Ke Batho ba Mofuta Ofe Bao O Ba Amogelang?
“MONYADIWA YO O BATLEGANG. O tshwanetse a bo a le moswaana ebile a le mosesane, e le sealogane kana bogolo a bo a sa ntse a tswelela ka dithuto tsa gagwe le e leng morago ga go aloga. O tshwanetse a bo a tswa mo lelapeng la maemo a a kwa godimo le le nang le dithoto. Go ka siama fa e le wa setlhopha sa batho ba mofuta wa me.”
GO BALEGA jalo nngwe ya dipapatso tsa lenyalo tseo o ka nnang wa di bona mo pampiring ya dikgang kwa India. Go bonala o ka nna wa bona sengwe se se tshwanang le seno mo dikarolong tse dingwe tse dintsi tsa lefatshe. Gantsi kwa India kitsiso eno e ntshiwa ke batsadi ba motho yo o batlang go nyala. Ba ba arabang ba ka nna ba tsenya setshwantsho sa mosetsana yoo a apere sari e e bohibidu jo bo phatsimang ebile a rwele mekgabo e le mentsi ya gouta. Fa lelapa la mosimane yono le dumalana, go ka nna ga simololwa dipuisano tsa lenyalo.
Ditekanyetso Tse Di Tlwaelegileng Tse Di Tseelwang kwa Godimo
Ke selo se se tlwaelegileng fela thata kwa India go kopa monyadiwa yo moswaana. Seno ke ka ntlha ya tumelo e e nweleletseng thata ya gore bao ba go tweng ke setlhopha sa batho ba mofuta wa maemo a a kwa tlase sa Bahindu ke batho ba bantsho. Bosheng jaana, thulaganyo nngwe ya thelebishene ya India e ne ya bolela polelo ka basetsana bangwe ba babedi, yo mongwe o ne a le moswaana mme yo mongwe o ne a le motshwana. Mosetsana yo moswaana o ne a le setlhogo ebile a sena maitseo; mosetsana yo motshwana ene o ne a le pelonomi ebile a le bonolo. Go ne ga nna le phetogo ya dikgakgamatso, mme mosetsana yo moswaana o ne a otlhaiwa ka go nna motshwana, fa mosetsana yo motshwana a ne a duelwa ka go nna moswaana. Kwantle ga pelaelo polelo eno e re ruta gore le mororo motho yo o molemo kgabagare a tle a fenye, letlalo le leswaana lone ke mpho e e eletsegang.
Gantsi maikutlo a a ntseng jalo a bomorafe a nwelelela go feta selekanyo. Ka sekai, motho wa kwa Asia o ka nna a etela naga ya kwa Bophirima a bo a tla go ngongorega gore o ne a sa tshwarwe sentle ka ntlha ya mmala wa gagwe wa letlalo kana ka ntlha ya matlho a gagwe a a pelekaneng. Boitshwaro jo bo ntseng jalo bo mo tlhokisa boroko, mme a ikutlwe a tlhaolwa mo go ba bangwe. Mme lefa go ntse jalo fa a boela kwa lefatsheng la gagabo, o ka nna a tshwara batho ba setlhopha se sele sa lotso ka tsela e e tshwanang le eo. Tota le gompieno mmala wa letlalo le gore motho ke wa lotso lofe ke tsone tse batho ba le bantsi ba di dirisang go bona gore a motho ke yo ba ka mo tlotlomatsang.
“Madi a henya dilō cotlhe,” go ne ga kwala jalo Kgosi Solomone wa metlha ya bogologolo. (Moreri 10:19) Abo seo se le boammaaruri jang ne! Gape khumo e ama tsela e batho ba lebiwang ka yone. Ga se gantsi batho ba ipotsang gore khumo e tswa kae. A motho o ile a huma ka ntlha ya go bo a ne a bereka ka natla kana ka go tsamaisa dilo ka kelotlhoko kana ka go sa ikanyege? Seo ga se selo se se tlhokomelwang thata. Dikhumo, di ka tswa di bonwe ka tsela e e sa siamang kana nnyaa, di gogela batho ba le bantsi gore ba lopele motho yo o humileng.
Thutego e e kwa godimo le yone e ile ya tseelwa kwa godimo thata mo lefatsheng leno le le tletseng ka kgaisano. Go ise go ye kae fela fa ngwana a sena go tsholwa, batsadi ba tlhotlheletsega go simolola go boloka madi a mantsi a thuto. Fa a setse a le dingwaga di le pedi kana di le tharo, ba amega ka go mo isa kwa sekolong sa bananyana se se tshwanetseng kana e le kgato ya ntlha ya gore a tle a nne le dikirii tsa yunibesithi. Go lebega batho ba bangwe ba akanya gore go nna le dipoloma tsa maemo a a kwa godimo go ka dira motho gore a amogelwe ke ba bangwe le go mo tlotla.
Ee, mmala wa letlalo, thutego, madi, gore motho ke wa lotso lofe—tseno e ile ya nna ditekanyetso tse batho ba le bantsi ba ileng ba atlhola ka tsone kana, bogolo jang go atlhola motho yo mongwe pele ga nako. Ano ke mabaka ao a ba laolang gore ke bomang bao ba tla ba amogelang le gore ke bomang ba ba se kitlang ba dira jalo mo go bone. Go tweng ka wena? Ke mang yo o mo amogelang? A o akanya gore mongwe yo o nang le madi a mantsi, yo o nang le letlalo le leswaana, kana yo o nang le thutego e e kwa godimo ke ene yo o tshwanelwang ke go amogelwa le go tlotliwa? Fa go ntse jalo, go tlhokega gore o sekaseke ka bomasisi motheo wa maikutlo a gago.
A Tseno ke Ditekanyetso Tse Di Utlwalang?
Buka ya Hindu World e lemotsha seno: “Fa mongwe wa setlhopha sa batho ba mofuta wa maemo a a kwa tlase a ne a ka bolaya Mohindu wa maemo a a kwa godimo o ne a ka tlhokofadiwa gore a bo a swe mme dithoto tsa gagwe di bo di gapiwa, mme moya wa gagwe o ne o nyelediwa ka bosakhutleng. Mohindu wa maemo a a kwa godimo yo o bolaileng mongwe o ka nna a lefisiwa fela mme a bo a sa atlholelwe loso.” Le mororo buka eno e bolela ka dilo tsa metlha ya bogologolo, go tweng ka gompieno? Go tlhaola batho ka lotso le mmala le go ilana ga merafe go ile ga dira gore go nne le dipolaano tse dintsintsi, tota le mo lekgolong la bo20 la dingwaga. Mme seno ga se direge kwa India fela. Letlhoo le bothubaki tse di leng gone ka ntlha ya tlhaolele mo Afrika Borwa, kgethololo ya lotso le mmala kwa United States, kgethololo ya bomorafe kwa Baltic—le tse dingwe fela jalo—tsotlhe tseno di bakiwa ke boikutlo joo motho a tsetsweng ka jone jwa go itseela kwa godimo. Eleruri, tsela e e ntseng jalo ya go amogela motho yo mongwe go feta ba bangwe ka ntlha ya lotso kana bomorafe e ile ya se ka ya bontsha maungo ape a a molemo, le a kagiso.
Go tweng ka letlotlo? Kwantle ga pelaelo, batho ba le bantsi ba ile ba huma ba ntse ba ikanyega, ba bereka ka natla. Lefa go ntse jalo, bontsi jwa dikhumo bo ile jwa kokoanngwa ke dikebekwa tsa lefatshe leno, batho ba ba rekisang ka boferefere, barekisi ba diokobatsi, barekisi ba ditlhobolo ba ba seng kafa molaong, le ba bangwe jalo. Ke boammaaruri, bangwe ba bone ba abela makoko a thuso dineo kana ba tshegetsa dithulaganyo tsa go thusa batlhoki. Lefa go le jalo, bokebekwa bo ile jwa lere pogo e kgolo fela thata le bohutsana mo bathong ba ba tlhaselwang. Tota le batho bao ba dirang ka bonokwane, jaaka bao ba tsayang dipipamolomo kana go nna le seabe mo dikgwebong tse di dirwang ka boferefere, ba ile ba ipakela tlalelo, kgobalo, le loso fa dithoto tsa bone kana ditirelo tsa bone di sa tswelele pele sentle ebile di sa dire ka tshwanelo. Eleruri, go amogela batho ka ntlha ya dikhumo ka bogone fela ga se tsela e e siameng.
He, go tweng ka thutego? A go nna le dikirii di le dintsintsi le direto tse di tlang morago ga leina la motho go tlhomamisa gore motho yoo o a ikanyega le gore o tshiamo? A seo se raya gore motho yoo o tshwanetse gore a tseelwe kwa godimo? Ke boammaaruri gore thutego e ka godisa boitemogelo jwa motho, mme batho ba le bantsi bao ba ileng ba dirisa thutego ya bone ka botlalo gore e solegele ba bangwe molemo ba tshwanelwa ke tlotlo le tlhompho. Mme lefa go ntse jalo hisitori e re fa dikai di le dintsi tsa ditlhopha tsa batho ba ba rutegileng bao ba ileng ba ja batho ba le bantsi ka tsietso le go ba gatelela. Mme akanya ka seo se diragalang mo dikholetšheng le mo diyunibesithing gompieno. Dikago tsa yunibesithi di tletse ka mathata a go tshwakgolwa ke diokobatsi le malwetse a a tshelanwang a tlhakanelodikobo, mme baithuti ba le bantsi ba ikwadisa mo sekolong e le fela go batla madi, maatla, le tumo. Thutego ya motho e le yosi ga se sesupo se se tlhomameng sa go bontsha botho jwa gagwe jwa boammaaruri.
Nnyaa, mmala wa letlalo, thutego, madi, gore motho ke wa lotso lofe, kana mabaka a mangwe a a tshwanang le ao ga se one motheo o o utlwalang wa go lekanyetsa gore motho yo mongwe o botlhokwa go le kana kang. Bakeresete ga ba a tshwanela go tshwarega mo dilong tseno ka boikaelelo jwa gore batho ba bangwe ba tle ba ba amogele. He, motho o tshwanetse go amega ka eng? Ke ditekanyetso dife tse motho a tshwanetseng go di latela?