LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 12/1 ts. 7-12
  • Tshegofatso ya ga Jehofa E A Humisa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tshegofatso ya ga Jehofa E A Humisa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Khumo E E Botlhokwa Go Gaisa
  • Khumo ya Semoya Gompieno
  • Di tsa Bosome le Ditshupelo
  • ‘Sekasekang Mekgwa ya Lona’
  • Go Thukhutha Jehofa
  • Go Atlholwa Ke “Morena wa Boammaaruri”
  • “Lereñ Di tsa Boshomè Cotlhe mo Tluñ ea Polokèlō”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Buka ya Bibela ya bo 39—Malaki
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Nako ya go Lekwa le go Feferwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • “Lesego go Fitlha lo sa Tlhole lo Tlhoka Sepe”
    Nna o Gopotse Letsatsi la ga Jehofa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 12/1 ts. 7-12

Tshegofatso ya ga Jehofa E A Humisa

“Tshegōhacō ea ga Yehofa ea humisa, me ga a ke a e oketsa ka bohutsana.”—DIANE 10:22.

1-3. Lefa batho ba le bantsi ba amegile kaga dilo tse di bonalang, botlhe ba tshwanetse go lemoga ntlha efe kaga khumo ya dilo tse di bonalang?

BATHO bangwe ga ba ke ba kgaotsa go bua kaga madi—kana kaga gore ba a a tlhoka. Ka maswabi, mo dingwageng tsa bosheng jaana ba ile ba nna le mo gontsi mo ba neng ba ka tlotla ka gone. Ka 1992 le eleng ikonomi ya dinaga tse di itsholetseng tsa Bophirima e ile ya wela kwa tlase, mme bakaedi mmogo le badiri fela ba ile ba iphitlhela ba feletswe ke tiro. Ba le bantsi ba ne ba ipotsa gore a ba ne ba tla tsamaya ba bona nako ya go iketla mo letlepung gape.

2 A go phoso go amega kaga go ema sentle ga rona mo dilong tse di bonalang? Nnyaa, ke ga tlholego go amega ka tsone ka selekanyo se se rileng. Go ntse go le jalo, go na le boammaaruri bongwe jwa motheo joo re tshwanetseng gore re bo lemoge kaga khumo. Totatota, dilo tsotlhe tse di bonalang di tswa kwa Mmoping. Ke ene “Modimo [“wa boammaaruri,” NW], Yehofa, . . . eo o ritibaditseñ lehatshe le se se tlhogañ mo go yeōna; eo o naeñ batho ba ba mo go yeōna go hèma, le ba ba tsamaeañ mo go yeōna mōea.”—Isaia 42:5.

3 Lefa gone Jehofa a sa laole go sa le gale gore ke mang yo o tla nnang mohumi le gore ke mang yo o tla humanegang, rotlhe re ikarabelela ka tsela eo re dirisang ka yone lefa e ka nna karolo epe fela ya “lehatshe le se se tlhogañ mo go yeōna.” Fa re dirisa khumo ya rona go gatelela ba bangwe, Jehofa o tla re tsaya re ikarabelela mo go seo. Mme bape ba ba direlang dikhumo go na le go direla Jehofa ba tla fitlhela gore “eo o ikanyañ khumō ea gagwè o tla wa.” (Diane 11:28; Mathaio 6:24; 1 Timotheo 6:9) Dikhumo tsa dilo tse di bonalang fa di sa patiwa ke pelo e e ineetseng mo go Jehofa kgabagare ga di nne le boleng.—Moreri 2:3-11, 18, 19; Luke 16:9.

Khumo E E Botlhokwa Go Gaisa

4. Ke ka ntlha yang fa khumo ya semoya e le botoka go na le letlotlo la dilo tse di bonalang?

4 Mo godimo ga khumo ya dilo tse di bonalang, Bibela e bua ka khumo ya semoya. Kwantle ga pelaelo ono ke mofuta o o botoka wa khumo. (Mathaio 6:19-21) Khumo ya semoya e akaretsa go nna le kamano e e kgotsofatsang le Jehofa eo e ka nnelang ruri. (Moreri 7:12) Mo godimo ga moo, batlhanka ba Modimo ba ba humileng semoyeng ba bona masego a a siameng a dilo tse di bonalang. Mo lefatsheng le lesha, khumo ya semoya e tla bo e amana le khumo ya dilo tse di bonalang. Batho ba ba ikanyegang ba tla nna le dilo tse di lekaneng tsa senama tse di sa bonwang ka go gaisana ka tsela e e sa itumediseng kana go sa itekanele sentle mo mmeleng le go sa itumele, jaaka go direga gantsi gompieno. (Pesalema 72:16; Diane 10:28; Isaia 25:6-8) Ba tla fitlhela gore mo dilong tsotlhe “tshegōhacō ea ga Yehofa ea humisa, me ga a ke a e oketsa ka bohutsana.”—Diane 10:22.

5. Jesu o ne a solofetsa eng malebana le dilo tse di bonalang?

5 Le gompieno tota batho ba ba tseelang dilo tsa semoya kwa godimo ba ikutlwa ba ritibetse ka mokgwa mongwe fa go tla mo dilong tse di bonalang. Ke boammaaruri, ba a dira gore ba tle ba duele melato le go fepa malapa a bone. Kana bangwe ba ka nna ba bo ba latlhegelwa ke ditiro ka nako ya fa ikonomi e wetse kwa tlase. Mme lefa go ntse jalo ga ba fekeediwe ke go amega ka dilo tse di ntseng jalo. Go na le moo, ba dumela tsholofetso ya ga Jesu fa a ne a re: “Se itlhobaeleleñ, loa re, Re tla ya eñ? kgotsa, Re tla nwa eñ? kgotsa, Re tla apara eñ? . . . Gonne Rra eno oa legodimo oa itse ha lo tlhōka dilō tse cotlhe. Me batlañ pele bogosi yoa gagwè, le tshiamō ea gagwè; me dilō cotlhe tse lo tla di okelediwa.”—Mathaio 6:31-33.

Khumo ya Semoya Gompieno

6, 7. (a) Tlhalosa dikarolo dingwe tsa khumo ya semoya ya batho ba Modimo. (b) Go diragadiwa boperofeti bofe gompieno, mme seno se tsosa dipotso dife?

6 Ka jalo, batho ba ga Jehofa ba tlhophile gore ba beye Bogosi kwa pele mo matshelong a bone, mme abo ba segofadiwa jang ne! Ba atlega tota mo tirong ya bone ya go dira barutwa. (Isaia 60:22) Ba rutiwa ke Jehofa, mme ba itumelela letlotlo le le sa feleng la dilo tse di molemo tsa semoya tseo ba di neelwang ka “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47; Isaia 54:13) Mo godimo ga moo, moya wa ga Jehofa o mo go bone, o ba bopa gore e nne bakaulengwe ba ba itumetseng ba merafe yotlhe.—Pesalema 133:1; Mareko 10:29, 30.

7 Seno ruri ke khumo ya semoya, sengwe se se ka se kang sa rekwa ka madi. Ke tiragatso e e kgatlhang ya tsholofetso ya ga Jehofa e e reng: “Lereñ di tsa boshomè cotlhe mo tluñ ea polokèlō, gore go tlo go nnè diyō mo tluñ ea me, me lo tlo lo ntekè ka gōna, go bua Yehofa oa mashomōshomō, lo bōnè bo ga nketla ke lo bulèla dikgōrō tsa legodimo, ke lo goromeletsa lesegō [go fitlha lo sa tlhoke sepe, NW].” (Malaki 3:10) Rona gompieno re ile ra bona tsholofetso eno e diragadiwa. Lefa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa Jehofa, ene Motswedi wa dikhumo tsotlhe, a kopa gore batlhanka ba gagwe ba lere karolo ya bosome, kana di tsa bosome? Ke mang yo o solegelwang molemo ke di tsa bosome? Go araba dipotso tseno, ela tlhoko lebaka la go bo Jehofa a ne a bua mafoko ano ka Malaki mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E.

Di tsa Bosome le Ditshupelo

8. Go ya ka kgolagano ya Molao, khumo ya dilo tse di bonalang ya Iseraele e ne e tla ikaega ka eng?

8 Mo motlheng wa ga Malaki batho ba Modimo ba ne ba sa hume. Ka ntlha yang? Go ne go amana ka tsela nngwe le ditshupelo le di tsa bosome. Morago koo, Iseraele o ne a le kafa tlase ga kgolagano ya Molao wa ga Moshe. Fa Jehofa a dira kgolagano eo, o ne a solofetsa gore fa Iseraele a ne a ka boloka seo a neng a tshwanetse go se dira mo kgolaganong eo, o ne a tla ba segofatsa semoyeng le senameng. Ebile tota, go huma ga Baiseraele go ne go ikaegile ka gore ba ikanyege.—Duteronome 28:1-19.

9. Mo metlheng ya Iseraele wa bogologolo, ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a batla gore Baiseraele ba ntshe di tsa bosome ba bo ba lere ditshupelo?

9 Karolo ya seo Molao o neng o se batla mo Baiseraeleng e ne e le gore ba lere ditshupelo kwa tempeleng le gore ba ntshe di tsa bosome. Dingwe tsa ditshupelo di ne di fisiwa di feletse mo sebesong sa ga Jehofa, fa tse dingwe tsone di ne di kgaoganngwa di newa baperesiti le bao ba isang setlhabelo, mme dikarolo dingwe tse di kgethegileng di neelwa Jehofa. (Lefitiko 1:3-9; 7:1-15) Moshe o ne a bolelela Baiseraele jaana malebana le di tsa bosome: “Me tsa boshomè cotlhe tsa lehatshe leha e le tsa peo ea lehatshe, leha e le tsa louñō lwa setlhare, ke tsa ga Yehofa: di boitshèpèlō Yehofa.” (Lefitiko 27:30) Di tsa bosome di ne di neelwa badiri ba Balefi kwa motlaaganeng mme moragonyana kwa tempeleng. Fela jalo le bone Balefi ba e seng baperesiti ba ne ba tla ntsha karolo ya bolesome ya seo ba se amogetseng ba se neela baperesiti ba losika lwa ga Arone. (Dipalō 18:21-29) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a batla gore Baiseraele ba duele di tsa bosome? Sa ntlha, gore ba kgone go bontsha ka tsela e e bonalang sentle selekanyo seo ka sone ba neng ba anaanela bomolemo jwa ga Jehofa. Mme sa bobedi, gore ba kgone go tsenya seatla mo go tshegetseng Balefi, bao jaanong ba neng ba ka kgona go tlhokomela thata dilo tse ba neng ba tlamega go di dira, go akaretsa le go ruta Molao. (2 Ditihalō 17:7-9) Ka tsela eno kobamelo e e itshekileng le yone e ne e tshegediwa, mme mongwe le mongwe o ne a solegelwa molemo.

10. Go ne go diragala eng fa Baiseraele ba ne ba sa tlise di tsa bosome le ditshupelo?

10 Le mororo e ne ya re moragonyana di tsa bosome le tsa ditshupelo dirisiwa ke Balefi, tota e ne e le dimpho tse di neng di isediwa Jehofa mme ka jalo di ne di tshwanetse go nna tsa boleng jo bo kwa godimo, di mo tshwanela. (Lefitiko 22:21-25) Go ne go direga eng fa Baiseraele ba ne ba palelwa ke go tlisa di tsa bosome kana fa ba ne ba isa ditshupelo tsa maemo a a kwa tlase? Molao o ne o sa tlhoma kotlhao epe, mme lefa go ntse jalo go ne go na le ditlamorago. Jehofa o ne a sa ba segofatse, mme Balefi, ka ba ne ba sa tshegediwe ka dilo tse di bonalang, ba ne ba tlogela ditiro tsa bone tsa mo tempeleng gore ba itlamele. Ka jalo Iseraele yotlhe e ne e boga.

‘Sekasekang Mekgwa ya Lona’

11, 12. (a) Go ne go felela ka eng fa Baiseraele ba ne ba tlola Molao? (b) Jehofa o ne a neela Baiseraele thomo efe fa a ne a ba busa go tswa kwa Babelona?

11 Mo hisitoring ya Baiseraele, go ne go na le bangwe ba ba neng ba tlhoma sekao ka go leka go boloka Molao, go akaretsa le go duela di tsa bosome. (2 Ditihalō 31:2-16) Lefa go ntse jalo, ka kakaretso morafe o ne o sa utlwe molao. Ba ne ba tlola kgolagano ya bone le Jehofa gantsintsi, go fitlha labofelo a ba letla gore ba fenngwe e bo e re go tswa foo, ka 607 B.C.E. ba bo ba isiwa botshwarwa kwa Babelona.—2 Ditihalō 36:15-21.

12 Eo e ne e le kotlhao e e botlhoko, mme lefa go ntse jalo Jehofa o ne a busetsa batho ba gagwe kwa nagagaeng ya bone morago ga dingwaga tse 70. Boperofeti jo bontsi jo bo mo go Isaia jo bo bolelelang pele ka Paradaise bo ne bo tla diragadiwa la ntlha fa ba sena go boa. (Isaia 35:1, 2; 52:1-9; 65:17-19) Mme lefa go ntse jalo, lebaka la konokono la go bo Jehofa a busitse batho ba gagwe, e ne e se gore ba age paradaise ya selefatshe, mme go na le moo e ne e le gore ba age tempele sesha ba bo ba tsosolose kobamelo ya boammaaruri. (Esere 1:2, 3) Fa Baiseraele ba ne ba ka utlwa Jehofa, ba ne ba tla nna le dilo tse di bonalang, mme tshegofatso ya ga Jehofa e ne e tla ba humisa semoyeng mmogo le senameng. Fela jalo he, fela fa ba sena go fitlha mo nagagaeng ya bone ka 537 B.C.E., Bajuda ba ne ba aga motlaagana kwa Jerusalema mme ba simolola go aga tempele. Lefa go ntse jalo, ba ne ba ganediwa fela thata mme ba emisa. (Esere 4:1-4, 23) Seno se ne sa felela ka gore Jehofa a se ka a segofatsa Baiseraele.

13, 14. (a) Go ne ga diragala eng fa Baiseraele ba ne ba sa age tempele sesha? (b) Tempele e ne ya re kgabagare ya agiwa sesha jang, mme lefa go ntse jalo go begiwa go palelwa gofe gape ga Baiseraele?

13 Ka ngwaga wa 520 B.C.E., Jehofa o ne a dira gore moperofeti Hagai le moperofeti Sekaria ba kgothaletse Baiseraele gore ba boele mo tirong ya go aga tempele. Hagai o ne a bontsha gore morafe o ne o na le mathata a dilo tse di bonalang mme a bolela gore seno se ne se bakwa ke lebaka la go bo ba ne ba sa tlhoafalela ntlo ya ga Jehofa. O ne a re: “Go bua Yehofa oa mashomōshomō yana, a re, [Sekasekang, NW] mekgwa ea lona. Lo yadile segolo; me lo rora bobōtlana; loa ya, me ga lo kgore: loa nwa, me ga lo kgore go nwa; loa ikapesa, me ga go na opè eo o thuthahetseñ; le eo o bapalañ tuèlō o e bapalèla go tla a e tsenya mo kgetsiñ e e maroha hèla. Go bua yana Yehofa oa mashomōshomō, a re, [Sekasekang, NW] mekgwa ea lona. Palamèlañ kwa thabeñ, lo lere dikgoñ, lo agè ntlo; me ke tla ya monate kaga eōna, me ke tla galalediwa.”—Hagai 1:5-8.

14 Ba kgothaditswe ke Hagai le Sekaria, Baiseraele ba ne ba sekaseka mekgwa ya bone, mme tempele e ne ya agiwa. Lefa go ntse jalo dingwaga di ka nna 60 moragonyana, Nehemia o ne a etela kwa Jerusalema mme a fitlhela gore Baiseraele ba ne ba boetse mo go itlhokomoloseng Molao wa ga Jehofa gape. O ne a baakanya phoso eno. Mme lefa go ntse jalo fa a eta gape lekgetlo la bobedi, o ne a fitlhela dilo di ile masweng gape. O bega jaana: “Ka lemoga ha Balefi ba nntse ba sa nèwa dikabèlō tsa bōnè; yalo Balefi, le baopedi ba ba dihañ tihō, moñwe le moñwe o na a bile a tshabetse kwa lotlhagariñ loa gagwè.” (Nehemia 13:10) Bothata jono bo ne jwa baakanngwa, mme “ba Yuda botlhe ba lere sa boshomè sa mabèlè, le sa boyalwa yoa mofine, le sa loukwane, mo matluñ a dikhumō.”—Nehemia 13:12.

Go Thukhutha Jehofa

15, 16. Jehofa o kgalemelela Iseraele diphoso dife a dirisa Malaki?

15 Go bonala gore Malaki o ne a perofesa mo e ka nnang ka yone nako eno, mme moperofeti yono o re bolelela mo go oketsegileng kaga go sa ikanyege ga Iseraele. O kwadile mafoko ano a Jehofa a neng a a bolelela Iseraele: “Ha ke le rra batho, tlotlō ea me e kae? ha ke le muñ oa batho, go mpoiha go kae: go bua Yehofa oa mashomōshomō, a raea lona baperisiti ba lo nyatsañ leina ya me.” Go ne go senyegile fa kae? Jehofa o tlhalosa jaana: “Mogañ lo isañ setlhabèlō ka se se houhetseñ, lo tlo lo re ga se boshula bopè! me ha lo isa setlhabèlō ka se se tlhotsañ le se se bobolañ, lo tlo lo re, Ga se boshula bopè!”—Malaki 1:6-8.

16 Malaki o bontsha ka tsela eno e e phepafetseng gore lefa Baiseraele ba ne ba lere ditshupelo, boleng jwa tsone jwa maemo a a kwa tlase bo ne bo bontsha gore ga ba na tlotlo tota. Malaki gape o ne a kwala jaana: “E sa le ka metlha ea borra eno lo nntse lo hapogile ditaeō tsa me hèla, ga loa di tshegetsa. Boèlañ mo go nna me ke tla boèla kwa go lona, go bua Yehofa oa mashomōshomō.” Baiseraele ba ne ba ipotsa gore totatota ba ne ba tshwanetse go dira eng, ka jalo ba ne ba botsa jaana: “Re tla boea mo go eñ?” Jehofa o ne a araba ka go re: “A motho o ka thukhutha Modimo? Leha go nntse yalo loa nthukhutha.” Baiseraele ba ne ba ka thukhutha Jehofa jang, ene Motswedi wa khumo yotlhe? Jehofa o ne a araba jaana: “Mo go di tsa boshomè le mo dichupeloñ.” (Malaki 3:7, 8) Ee, Baiseraele ba ne ba thukhutha Jehofa ka go sa ise di tsa bosome le ditshupelo tsa bone!

17. Di tsa bosome le ditshupelo di ne di dirisediwa eng kwa Iseraele, mme Jehofa o solofetsa eng malebana le di tsa bosome?

17 Ditiragalo tseno tsa mo hisitoring di bontsha kafa di tsa bosome le ditshupelo di neng di le botlhokwa ka gone kwa Iseraele. Di ne di supa gore yo o di ntshang o a anaanela. Gape di ne di thusa go tlamela kobamelo ya boammaaruri ka dilo tse di bonalang. Ka jalo, Jehofa o ne a tswelela pele a kgothatsa Baiseraele jaana: “Lereñ di tsa boshomè cotlhe mo tluñ ea polokèlō.” Go bontsha gore go ne go tla direga eng fa ba ne ba ka dira jalo, Jehofa o ne a solofetsa jaana: “[Ke tla] lo goromeletsa lesegō [go fitlha lo sa tlhoke sepe, NW].” (Malaki 3:10) Tshegofatso ya ga Jehofa e ne e tla ba humisa.

Go Atlholwa Ke “Morena wa Boammaaruri”

18. (a) Jehofa o tlhagisa ka go re go tla tla mang? (b) Go tla kwa tempeleng go ne ga direga leng, go ne go tla mang, mme go ne ga felela jang ka Baiseraele?

18 Jehofa o ne a dirisa Malaki gape go tlhagisa batho ba gagwe gore o ne a tla tla go ba atlhola. “Bōnañ, ke roma moroñwa oa me, me o tla baakanya tsela ha pele ga me: me [Morena wa boammaaruri, NW] eo lo mmatlañ, o tla tla mo tempeleñ ea gagwè ka choganeco: me moroñwa oa kgōlaganō, eo lo itumèlañ mo go èna, bōnañ, oè tla, go bua Yehofa oa mashomōshomō.” (Malaki 3:1) Go ya kwa tempeleng go go neng go solofeditswe go ne ga direga leng? Mo go Mathaio 11:10, Jesu o ne a tsopola boperofeti jwa ga Malaki jo bo neng bo bolela kaga morongwa yo o neng a tla baakanya tsela mme a bolela gore bo raya Johane Mokolobetsi. (Malaki 4:5; Mathaio 11:14) Ka jalo ka 29 C.E., nako ya katlholo e ne e gorogile! Morongwa wa bobedi, morongwa wa kgolagano yo o neng a tla tsamaya le Jehofa, “Morena wa boammaaruri,” go ya kwa tempeleng e ne e le mang? Ke Jesu ka boene, mme o ne a tla mo tempeleng e e kwa Jerusalema mme a e phepafatsa ka tsela e e gakgamatsang ka makgetlo a le mabedi, a kobela kwa ntle batsietsi ba ba ananyang madi. (Mareko 11:15-17; Yohane 2:14-17) Malebana le nako eno ya katlholo ya lekgolo la ntlha la dingwaga, Jehofa o botsa jaana ka tsela ya boperofeti: “E mañ eo o ka ichōkèlañ motlha oa go tla ga gagwè? me e mañ eo o tla èmañ mogañ o bōnalañ?” (Malaki 3:2) Ebile tota, Baiseraele ga ba a ka ba ema. Ba ne ba tlhatlhobiwa mme ba fitlhelwa ba tlhaela, mme ka 33 C.E., ba ne ba latlhiwa ba se ka ba tlhola ba nna morafe o o tlhophilweng wa ga Jehofa.—Mathaio 23:37-39.

19. Masalela a ne a boela jang kwa go Jehofa mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme ba ne ba segofadiwa jang?

19 Lefa go ntse jalo, Malaki gape o ne a kwala jaana: “[Jehofa] o tla nna yaka moitshekisi le montlahatsi oa selefera, o tla ntlahatsa bomorwa Lefi, o tla ba ntlahatsa yaka gouda le selefera; me ba tla isetsa Yehofa dichupèlō mo tshiamoñ.” (Malaki 3:3) Tumalanong le seno, lefa bontsi jwa bao ba neng ba ipolela gore ba direla Jehofa mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba latlhiwa, bangwe ba ne ba itshekisiwa mme ba tla kwa go Jehofa, ba isa ditlhabelo tseo a neng a di amogela. Ke bomang? Ke bao ba neng ba tsere kgato fa Jesu, morongwa wa kgolagano, a tla. Ka Pentekosete ya 33 C.E., ba le 120 mo go ba ba neng ba tsere kgato bano ba ne ba kokoane mo ntlwaneng e e kwa godimo kwa Jerusalema. Ereka ba ne ba nonotshitswe ke moya o o boitshepo, ba ne ba simolola go isa tshupelo ka tshiamo, mme palo ya bone e ne ya gola ka bofefo. Go ise go ye kae, ba ne ba anama le Mmusomogolo wa Roma. (Ditihō 2:41; 4:4; 5:14) Ka jalo, masalela a ne a boela kwa go Jehofa.—Malaki 3:7.

20. Fa go ne go senngwa Jerusalema le tempele go ne ga direga eng ka Iseraela o mosha wa Modimo?

20 Masalela ano a Iseraele, ao e neng ya re kgabagare a akaretsa Baditšhaba, ba go ka tweng ba ne ba tlhomilwe mo moding wa Iseraele, e ne e le “Iseraele oa Modimo” o mosha, morafe o o neng o bopilwe ka Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya. (Bagalatia 6:16; Baroma 11:17) Ka 70 C.E., ‘motlha . . . o o tukang jaaka leiso la boubelo’ o ne wa tlela Iseraele wa mmatota fa Jerusalema le tempele ya gagwe di ne di senngwa ke masole a Baroma. (Malaki 4:1; Luke 19:41-44) Go ne ga diragala eng ka Iseraele wa Modimo wa semoya? Jehofa o ne a ba “rèkègèla, yaka motho a tla a rèkègèle morwawè tōta eo o mo dihèlañ.” (Malaki 3:17) Phuthego e e tloditsweng ya Bokeresete e ne ya reetsa tlhagiso ya ga Jesu ya boperofeti. (Mathaio 24:15, 16) Ba ne ba falola, mme tshegofatso ya ga Jehofa e ne ya tswelela pele e ba humisa semoyeng.

21. Go setse dipotso dife kaga Malaki 3:1 le 10?

21 Abo seo se ne se tlotlomatsa Jehofa jang ne! Lefa go ntse jalo, Malaki 3:1 e diragadiwa jang gompieno? Mme Mokeresete o tshwanetse go tsaya kgato efe malebana le kgothatso e e mo go Malaki 3:10 ya gore go leriwe di tsa bosome tsotlhe mo ntlong ya polokelo? Seno se tla sekasekiwa mo setlhogong se se latelang.

A O Ka Tlhalosa?

◻ Totatota, Motswedi wa khumo yotlhe ke mang?

◻ Ke ka ntlha yang fa khumo ya semoya e le botoka go na le khumo ya dilo tse di bonalang?

◻ Di tsa bosome le ditshupelo di ne di diragatsa boikaelelo bofe kwa Iseraele?

◻ Jehofa, “Morena wa boammaaruri,” o ne a tla leng mo tempeleng go tla go atlhola Iseraele, mme go ne ga felela ka eng?

◻ Ke bomang bao ba neng ba boela kwa go Jehofa fa a sena go tla mo tempeleng ya gagwe ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Morongwa wa kgolagano ebong Jesu, a emela Jehofa, o ne a tla mo tempeleng go tla go atlhola ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela