LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwfq setlhogo 28
  • A Basupi ba ga Jehofa ba Ntsha Ditsabosome?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Basupi ba ga Jehofa ba Ntsha Ditsabosome?
  • Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Aba mo go Tlisang Boipelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Re Ka Duela Jehofa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Baebele e a Reng ka go Ntsha Ditsabosome?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Go Aba Gore O bo O Felelwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
ijwfq setlhogo 28

A Basupi ba ga Jehofa ba Ntsha Ditsabosome?

Nnyaa, Basupi ba ga Jehofa ga ba ntshe ditsabosome; tiro ya rona e tshegediwa ka meneelo e e ntshiwang ka go rata. Ditsabosome ke eng mme ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba sa ntshe ditsabosome?

Molao wa go ntsha ditsabosome kgotsa karolo ya lesome ya dilo tse motho a nang le tsone, e ne e le Molao o o neilweng setšhaba sa Iseraele wa bogologolo. Le fa go ntse jalo, Baebele e bontsha ka tsela e e utlwalang sentle gore Molao ono—go akaretsa le “taolo ya go phutha ditsabosome”—ga o ame Bakeresete.—Bahebera 7:5, 18; Bakolosa 2:13, 14.

Go na le gore Basupi ba ga Jehofa ba ntshe ditsabosome le ditshupelo, ba etsa Bakeresete ba bogologolo e bile ba tshegetsa bodiredi jwa bone ka ditsela tse pedi: ka go rera le go ruta batho mahala le go ntsha meneelo ka go rata.

Fa re dira jalo re latela kaelo e e newang Bakeresete mo Baebeleng: “A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe, e seng ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelelwa, gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.”—2 Bakorintha 9:7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela