LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 11/15 ts. 18-23
  • Direla Jehofa ka Boikanyego

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Direla Jehofa ka Boikanyego
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Seo Se Kaiwang Ke go Ikanyega
  • Go Anaanela Dilo Tse Di Ithutilweng
  • Anaanela Bokaulengwe jwa Bokeresete
  • Ga Go Gope Kwa Re Ka Yang Teng
  • Aga Ba Bangwe
  • Tlhabana le Diabolo!
  • Ikaege ka Modimo ka Thapelo
  • ‘Wena o le Nosi o a Ikanyega’
    Atamalana le Jehofa
  • Bonang Batho ba ba Boikanyego!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Go Direla ka Boikanyegi mo Phuthegong ya ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Lorato Lo lo Sa Kgaotseng Lwa ga Jehofa lo go Solegela Molemo Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 11/15 ts. 18-23

Direla Jehofa ka Boikanyego

“Mo go yo o ikanyegang wena [Jehofa] o tla dira ka boikanyego.”—2 SAMUELE 22:26, NW.

1. Jehofa o dirisana jang le bao ba ikanyegang mo go ene?

JEHOFA ga a kake a duelelwa dilo tsotlhe tse a di direlang batho ba gagwe. (Pesalema 116:12) Abo dineo tsa gagwe tsa semoya le dineo tsa gagwe tsa dithoto le boutlwelobotlhoko jwa gagwe jo bo lorato di le molemolemo jang ne! Kgosi Dafide wa kwa Iseraele wa bogologolo o ne a itse gore Modimo o direla bao ba ikanyegang mo go ene ka boikanyego. Dafide o ne a bolela jalo mo pineng e a neng a e tlhama “ka letsatsi ye Yehofa o mo golotseñ ka yeōna mo seatleñ sa baba botlhe ba gagwè, le mo seatleñ sa ga [Kgosi] Saule.”—2 Samuele 22:1.

2. Ke dintlha dife tse dingwe tse di bolelwang mo pineng ya ga Dafide e e kwadilweng mo go 2 Samuele kgaolo 22?

2 Dafide o ne a simolola pina ya gagwe (go tshwana fela le Pesalema 18) ka go baka Jehofa jaaka “mogolodi” yo o arabang thapelo. (2 Samuele 22:2-7) Modimo o ne wa tsaya kgato go golola batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang mo babeng ba bone ba ba maatla a le kwa tempeleng ya gagwe ya selegodimo. (Ditemana 8-19) Ka gone Dafide o ne a duelwa gonne a ne a tshela ka thokgamo ebile a latela ditsela tsa ga Jehofa. (Ditemana 20-27) Morago go ne ga bolelwa ditiro tse di neng tsa dirwa ka maatla a a tswang mo Modimong. (Ditemana 28-43) Kwa bokhutlong, Dafide o ne a umaka gore o ne a gololwa mo go ba ba neng ba mo tshwaya diphoso ba lelapa la gagwe le mo babeng ba merafe e mengwe mme o ne a leboga Jehofa jaaka ‘yo o nayang kgosi ya gagwe kgololo e kgolo: me a itshupa bopelonomi mo go motlodiwa wa gagwe.’ (Ditemana 44-51) Jehofa a ka re golola le rona fa re tshela ka thokgamo mme re ikaega ka ene gore a re neye nonofo.

