LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 12/1 ts. 5-6
  • Ke Mang Yo Modimo O Mo Amogelang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Mang Yo Modimo O Mo Amogelang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditekanyetso Tse Di kwa Godimo tsa Modimo
  • Re Ka Kgona go Amogelwa ke Modimo
  • Ke Batho ba Mofuta Ofe Bao O Ba Amogelang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • A Modimo o Rata Ditšhaba tse di Rileng go Feta Tse Dingwe?
    Tsogang!—2005
  • A o ‘Humile Malebana le Modimo’?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • A Bakeresete ba Tshwanetse go Humanega?
    Tsogang!—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 12/1 ts. 5-6

Ke Mang Yo Modimo O Mo Amogelang?

ROTLHE re batla gore ditsala tsa rona di re rate. Mme Mokeresete ene segolobogolo o eletsa gore a amogelwe ke Modimo. Go boletswe jaana ka Jehofa Modimo mo go Pesalema 84:11: “O tla aba tshegōhacō le kgalalèlō; ga go na sepè se se molemō se o tla ganañ ka shōna mo go ba ba tsamaeañ ka thōkgamō.” Ka nako ya fa Jesu a ne a tsalwa, baengele ba selegodimo ba ne ba goa ka boitumelo jo bogolo ba solofetsa gore “kagiso e nne mo lefatsheng le mo bathong bao o ba amogelang!”—Luke 2:14, Moffatt.

Mme lefa go ntse jalo ke mang yo Modimo o mo amogelang? A ditekanyetso tsa Modimo di tshwana le tsa motho? Go a utlwala gore ga di tshwane, jaaka go bontshitswe ke seo se neng sa tlotliwa mo setlhogong se se fetileng. Ebile tota, ereka Bakeresete ba kgothalediwa gore ba ‘nne baetsi ba Modimo,’ rotlhe re ka nna ra ipotsa gore, A ke amogela batho bao Modimo o ba amogelang, kana a ke sekametse mo go atlholeng batho go ya kafa ditekanyetsong tsa lefatshe? (Baefesia 5:1) Gore re tle re amogelwe ke Jehofa le gore a re rate, re tshwanetse ra ela tlhoko tsela eo ene a lebang dilo ka yone.

Ditekanyetso Tse Di kwa Godimo tsa Modimo

‘Modimo ga se motlhaodi wa batho,’ go ne ga bolela jalo moaposetoloi Petere, “me mo merahiñ eotlhe eo o boihañ ōna, a ba a diha tshiamō, oa lebosèga mo go ōna.” Mo godimo ga moo, moaposetoloi Paulo o ne a bontsha bosupi jwa gore Modimo “o dihile dichaba cotlhe tsa batho ba cwa mothuñ a le moñwe hèla.” (Ditihō 10:34, 35; 17:26) Ka gone, go a utlwala go konela ka gore Modimo o leba batho botlhe ka tsela e e tshwanang go sa kgathalesege gore ba bopegile jang mo mmeleng. Ka jalo, go tla bo go sa tshwanela ka Mokeresete go amogela mongwe ka tsela e e feteletseng e le fela ka go bo a tswa kwa kgaolong e e rileng kana ka go bo a na le mmala wa letlalo o o rileng kana ka go bo e le wa lotso lo longwe. Go na le moo, o tla bo a dira sentle fa a latela Motlhomasekao wa gagwe ebong Jesu Keresete, yo le baba tota ba neng ba dumela gore o ne a sa lebe bomangmang jwa batho.—Mathaio 22:16.

Ka dinako tse dingwe polelwana e e reng “bokafantle” e dirisediwa go tlhalosa sengwe se se sa reng sepe fela kana se se seng botlhokwa. Mmala wa letlalo le one o ntse fela jalo; ke bokafantle fela. Mmala wa letlalo la motho ga o supe botho jwa gagwe kana dinonofo tsa gagwe tsa mo teng. Totatota ga re a tshwanela go leba thata mmala wa letlalo, fa go tliwa mo ntlheng ya go tlhopha ditsala, bao re jang le bone, kana bao re ba dumedisang ka diatla. Gakologelwa, morweetsana yo o neng a dira gore go kwalwe mangwe a maboko a mantle thata le a lorato go gaisa ape a a kileng a kwalwa o ne a bolela jaana kaga gagwe: “Ke moncho, me ke montlè, . . . ke le moncho, ka go bo letsatsi le mpabotse.” (Sehela sa Dihela 1:5, 6) Lotso kana mmala ga se one motheo o o tshwanetseng wa go bontsha lorato. Se se botlhokwa ke gore a motho yoo o boifa Modimo ebile o dira tshiamo.

Modimo o ikutlwa jang malebana le go nna le khumo ya dilo tse di bonalang? Gareng ga batho bao Modimo o ba ratang le go ba amogela, Morwawe ebong Jesu Keresete, ke ene wa ntlha mo go bone. Lefa go ntse jalo, fa a ne a le mo lefatsheng, Jesu o ne ‘a sena mo a ka latsang tlhogo ya gagwe gone.’ (Mathaio 8:20) O ne a sena setsha, matlo, masimo, ditlhare tsa maungo, kana diruiwa. Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a mo tlotla le go mmaya mo boemong jo bo kwa godimo go feta jwa mongwe le mongwe mo lobopong lotlhe kwantle ga Modimo ka boene.—Bafilipi 2:9.

Jesu Keresete o ne a amogelwa ke Modimo eseng ka go bo a ne a humile dilo tse di bonalang mme ka ntlha ya ditiro tse di molemo. (Bapisa 1 Timotheo 6:17, 18.) O ne a tlhagisa balatedi ba gagwe jaana: “Se iphutheleñ dikhumō mo lehatshiñ, kwa motoutwana o senyañ gōna le morodu, le kwa magodu a phunyetsañ go ucwa gōna. Me iphutheleñ dikhumō kwa legodimoñ, kwa motoutwana o sa senyeñ gōna leha e le morodu, le kwa magodu a sa phunyeñ leha e le go ucwa gōna.” (Mathaio 6:19, 20) Ka gone, go na le gore ba bontshe lorato go bao e leng gore ba humile dithoto tsa lefatshe leno fela, Bakeresete ga ba ne ba tlhaola batho ba itshetlegile ka dilo tsa selefatshe. Ba tla batla bao ba humileng kafa letlhakoreng la Modimo go sa kgathalesege gore a ba humile dilo tse di bonalang kana ba humanegile. O se ka wa lebala gore ‘Modimo o itlhaoletse ba e leng bahumanegi kaga lefatshe jeno, gore ba nne bahumi mo tumelong, le barui ba bogosi.’ (Yakobe 2:5) Fa o leba dilo kafa Modimo o di lebang ka gone, o ka se wele mo serung se se tlwaelegileng sa go rata go amogela fela batho ba ba humileng dilo tse di bonalang.

Fa e le kaga thutego gone, Bibela ka phepafalo e bontsha gore Modimo o re rotloetsa gore re batle kitso le botlhale le gore Jesu Keresete e ne e le morutisi yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela mo lefatsheng. (Diane 4:7; Mathaio 7:29; Yohane 7:46) Mme lefa go ntse jalo ga se gore Modimo o amogela botlhale jwa selefatshe kana thutego. Phapaanong le seo, Paulo o re bolelela fa “go se bantsi ba ba botlhale kaha nameñ . . . ba ba bidicweñ, . . . me Modimo o itshenketse dilō tse di kaiwañ dinyana ke lehatshe, gore o tlhabisè ba ba botlhale ditlhoñ.”—1 Bakorintha 1:26, 27.

Modimo o amogela batho bao ba rutegileng thata, le mororo e se mo dithutong tsa lefatshe tse di rutiwang mo dikholetšheng, mme e le mo ‘puong e e itshekileng’ ya boammaaruri e e fitlhelwang mo Lefokong la gagwe ebong Bibela. (Sefania 3:9) Ebile tota, Jehofa ka boene gompieno o ruta batho ba gagwe a dirisa thulaganyo ya thuto eo e anamelang kwa dikhutlong tsotlhe tsa lefatshe. Fela jaaka moperofeti Isaia a ne a bolelela pele, batho ba merafe yotlhe ba arabela ka gore: “A re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa, kwa tluñ ea Modimo oa ga Yakobe; me o tla re ruta ditsela tsa gagwè.” Ka gone, go na le gore ba galaletse thutego ya selefatshe, Bakeresete ba tla itsalanya le bao ba ipolelang ka mafoko a bone le ka ditiro gore eleruri “ba rutwa ke Yehofa.” Ka go dira jalo, ba tla itumelela ‘kagiso e kgolo’ e Modimo o ba e nayang.—Isaia 2:3; 54:13.

Re Ka Kgona go Amogelwa ke Modimo

Ee, ditekanyetso tsa Modimo tsa go amogela ba bangwe di farologane thata le tsa motho. Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go leka gore re kaelwe ke ditsela tsa gagwe fa re batla gore re amogelesege fa pele ga matlho a gagwe. Seo se raya gore re tshwanetse go ithuta go leba batho ba bangwe ka tsela e Modimo a ba lebang ka yone mme eseng go ba leba go ya ka ditekanyetso tsa motho, tseo di tlhotlhelediwang ke bopelotshetlha le kgethololo ya lotso le mmala. Re ka dira seo jang?

Jehofa Modimo o tlhatlhoba pelo ya motho mme a amogele bao ba bontshang dinonofo tse di jaaka, lorato, molemo, bopelonomi, le bopelotelele. Re tshwanetse ra dira se se tshwanang. (1 Samuele 16:7; Bagalatia 5:22, 23) Re tshwanetse go leba motho wa kafa teng, go ya bokgakaleng jo rona batho re ka bo kgonang, mme re sa lebe mmala wa letlalo la gagwe kana gore ke wa lotso lo lo farologaneng. Go na le gore re itsalanye le bao ba humileng dilo tse di bonalang, re tla bo re dira sentle fa re gakologelwa tsela e Modimo a lebang dikhumo ka gone mme re bo re gagamalela ‘go huma mo ditirong tse di molemo, re aba, ebile re iketleeleditse go abalana.’ (1 Timotheo 6:18) Gore re tle re amogelwe ke Modimo, re tshwanetse ra tswelela pele go batla kitso ya boammaaruri ya Modimo le Morwawe ebong Jesu Keresete, re bo re rutega sentle mo puong e e itshekileng ya boammaaruri. (Yohane 17:3, 17) Fa re dira jalo, le rona re tla nna gareng ga batho bao Modimo o ba amogelang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela