mo phuthegoñ.”—3 Yohane 1, 5-10.
16 Johane o ne a ikaeletse gore fa a tla mo phuthegong eno o ne a tla gakologelwa seo Dioterefese a neng a se dira. Mo lobakeng loo, Gaio le Bakeresete ba bangwe ba ba amogelang baeng ba mo phuthegong eo ba ne ba dira eng? Ga go sepe mo Dikwalong seo se supang gore ope wa bone o ne a re: ‘Fela fa Dioterefese a santse a le mo phuthegong, ga nkake ka nna karolo ya yone. Ga lo kitla lo mpona kwa dipokanong.’ Ga go na pelaelo gore Gaio le ba bangwe ba ne ba ema ba nonofile. Ga ba a ka ba letla sepe gore se ba thibele gore ba dire se Modimo o se ratang, ebile ga ba a ka ba galefela Jehofa. Nnyaa, eleruri, ebile ga ba ka ba ineela mo maanong a a boferefere a ga Satane Diabolo, yoo a neng a tla itumela thata fa ba ne ba ka se ka ba ikanyega mo go Jehofa mme ba ile ba pega Modimo molato.—Baefesia 6:10-18.
O Se Ka Le Ka Motlha Wa Bo Wa Galefela Jehofa!
17. Re tshwanetse ra dira eng fa motho mongwe kana boemo bongwe bo re kgopisa kana bo sa re itumedise?
17 Le eleng lefa motho mongwe kana boemo bongwe mo phuthegong bo ne bo sa itumedise motlhanka mongwe wa Modimo kana bo ne bo mo kgopisa, yo o kgopisitsweng yono o tla bo a tlhakatlhakanya tsela ya gagwe fa a ne a ka tlogela go kopana le batho ba ga Jehofa. Motho yo o ntseng jalo o tla bo a sa dirise maatla a gagwe a go akanya ka botlhale sentle. (Bahebera 5:14) Ka jalo ititeye sehuba gore o tla lebana le mathata jaaka motho yo o bolokang bothokgami. Ikanyege mo go Jehofa Modimo, Jesu Keresete, le phuthego ya Bokeresete. (Bahebera 10:24, 25) Boammaaruri jo bo dirang gore o bone botshelo jo bo sa khutleng ga bo bonwe gope gape.
18. Le mororo e se ka metlha re tlhaloganyang kafa Modimo o dirang dilo ka teng, re ka tlhomamisega ka eng kaga Jehofa Modimo?
18 Gakologelwa gape gore Jehofa ga a ke a leka ope ka dilo tse di bosula. (Yakobe 1:13) Modimo oo e leng lorato ka bolone, o dira molemo, segolobogolo o o direla bao ba mo ratang. (1 Yohane 4:8) Le mororo re sa tlhaloganye tsela e Modimo o dirang dilo ka yone ka metlha, re ka tlhomamisega gore Jehofa Modimo ga a kitla a palelwa go direla batlhanka ba gagwe se se molemo. Go ntse fela jaaka Petere a ne a bolela jaana: “Ikokobeletseñ ha tlhatse ga lecōgō ye le nonohileñ ya Modimo, gore o tlo o lo goletsè mo lobakeñ lo e leñ lōna; Lo nntse lo latlhèla tlhobaèlō eotlhe ea lona mo go ōna, ka oa lo babalèla.” (1 Petere 5:6, 7) Ee, Jehofa ruri o tlamela batho ba gagwe.—Pesalema 94:14.
19, 20. Re tshwanetse ra dira eng, le eleng lefa ka dinako tse dingwe re tshwenyega thata mo tlhaloganyong ka ntlha ya diteko?
19 Ka gone, se letle sepe kana motho ope gore a go kgopise. Go ntse fela jaaka mopesalema a ne a bolela sentle a re, “ba ba ratañ molaō oa gago [Jehofa Modimo] ba na le kagishō e kgolo; me ga ba na go kgopiwa gopè.” (Pesalema 119:165) Rotlhe re a lekwa, mme seno se ka dira gore ka dinako tse dingwe re tshwenyege thata mo tlhaloganyong re bo re kgobege marapo. Mme lefa go ntse jalo se letle pelo ya gago gore e galefe, segolobogolo o galefela Jehofa. (Diane 4:23) Rarabolola mathata a o ka a kgonang o bo o itshokele ao a sa feleng ka thuso ya gagwe le ka se se bolelwang ke Dikwalo.—Mathaio 18:15-17; Baefesia 4:26, 27.
20 O se ka le ka motlha wa bo wa letla maikutlo a gago gore a go dirise dilo ka boeleele mme ka gone o tlhakatlhakanya tsela ya gago. Bua o bo o dire dilo ka tsela e e tla itumedisang pelo ya Modimo. (Diane 27:11) Rapela Jehofa ka tlhoafalo, o itse gore ruri o amega ka wena jaaka mongwe wa batlhanka ba gagwe le gore o tla dira gore o tlhaloganye dilo kafa go tlhokegang ka teng gore o nne o ntse o le mo tseleng ya botshelo le batho ba gagwe. (Diane 3:5, 6) Mo godimo ga dilo tsotlhe, o se ka wa galefela Modimo. Fa dilo di sa tsamaye sentle, gakologelwa ka metlha gore Jehofa ga a na molato.
O Ne O Tla Araba Jang?
◻ Lote o ne a dira phoso efe, mme lefa go ntse jalo Modimo o ne o mo leba jang?
◻ Dafide o ne a ikutlwa jang kaga diphoso le boikgogomoso?
◻ Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go pega Modimo molato fa dilo di sa tsamaye sentle?
◻ Ke eng se se tla re thusang go tila go galefela Jehofa?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Fa a ne a kgaogana le Aberahame, Lote o ne a se ka a nna botlhale fa a ne a tlhopha koo a neng a tla nna teng