Seo Se Kaiwang Ke go Ikanyega

3. Go ya ka Dikwalo, go ikanyega go kaya eng?

3 Pina eno ya ga Dafide ya go gololwa e re gomotsa ka go re tlhomamisetsa jaana: “Mo go yo o ikanyegang wena [Jehofa] o tla dira ka boikanyego.” (2 Samuele 22:26, NW) Ke letlhaodi la Sehebera cha·sidhʹ le le kayang “yo o ikanyegang,” kana “yo o nang le kutlwelobotlhoko e e lorato.” (Pesalema 18:25, ntlhanyana e e kwa tlase go NW) Leina cheʹsedh le akantsha bopelonomi joo bo kgomarelang selo go fitlha boikaelelo jwa sone ka selo seo bo diragadiwa. Jehofa o supa bopelonomi jo bo ntseng jalo mo batlhankeng ba gagwe, fela jaaka le bone ba bo mmontsha. Go ikanyega gono go go siameng, go go boitshepo go ranolwa jaaka “bopelonomi jo bo lorato” le “lorato lo lo ikanyegang.” (Genesise 20:13, NW; 21:23, NW) Mo Dikwalong tsa Segerika, “go ikanyega” go na le kgopolo ya go nna boitshepo le go tlotla, jaaka go utlwala mo leineng ho·si·oʹtes le mo letlhaoding hoʹsi·os. Boikanyego jo bo ntseng jalo bo akaretsa go ineela mme go kaya go tlhoafalela go direla Modimo ditiro tsotlhe ka kelotlhoko. Go ikanyega mo go Jehofa go kaya go mo kgomarela o ineetse tota mo go ene mo eketeng o kgomareditswe ka boletswa jo bo nonofileng.

4. Boikanyego jwa ga Jehofa bo supiwa jang?

4 Boikanyego jwa ga Jehofa bo supiwa ka ditsela tse dintsi. Ka sekai, o atlhola baikepi gonne a rata batho ba gagwe ka boikanyegi ebile a ba direla tshiamiso le tshiamo ka boikanyego. (Tshenolō 15:3, 4; 16:5) Boikanyego jwa gagwe mo kgolaganong ya gagwe le Aberahame bo ne jwa mo tlhotlheletsa gore a nne pelotelele mo go Baiseraele. (2 Dikgosi 13:23) Bao ba ikanyegang mo Modimong ba ka solofela gore o tla ba thusa go fitlha ba wetsa tsela ya bone ya go ikanyega mo go ene mme ba tlhomamisega gore o tla ba gakologelwa. (Pesalema 37:27, 28; 97:10) Jesu o ne a nonotshiwa ke go itse gore moya wa gagwe ga o kitla o tlogelwa mo Sheol gonne a “ikanyega” thata mo Modimong.—Pesalema 16:10, NW; Ditihō 2:25, 27, NW.

5. Ereka Jehofa a ikanyega, o batla eng mo batlhankeng ba gagwe, mme ke potso efe e e tlileng go sekasekiwa?

5 Ereka Jehofa Modimo a ikanyega, o batla gore batlhanka ba gagwe le bone ba ikanyege. (Baefesia 4:24) Ka sekai, batho ba tshwanetse go ikanyega gore ba tshwanele go tlhophiwa jaaka bagolwane ba phuthego. (Tito 1:8) Ke dilo dife tse di tshwanetseng go tlhotlheletsa batho ba ga Jehofa gore ba mo direle ka boikanyego?

Go Anaanela Dilo Tse Di Ithutilweng

6. Re tshwanetse go ikutlwa jang ka dilo tsa Dikwalo tseo re di ithutileng, mme re tshwanetse ra gakologelwa eng ka kitso e e ntseng jalo?

6 Go lebogela dilo tse di mo Dikwalong tse re di ithutileng go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re direle Jehofa ka boikanyego. Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa Timotheo jaana: “U nnèlè rure mo diloñ tse u di ithutileñ le tse u di tlhomamisedicweñ, ka u itse ba u di ithutileñ mo go bōnè; Le yaka dikwalō tse di boitshèpō u sa le u di itse mo bonyaneñ yoa gago, e le tse di nonohileñ go gu tlhalehisetsa polokoñ ka tumèlō e e mo go Keresete Yesu.” (2 Timotheo 3:14, 15) Gakologelwa gore kitso e e ntseng jalo e ne e tswa mo Modimong ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.”—Mathaio 24:45-47.

7. Bagolwane ba tshwanetse go ikutlwa jang ka dijo tsa semoya tseo Modimo o di re nayang ka motlhanka yo o ikanyegang?

7 Bagolwane ba ba tlhomilweng segolobogolo ke bone ba ba tshwanetseng go anaanela dijo tsa semoya tse di nonotshang tseo Modimo o di re nayang ka motlhanka yo o ikanyegang. Mo dingwageng tse di fetileng go ne go na le bagolwane ba sekae ba ba neng ba sa di anaanele. Motho mongwe yo o elang dilo tlhoko o ne a lemoga gore banna bano ba ne ba “kgala ditlhogo tsa Tora ya Tebelo, ba sa batle go di amogela jaaka . . . tsela e Modimo o re nayang boammaaruri ka yone, ba leka ka metlha go tlhotlheletsa ba bangwe gore ba akanye jaaka bone.” Lefa go ntse jalo, bagolwane ba ba ikanyegang ga ba ke ba leka go tlhotlheletsa ba bangwe gore ba gane dijo dipe fela tsa semoya tseo Modimo o di re nayang ka motlhanka yo o ikanyegang.

8. Go tweng fa e le gore ga re tlhaloganye sentle ntlha nngwe ya Dikwalo e re e bolelelwang ke motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale?

8 Re tshwanetse ra ikanyega rotlhe mo go Jehofa le mo phuthegong ya gagwe gonne re le Basupi ba gagwe ba ba ineetseng mo go ene. Ga re a tshwanela le ka motlha ra akanya go fularela lesedi le le molemolemo la Modimo re bo re latela tsela ya botenegi e e ka nnang ya felela ka gore re swe semoyeng jaanong mme e re kgabagare re bolaelwe ruri. (Yeremia 17:13) Mme lefa go ntse jalo, go tweng fa e le gore go bokete mo go rona go amogela kana go anaanela ka botlalo ntlha nngwe ya Dikwalo fa re e bolelelwa ke motlhanka yo o ikanyegang? Ka gone a re dumeleng ka boikokobetso gore re ithutile boammaaruri kae mme re rapelele botlhale jwa go itshokela teko eno go fitlha e khutla ka gore go gatisiwe sengwe se se phepafatsang dikgang tseo.—Yakobe 1:5-8.

Anaanela Bokaulengwe jwa Bokeresete

9. Yohane wa ntlha 1:3-6 e bontsha jang gore Bakeresete ba tshwanetse go nna le moya wa botsalano?

9 Go anaanela ka tlhoafalo moya wa botsalano o o leng mo bokaulengweng jwa rona jwa Bokeresete ke sengwe gape se se re tlhotlheletsang go direla Jehofa ka boikanyego. Ebile tota, kamano ya rona le Modimo le Keresete ga e kake ya re nonotsha semoyeng fa re sena moya ono. Moaposetoloi Johane o ne a bolelela Bakeresete ba ba tloditsweng jaana: “Se re se bonyeñ ra se utlwa, ke shōna se re se lo bolèlèlañ le lona, gore le lona lo bōnè bolekane [“botsalano,” Diaglott] le rona; me rure bolekane yoa rona ke go kōpana le Rara, le Morwawè Yesu Keresete. . . . Ha re re, re na le bolekane le ōna, me re tsamaea mo lehihiñ, rea aka, me ga re dihe boamarure.” (1 Yohane 1:3-6) Molaomotheo ono o dira mo Bakereseteng botlhe, e ka tswa ba solofetse go ya kwa legodimong kana go nna mo lefatsheng.

10. Le mororo Euodia le Sentuke go lebega ba ne ba na le bothata jwa go rarabolola bothata jo bo fa gare ga bone, Paulo o ne a leba basadi bao jang?

10 Go tlhokega gore go dirwe maiteko gore moya wa botsalano o nne o le teng. Ka sekai, basadi ba Bakeresete ebong Euodia le Sentuke go lebega ba ne ba fitlhela go le thata go rarabolola bothata jwa bone. Ke gone ka moo Paulo a neng a ba kgothatsa gore ba “nnè pelo ñwe hèla mo Moreneñ.” O ne a oketsa jaana: “E, le wèna kea gu rapèla, mmelegayokwe ka nna oa mmanete, ka re, thusa basadi bauō, gonne ba kile ba diha le nna mo Mahokuñ a a Molemō, le èna Kelemente, le ba bañwe badihi ka nna, ba maina a bōnè a mo lokwaloñ loa botshelō.” (Bafilipi 4:2, 3) Basadi bao ba bomodimo ba ne ba kgaratlhile ba na le Paulo le ba bangwe mo “Mahokuñ a a Molemō,” mme o ne a tlhomamisegile gore e ne e le bangwe bao ‘maina a bone a neng a le teng mo bukeng ya botshelo.’

11. Fa Mokeresete yo o ikanyegang a nna le bothata bongwe jwa semoya, o tshwanetse go nna a gakologetswe eng?

11 Bakeresete ga ba apare lotshwao lo lo supang gore ba neilwe tshiamelo ya go dira eng mo phuthegong ya ga Jehofa, le le le supang kafa ba mo diretseng ka teng ka boikanyego. Abo e tla bo e le selo se se sa supeng lorato jang ne go itlhokomolosa dingwaga tse ba diretseng Jehofa ka tsone ba ikanyega ka nako ya fa ba nna le bothata semoyeng! Go lebega gore yo a neng a bidiwa “mmelegayokwe ka nna wa mmanete” e ne e le mokaulengwe mongwe yo a neng a tlhoafaletse go thusa ba bangwe. Fa e le gore o mogolwane a o ‘mmelegajokwe wa mmanete,’ yo o iketleeditseng go thusa ka tsela e e lorato? A rotlhe re eleng tlhoko dilo tse di molemo tse badumedi ba bangwe ba di dirang, fela jaaka Modimo o di ela tlhoko, mme re thuse ba bangwe go rwala mekgweleo ya bone.—Bagalatia 6:2; Bahebera 6:10.

Ga Go Gope Kwa Re Ka Yang Teng

12. Fa dilo tseo Jesu a neng a di bua di ne di dira gore ‘barutwa ba gagwe ba bantsi ba se ka ba tlhola ba tsamaya nae,’ Petere ene o ne a ema fa kae?

12 Re tla rotloetsega go direla Jehofa ka boikanyego mmogo le phuthego ya gagwe fa re gakologelwa gore ga go na gope kwa gongwe kwa re ka bonang teng botshelo jo bo sa khutleng. Ka nako ya fa seo Jesu a neng a se bolela se ne se dira gore ‘barutwa ba gagwe ba bantsi ba se ka ba tlhola ba tsamaya nae,’ o ne a botsa baaposetoloi ba gagwe jaana: “A le lona lo rata go tsamaea?” Petere o ne a araba jaana: “Morèna, ana re ka ea kwa go mañ? wèna u na le mahoko a botshelō yo bo sa khutleñ. Me re dumetse, re bile rea itse ha e le wèna Moitshepi oa Modimo.”—Yohane 6:66-69.

13, 14. (a) Ke ka ntlha yang fa Modimo o ne o sa amogele tsamaiso ya Sejuda ya lekgolo la ntlha la dingwaga? (b) Ke eng seo mongwe yo a nang le lobaka lo loleele e le Mosupi wa ga Jehofa a neng a se bolela ka phuthego ya Modimo e e bonalang?

13 “Mahoko a botshelō yo bo sa khutleñ” a ne a seyo mo tsamaisong ya Bajuda ya lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. Boleo jo bogolo jwa yone e ne e le go gana go dumela gore Jesu ke Mesia. Mefuta yotlhe ya tsamaiso ya Sejuda e ne e sa ikaega ka Dikwalo tsa Sehebera. Basadukai ba ne ba ganela gore go na le baengele ebile ba ne ba sa dumele gore baswi ba ka tsoga. Le mororo Bafarisai ba ne ba sa dumalane le bone mo dikarolong tseno, bone ba ne ba leofa ka go dira Lefoko la Modimo lefela ka ntlha ya dingwao tsa bone tse e seng tsa Dikwalo. (Mathaio 15:1-11; Ditihō 23:6-9) Dingwao tseno di ne di dirile Bajuda makgoba mme di dira gore go nne bokete mo go ba le bantsi go amogela Jesu Keresete. (Bakolosa 2:8) Go tlhoafalela ‘melawana ya borraagwe’ go ne ga dira Saulo (Paulo) gore a bogise balatedi ba ga Keresete botlhoko ka ntlha ya go bo a ne a sa itse sepe.—Bagalatia 1:13, 14, 23.

14 Modimo o ne o sa amogele tsamaiso ya Sejuda, mme lefa go ntse jalo Jehofa o ne a segofatsa phuthego e e neng e dirwa ke balatedi ba Morwawe—‘batho ba ba tlhoafaletseng ditiro tse di molemo.’ (Tito 2:14) Phuthego eo e santse e le teng, ebile mongwe yo o nang le lobaka lo loleele e le Mosupi wa ga Jehofa o ne a bolela jaana ka yone: “Fa go na le sengwe se se ileng sa nna botlhokwa go gaisa mo go nna, ke kgang ya go atamalana le phuthego e e bonalang ya ga Jehofa. Boitemogelo jo ke neng ka nna najo kwa tshimologong bo ile jwa nthuta kafa go sa utlwaleng ka teng go ikaega ka tlhaloganyo ya motho. Fela fa ke sena go swetsa jalo ke ne ka ititaya sehuba gore ke tla nna ke ikanyega mo phuthegong eno. Ke ka tsela efe e nngwe gape e motho a ka amogelwang le go segofadiwa ke Jehofa ka yone?” Ga go na gope koo re ka yang teng gore Modimo o re amogele le koo re ka bonang botshelo jo bo sa khutleng teng.

15. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dirisana mmogo le phuthego ya ga Jehofa e e bonalang mmogo le bao ba nang le boikarabelo mo go yone?

15 Dipelo tsa rona di tshwanetse tsa re tlhotlheletsa gore re dirisane le phuthego ya ga Jehofa gonne re itse gore ke yone fela e e kaelwang ke moya wa gagwe le eo e itsiseng leina la gagwe le maikaelelo a gagwe. Gone mme, bao ba rweleng boikarabelo ga ba a itekanela. (Baroma 5:12) Mme lefa go ntse jalo, ‘bogale jwa ga Jehofa bo ne jwa tukela’ Arone le Miriame fa ba ne ba tshwaya Moshe phoso mme ba lebala gore ke ene yo Modimo o mo neileng boikarabelo eseng bone. (Dipalō 12:7-9) Gompieno, Bakeresete ba ba ikanyegang ba dirisana mmogo le bao ba ‘ba laolang’ gonne Jehofa o batla ba dira jalo. (Bahebera 13:7, 17) Bosupi jwa gore re a ikanyega bo akaretsa go nna teng ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete le go akgela ka tsela eo e ‘tlhotlheletsang lorato le ditiro tse di molemo.’—Bahebera 10:24, 25.

Aga Ba Bangwe

16. Ke keletso ya go direla ba bangwe eng eo le yone e tshwanetseng ya re tlhotlheletsa go direla Jehofa ka boikanyego?

16 Go eletsa go aga ba bangwe go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go direla Jehofa ka boikanyego. Paulo o ne a kwala jaana: “Kico ea gogomosa, me loratō loa agèlèla.” (1 Bakorintha 8:1) Ereka kitso ya mofuta mongwe e ne e dira gore batho ba ba nang le yone ba ikgogomose, Paulo o tshwanetse a bo a ne a kaya gore lorato le lone lo aga bao ba bontshang nonofo eo. Buka e e kwadilweng ke Boporofesa Weiss le English e bolela jaana: “Motho yo o kgonang go rata ba bangwe le ene o a ratiwa. Go kgona go direla ba bangwe molemo le go akanyetsa ba bangwe mo karolong nngwe le nngwe ya botshelo . . . go ama motho yo o supetsang ba bangwe maikutlo a a ntseng jalo ka tsela e e molemo ka mo go tlhomologileng ebile go dira jalo gape le mo bathong bao ba direlwang seo mme ka gone go ba itumedisa botlhe.” Fa re supa lorato, re aga ba bangwe re bo re ikaga le rona ka borona fela jaaka mafoko ano a ga Jesu a kaya: “Go aba, go lesegō bogolo go go amogèla.”—Ditihō 20:35.

17. Lorato lo aga jang, mme lo tla re thibela gore re se ka ra dira eng?

17 Paulo mo go 1 Bakorintha 8:1 o ne a dirisa lefoko la Segerika a·gaʹpe, le le kayang lorato lo lo laolwang ke melaometheo. Lo a aga, ka go bo lo pelonomi, lo itshokela dilo tsotlhe, ebile ga lo ke lo palelwa ka gope. Lorato lono lo tlosa maikutlo a a senyang, jaaka boikgogomoso le bopelotshetlha. (1 Bakorintha 13:4-8) Lorato lo lo ntseng jalo lo tla re dira gore re tlogele go ngongorega ka bakaulengwe ba rona bao ba sa itekanelang fela jaaka rona. Lo tla re thibela gore re se ka ra nna “batho ba ba sa reñ Modimo sepè” bao ‘ba neng ba kukunetse’ mo teng ga Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Banna bano ba ne ba “nyatsa pushō, ba kgala batlotlegi,” go lebega ba ne ba bua leswe ka batho ba ba tshwanang le balebedi ba ba tloditsweng ba Bakeresete bao ba neng ba galaleditswe ka tsela nngwe. (Yude 3, 4, 8) A re ikanyegeng mo go Jehofa mme le ka motlha re se ka ra ineela go raelwa go dira sepe se se tshwanang.

Tlhabana le Diabolo!

18. Satane o tla leka go dira batho ba ga Jehofa eng, mme ke ka ntlha yang fa a sa kgone go dira jalo?

18 Go itse fela gore Satane o batla go senya kutlwano ya batho ba Modimo go tshwanetse ga oketsa kafa re ititeileng sehuba ka teng gore re tla direla Jehofa ka boikanyego. Satane o tla leka le eleng go bolaya batho botlhe ba Modimo, mme batlhanka ba ga Diabolo ba ba mo lefatsheng ka dinako tse dingwe ba bolaya baobamedi ba boammaaruri. Mme lefa go ntse jalo Modimo ga o kitla o letla Satane go ba bolaya botlhe. Jesu o ne a swa gore a “nyeletsè èna eo o na a na le nonohō ea losho, eboñ diabolo.” (Bahebera 2:14) Lefelo leo Satane a busang mo go lone le ile la ngotlega fa a sale a kobiwa kwa legodimong fa Keresete a sena go nna Kgosi ka 1914. Mme Jesu o tla bolaya Satane le phuthego ya gagwe ka nako e Jehofa a e tlhomileng.

19. (a) Lokwalopaka lono lo ne lwa tlhagisa kaga eng ka maiteko a ga Satane mo dingwageng tse di fetileng? (b) Re tshwanetse ra nna kelotlhoko jang fa re dirisana le badumedi ba bangwe gore re tile dirai tsa ga Satane?

19 Lokwalopaka lono lo kile lwa tlhagisa jaana: “Fa e le gore Satane, diabolo, a ka tsosa tlhakatlhakano mo bathong ba Modimo, a ka ba dira gore ba gogagogane le go lwa, kana a ka ba dira gore ba nne le boikutlo jwa bogagapa jo bo tla senyang lorato lwa bone lwa bokaulengwe, ka gone o tla kgona go ba nyeletsa.” (The Watch Tower, May 1, 1921, tsebe 134) A re se ka ra letla Diabolo go senya kutlwano ya rona, gongwe ka go re dira gore re senye ba bangwe maina kana re lwe le bone. (Lefitiko 19:16) A Satane a se ka a re tsietsa le ka motlha gore re utlwise bao ba direlang Jehofa ka boikanyegi botlhoko kana re dire gore botshelo jwa bone bo nne bokete. (Bapisa 2 Bakorintha 2:10, 11.) Go na le moo, a re diriseng mafoko ano a ga Petere: “Lo nnè lo ikgapè, lo nnè tishō: mmaba oa lona, diabolo, o potologa yaka tau e e dumañ, a batla eo o ka mo kometsañ: Lo èmalanè naè lo nitame mo tumeloñ ea lona.” (1 Petere 5:8, 9) Re ka kgona go nna le kutlwano eno e re segofaditsweng ka yone jaaka batho ba ga Jehofa fa re ema re nonofile kgatlhanong le Satane.—Pesalema 133:1-3.

Ikaege ka Modimo ka Thapelo

20, 21. Go ikaega ka Jehofa ka thapelo go amana jang le go mo direla ka boikanyego?

20 Go ikaega ka Modimo ka thapelo go tla re thusa gore re tswelele re direla Jehofa ka boikanyego. Fa re lemoga gore o araba dithapelo tsa rona, re gogelwa mo go ene. Moaposetoloi Paulo o ne a re kgothaletsa gore re ikaege ka Jehofa Modimo ka thapelo fa a ne a kwala jaana: “Ke eletsa gore banna ba rapèlè mo heloñ goñwe le goñwe, ba choleditse mabōgō a a itshepileñ, ka mo go senañ bogale le kgañ.” (1 Timotheo 2:8) Ka sekai, abo go le botlhokwa jang ne gore bagolwane ba ikaege ka Modimo ka thapelo! Go supa fa ba ikanya Jehofa ka nako ya fa ba kopana go tla go tlotla ka dikgang tsa phuthego go tla ba thusa gore ba thibele go tatalalana ba sa fetse gape go tla thibela go phatloga ka bogale.

21 Go ikaega ka Jehofa Modimo ka thapelo go re thusa gore re dire ditshiamelo tse re di neilweng mo tirong ya gagwe. Monna mongwe yo a neng a diretse Jehofa ka boikanyego ka masomesome a dingwaga o ne a ka bolela jaana: “Go amogela kabelo nngwe le nngwe e phuthego ya Modimo e e mo lefatsheng lotlhe e e re nayang, le go nna kwa re abetsweng go dira teng, re nitame, go dira gore Modimo o amogele ka boitumelo ditiro tse re di dirang re tlhoafetse. Le eleng lefa tiro e re e neetsweng e ka lebega e le ya maemo a a kwa tlase, gantsi o fitlhela gore ditiro dingwe tse di botlhokwa ga di kake tsa kgonwa go dirwa fa e sa dirwe ka boikanyegi. Ka gone, fa re ikokobeditse ebile re kgatlhegela go galaletsa leina la ga Jehofa eseng la rona, he re ka tlhomamisega gore re tla nna ka metlha re ‘tlhomame, re nitame, re totahetse mo tirong ya Morena.’”—1 Bakorintha 15:58.

22. Masego a ga Jehofa a mantsi a tshwanetse go ama go ikanyega ga rona jang?

22 Gone mme, le mororo re ka tswa re dira eng mo tirong ya ga Jehofa, ga re kake ra mo duelela seo a se re direlang. Abo re sireletsegile jang ne mo phuthegong ya Modimo, re dikologilwe ke bao e leng ditsala tsa gagwe! (Yakobe 2:23) Jehofa o re segofaditse ka gore re nne le kutlwano e e nnang teng ka ntlha ya lorato lwa bokaulengwe le le medileng medi mo eleng gore Satane ka boene ga a kgone go le khumola. Ka gone a re ngapareleng Rraarona yo o ikanyegang wa selegodimo re bo re dire mmogo jaaka batho ba gagwe. A re direleng Jehofa ka boikanyego jaanong go fitlha ka bosakhutleng.

O Ne O Tla Araba Jang?

◻ Go ikanyega go kaya eng?

◻ Ke dilo dife tse dingwe tseo di tshwanetseng go re tlhotlheletsa go direla Jehofa ka boikanyego?

◻ Re tshwanetse go tlhabana jang le Diabolo?

◻ Thapelo e ka re thusa jang gore re nne batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ga ba letle Mmaba wa bone yo o tshwanang le tau, Diabolo, go senya kutlwano ya bone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela