“Lereñ Di tsa Boshomè Cotlhe mo Tluñ ea Polokèlō”
“Lo tlo lo ntekè ka gōna, . . . lo bōnè bo ga nketla ke lo bulèla dikgōrō tsa legodimo.”—MALAKI 3:10.
1. (a) Mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E., Jehofa o ne a laletsa batho ba gagwe jang? (b) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., go ne ga felela jang fa Jehofa a ne a tla mo tempeleng a tla go atlhola?
MO LEKGOLONG la botlhano la dingwaga B.C.E., Baiseraele ba ne ba se ka ba ikanyega mo go Jehofa. Ba ne ba sa tlise di tsa bosome le gone ba ne ba isa ditshupelo tsa diphologolo tse di sa itekanelang kwa tempeleng. Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a solofetsa gore fa ba ne ba ka lere di tsa bosome tsotlhe mo ntlong ya polokelo, o ne a tla ba tshololela lesego go fitlha ba sa tlhoke sepe. (Malaki 3:8-10) Dingwaga di ka nna 500 moragonyana, Jehofa, a emelwa ke Jesu jaaka morongwa wa Gagwe wa kgolagano, o ne a tla mo tempeleng e e kwa Jerusalema go tla go atlhola. (Malaki 3:1) Baiseraele jaaka morafe ba ne ba fitlhelwa ba tlhaela, mme lefa go ntse jalo batho bao ba neng ba boela kwa go Jehofa ba ne ba segofadiwa fela thata. (Malaki 3:7) Ba ne ba tlolediwa go nna barwa ba ga Jehofa ba semoya, popo e ntšha, “Iseraela oa Modimo.”—Bagalatia 6:16; Baroma 3:25, 26.
2. Malaki 3:1-10 e ne e tla diragadiwa leng la bobedi, mme re lalediwa gore re dire eng malebana le seno?
2 Mo e batlileng e le dingwaga di le 1 900 morago ga foo, ka 1914, Jesu o ne a tlhomiwa jaaka Kgosi ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo, mme mafoko a a tlhotlheleditsweng ke Modimo a a mo go Malaki 3:1-10 a ne a tloga a diragadiwa gape la bobedi. Malebana le tiragalo eno e e kgatlhang, Bakeresete gompieno ba lalediwa gore ba tlise di tsa bosome tsotlhe mo ntlong ya polokelo. Fa re dira jalo, le rona re tla nna le masego a mantsi go fitlha re sa tlhoke sepe.
3. Ke mang yo e neng e le morongwa a baakanya tsela fa pele ga Jehofa (a) mo lekgolong la ntlha la dingwaga? (b) pele ga ntwa ya ntlha ya lefatshe?
3 Malebana le go tla ga gagwe mo tempeleng, Jehofa o ne a re: “Bōnañ, ke roma moroñwa oa me, me o tla baakanya tsela ha pele ga me.” (Malaki 3:1) Seno se ne sa diragadiwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga, fa Johane Mokolobetsi a ne a tla mo go Iseraele a rera kaga go ikotlhaela dibe. (Mareko 1:2, 3) A go ne go na le tiro ya go ipaakanya e e neng e tla dirwa malebana le go tla la bobedi ga ga Jehofa mo tempeleng ya gagwe? Ee. Mo masomeng a dingwaga a pele ga ntwa ya ntlha ya lefatshe, Baithuti ba Bibela ba ne ba simolola go ruta thuto e e itshekileng ya Bibela mo lefatsheng le go senola maaka a a tlontlololang Modimo, a a jaaka dithuto tsa Tharonngwe le dihele. Gape ba ne ba tlhagisa gore Metlha ya Baditšhaba e ne e tla fela ka 1914. Ba le bantsi ba ile ba tsaya batshodi bano ba lesedi la boammaaruri tsia.—Pesalema 43:3; Mathaio 5:14, 16.
4. Ke potso efe eo e neng e tshwanetse go arabiwa mo letsatsing la Morena?
4 Ngwaga wa 1914 o ne wa simolola se Bibela e se bitsang “letsatsi ya Morèna.” (Tshenolō 1:10) Go ne go tla diragala ditiragalo tsa botlhokwa ka letsatsi leo, go akaretsa le go tlhaolwa ga “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” le go tlhomiwa ga gagwe “go laola ba ntlo ea [Morena].” (Mathaio 24:45-47) Morago kwa ka 1914, dikereke di le diketekete di ne di ipolela e le tsa Bokeresete. Morena, Jesu Keresete, o ne a tla amogela mang go nna motlhanka wa gagwe yo o boikanngo le yo o botlhale? Potso eo e ne e tla arabiwa fa Jehofa a ne a tla mo tempeleng.
Go Tla mo Tempeleng ya Semoya
5, 6. (a) Jehofa o ne a tla kwa tempeleng efe go tla go atlhola? (b) Labokeresete o ne a atlholwa jang ke Jehofa?
5 Lefa go ntse jalo, o ne a tla mo tempeleng efe? Go phepafetse gore o ne a sa tle mo tempeleng nngwe ya mmatota kwa Jerusalema. Tempele ya bofelo ya ditempele tsa koo e ne ya senngwa ka 70 C.E. Lefa go ntse jalo, gone Jehofa o na le tempele e kgolwane eo e neng e tshwantshediwa ke ya kwa Jerusalema. Paulo o ne a bua ka tempele eno e kgolwane mme a bontsha kafa ruri e leng kgolo ka gone, e na le lefelo le le boitshepo kwa legodimong mme lelwapana le le mono mo lefatsheng. (Bahebera 9:11, 12, 24; 10:19, 20) Jehofa o ne a tla mo tempeleng eno e kgolo ya semoya a tla go dira tiro ya go atlhola.—Bapisa Tshenolō 11:1; 15:8.
6 Seno se diragetse leng? Go ya ka bosupi jo bo utlwalang jo bo leng teng, ke ka 1918.a Go ne ga felela ka eng? Fa e le ka Labokereste, Jehofa o ne a bona e le mokgatlho o o neng o rotha madi mo diatleng, tsamaiso e e bosula ya bodumedi eo e neng e akafetse le lefatshe leno, e itsalanya le bahumi ebile e gatelela bahumanegi, e ruta dithuto tsa boheitane go na le go obamela ka tsela e e itshekileng. (Yakobe 1:27; 4:4) Jehofa o ne a tlhagisitse jaana a dirisa Malaki: “Ke tla nna moshupi eo o boheho oa go shupa baloi, le bagokahadi, le ba ba ikanañ ka maaka; le ba ba patikañ mothapiwa mo tueloñ ea gagwè, le mosadi eo o motlhōlagadi, le masièla.” (Malaki 3:5) Labokeresete e ne e dirile dilo tseno tsotlhe le tse dingwe tse di maswe le go feta. Ka 1919 go ne go setse go bonala sentle gore Jehofa o ne a e atlholetse gore e senngwe mmogo le dikarolo tse dingwe tsa Babelona O Mogolo, tempele e kgolo ya lefatshe lotlhe ya bodumedi jwa maaka. Go tloga ka nako eo go ya pele, batho ba ba dipelo di siameng ba ne ba bidiwa jaana: “Cwañ mo go èna, lona batho ba me.”—Tshenolō 18:1, 4.
7. Jesu o ne a amogela mang jaaka motlhanka wa gagwe yo o boikanngo le yo o botlhale?
7 Jaanong he, motlhanka yo boikanngo le yo o botlhale e ne e le mang? Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, o ne a simologa e le setlhophanyana se se neng sa tsaya tsiya tiro ya go neela bosupi ya ga Johane Mokolobetsi le ya ga Jesu, morongwa wa kgolagano. Mo lekgolong leno la rona la dingwaga, e ne e le batho ba le dikete di se kae bao ba ileng ba tsaya kgato malebana le tiro ya go baakanya eo e neng e dirwa ke Baithuti ba Bibela mo dingwageng tsa pele fela ga 1914. Ba ne ba itshokela diteko tse di setlhogo ka ntwa ya ntlha ya lefatshe, mme lefa go ntse jalo ba bontsha gore pelo ya bone e ne e le kwa go Jehofa.
Tiro ya go Phepafatsa
8, 9. Bogologolo ka 1918, motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale o ne a tlhoka go phepafadiwa ka ditsela dife, mme Jehofa o ne a solofeditse eng malebana le seno?
8 Lefa go ntse jalo, setlhopha seno le sone se ne se tlhoka go phepafadiwa. Bangwe bao ba neng ba ikgolagantse le bone go ne ga bonala gore e ne e le baba ba tumelo mme ba ne ba tshwanelwa ke gore ba tlosiwe. (Bafilipi 3:18) Ba bangwe ba ne ba sa iketleetsa go sikara maikarabelo a a akarediwang mo go direleng Jehofa mme ba katogela go sele. (Bahebera 2:1) Kwantle ga moo, go ne go na le ditlwaelo tsa Sebabelona tseo di neng di santse di saletse mme di tlhoka gore di tlosiwe. Motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale gape o ne a tshwanetse go phepafadiwa mo dilong tse di malebana le kafa phuthego e tsamaisiwang ka teng. Boemo jo bo tshwanetseng jwa go itlhaola mo lefatsheng leno bo ne bo tshwanetse gore bo ithutiwe bo bo bo diragadiwe. Mme fa lefatshe le ntse le senyegela pele, ba ne ba tlhoka gore ba lwe tota gore ba boloke leswe la boitsholo le la semoya le le kwantle ga diphuthego.—Bapisa Yude 3, 4.
9 Ee, go ne go tlhokega gore go phepafadiwe, mme lefa go ntse jalo Jehofa o ne a solofeditse jaana ka lorato malebana le Jesu yo o tlhomilweng mo setulong sa bogosi: “O tla dula yaka moitshekisi le montlahatsi oa selefera, o tla ntlahatsa bomorwa Lefi, o tla ba ntlahatsa yaka gouda le selefera; me ba tla isetsa Yehofa dichupèlō mo tshiamoñ.” (Malaki 3:3) Go simolola ka 1918, Jehofa o ile a diragatsa tsholofetso ya gagwe mme a phepafatsa batho ba gagwe, a dirisa morongwa yono wa kgolagano.
10. Batho ba Modimo ba ne ba tlisa tshupelo e e ntseng jang, mme Jehofa o ne a ba laletsa jang?
10 Bomonnaa Keresete ba ba tloditsweng le boidiidi jo bogolo bao moragonyana ba neng ba kopanela le bone mo go direleng Jehofa botlhe ba ne ba solegelwa molemo ke go dira ga ga Jehofa jaaka moitshekisi le montlahatsi wa selefera. (Tshenolō 7:9, 14, 15) Ba ile ba tla jaaka phuthego, mme ba ntse ba tla, ba isa tshupelo ka tshiamo. Mme tshupelo ya bone e “natehèla Yehofa, yaka mo metlheñ ea bogologolo, le yaka mo dinyageñ tsa galè.” (Malaki 3:4) Jehofa o ne a laletsa bone bano ka tsela ya seperofeti a re: “Lereñ di tsa boshomè cotlhe mo tluñ ea polokèlō, gore go tlo go nnè diyō mo tluñ ea me, me lo tlo lo ntekè ka gōna, go bua Yehofa oa mashomōshomō, lo bōnè bo ga nketla ke lo bulèla dikgōrō tsa legodimo, ke lo goromeletsa lesegō [go fitlha lo sa tlhoke sepe, NW].”—Malaki 3:10.
Ditshupelo le Di Tsa Bosome
11. Ke ka ntlha yang fa ditshupelo tsa tsamaiso ya Molao wa ga Moshe di sa tlhole di batliwa?
11 Mo motlheng wa ga Malaki batho ba Modimo ba ne ba lere ditshupelo tsa mmatota le di tsa bosome, tse di tshwanang le mabele, maungo, le diruiwa. Le mo motlheng wa ga Jesu tota, Baiseraele ba ba ikanyegang ba ne ba isa ditshupelo tsa mmatota kwa tempeleng. Lefa go ntse jalo, morago ga loso lwa ga Jesu dilo tseo tsotlhe di ne tsa fetoga. Molao o ne wa tlosiwa, go akaretsa le taolo ya gore go ntshiwe ditshupelo tse di rileng tse di bonalang le di tsa bosome. (Baefesia 2:15) Jesu o ne a diragatsa se se neng se tshwantshediwa ke ditshupelo tse di neng di ntshiwa go ya ka Molao. (Baefesia 5:2; Bahebera 10:1, 2, 10) Jalo he, Bakeresete ba ka lere ditshupelo le di tsa bosome jang?
12. Bakeresete ba isa ditshupelo le ditlhabelo tse di ntseng jang tsa semoya?
12 Mo go bone, ditshupelo ke tsa semoya ka tsela e e tlhomologileng thata. (Bapisa Bafilipi 2:17; 2 Timotheo 4:6.) Ka sekai, Paulo o ne a bua kaga tiro ya go rera e le tshupelo fa a ne a re: “A re nneñ re isetsè Modimo chupèlō ea pakō ka èna ka metlha eotlhe, eboñ louñō loa melomo e e ipolèlañ leina ya gagwè.” O ne a umaka mofuta o mongwe wa tshupelo ya semoya fa a ne a kgothatsa jaana: “Go diha molemō le go thusanya, lo se ka loa go lebala: gonne Modimo o kgatlhwa ke ditlhabèlō tse di nntseñ yalo.” (Bahebera 13:15, 16) Fa batsadi ba kgothaletsa bana ba bone gore ba tsenele tirelo ya bobulatsela, go ka nna ga twe ba a bo ba isetsa Jehofa tshupelo ka bone, fela jaaka Jefetha a ne a isa morwadie jaaka “chupèlō e e hisiwañ” kwa Modimong, yo a neng a mo thusitse gore a fenye.—Baatlhodi 11:30, 31, 39.
13. Ke ka ntlha yang fa go sa tlhokege gore Bakeresete ba ntshe karolo ya mmatota ya bosome ya seo ba se amogelang?
13 Lefa go ntse jalo, go tweng ka di tsa bosome? A Bakeresete ba tlamega go beela kwa thoko karolo ya bosome ya dilo tse di bonalang tseo ba di amogelang ba bo ba e neela phuthego ya ga Jehofa, go tshwana le seo dikereke dingwe tsa Labokeresete di se dirang? Nnyaa, seo ga se tlhokege. Ga go na lokwalo lope mo Bibeleng lo lo beelang Bakeresete taolo eo. Fa Paulo a ne a kokoanya meneelo ya ba ba tlhokang kwa Judea, ga a ka a umaka gore go tshwanetse ga ntshiwa karolo nngwe e e kgethegileng ya sengwe le sengwe se se tletseng. Go na le moo, o ne a re: “A motho moñwe le moñwe a dihè kaha o ikaeletseñ mo peduñ ea gagwè ka gōna; e señ ka go ñōñōrèga, leha e le ka patèlèlō; gonne Modimo o rata eo o abañ ka pelochweu hèla.” (2 Bakorintha 9:7) Fa Paulo a ne a bua kaga bao ba leng mo bodiheding jo bo kgethegileng, o ne a bontsha gore le fa bangwe ba ne ba tshegediwa ka tshwanelo ka meneelo ya boithatelo, o ne a iketleeditse go bereka le go itlamela ka boene. (Ditihō 18:3, 4; 1 Bakorintha 9:13-15) Go ne go se na di tsa bosome dipe tseo di neng di seegetswe kwa thoko go diragatsa boikaelelo jono.
14. (a) Ke ka ntlha yang fa go tlisa di tsa bosome go sa emele go neela Jehofa gotlhe mo re nang nago? (b) Di tsa bosome di emela eng?
14 Go phepafetse gore, mo Bakereseteng di tsa bosome di tshwantshetsa, kana di emela, sengwe. Ereka e le sa bosome mme palo ya lesome mo Bibeleng gantsi e tshwantshetsa sengwe se se feletseng sa mo lefatsheng, a di tsa bosome di tshwantshetsa gore re neela Jehofa gotlhe mo re nang le gone? Nnyaa. Fa re ineela mo go Jehofa re bo re tshwantshetsa seno ka go kolobediwa mo metsing, ke gone fa re mo neela gotlhe mo re nang le gone. Go tloga ka nako ya boineelo jwa rona, ga re na sepe seo e seng sa ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, Jehofa o letla batho gore ba dirise se e leng sa bone. Ka jalo, di tsa bosome di emela karolo ya se e leng sa rona seo re se isang kwa go Jehofa, kana seo re se dirisang mo tirelong ya ga Jehofa, e le sesupo sa gore re a mo rata le gore re dumela ntlha ya gore re ba gagwe. Di tsa bosome tsa motlha wa gompieno ga go tlhokege gore e bo e le karolo ya bolesome fela. Ka dinako tse dingwe e ka nna kwa tlase ga moo. Ka dinako tse dingwe e nne se se fetang seo. Motho mongwe le mongwe o tlisa se pelo ya gagwe e mo tlhotlheletsang gore a se tlise mme e le seo maemo a gagwe a mo letlang gore a se ntshe.
15, 16. Di tsa bosome tsa rona tsa semoya di akaretsa eng?
15 Di tsa bosome tseno tsa semoya di akaretsa eng? Selo sa ntlha, re neela Jehofa nako ya rona le maikatlapelo. Nako eo re e dirisang kwa dipokanong, kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo, mo tirelong ya tshimo, sotlhe seno ke sengwe se se neelwang Jehofa—karolo ya di tsa bosome tsa rona. Nako le maikatlapelo tseo re di dirisang re etela ba ba lwalang le go thusa ba bangwe—le tsone ke karolo ya di tsa bosome tsa rona. Go thusa mo go ageng Diholo tsa Bogosi le mo go nneng le seabe mo tirong ya go tlhokomela le go phepafatsa holo le tsone fela jalo ke karolo ya tsone.
16 Di tsa bosome tsa rona gape di akaretsa meneelo ya rona ya madi. Ereka phuthego ya ga Jehofa e ile ya oketsega ka selekanyo se segolo fela thata mo dingwageng tsa bosheng jaana, dilo tse di tlhokang madi di ile tsa oketsega. Go tlhokega Diholo tse disha tsa Bogosi, mmogo le makala a masha le Diholo tse disha tsa Dikopano, gape go tlhokega gore go tlhokomelwe tse di setseng di agilwe. Go duela ditshenyegelo tsa bao ba ithaopetseng tirelo e e kgethegileng—bao gantsi ba ithontshang dilo di le dintsi bone ka namana gore ba dire jalo—le gone ke kgwetlho e e boitshegang. Ka 1991 madi ao a neng a tlhokega go tlamela barongwa, balebedi ba ba etang, le babulatsela ba ba kgethegileng fela a ile a feta diranta di le dimilione tse 110, mme gotlhe go ne ga fitlhelelwa ka meneelo ya boithatelo.
17. Tota ke eng seo re tshwanetseng go se ntsha jaaka di tsa bosome tsa rona tsa semoya?
17 Tota ke eng seo re tshwanetseng go se ntsha jaaka di tsa bosome tsa rona tsa semoya? Jehofa ga a tlhome selekanyo sa karolo nngwe e e rileng. Mme lefa go ntse jalo, go ikutlwa re ineetse, go rata Jehofa le bakaulengwe ka lorato lwa mmannete, mmogo le boikutlo jwa gore go potlakile ka go lemoga gore matshelo a batho a tshwanetse gore a bolokwe, go re kgothaletsa gore re lere di tsa bosome tsotlhe tsa rona tsa semoya. Re ikutlwa re tlamega go direla Jehofa ka selekanyo se segolo kafa re ka kgonang ka gone. Fa re ne re ka nna mabogo makhutshwane kana ra ntsha ka go ngamela fa re dira kana re ntsha sengwe sa dilo tsa rona, seno se ne se tla bo se tshwana fela le go thukhutha Modimo.—Bapisa Luke 21:1-4.
Go Segofadiwa Go Fitlha Re Sa Tlhole Re Tlhoka Sepe
18, 19. Batho ba ga Jehofa ba ile ba segofadiwa jang ka ntlha ya go tlisa di tsa bosome tsa bone tsotlhe?
18 Fa e sale ka 1919, batho ba ga Jehofa ba ile ba arabela ka bopelonamagadi ka go dirisa nako ya bone, maikatlapelo a bone, le go ntsha madi a bone go fitlhelela dilo tse di tlhokwang mo tirong ya go rera. Eleruri ba ile ba lere di tsa bosome tsotlhe mo ntlong ya polokelo. Seno se ile sa felela ka gore Jehofa a diragatse tsholofetso ya gagwe mme a tsholole masego go fitlha ba sa tlhole ba tlhoka sepe. Seno se ile sa bonwa ka tsela e e gakgamatsang thata mo palong ya bone e e golelang kwa godimo. Ba oketsegile go tswa go dikete di se kae tsa batlodiwa ba ba neng ba direla Jehofa fa a ne a tla mo tempeleng ya gagwe ka 1918, go fitlha gone jaanong fa batlodiwa mmogo le balekane ba bone, dinku di sele, ba feta dimilione tse nne kgakala mo dinageng tse 211 tse di farologaneng. (Isaia 60:22) Bano le bone ba ile ba segofadiwa ka gore ba tlhaloganye boammaaruri ka tsela e e ntseng e oketsegela kwa pele. Ba ile ba tlhomamisediwa mafoko a boperofeti ka selekanyo se segolwane. Tsholofelo ya bone mo go diragadiweng ga maikaelelo a ga Jehofa e ile ya tlhomamisiwa ka botlalo. (2 Petere 1:19) Eleruri ke batho ba ba ‘rutiwang ke Jehofa.’—Isaia 54:13.
19 Jehofa o ne a dirisa Malaki go bolelela pele kaga tshegofatso e e oketsegileng: “Hoñ ba ba boihañ Yehofa ba tloga ba buisanya mmōgō: me Yehofa a reetsa, me a utlwa, me lokwalō loa segopodishō loa kwalwa ha pele ga gagwè, loa kwalèlwa ba ba boihañ Yehofa le ba ba akanyañ leina ya gagwè.” (Malaki 3:16) Mo gare ga diphuthego tsotlhe tse di ipolelang gore ke tsa Bokeresete, ke Basupi ba ga Jehofa fela bao ba akanyang ka leina la gagwe ebile ba le godisa mo merafeng. (Pesalema 34:3) Abo ba itumela jang ne go tlhomamisediwa gore Jehofa o gakologelwa boikanyegi jwa bone!
20, 21. (a) Bakeresete ba boammaaruri ba na le kamano efe e e itumedisang? (b) Malebana le Bokeresete, ke pharologano efe e e ntseng e bonala thata?
20 Masalela a batlodiwa ke batho ba ga Jehofa ba ba kgethegileng, mme boidiidi jo bogolo, jo bo thelesegelang go tla go kopanela le bone, ba bona masego a kobamelo e e itshekileng mmogo le bone. (Sekaria 8:23) Jehofa o solofetsa jaana ka Malaki: “Ba tla nna batho ba me, go bua Yehofa oa mashomōshomō, mo motlheñ o ke dihañ se ka ōna, eboñ khumō e e tlhaolegileñ: me ke tla ba rèkègèla, yaka motho a tla a rèkègèle morwawè tōta eo o mo dihèlañ.” (Malaki 3:17) Abo e le masego a magolo jang ne go bo Jehofa a amega ka lorato ka bone jaana!
21 Eleruri, pharologano e e fa gare ga Bakeresete ba boammaaruri le ba maaka e ntse e bonala ka mo go oketsegileng. Jaaka fa batho ba ga Jehofa ba ntse ba leka go boloka ditaolo tsa gagwe, Labokeresete e ntse e tsenelela kwa tengteng mo tobekanong ya leswe la lefatshe leno. Eleruri, mafoko ano a ga Jehofa a ile a itshupa a le boammaaruri: “Lo tla boea, me lo tla harologanya gare ga basiami le baikepi, gare ga eo o dihèlañ Modimo le eo o sa o diheleñ.”—Malaki 3:18.
22. Ke masego afe ao re ka tlhomamisegang gore re tla a ipelela fa re tswelela pele re tlisa di tsa bosome tsotlhe?
22 Go ise go ye kae, go tla tla nako ya gore Labokeresete e ikarabelele ka seo e se dirang. “Bōnañ, motlha oè tla, o tuka yaka leishō ya boubèlō; me botlhe ba ba bokaka, le botlhe ba ba dihañ boikèpō, ba tla nna dirine: me motlha o o tlañ o tla ba laila, go bua Jehofa oa mashomōshomō.” (Malaki 4:1) Batho ba ga Jehofa ba itse gore o tla ba sireletsa ka nako eo, jaaka a ne a sireletsa morafe wa gagwe wa semoya bogologolo ka 70 C.E. (Malaki 4:2) Abo ba itumela jang ne go bo ba tlhomamisediwa jalo! Ka jalo, go fitlha ka nako eo a mongwe le mongwe wa rona a bontshe kanaanelo ya rona le lorato lwa rona go Jehofa ka go lere di tsa bosome tsotlhe mo ntlong ya polokelo. Ke gone re ka tlhomamisang gore o tla tswelela pele a re segofatsa go fitlha re sa tlhoke sepe.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona Tora ya Tebelo ya June 15, 1987, ditsebe 14-20.
A O Ka Tlhalosa?
◻ Mo metlheng ya gompieno, Jehofa o ne a tla leng mo tempeleng ya gagwe a na le morongwa wa gagwe wa kgolagano?
◻ Motlhanka yo o botlhale le yo o boikanngo ke mang, mme o ne a tlhoka go phepafadiwa mo go eng ka 1918?
◻ Bakeresete ba boammaaruri ba lere ditshupelo tse di ntseng jang tsa semoya kwa go Jehofa?
◻ Di tsa bosome tse Bakeresete ba lalediwang gore ba di ise mo ntlung ya polokelo ke eng?
◻ Batho ba Modimo ba ipelela masego afe ka ntlha ya go lere ditshupelo tsa semoya?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Di tsa bosome tsa rona tsa semoya di akaretsa go dirisa maatla a rona le dithoto tsa rona go aga Diholo tsa Bogosi
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Ereka Jehofa a ile a segofatsa batho ba gagwe, go ile ga tlhokega gore go diriwe tiro e ntsi ya go aga, go akaretsa Diholo tsa Bogosi le Diholo tsa Dikopano