LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 1/1 ts. 31
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Bona Tharabololo e e Tshwanetseng
    Tsogang!—1996
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Tlhokomela Tikologo ya Lefatshe?
    Tsogang!—2007
  • A Batho ba Tla Senya Lefatshe Gotlhelele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Go Tlosa Kgotlelo Mo Pelong le mo Tlhaloganyong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 1/1 ts. 31

Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

Ke boikarabelo bofe jo Bakeresete ba nang le jone go leka go fokotsa go kgotlhelwa ga tikologo ya rona—naga, lewatle, le moya?

Jaaka Basupi ba ga Jehofa, re amegile thata ka mathata a le mantsi a tikologo ao a amang legae la rona la lefatshe. Go feta motho lefa e le mang, re tlhaloganya gore lefatshe leno le ne le bopetswe gore e nne legae le le phepa, le le itekanetseng la lelapa la motho le le senang boleo. (Genesise 1:31; 2:15-17; Isaia 45:18) Ebile gape re na le tsholofetso ya gore Modimo o tla “senya ba ba senyañ lehatshe.” (Tshenolō 11:18) Ka gone ke selo se se siameng gore re dire maiteko a a lekalekaneng, a a nang le tlhaloganyo go tila go tsenya letsogo mo go leswafatseng lefatshe leno la rona. Lefa go le jalo, tlhokomela lefoko “a a nang le tlhaloganyo.” Mme gape go ya ka Dikwalo re tshwanelwa ke gore re ele tlhoko gore re seka ra itetla go tsena ka tlhogo mo mererong le mo ditirong tsa tikologo e nna dilo tseo re amegileng bobe ka tsone.

Tota le eleng botshelo jo bo tlwaelegileng jwa letsatsi le letsatsi jwa batho bo ka dira gore leswe le nne gone. Ka sekai, go lema dijo, go di siamisetsa go jewa, le go di ja ka bogone go dira gore leswe le nne gone, lefa gone bontsi jwa tsone di ka nyelediwa ka gore di jewe ke ditshenekegi. (Pesalema 1:4; Luke 3:17) Sejo sa tlhapi e e besitsweng seo Jesu yo o tsositsweng a ileng a se direla barutwa ba gagwe se ile sa dira gore go nne le mosi, molora, le dithatha tsa marapo a tlhapi. (Yohane 21:9-13) Lefa go le jalo, thulaganyo ya dilo tse di tshelang le ya dilo tse di sa tsheleng kana medikologo ya lefatshe e dirilwe jaana gore e tle e kgone go lepalepana le bothata jono.

Batho ba Modimo ga ba tshwanela go itlhokomolosa dilo tseo di leng malebana le tikologo. Jehofa o ne a batla gore batho ba gagwe ba bogologolo ba tseye dikgato tsa go nyeletsa mantle, eleng dikgato tseo di neng di le botlhokwa mo go tsa tikologo le mo goreng ba nne ba ntse ba itekanetse. (Duteronome 23:9-14) Ebile ereka jaana re itse gore o leba jang bao ba senyang lefatshe, eleruri ga re a tshwanela go itlhokomolosa dilo tseo re ka di dirang go boloka tikologo ya rona e ntse e le phepa. Re ka supa seno ka go dira maiteko a a tshwanetseng a go latlha matlakala kana leswe, segoloboglo dilo tseo di leng botlhole. Re leka ka natla go dirisana mmogo le maiteko a go fetolela dilo tse di latlhilweng mo dilong tseo di ka nnang mosola, re dira jalo segolobogolo fa e le gore ke Kaesare a batlang re dira jalo. (Baroma 13:1, 5) Mme batho bangwe ba bona go le molemo go tsaya dikgato tse di oketsegileng, tse di jaaka go dirisa dilo tseo di ka kgonang go nyelediwa ke ditshenekegi go na le go dirisa tseo di tla tlatseletsang mo mekoeng ya matlakala a a leng mo lefatsheng le kafa tlase ga mawatle.

Lefa go le jalo, ke kgang ya motho ka namana gore Mokeresete a ka tsaya dikgato go ya bokgakaleng bofe mo kgannyeng eno kwantle fela ga fa e le gore ke selo seo se tlhokwang ke molao. Go phepafetse go ya ka metswedi ya dikgang gore go bonolo fela gore batho ba ba sa itekanelang ba wele mo seraing sa gore ba feteletse dilo. Eleruri kgakololo eno ya ga Jesu e a tshwanela: “Lo se ka loa sekisa, gore lo se sekisiwe . . . Me u lebèlañ selabe se se mo leitlhoñ ya ga oa ga eno, me u sa tlhokomele mosipuri o o mo leitlhoñ ye e leñ ya gago?” (Mathaio 7:1, 3) Go nna re gakologelwa seno go tla re thusa gore re seka ra tlodisa dilo tse dingwe tse di botlhokwa tseno matlho.

Moperofeti Jeremia o ne a kwala jaana: “Yehofa, kea itse ha tsela ea motho e se mo go èna ka esi: ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgato tsa gagwè.” (Yeremia 10:23) Ka ntlha ya go itlhokomolosa molaomotheo ono batho ba ile ba lebagana le “dipaka tse di tlhokohatsañ,” jaaka fa 2 Timotheo 3:1-5 e boletse. Mme seo Modimo a ileng a se bega mo go Tshenolō 11:18 se bontsha gore maiteko a batho a go golola lefatshe mo mathateng a magolo ao a leng malebana le tikologo, go akaretsa le kgotlhelo, ga a kitla a atlega ka mo go feletseng. Go ka nna ga nna le kgatelelopele e e rileng mo karolong e e rileng, lefa go le jalo tharabololo e e tla nnelang ruri e tla tlhoka gore Modimo a tsenye letsogo.

Ke ka lone lebaka leno re lebisang maiteko a rona mo dilong tsotlhe tseo re nang le tsone mo tharabololong ya bomodimo, go na le gore re leke go rarabolola dilo ka maiteko a a ka omaomang dilo fela. Mo ntlheng eno re latela sekai sa ga Jesu, yo o ileng a senya nako e ntsi thata ya bodihedi jwa gagwe ‘a supa kaga boammaaruri.’ (Yohane 18:37) Mo boemong jwa gore a otle lefatshe lotlhe kana a golole batho botlhe mo bothateng jo bo neng bo ba aparetse—go akaretsa le kgotlhelo—Jesu o ile a lebisa batho kwa tharabololong ya mmatota ya mathata ao a amang setho.—Yohane 6:10-15; 18:36.

Lefa gone lorato loo re nang le lone mo baagelaning ba rona lo re tlhotlheletsa go tila go kgotlhela naga, moya, kana metswedi ya metsi, re tswelela pele re supa kaga boammaaruri. Seno se akaretsa go ruta batho go dirisa boammaaruri jwa Bibela mo matshelong a bone mme ka gone ba tlile go senya mebele ya bone ka go goga, go dirisa bojalwa ka tsela e e feteletseng, kana go dirisa diokobatsi tse di gobatsang. Fa dimilione tsa batho ba basha di fetoga barutwa, di ithuta mekgwa ya go nna phepa le go akanyetsa batho ba bangwe. Ka gone gompieno tiro ya go rera e ile ya tsenya letsogo mo go thuseng go fokotsa bothata jo bo anameng jwa kgotlelo. Lefa go le jalo, se se botlhokwa le go feta, barutwa ba Bakeresete ba kgaratlhela go fetola botho jwa bone le mekgwa ya bone gone jaanong gore ba tle ba tshwanelege go nna mo lefatsheng le le phepa la Paradaise, leo Modimo a tla tlogang a le naya baobamedi ba gagwe ba boammaaruri.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela