Re Ka Duela Jehofa Jang?
JEHOFA MODIMO ke sekao se se molemo go gaisa sa go nna pelotshweu. O ne a naya batho botlhe “botshelō, le mōea, le dilō cotlhe.” (Ditihō 17:25) Modimo o dira gore letsatsi la gagwe le tlhabele batho ba ba boikepo le ba ba siameng ka go tshwana. (Mathaio 5:45) Ee, ‘Jehofa o re nesetsa pula go tswa kwa legodimong le metlha ya maungo, a tlatsa dipelo tsa rona ka dijo le boitumelo.’ (Ditihō 14:15-17) Aitsane, “nèō ñwe le ñwe e e molemō, le se se molemō señwe le señwe se se tletseñ, se cwa kwa godimo, se hologa kwa go Rra masedi”!—Yakobe 1:17.
Mo godimo ga dimpho dingwe le dingwe tsa dilo tse di bonalang tse Modimo o re di nayang, o re romelela lesedi la semoya le boammaaruri. (Pesalema 43:3) Batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba segofadiwa tota ka dijo tsa semoya tseo a ba tlamelang ka tsone ka nako e e tshwanetseng ka “motlhanka eo o boikaño le eo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47) Re ka kgona go solegelwa molemo ke dithulaganyo tsa Modimo tsa semoya ka gonne o dirile gore go kgonege gore batho ba ba leofileng ba ba swang ba letlane le ene. Jang? Ka loso lwa Morwawe, Jesu Keresete, yo o neng a neela botshelo jwa gagwe jaaka thekololo ya ba bantsi. (Mathaio 20:28; Baroma 5:8-12) Abo seno e le mpho e e molemo jang ne go tswa go Modimo yo o lorato, Jehofa!—Yohane 3:16.
A Go A Kgonega go Duela ka Sepe?
Makgolokgolo a dingwaga pele thekololo e ntshiwa, mopesalema yo o tlhotlheleditsweng o ne a anaanela boutlwelobotlhoko jo a bo bontshitsweng ke Modimo fela thata, le kgololo ya gagwe, le thuso mo a neng a bolela jaana: “Ke tla ntshetsa Yehofa eñ, ka ntlha ea masegō aotlhe a gagwè a o a ntihetseñ? Ke tla tsaea senwèlō sa polokō, me ke tla bitsa leina ya ga Yehofa. Ke tla lehèla Yehofa maikanō a me, E, ha pele ga batho botlhe ba gagwè.”—Pesalema 116:12-14.
Fa e le gore re ineetse ka pelo yotlhe mo go Jehofa, re bitsa leina la gagwe ka tumelo mme re duela maikano a re a dirileng mo go ene. Jaaka Basupi ba ga Jehofa, re ka kgona go baka Modimo ka go bua sentle ka ene ka dinako tsotlhe le ka go bolela molaetsa wa Bogosi jwa gagwe. (Pesalema 145:1, 2, 10-13; Mathaio 24:14) Mme ga re ka ke ra humisa Jehofa, yo o ruileng dilo tsotlhe, kana ra mo duela ka ntlha ya melemo yotlhe eo a e re direlang.—1 Ditihalō 29:14-17.
Go ntsha meneelo go tsweledisa dilo tse di direlwang Bogosi pele ga se tsela eo re duelang Jehofa ka yone kana gone go mo humisa. Lefa go ntse jalo, go ntsha meneelo eno go re naya ditshono tsa go bontsha kafa re ratang Modimo ka gone. Meneelo e e ntshiwang, eseng ka boikaelelo jwa bogagapa kana gore motho a itsege le gore a galalediwe, mme e le ka moya wa bopelotshweu le ka go tsweledisa kobamelo ya boammaaruri pele, e dira gore motho yo o e neelang a itumele ebile e dira gore Jehofa a mo segofatse. (Mathaio 6:1-4; Ditihō 20:35) Motho a ka nna a tlhomamisediwa ka seabe se a nang le sone mo go neeleng gono le boitumelo jo a tlileng go nna le jone ka go baya sengwe kwa thoko ka metlha go tswa mo dilong tse di bonalang tse a nang natso go tshegetsa kobamelo ya boammaaruri le go thusa ba ba tshwanelwang ke go thusiwa. (1 Bakorintha 16:1, 2) A seno se tshwanetse sa dirwa ka go ntsha sa bosome?
A O Tshwanetse Wa Ntsha sa Bosome?
Jehofa o ne a bolela jaana ka moperofeti wa gagwe ebong Malaki: “Lereñ di tsa boshomè cotlhe mo tluñ ea polokèlō, gore go tlo go nnè diyō mo tluñ ea me, me lo tlo lo ntekè ka gōna, . . . lo bōnè bo ga nketla ke lo bulèla dikgōrō tsa legodimo, ke lo goromeletsa lesegō ye go se ketlañ go na le bonnō yo bo lekanyeñ go le baea.”—Malaki 3:10.
Sa bolesome ke 10 lekgolong ya sengwe. Go ntsha sa bosome go dirwa segolobogolo ka mabaka a bodumedi. Go bolela go ntsha karolo ya lesome ya madi a motho o a amogelang go atolosa kobamelo e e itshekileng.
Tlhogo ya lotso ebong Aberahame (Aberama) e ne ya neela kgosi ebile e le moperesiti Melekisedeke wa Salema karolo ya lesome ya dilo tse a di thopileng fa a lwa le Kederelaomere le ditsala tsa gagwe. (Genesise 14:18-20; Bahebera 7:4-10) Moragonyana, Jakobe o ne a ikana gore o tla ntshetsa Modimo sa bosome sa dilo tse a nang le tsone tse di bonalang. (Genesise 28:20-22) Mo kgannyeng nngwe le nngwe, go ntsha sa bosome e ne e le selo se se dirwang ka boithatelo, ka gonne Bahebera bao ba pele ba ne ba sena melao e e neng e ba pateletsa gore ba ntshe sa bosome.
Go Ntsha sa Bosome Kafa Tlase ga Molao
Jaaka batho ba ga Jehofa, Baiseraele ba ne ba amogela melao ya go ntsha sa bosome. Go bonala melao eno e ne e le malebana le go dirisiwa ga di tsa bosome di le pedi tsa se ba neng ba se amogela ka ngwaga, lemororo bakanoki bangwe ba akanya gore go ne go na le go ntsha sa bosome gangwe fela ka ngwaga. Go ne go sa ntshiwe sepe sa bosome mo ngwageng wa Sabata, ereka go ne go sa lebelelwa lotseno lope ka nako eo. (Lefitiko 25:1-12) Di tsa bosome di ne di neelwa mo godimo ga mabutswapele ao a neng a neelwa Modimo.—Ekesodo 23:19.
Sa bosome sa se se neng se ntshiwa ke mmu le sa ditlhare tsa maungo le kafa go bonalang ka gone go oketsega ga matlhape le dihutshane di ne di isiwa kwa felong ga boitshepo mme di newa Balefi, bao ba neng ba sa amogele boswa bope mo lefatsheng. Ka gone, ba ne ba neela baperesiti ba ba leng mo thulaganyong ya ga Arone sa bosome sa seo ba neng ba se amogela e le go ba ema nokeng. Kafa go bonalang ka gone, dithoro di ne di phothwa le maungo a mofine le a ditlhare tsa motlhware a kgetliwa mme go ne dirwa bojalwa le mafura pele di ntshiwa jaaka tsa bosome. Fa Moiseraele a ne a rata go ntsha madi mo boemong jwa dilo tseo a nang le tsone, o ne a ka nna a dira jalo fela fa e le gore o oketsa madi ao ka karolo ya botlhano ya selo seo.—Lefitiko 27:30-33; Dipalō 18:21-30.
Gape go bonala go ne go na le se sengwe sa bosome se se neng se beetswe kwa thoko. Ka gale, se ne se dirisiwa ke lelapa fa batho ba ne ba kopana mo meletlong. Mme go tweng fa Jerusalema e ne e le kgakala thata gore selo seno sa bosome se ka isiwa gone? He dithoro, bojalwa jo bosha, mafura, le diphologolo di ne di fetolwa gore di nne madi ao a neng a ka kgona go tsewa bonolo. (Duteronome 12:4-18; 14:22-27) Kwa bokhutlong jwa ngwaga nngwe le nngwe ya boraro le ya borataro ya modikologo wa sabata wa dingwaga di le supa, sa bosome se ne se beelwa kwa thoko gore se dirisiwe ke Balefi, bajaki, batlholagadi, le masiela.—Duteronome 14:28, 29; 26:12.
Kafa tlase ga Molao, go ne go sena kwatlhao fa o palelwa ke go ntsha sa bosome. Go na le moo, Jehofa o ne a dira gore batho ba ikutlwe ba tshwanelwa ke go ntsha sa bosome. Ka dinako tse dingwe ba ne ba tshwanelwa ke gore ba ye go bolela fa pele ga gagwe gore sa bosome se duetswe ka botlalo. (Duteronome 26:13-15) Sengwe le sengwe se se neng se bolokilwe ka tsela e e phoso se ne se lejwa jaaka sengwe se se utswilweng mo Modimong.—Malaki 3:7-9.
Go ntsha sa bosome e ne e se thulaganyo e e pegang morwalo mo mothong. Tota ebile, fa Baiseraele ba ne ba boloka melao eno, ba ne ba atlega thata. Sa bosome se ne se tsweledisetsa pele kobamelo ya boammaaruri kwantle ga gore se pege morwalo o o sa tlhokegeng wa gore dilo tse di ntshiwang tse di bonalang di ka kgobokanngwa jang. Ka gone, thulaganyo ya go ntsha sa bosome e ne e thusa go solegela Baiseraele botlhe molemo. A mme Bakeresete bone ba tshwanetse ba ntsha sa bosome?
A Bakeresete Ba Tshwanetse Ba Ntsha sa Bosome?
Go ntsha sa bosome e ne e le selo se se tlwaelegileng mo go Labokeresete ka lobakanyana. The Encyclopedia Americana e bolela jaana: “E ne ya nna . . . selo se se tlwaelegileng ka iketlo ka lekgolo la bo 6 la dingwaga. Council of Tours ka 567 le Council of Macon ya bobedi ya 585 e ne ya buelela go ntsha sa bosome. . . . Go ne ga simolola go sa go diriseng ka tsela e e tshwanetseng, bogolo jang fa tshwanelo ya go phutha tsa bosome gantsi e ne e neetswe motho yo o tlwaelegileng kana a e rekiseditswe. Go tloga ka Mopapa Gregory VII go go ne ga bolelwa fa selo seno se ne se se kafa molaong. Batho ba le bantsi ba ba tlwaelegileng jaanong ba ne ba ntsha ditshwanelo tsa bone tsa go ntsha sa bosome go baitlami le bobishopo. Diphetogo ga di a ka tsa fedisa go ntsha sa bosome, mme go ntsha sa bosome go ne ga tswelela mo Kerekeng ya Roma Katoliki le kwa dinageng tsa Porotesetanta.” Go ntsha sa bosome go ne ga fedisiwa kana ga emisediwa ke ditlwaelo tse dingwe mo mafatsheng a a farologaneng, mme ke ditumelo di sekae fela tseo di ntshang sa bosome jaanong.
Ka jalo he, a Bakeresete ba tshwanetse ba ntsha sa bosome? Mo bukeng ya gagwe ya mafoko a Bibela, Alexander Cruden o ne a bolela jaana: “Mogolodi wa rona, tota le eleng le bone baaposetoloi ba gagwe ga ba ise ba ko ba laele sepe se se leng malebana le go ntshiwa ga sa bosome.” Ee, Bakeresete ga ba laelwe go ntsha sa bosome. Modimo ka boene o ne a fedisa Molao wa ga Moshe, ka dithulaganyo tsa one tsa go ntsha sa bosome, a o kokotela mo koteng e Jesu a neng a bogisediwa mo go yone. (Baroma 6:14; Bakolosa 2:13, 14) Ka gone mo boemong jwa gore ba tshwanelwe ke gore ba ntshe madi a a rileng go duela ditshenyegelo tsa phuthego, Bakeresete ba ntsha meneelo ka go ithatela.
Tlotla Jehofa ka Dilo tsa Gago Tse Di Bonalang
Gone fa Mokeresete a tlhopha go ntsha sa bosome sa madi a o a amogelang e le go tsweledisa pele kobamelo ya boammaaruri, ga go kitla go nna le lebaka lepe la Dikwalo le le ka thibang fa o batla go dira jalo. Mo lekwalong le le neng le tla le na le moneelo wa gagwe, ngwana wa dingwaga di le 15 kwa Papua New Guinea o ne a kwala jaana: “Fa ke ne ke santse ke le monnye, rre o ne a tle a mpolelele jaana, ‘Fa o simolola go bereka, o tshwanetse wa neela Jehofa mabutswa pele.’ Ke gakologelwa mafoko a ga Diane 3:1, 9, e e reng re tshwanetse ra ntshetsa Jehofa mabutswapele go mo tlotla ka one. Ka jalo ke ne ka solofetsa gore ke tla dira jalo, mme jaanong ke dira fela jaaka ke solofeditse. Ke itumela tota go bo ke romela madi ano go thusa mo tirong ya Bogosi.” Bibela ga e bolele gore Bakeresete ba dire ditsholofetso tse di ntseng jalo. Lefa go ntse jalo, go ntsha ka bopelotshweu ke tsela e e molemo ya go bontsha gore o kgatlhegela thata go tsweletsa kobamelo ya boammaaruri pele.
Mokeresete a ka nna a tlhopha go se tlhome gore o tla ntsha meneelo e e kana kang ka mo go kgethegileng go tsweledisa kobamelo ya ga Jehofa Modimo pele. Go tshwantshetsa: Bokgaitsedi ba babedi ba ba godileng, fa ba ne ba le kwa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba tlotla ka meneelo e e neng e ka direlwa tiro ya Bogosi. Malebana le go amogela dijo kwa lefelong la kopano, kgaitsadi yo mongwe, yo o nang le dingwaga di le 87, o ne a botsa gore go ka batla madi a a kana kang e le gore a kgone go ntsha moneelo wa madi ao. Kgaitsadi yo mongwe, yo o nang le dingwaga di le 90, o ne a bolela jaana: ‘Ntsha fela madi a o akanyang gore a ka lekana—o bo o ntsha a a oketsegileng go feta foo go le gonnye.’ Abo kgaitsadi yono a ne a bontsha boikutlo jo bo molemo jang ne!
Ereka batho ba ga Jehofa ba mo file gotlhe ga bone, ba ntsha meneelo epe ya madi ka boitumelo le meneelo e mengwe go tshegetsa kobamelo ya boammaaruri. (Bapisa 2 Bakorintha 8:12.) Tota ebile, tsela eo Mokeresete a leng pelotshweu ka yone e dira gore a bontshe kafa a anaanelang kobamelo ya ga Jehofa ka gone. Mokgwa ono wa go neela ga o tswe fela ka go ntsha sa bosome, kana karolo ya lesome, mme ebile go ka nna ga bo go na le maemo ao mo go one motho a tlhotlheletsegang go neela ka mo go oketsegileng go tsweledisa pele dilo tse di direlwang Bogosi.—Mathaio 6:33.
Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “A motho moñwe le moñwe a dihè kaha o ikaeletseñ mo peduñ ea gagwè ka gōna; e señ ka go ñōñōrèga, leha e le ka patèlèlō: gonne Modimo o rata eo o abañ ka pelochweu hèla.” (2 Bakorintha 9:7) Fa o neela ka go rata le ka bopelotshweu e a ema nokeng kobamelo ya boammaaruri, o tla atlega, ka gonne seane se se botlhale se bolela jaana: “Tlotla Yehofa ka thoto ea gago, le ka tsa ntlha tsa totahalèlō eotlhe ea gago: Yalo mabolokèlō a gago a tla tlala letlōtlō, le dithatholèlō tsa gago di tla penologa boyalwa yo bosha.”—Diane 3:9, 10.
Ga re ka ke ra humisa Mogodimodimo. Gauta yotlhe le selefera yotlhe, dibatana tse di mo dithabeng tse di diketekete, le dilo tsa botlhokwa tse di senang palo, tsotlhe ke tsa gagwe. (Pesalema 50:10-12) Ga re ka ke ra bo ra duela Modimo ka melemo yotlhe eo a e re diretseng. Mme re ka bontsha gore re a mo anaanela le gore re anaanela tshiamelo ya go dira tirelo e e boitshepo go mo galaletsa. Mme re ka tlhomamisega gore bao ba neelang ka seatla se se phuthologileng go tsweledisa kobamelo e e itshekileng pele le go tlotla Modimo o o lorato le o o pelotshweu, Jehofa, ba tla bona masego a magolo.—2 Bakorintha 9:11.
[Lebokoso mo go tsebe 29]
KAFA BA BANGWE BA NTSHETSANG TIRO YA BOGOSI MENEELO KA GONE
◻ DIMPHO: Meneelo ya boithatelo ya madi e ka romelwa ka tlhamalalo go Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, 25 Columbia Heights, Brooklyn, New York 11201, kana kwa ofising ya lekala ya Mokgatlho e e mo lefelong la lona. Dibenyane kana dilo dingwe tse di tlhwatlhwakgolo, le tsone di ka ntshiwa. Meneelo eno e tshwanetse go tla le lokwalonyana lo lo bolelang gore seno ke moneelo ka tlhamalalo.
◻ THULAGANYO YA MENEELO E E IKAEGILENG KA MABAKA MANGWE: Mokgatlho wa Watch Tower o ka newa madi jaaka terasete go fitlha motho yo o neelang madi ao a swa, ka tumalano ya gore mong o tla a busediwa fa a a tlhoka.
◻ INSHORENSE: Leina la Mokgatlho wa Watch Tower le ka kwalwa jaaka yo o tla amogelang madi a inshorense ya botshelo kana mo thulaganyong ya go tlogela tiro/phenshene. Mokgatlho o tshwanetse go itsisiwe ka dithulaganyo tseno.
◻ DISETOKO LE DIBONTO: Disetoko le dibonto di ka ntshiwa moneelo jaaka mpho e e tlhamaletseng go Mokgatlho wa Watch Tower kana kafa tlase ga thulaganyo eo mo go yone lotseno lwa tsone lo tswelelang lo duelwa motho yo o ntshitseng moneelo.
◻ DITSHA LE DIKAGO TSA TSONE: Ditsha tseo di kgonang go rekisiwa le dikago tsa tsone di ka ntshiwa moneelo go Mokgatlho wa Watch Tower e ka tswa e le ka go ntsha mpho ka tlhamalalo kana ka go e boloka e na le mong wa yone fa a santse a tshela, yo o tla tswelelang a nna mo go yone fa a santse a tshela. Motho o tshwanetse a ikgolaganya le Mokgatlho pele a ka neela setsha sepe le dikago tsa sone go Mokgatlho.
◻ DIWILI: Dikago kana madi a ka nna a newa Mokgatlho wa Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania ka wili e e dirilweng go ya kafa molaong. Mokgatlho o tshwanetse go romelelwa sekaelo sa yone. (Diwili tse di direlwang Afrika Borwa di tshwanetse tsa kwadisiwa ka Jehovah’s Witnesses of South Africa.)
Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka dikgang tseno, kwalela Treasurer’s Office, Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, Private Bag 2067, Krugersdorp, 1740, kana ofisi ya mo lefelong la lona ya Mokgatlho.