O se Ka wa “Galefela Jehofa”
“Ke boeleele jwa motho wa mo lefatsheng jo bo sokamisang tsela ya gagwe, ka jalo pelo ya gagwe e galefela Jehofa ka boene.”—DIA. 19:3.
1, 2. Ke eng fa re sa tshwanela go pega Jehofa molato ka ntlha ya mathata a batho? Bontsha.
A RE re o monna yo o nang le dingwaga di le dintsi a le mo lenyalong le le itumetseng. Le fa go ntse jalo, letsatsi lengwe fa o boela gae, o fitlhela sengwe le sengwe se tlhakatlhakane mo ntlong. Fanitšhara e sentswe, dijana di thubilwe, khapete e senyegile mo e ka se tlholeng e baakanngwa. Ntlo ya gago e o e ratang e tlhakatlhakane. A o tla phatloga ka bogale o bo o re, “Ke eng fa mosadi wa me a dirile seno?” Kgotsa gongwe o ka botsa gore, “Ke mang yo o dirileng seno?” Ga go pelaelo gore o tla ipotsa potso ya bobedi. Ka ntlha yang? Ka gonne o a itse gore mosadi wa gago yo o mo ratang ga se ene a ka dirang tshenyo eo ka boomo.
2 Gompieno legae la batho le sentswe ke kgotlelo, thubakanyo le boitsholo jo bo sa siamang. E re ka re le baithuti ba Baebele, re a itse gore Jehofa a ka se ka a baka mathata otlhe a a leng teng. O ne a bopa polanete eno gore e nne paradaise e ntle. (Gen. 2:8, 15) Jehofa ke Modimo yo o lorato. (1 Joh. 4:8) Go ithuta Dikwalo go re thusitse go lemoga gore tota ke mang yo o bakelang lefatshe mathata a a kana kana. Ke Satane Diabolo, “mmusi wa lefatshe” leno.—Joh. 14:30; 2 Bakor. 4:4.
3. Mogopolo wa rona o ka senyega jang?
3 Le fa go ntse jalo, re ka se ka ra pega Satane molato ka ntlha ya mathata otlhe a rona. Ka ntlha yang? Ka gonne mangwe a mathata a rona a bakilwe ke diphoso tsa rona. (Bala Duteronome 32:4-6.) Le fa gone re ka nna ra dumalana le seno, bosaitekanelang jwa rona bo ka nna jwa senya mogopolo wa rona mme jwa dira gore re dire dilo dingwe tse di ka re tsenyang mo mathateng. (Dia. 14:12) Ka tsela efe? Go na le gore re ipege molato kgotsa re pege Satane molato ka ntlha ya mathata a rona, re ka nna ra simolola go pega Jehofa molato. Re ka nna ra bo ra “galefela Jehofa ka boene.”—Dia. 19:3.
4, 5. Mokeresete a ka “galefela Jehofa” jang?
4 A mme gone go a kgonega gore re ‘galefele Jehofa’? Ga go pelaelo gore go dira jalo e tla bo e le matsapa a bophiri fela. (Isa. 41:11) Tota go tla bo go thusa eng? Mmoki mongwe o ne a re: “Letsogo la gago le lekhutshwane thata gore o ka lwa le Modimo.” Re ka nna ra se ka ra bua sengwe se se bontshang gore re ngongorega kgatlhanong le Jehofa. Le fa go ntse jalo, Diane 19:3 ya re: ‘Boeleele jwa motho wa mo lefatsheng bo sokamisa tsela ya gagwe, ka jalo, pelo ya gagwe e galefela Jehofa ka boene.’ Motho a ka galefela Modimo mo pelong. Mokgwa ono o ka bonala ka ditsela tse di bofitlha. Mme go ka nna e kete motho o tshwaretse Jehofa sekgopi. Ka ntlha ya seo, motho yoo a ka nna a katogela kgakala le phuthego kgotsa a se ka a ema nokeng ka botlalo dithulaganyo tsa kobamelo ya ga Jehofa.
5 Ke eng se se ka dirang gore re ‘galefele Jehofa’? Re ka tila jang serai seno? Go botlhokwa thata gore re bone dikarabo tsa dipotso tseno. Aitsane kamano ya rona le Jehofa Modimo e a amega!
KE ENG SE SE KA DIRANG GORE RE ‘GALEFELE JEHOFA’?
6, 7. Ke eng fa Baiseraele ba motlha wa ga Moshe ba ne ba simolola go ngongorega kgatlhanong le Jehofa?
6 Ke eng se se ka dirang gore motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa a simolole go ngongorega ka Modimo wa gagwe? A re tlhatlhobeng dintlha tse tlhano re bo re sekaseke dikai tse di mo Baebeleng tse di bontshang kafa bangwe mo nakong e e fetileng ba neng ba wela mo seraing seno ka gone.—1 Bakor. 10:11, 12.
Go reetsa puo e e sa siamang go ka go tlhotlheletsa ka tsela e e sa siamang (Bona serapa 7)
7 Puo e e sa siamang ya ba bangwe e ka re tlhotlheletsa. (Bala Duteronome 1:26-28.) Baiseraele ba ne ba sa tswa go gololwa mo bokgobeng kwa Egepeto. Pele ga foo, Jehofa o ne a tlisa dipetso di le lesome ka kgakgamatso a di tlisetsa setšhaba sa bagateledi mme morago ga moo a fedisa Faro le masole a gagwe mo Lewatleng le Lehibidu. (Ekes. 12:29-32, 51; 14:29-31; Pes. 136:15) Batho ba Modimo ba ne ba le gaufi le go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Le fa go ntse jalo, mo nakong eno e e botlhokwa, Baiseraele ba ne ba simolola go ngongorega kgatlhanong le Jehofa. Ke eng se se dirileng gore ba tlhoke tumelo jalo? Dipelo tsa bone di ne tsa nyera ka gonne ba ne ba utlwa pego e e sa siamang ya bangwe ba ba neng ba rometswe go ya go tlhola lefatshe. (Dipa. 14:1-4) Seno se ne sa felela ka eng? Kokomana eo yotlhe e ne ya se ka ya letliwa go tsena mo ‘lefatsheng leo le le molemo.’ (Dute. 1:34, 35) A ka dinako dingwe re letla puo e e sa siamang ya batho ba bangwe gore e koafatse tumelo ya rona e bo e dire gore re ngongoregele tsela e Jehofa a dirisanang le rona ka yone?
8. Ke eng se se dirileng gore batho ba Modimo mo motlheng wa ga Isaia ba simolole go pega Jehofa molato ka ntlha ya maemo a bone?
8 Mathata a ka re kgoba marapo. (Bala Isaia 8:21, 22.) Mo motlheng wa ga Isaia, setšhaba sa Juda se ne sa iphitlhela se le mo dipharagobeng. Ba ne ba dikaganyeditswe ke baba. Go ne go se na dijo tse di lekaneng. Batho ba le bantsi ba ne ba tshwerwe ke tlala. Mme se se maswe le go feta ke gore, go ne go na le leuba la semoya. (Amos. 8:11) Le fa go ntse jalo, go na le gore ba batle thuso kwa go Jehofa gore ba kgone go lebana le mathata ao, ba ne ba simolola go “hutsa” kgosi ya bone le Modimo wa bone. Ba ne ba pega Jehofa molato ka ntlha ya mathata a bone. Fa re tlhagelwa ke masetlapelo kgotsa re na le mathata, a gongwe le rona re ka bua mo pelong re re, ‘Jehofa o ne a le kae ka nako e ke neng ke mo tlhoka ka yone?’
9. Ke eng fa Baiseraele ba mo motlheng wa ga Esekiele ba ne ba simolola go leba dilo ka tsela e e sa siamang?
9 Ga re itse dintlha tsotlhe. Ka gonne Baiseraele ba mo motlheng kwa ga Esekiele ba ne ba sa itse dintlha tsotlhe, ba ne ba akanya gore tsela ya ga Jehofa ga e a “lolamisiwa sentle.” (Esek. 18:29) Go ne go ntse jaaka e kete ba itirile baatlhodi ba Modimo, ba baya melao ya bone ya tshiamiso kwa godimo ga ya ga Jehofa mme ba mo atlhola ka kitso ya bone e potlana malebana le se se diregang. Fa le rona ka dinako dingwe re sa tlhaloganye sentle pego nngwe ya Baebele kgotsa re sa tlhaloganye lebaka la go bo dilo di diragala ka tsela e e rileng mo botshelong jwa rona, a gongwe re ka akanya mo pelong gore tsela e Jehofa a dirang dilo ka yone ga e na tshiamiso, ga e a “lolamisiwa sentle”?—Jobe 35:2.
10. Motho a ka latela jang sekao se se sa siamang sa ga Adame?
10 Re pega mongwe molato ka ntlha ya maleo a rona le diphoso tsa rona. Go simolola fela kwa tshimologong ya hisitori ya motho, Adame o ne a pega Modimo molato ka ntlha ya boleo jwa gagwe. (Gen. 3:12) Le fa Adame a ile a se ka a ikobela molao wa Modimo ka boomo fela e bile a ne a itse diphelelo tsa se a se dirang, o ne a pega Jehofa molato. Tota e bile, o ne a re Jehofa o mo neile mosadi yo o sa siamang. Fa e sa le ka nako eo, ba bangwe le bone ba ne ba latela sekao sa ga Adame sa go pega Modimo molato ka ntlha ya diphoso tsa bone. Go tla bo go le molemo gore re ipotse jaana, ‘A go swaba le go tlalelwa ka ntlha ya diphoso tsa me go ka ntlhotlheletsa gore ke ngongoregele melao ya ga Jehofa?’
11. Re ka ithuta eng mo go Jona?
11 Go ikakanyetsa re le nosi. Moporofeti Jona o ne a na le bothata ka tshwetso ya ga Jehofa ya go bontsha Ninife bopelonomi. (Jona 4:1-3) Ka ntlha yang? Gongwe o ne a amega thata ka gore a ka nyadiwa ke batho fa katlholo e a neng a bua ka yone e sa diragale. Jona o ne a letla go tshwenyega ka serodumo sa gagwe go hupetsa kutlwelobotlhoko e a neng a tshwanetse go nna le yone mo bathong ba kwa Ninife ba ba neng ba ikwatlhaile. A le rona re ka ikakanyetsa re le nosi mme ra “galefela Jehofa” ka go bo a sa tlise bofelo ka bonako? Fa e le gore re na le masomesome a dingwaga re ntse re rera gore letsatsi la ga Jehofa le gaufi, a gongwe re ka simolola go felela Jehofa pelo fa ba bangwe ba re tshwaya phoso ka ntlha ya go bolela se Baebele e se buang?—2 Pet. 3:3, 4, 9.
KAFA O KA TILANG GO “GALEFELA JEHOFA” KA GONE
12, 13. Ke eng se re sa tshwanelang go se itlhokomolosa fa e le gore mo dipelong tsa rona re simolola go belaela tsela e Jehofa a dirang dilo ka yone?
12 Re ka dira eng fa pelo ya rona e e nang le boleo e simolola go belaela tsela e Jehofa a dirang dilo ka yone? Gakologelwa gore ga go botlhale go dira jalo. Thanolo e nngwe ya Diane 19:3 e bolela jaana: “Botlhokakitso jwa motho bo tlhakatlhakanya dikgang tsa gagwe a bo a tlhasela Jehofa.” (Byington) Fa re ntse re akantse ka seo, a re sekasekeng dintlha di le tlhano tse di tla re thusang gore re se ka ra letla mathata a botshelo a dira gore re pege Jehofa molato.
13 O se ka wa itlhokomolosa kamano ya gago le Jehofa. Re ka tila mokgwa wa bosaitekanelang wa go galefela Modimo fa re nna re na le kamano e e gaufi le ene. (Bala Diane 3:5, 6.) Re tshwanetse go ikanya Jehofa. Gape re tshwanetse go tila go nna botlhale mo matlhong a rona kgotsa go ikakanyetsa re le nosi. (Dia. 3:7; Mor. 7:16) Fa re dira jalo, re ka se pege Jehofa molato fa dilo tse di bosula di direga.
14, 15. Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra amiwa ke puo e e sa siamang ya batho ba bangwe?
14 O se ka wa letla puo e e sa siamang e go tlhotlheletsa. Baiseraele ba mo motlheng wa ga Moshe ba ne ba na le lebaka le le utlwalang la go dumela gore Jehofa o tla ba kaela gore ba tsene mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. (Pes. 78:43-53) Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba “gakologelwa seatla sa gagwe,” fa ba ne ba utlwa pego e e sa siamang ya ditlhodi tse di lesome tse di sa ikanyegeng. (Pes. 78:42) Fa re tlhatlhanya ka dilo tse Jehofa a re diretseng tsone, re gopola dilo tsotlhe tse di molemo tse a re di diretseng, seno se tla nonotsha kamano e re nang le yone le ene. Fa re dira jalo, re ka se ka ra letla dikakanyo tse di bosula tsa ba bangwe go re katosetsa kgakala le Jehofa.—Pes. 77:11, 12.
15 Go tweng fa re na le maikutlo a a sa siamang ka badumedimmogo le rona? Fa re lebane le boemo joo, kamano ya rona le Jehofa e ka amega. (1 Joh. 4:20) Fa Baiseraele ba ne ba belaela go bo Arone a tlhomilwe go nna moperesiti yo mogolo, Jehofa o ne a leba se ba neng ba se dira e le go ngongorega kgatlhanong le Ene. (Dipa. 17:10) Ka tsela e e tshwanang, fa le rona re ka simolola go ngongorega ka batho ba Jehofa a ba dirisang go kaela karolo e e mo lefatsheng ya phuthego ya gagwe, tota re ka nna ra bo re ngongorega kgatlhanong le Jehofa.—Baheb. 13:7, 17.
16, 17. Re tshwanetse go gopola eng fa re nna le mathata?
16 Gakologelwa gore Jehofa ga se ene a re bakelang mathata. Le fa Baiseraele ba mo motlheng wa ga Isaia ba ne ba tlhanogela Jehofa, O ne a sa ntse a batla go ba thusa. (Isa. 1:16-19) Le fa re ka lebana le mathata afe, re ka gomodiwa ke go itse gore Jehofa o amega ka rona e bile o batla go re thusa. (1 Pet. 5:7) Tota e bile, o re solofetsa gore o tla re naya maatla a re a tlhokang gore re tswelele re itshokile.—1 Bakor. 10:13.
17 Fa e le gore re diretswe tshiamololo ka tsela nngwe—fela jaaka monna yo o ikanyegang e bong Jobe—re tshwanetse go ikgopotsa gore Jehofa ga se ene a dirang gore re tshwarwe ka tsela eo e e sa siamang. Jehofa o tlhoile go tlhoka tshiamololo; o rata tshiamiso. (Pes. 33:5) A re bueng fela jaaka tsala ya ga Jobe e bong Elihu, re re: “A go nne kgakala le Modimo wa boammaaruri go dira ka boikepo, le Mothatayotlhe go dira ka tshiamololo!” (Jobe 34:10) Jehofa ga a re bakele mathata, go na le moo, o re naya “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng.”—Jak. 1:13, 17.
18, 19. Ke eng fa re sa tshwanela go belaela Jehofa? Bontsha.
18 O se ka wa belaela Jehofa. Modimo o itekanetse, mme dikakanyo tsa gagwe di kwa godimo ga tsa rona. (Isa. 55:8, 9) Ka jalo, boikokobetso le boingotlo bo tshwanetse go re thusa gore re amogele gore tsela e re tlhaloganyang dilo ka yone e a tlhaela. (Bar. 9:20) Ga se gantsi re nang le dintlha tsotlhe malebana le boemo jo bo rileng. Ga go pelaelo gore o bone boammaaruri jwa seane seno: “Wa ntlha go tlhalosa kgetsi ya gagwe o lebega a siame, go fitlha yo mongwe a tla mme a mmotsolotsa.”—Dia. 18:17, New International Version.
19 Fa e le gore re na le tsala e re e ikanyang e e dirang sengwe se kwa tshimologong re ka tswang re sa se tlhaloganye kgotsa se se lebegang se sa tlwaelega, a re tla nna bonako go mo pega molato wa gore o dirile phoso nngwe? A kgotsa re tla leka go batla go itse lebaka la go bo a dirile jalo, segolobogolo fa e le gore ga re bolo go itse motho yoo ka dingwaga di le dintsi? Fa e le gore re tshwara ditsala tsa rona tse di sa itekanelang ka tsela eo e e lorato, ruri re tshwanetse go ikanya Rraarona yo o kwa legodimong le go feta, yo ditsela tsa gagwe le dikakanyo tsa gagwe di leng kwa godimo thata go feta tsa rona!
20, 21. Ke eng fa go le botlhokwa gore re pege motho yo o tshwanetseng molato?
20 Pega motho yo o tshwanetseng molato. Ke eng fa re tshwanetse go dira jalo? Re ka tswa re ikarabelela mathata a re nang le one. Fa e le gore go ntse jalo, re tshwanetse go amogela seno. (Bagal. 6:7) O se ka wa leka go pega Jehofa molato ka ntlha ya mathata a gago. Ke eng fa go dira jalo go tla bo go sa utlwale? Akanya ka sekai seno: Koloi e ka tswa e kgona go tsamaya ka lobelo lo lo kwa godimo. Akanya mokgweetsi wa koloi eo a kgweetsa ka lobelo lo lo kwa godimo ga lo lo letleletsweng ke molao, mo tseleng e e matsoketsane mme a bo a dira kotsi. A modiri wa koloi o tshwanetse go pegwa molato ka ntlha ya kotsi eo? Le eseng! Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o re bopile re na le bokgoni jwa go itlhophela. Le fa go ntse jalo, gape o re neile melao ya kafa re ka dirang ditshwetso tse di botlhale ka gone. Ka jalo, ke eng fa re ka pega Mmopi wa rona molato ka ntlha ya diphoso tsa rona?
21 Gone ke boammaaruri gore, ga se mathata otlhe a rona a a bakiwang ke diphoso tse re di dirileng kgotsa ditshwetso tsa rona tse di sa siamang. Dilo dingwe di direga ka ntlha ya go bo re diragalelwa ke “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Mor. 9:11) Le fa go ntse jalo, a re se ka ra lebala ntlha ya gore Satane Diabolo ke ene yo segolobogolo a bakang boikepo. (1 Joh. 5:19; Tshen. 12:9) Ke ene mmaba—e seng Jehofa!—1 Pet. 5:8.
ANAANELA KAMANO E E BOTLHOKWA E O NANG LE YONE LE JEHOFA
Joshua le Kalebe ba ne ba segofadiwa ka ntlha ya go ikanya Jehofa (Bona serapa 22)
22, 23. Ke eng se re tshwanetseng go se gakologelwa fa mathata a rona a dira gore re kgobege marapo?
22 Fa o lebane le mathata, se lebale sekao sa ga Joshua le Kalebe. Go farologana le ditlhodi tse dingwe tse di lesome, banna bano ba babedi ba ba ikanyegang ba ne ba tlisa pego e e molemo. (Dipa. 14:6-9) Ba ne ba bontsha gore ba ikanya Jehofa. Le fa go ntse jalo, ba ne ba tshwanelwa ke go kgarakgatshega mo nageng dingwaga di le 40 mmogo le Baiseraele ba bangwe botlhe. A Joshua le Kalebe ba ne ba ngongorega kgotsa ba galefa, ba akanya gore seno e ne e le go direlwa tshiamololo? Nnyaa. Ba ne ba ikanya Jehofa. A ba ne ba segofadiwa? Ee, ruri! Le fa kokomana yotlhe e ne ya swela mo nageng, kgabagare banna bano ba babedi ba ne ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. (Dipa. 14:30) Le rona re tla amogela masego a a tswang kwa go Jehofa fa re sa “lape” go dira thato ya gagwe.—Bagal. 6:9; Baheb. 6:10.
23 Fa e le gore o kgobegile marapo ka ntlha ya mathata a gago, bosaitekanelang jwa ba bangwe kgotsa bosaitekanelang jwa gago, ke eng se o tshwanetseng go se dira? Tlhoma mogopolo mo dinonofong tse di molemo tsa ga Jehofa. Bona tsholofetso e Jehofa a go neileng yone ka leitlho la mogopolo. Ipotse jaana, ‘Ke ne ke tla dira eng kwantle ga Jehofa?’ Nna o le gaufi le ene mme o se ka wa letla pelo ya gago gore e mo galefele!