LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 6/8 ts. 22-23
  • Go Bona Tharabololo e e Tshwanetseng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bona Tharabololo e e Tshwanetseng
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tekatekanyo ya Bakeresete
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Go Senka Ditharabololo Tse di ka Kgotsofatsang
    Tsogang!—1996
  • Go Tlosa Kgotlelo Mo Pelong le mo Tlhaloganyong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Kgotlelo—E Bakwa Ke Mang?
    Tsogang!—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 6/8 ts. 22-23

Go Bona Tharabololo e e Tshwanetseng

LEFOKO LA MODIMO, Baebele, le bua ka nako e puso ya Modimo ya selegodimo e tla bong e rarabolotse mathata a batho, a jaanong a akaretsang bothata jwa kgotlelo e e dirwang ke dikoloi. A Bogosi jwa ga Mesia, jo batho ba bantsi ba rutilweng go bo rapelela, bo tla tlisa tharabololo ka go dira koloi e e sa kgotleleng? Kgotsa a tharabololo e e eletsegang e tla nna teng ka go tlosa dikoloi tsotlhe mo lefatsheng? Ka gore Baebele ga e re fe karabo e e tlhomameng, ga go na sepe se re ka se dirang fa e se fela gore re eme re tle re bone se se tla diregang.—Mathaio 6:9, 10.

Mme re ka tlhomamisega ka seno: Puso ya Modimo ga e na go letla kgotlelo gore e senye bontle jwa popo mo Paradaiseng e e baakantsweng e Bogosi bo tla e tlisang.—Isaia 35:1, 2, 7; 65:17-25.

E re ka ba ba ngaparelang Lefoko la Modimo ba setse ba rutuntshiwa go bona botshelo mo lefatsheng le lesha le le senang kgotlelo, ba tshwanetse go ikutlwa jang ka dikoloi gompieno? Tsogang! ya June 22, 1987, (ka Seesemane) e ne ya tlotla ka setlhogo se se reng “Dikgwa Tsa Rona di Diragalelwa ke Eng?” E ne ya bega gore baitsesaense bangwe ba akanya gore dikgwa di swa ka ntlha ya dilo tse di kgotlelang moya tse di mo mesing ya dikoloi. Seno se ne sa dira gore mmadi mongwe yo o tshwenyegileng a kwalele Mokgatlho wa Watchtower a botsa gore a ka lebaka leno go tla bo go tshwanetse gore Bakeresete ba dirise dikoloi. O ne a ipotsa gore a go dira jalo tota go tla bo go sa supe go sa tlotle popo ya ga Jehofa.

Bontlhabongwe jwa karabo ya lekwalo la gagwe ke jo: “Basupi ba ga Jehofa ba ikobela melao ya tikologo e e tlhomilweng ka fa molaong ke balaodi ba puso go fokotsa kgotlelo. (Baroma 13:1, 7; Tito 3:1) Go tsaya dikgato tse dingwe gape kwantle ga se se laotsweng ke puso go tla ikaega ka tshekatsheko ya motho ka namana. Fa mongwe a dira tshwetso ya gore a se ka a tlhola a dirisa koloi, seo ke kgang ya gagwe a le nosi. Lefa go ntse jalo setlhogo seo sa Tsogang! se ne sa bontsha ka fa batho bangwe ba ikutlwang ka teng ka go bolela jaana mo tsebeng 8: ‘Batho ba bantsi ba tsaya dikgato tse di nang le mosola tsa go fokotsa kgotlelo ka selekanyo se se ka kgonegang. Ba kgweetsa ka bonya, ga ba tseye maeto gantsi, ba fapaanela koloi e le nngwe, ba dirisa peterole e e se nang lloto, mme ba ikobela melao e e kgatlhanong le kgotlelo e e beilweng ke puso.’”

Tekatekanyo ya Bakeresete

Karabo eno e ne e supa tekatekanyo ya Bokeresete. Re tshwanetse go gakologelwa gore dikoloi ga se tsone fela tse di kgotlelang. Difofane le diterena—totatota, mofuta mongwe le mongwe wa segompieno wa sepalangwa—o dira jalo. Mme mefuta eno ya dipalangwa e ne e sa dirwa ka maikaelelo a go kgotlela. Kgotlelo e e nnang teng ka lebaka la seo ke sengwe fela se se tlang le yone, se se swabisang mme e le ka lebaka la kitso e potlana le mekgwa e e sa itekanelang.

Tora ya Tebelo ya January 1, 1993, tsebe 31, e ne ya bua ka kgang eno jaana: “Jaaka Basupi ba ga Jehofa, re amegile thata ka mathata a le mantsi a tikologo ao a amang legae la rona la lefatshe. Go feta motho le fa e le mang, re tlhaloganya gore lefatshe leno le ne le bopetswe gore e nne legae le le phepa, le le itekanetseng le lelapa la motho le le senang boleo. (Genesise 1:31; 2:15-17; Isaia 45:18) . . . Ka jalo ke selo se se siameng gore re dire maiteko a a lekalekaneng, a a nang le tlhaloganyo go tila go tsenya letsogo mo go leswafatseng lefatshe leno la rona. Lefa go le jalo, tlhokomela lefoko ‘a a nang le tlhaloganyo.’ . . . Batho ba Modimo ga ba a tshwanela go itlhokomolosa dilo tseo di leng malebana le tikologo. Jehofa o ne a batla gore batho ba gagwe ba bogologolo ba tseye dikgato go fedisa leswe, e leng dikgato tseo di neng di le botlhokwa mo go tsa tikologo le mo goreng ba nne ba ntse ba itekanetse. (Duteronome 23:9-14) E bile e re ka jaana re itse gore o leba jang bao ba senyang lefatshe, eleruri ga re a tshwanela go itlhokomolosa dilo tse re ka di dirang go boloka tikologo ya rona e ntse e le phepa. . . . Lefa go le jalo, ke kgang ya motho ka namana gore Mokeresete a ka tsaya dikgato go ya bokgakaleng bofe mo kgannyeng eno kwantle fela ga fa e le gore ke selo seo se tlhokwang ke molao. . . . Batho ba ba sa itekanelang ba wela motlhofo mo seraing sa gore ba feteletse dilo. . . . Maiteko a batho a go golola lefatshe mo mathateng a magolo ao a leng malebana le tikologo, go akaretsa le kgotlelo, ga a kitla a atlega ka mo go feletseng. Go ka nna ga nna le kgatelopele e e rileng mo karolong e e rileng, lefa go le jalo tharabololo e e tla nnelang ruri e tla tlhoka gore Modimo a tsenye letsogo. Ke ka lone lebaka leno re lebisang maiteko a rona le dilo tsotlhe tseo re nang le tsone mo tharabololong ya bomodimo, go na le gore re leke go rarabolola dilo ka maiteko a a omaomang dilo fela.”

Bakeresete ba tekatekano fa ba dirisa melaometheo ya Baebele, ba gakologelwa thomo ya Modimo e ba e amogetseng ya gore ba rere molaetsa wa Bogosi jwa Modimo go ralala lefatshe. (Mathaio 24:14) Ga go na sepe se se botlhokwa go feta seo kgotsa se se potlakileng go se feta! Fa e le gore didirisiwa tsa segompieno tsa dipalangwa le tsa tlhaeletsanyo di ka thusa Bakeresete gore ba dire maitlamo ano, go a utlwala gore ba di dirise. Mo godimo ga moo, ba tila go kgotlela mo go sa tshwanelang kgotsa go kgotlela dilo ka boomo. Ka jalo ba nna le segakolodi se se molemo mo bathong le mo Modimong.

Ka jalo, lefa gompieno re sa itse gore tota bothata jwa kgotlelo le koloi bo ka rarabololwa jang labofelo, re itse gore gone bo tla rarabololwa. E bile tota, tharabololo e e tshwanetseng e gaufi fela thata.

[Lebokoso mo go tsebe 23]

Go Lwantsha Kgotlelo

• Go tsamaya ka dinao kgotsa go palama baesekele fa go kgonega

• Go fapaanela koloi e le nngwe

• Go tlhatlhoba koloi ka metlha gore e nne e siame

• Go kgothalela go dirisa lookwane lo lo phepa

• Go fokotsa go tsaya maeto a a sa tlhokegeng

• Go kgweetsa ka lebelo le le lekanetseng le le lekanang

• Go dirisa dipalangwa tsa botlhe fa go kgonega le fa go tshwanetse

• Go tima enjene fa o eme go na le go e lesa e ntse e duma fa koloi e eme

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela