LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 6/8 ts. 19-22
  • Go Senka Ditharabololo Tse di ka Kgotsofatsang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Senka Ditharabololo Tse di ka Kgotsofatsang
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Fokotsa Dilo Tse di Kgotlelang
  • Go Iketla
  • Go Dirisa Dibaesekele
  • Go Tlhama Dilo Sesha
  • Ke Karolo ya Bothata Fela
  • Go Bona Tharabololo e e Tshwanetseng
    Tsogang!—1996
  • A Lefatshe le ka Nna le Sena Dikoloi?
    Tsogang!—1996
  • E Kete Motho o ka Hema Mowa o o Phepa!
    Tsogang!—1996
  • Tsela ya go Lebana le Mathata a Pharakano
    Tsogang!—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 6/8 ts. 19-22

Go Senka Ditharabololo Tse di ka Kgotsofatsang

DIKOLOI ga se tsone fela tse di bakang kgotlelo. Malapa ka bongwe, madirelo a diintasetiri, le diteishene tsa motlakase le tsone di na le seabe. Lefa go ntse jalo, seabe se go dira le go dirisa dikoloi se nang le sone mo go kgotleleng lefatshe lotlhe se segolo.

Totatota, 5000 Days to Save the Planet ya re: “Fa e le gore ditshenyegelo tseno tsotlhe di ne di tshwanetse gore di duelelwe—segolobogolo se se diregang mo tlelaemeteng ya rona ka ntlha ya go tlalatlala ga khabonetaeokosaete—gongwe dikoloi di ne di sena go tlhola di dirwa.” Lefa go ntse jalo, e dumela jaana: “Mme seo ga se se badiri ba dikoloi, badiri ba ditsela, lefa e le dikemedi tsa puso, kgotsa batho ka kakaretso, ba matshelo a bone a ikaegileng ka go dirisa dikoloi tsa bone, ba ikemiseditseng go se akanyetsa.”

A tegenoloji e e dirileng gore motho a ye kwa ngweding ga e kake ya kgona go dirisediwa go dira koloi e e sa kgotleleng? Mme go dira ga go ke go nna motlhofo jaaka go bua, ka jalo go fitlha dikgoreletsi tsa go dira koloi e e sa kgotleleng di kgona go fenngwa, badiri ba santse ba tsweletse ka go batla ditharabololo tse di ka kgotsofatsang.

Go Fokotsa Dilo Tse di Kgotlelang

Ka bo1960 United States e ne ya dira molao o o neng o batla gore go tsenngwe dithibedi mo dikoloing go thibela gore di se ka tsa ntsha dilo tse di kgotlelang. Dinaga tse dingwe le dipuso le tsone di ne tsa dira jalo.

Dilo tse di dirang gore mosi wa koloi o se ka wa nna kotsi, tse di tlhokang gore go dirisiwe peterole e e senang lloto, jaanong di dirisiwa thata go tlhotlha dilo tse di kgotlelang tse di kotsi. Magareng a 1976 le 1980, morago ga boradikoloi ba bantsi ba sena go simolola go dirisa peterole e e senang lloto, selekanyo sa lloto mo mading a Baamerika se ne sa fokotsega ka nngwe tharong. Go molemo go bo go ne ga direga jalo ka gore lloto e ntsi e ka ama mafaratlhatlha a ditshika tsa boboko ya bo ya kgoreletsa bokgoni jwa motho jwa go ithuta. Se se utlwisang botlhoko legale ke gore, lefa gone lloto e fokotsegile mo dinageng tse dintsi tse di tlhabologileng, mo dinageng tse di sa tlhabologang thata ga go a nna jalo.

Katlego ya dilo tse di dirang gore mosi wa dikoloi o se ka wa nna kotsi e a itumedisa, mme tiriso ya tsone e ntse e tsosa dikganetsano. Ka ntlha ya go fokotsega ga maatla a di gogang ka one fa lloto e ne e sa tlhole e tsenngwa, tsela e peterole e dirwang ka yone e ne ya fetolwa. Seno se feletse ka gore go tswe dilo tse dingwe tse di bakang kankere, jaaka bensine le toluene tse di dirang gore mosi wa koloi o se ka wa nna kotsi.

Kwantle ga moo dilo tse di dirang gore mosi wa koloi o se ka wa nna kotsi di tlhoka gore go dirisiwe polatinamo. Go ya ka Porofesa Iain Thornton wa Imperial College kwa Boritane, nngwe ya matswela a teng e ile ya nna go oketsega ga polatinamo mo leroleng le le fa thoko ga tsela. O nopolwa a tlhagisa gore go ka nna ga direga gore “mefuta e e kgonang go nyera e ka nna ya tsena mo dijong.”

Go sa kgathalesege katlego epe e e nnileng teng ka ntlha ya go “dirisiwa ga dilo tse di dirang gore mosi wa koloi o se ka wa nna kotsi kwa Amerika Bokone, Japane, Korea Borwa le dinaga di le mmalwa tsa Yuropa,” 5000 Days to Save the Planet e dumalana jaana, “go oketsega mo go golo ga dikoloi mo lefatsheng lotlhe go fedisitse melemo ya moya o o phepa.”

Go Iketla

Mokgwa o mongwe wa go fokotsa mesi e e tswang mo dikoloing ke go kgweetsa ka bonya. Mme kwa United States, dipuso tsa dinaga tse dingwe tsa koo bosheng jaana di okeditse tekanyetso ya lebelo la dikoloi. Kwa Jeremane, moo ditsela tsa teng go itsegeng gore ga di a beelwa ditekanyetso tsa lebelo la dikoloi le le lekanang, go dira dithibelo ga go amogelesege. Badiri ba dikoloi ba ba bapatsang ka go gatelela ntlha ya gore ba ka kgona go dira dikoloi tse di nonofileng tse di tsamayang ka lebelo le di ka kgonang go tsamaya ka lone ka nako e telele la dikilometara tse 150 ka ura ga ba amogele dithibelo tse di ntseng jalo, fela jaaka bakgweetsi ba bantsi. Jaanong, go lebega Bajeremane ba ba oketsegileng ba ikemiseditse go amogela dithibelo tsa lebelo e seng fela ka mabaka a tikologo mme gape ka lebaka la go ipabalela.

Mo dinageng tse dingwe bakgweetsi ba rotloediwa gore ba fokotse lebelo fa selekanyo sa kgotlelo se le kwa godimo thata—kgotsa gongwe gore ba emise go kgweetsa gotlhelele. Ka 1995 go botsolotsa maikutlo a batho go ne ga senola gore diperesente di le 80 tsa Bajeremane ba ka dumalana gore go dirwe dithibelo tsa lebelo fa selekanyo sa ozone se oketsega thata. Ditoropokgolo tse dintsi mo lefatsheng lotlhe go akaretsa Athena le Roma, di setse di tsere dikgato gore di thibele go kgweetsa ka fa tlase ga maemo a a rileng. Tse dingwe di akanyetsa go dira se se tshwanang.

Go Dirisa Dibaesekele

Ditoropokgolo dingwe di dirile gore go nne le ditlhwatlhwa tse di kgethegileng tsa go tsamaya ka dibese, gore di kgone go fokotsa mokoloko wa dikoloi. Tse dingwe di dirile thulaganyo ya gore bakgweetsi ba pegwe mahala mo dibeseng morago ga ba sena go duela madinyana fela a sekae a gore ba pake dikoloi tsa bone mo mafelong a a bulegileng. Ditoropokgolo tse dingwe di dirile ditsela tse go tsamayang dibese fela mo go tsone, gore di kgone go tsamaya ka bonako.

Tsela e nngwe e ntšha e e botlhale ya go fenya bothata e ne ya bonwa bosheng jaana mo go The European: “Fa ba sena go kgatlhwa ke letsholo le le neng la dirwa kwa Netherlands ka mafelo a bo1960, batho ba ba botlhale ba kwa Denmark, ba ne ba tla ka leano la gore ba fokotse go kgotlelwa ga moya le mokoloko wa dikoloi ka go kgothaletsa batho gore ba dirise maotwana a mabedi go na le a mane.” Dibaesekele di beilwe mo mafelong a a farologaneng go ralala mebila ya Copenhagen. Fa o latlhela madi a tshipi fela mo teng ga tshitswana nngwe o ka kgona go ntsha baesekele o bo o e dirisa. Moragonyana o ka tsaya madi ao gape fa o busetsa baesekele kwa lefelong le le tshwanetseng. Gore a thulaganyo eno e tla itshupa e na le mosola le gore a e tla dirisiwa thata, ga go itsiwe.

Ditoropokgolo dingwe tsa Jeremane di letla bapagami ba dibaesekele gore ba tsamaise dibaesekele tsa bone mo mmilaneng o o tsamaelang ntlha e le nngwe ba tsamaela ntlha e sele gore ba kgothaletse batho go dirisa dibaesekele go na le dikoloi! E re ka nngwe tharong ya mesepele yotlhe mo toropokgolong le e e fetang nngwe tharong ya mo metseng e le tlase ga dikilometara tse tharo, baagi ba bantsi ba ka nna ba tsamaya ka maoto kana ka baesekele. Seno se lebega se ka thusa go fokotsa kgotlelo; mme gape ka nako e e tshwanang, bapagami ba ne ba ka kgona go itshidila mmele mo ba go tlhokang.

Go Tlhama Dilo Sesha

Gone jaanong, tiro ya go tlhama dikoloi tse di sa lereng kgotlelo e ntse e tsweletse. Go setse go dirilwe dikoloi tsa motlakase tse di berekang ka dibeteri, mme ga di kgone go tsamaya ka lebelo le le lekanyeng le go dira ka selekanyo se se tshwanetseng. Go ntse fela jalo le ka dikoloi tse di dirisang marang a letsatsi.

Se sengwe gape se se ka kgonegang se se santseng se tlhotlhomisiwa ke badiri ba dikoloi ba le mokawana ke go dirisa haeterojene jaaka lookwane. Haeterojene e sha e sa ntshe dilo dipe tse di kgotlelang, lefa go ntse jalo tlhwatlhwa ya yone ke e e fetang selekanyo.

Fa a ne a lemoga sentle gore go tlhokega gore go dirwe koloi ka tsela e ntšha, poresidente wa United States, e bong Clinton, o ne a itsise gore ka 1993 goromente le madirelo a United States a dikoloi a ne a tla dira mmogo go tlhama koloi ya nako e e tlang. Go begwa a ne a bua jaana: “Re tlile go leka go dira tekeletso ya tegenoloji go gaisa epe fela e setšhaba sa rona se kileng sa leka go e dira.” Gore a go tla kgonega go dira “koloi e e dirang sentle e e sa kgotleleng tikologo mo lekgolong la bo21 la dingwaga,” e a buileng ka yone, go tla bonwa. Maikaelelo ke go dira mofuta mongwe wa yone mo dingwageng tse di lesome—lefa go ntse jalo, ka madi a mantsi thata.

Badiri bangwe ba dikoloi ba leka go dira dikoloi tse di dirisang peterole le motlakase. Kwa Jeremane go setse go na le koloi ya mabelo—e e turang thata—ya motlakase e e kgonang gore e re ka metsotswana e le robongwe e ne e eme, e tsamaye dikilometara tse 100 ka ura, e bo e tswelela go ya go tshwara lebelo la dikilometara tse 180 ka ura. Mme morago ga dikilometara tse 200, e a ema go fitlha betiri ya teng e tsenngwa motlakase gape ka diura tse di ka tshwarang tse tharo. Go santse go batlisisiwa, mme go solofelwa gore go tla nna le kgatelopele e e oketsegileng.

Ke Karolo ya Bothata Fela

Go fedisa dilo tse di botlhole ke karolo fela ya bothata. Dikoloi gape di baka kgotlelo ya modumo, sengwe se mongwe le mongwe yo o nnang gaufi le ditsela tse di tletseng dikoloi a se itseng sentle. E re ka modumo wa dikoloi o kgona go ama botsogo fela thata, seno le sone ke karolo ya botlhokwa ya bothata e e tlhokang go rarabololwa.

Batho ba ba ratang tlholego gape ba tla bolela gore bontle jwa tlholego bo senngwa ke dikilometara tsa ditsela tse di maswe, mmogo le mafelo a kgwebo le diboroto tse diteleletelele tse di sa lebegeng sentle, tse di kapatsang tse di kwadilweng tse di fa thoko ga tsone. Mme e bile jaaka palo ya dikoloi e oketsega, go tlhokega ditsela tse di oketsegileng.

Dikoloi tse dingwe, morago ga dingwaga tse dintsi di ntse di kgotlela fa di ntse di dirisiwa ke beng ba tsone, di tswelela ka mekgwa ya tsone ya go kgotlela le e leng “morago ga loso.” Dikgoropa tsa dikoloi, tse di kgopisang go di bona, ke bothata jo bogolo mo e leng gore molao o ne wa tshwanela gore o dirwe mo mafelong a mangwe go tila go tlatsa naga leswe. A koloi e e tshwanetseng, e e dirilweng ka dilo tse di ka dirisiwang gape sesha, e tla tsamaya e dirwa? Ga go bonale jalo.

“Bajeremane ba bantsi ba tshwenyegile thata ka tikologo,” go bega jalo lokwalodikgang lwa bosheng, lo oketsa ka gore, “mme ba sekae ka tsela e e tshwanetseng.” Modiredimogolo mongwe wa puso o nopolwa a bolela gore: “Ga go na ope yo o akanyang gore o molato, e bile ga go na ope yo o ikemiseditseng go bonwa molato.” Ee, go thata go rarabolola mathata mo lefatsheng le le tletseng ka batho ba e leng “baithati” le “ba ba sa itshwareleng.”—2 Timotheo 3:1-3.

Le gone jaanong, go santse go senkiwa ditharabololo tse di ka kgotsofatsang. A tharabololo e e tshwanetseng e e ka rarabololang bothata jwa kgotlelo le koloi e tla tsamaya e bonwa?

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

A kgotlelo e ka fokodiwa ka go dirisa dipalangwa tse di dirisiwang ke botlhe, go dira ditlhopha tsa go fapaanela koloi, kgotsa go palama baesekele?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela