A Lefatshe le ka Nna le Sena Dikoloi?
AO KA akanya fela ka lefatshe le le senang dikoloi? Kgotsa a o ka umaka sengwe se se dirilweng ke motho se mo lekgolong le le fetileng la dingwaga se fetotseng mekgwa ya botshelo le boitshwaro jwa batho thata jaaka di dirile? Fa dikoloi di ka bo di seyo, go ne go ka bo go sena dimotele, diresetšhurente le mafelo a go bogelwang dibaesekopo batho ba ntse mo dikoloing. Mo godimo ga moo, o ne o ka kgona go ya jang kwa tirong le kwa sekolong, fa go ne go sena dibese, ditekisi, dikara, kgotsa dikoloi tse dikgolo? Balemi le badiri ba dithoto ba ne ba tla isa dilwana tsa bone jang kwa mmarakeng?
“Kgwebo nngwe le nngwe mo go tse thataro tsa United States e ikaegile ka batho ba ba dirang dikoloi, ba ba di rekisang, ba ba di baakanyang, kgotsa ba ba di dirisang,” go bolela jalo The New Encyclopædia Britannica, e oketsa ka gore: “Dithekiso le dipoelo tsa madirelo a dikoloi di dira selekanyo sa nngwetlhanong ya naga eo ya kgwebo ya thekiso le nngwe mo boneng mo dithekisong tse di potlana. Mo dinageng tse dingwe dipalo tseno di dipotlana, mme Japane le dinaga tsa bophirima jwa Yuropa di ntse di atamela go tshwara dipalo tsa United States.”
Lefa go ntse jalo, batho ba bangwe ba re lefatshe le le senang dikoloi e ka nna lefelo le le botoka. Ba re ba bua seno ka ntlha ya mabaka a mabedi a konokono.
Mokoloko wa Dikoloi wa Lefatshe Lotlhe
Fa e le gore o kile wa nnela go dikologa golo go le gongwe fela ka lobaka lo lotelele, o batla sebaka sa go paka, o itse sentle gore lefa gone dikoloi di le molemo, go nna le tse dintsi mo lefelong le le pitlaganeng gone ga go molemo. Kgotsa fa o setse o kile wa iphitlhela o le mo mokolokong wa dikoloi tse di sa kgoneng go suta, o itse gore go botlhoko go le kana kang gore o iphitlhele o kganeletswe mo selong se se neng se diretswe go tsamaya mme se pateleditswe go ema golo go le gongwe.
Ka 1950, United States e ne e le yone naga e le nosi e mo go yone go neng go na le koloi e le 1 mo bathong bangwe le bangwe ba ba 4. Ka 1974, Belgium, Fora, Great Britain, Italy, Jeremane, Netherlands le Sweden di ne di fitlheletse seo. Mme ka nako eo, dipalo mo United States di ne di setse di oketsegile mo e leng gore go ne go na le koloi e le 1 mo bathong bangwe le bangwe ba le 2. Jaanong kwa Jeremane le Luxembourg go na le koloi e le 1 mo banning bangwe le bangwe ba ba 2. Belgium, Fora, Great Britain, Italy le Netherlands ga di kwa morago thata.
Ditoropo tse dintsi tse dikgolo—go sa kgathalesege gore di ka tswa di le fa kae mo lefatsheng—di tletse ka dikoloi mo e keteng ke mafelo a magolo a go paka dikoloi. Ka sekai, kwa India, ka nako ya boipuso ka 1947, New Delhi, motsemogolo wa teng, o ne o na le dikoloi le diteraka di le 11 000. Ka 1993, palo ya teng e ne ya feta 2200 000! Ke koketsego e kgolo fela thata—mme “ke palo e go solofelwang gore e oketsege gabedi kwa bofelong jwa lekgolo leno la dingwaga,” go ya ka makasine wa Time.
Fa go santse go ntse jalo, kwa Yuropa Botlhaba, kwa dikoloi tsa teng e leng kwatara fela fa di bapisiwa le tsa kwa Yuropa Bophirima, go na le batho ba le dimilione tse 400 ba ba santseng ba ka reka dikoloi. Mo dingwageng di sekae fela, seemo kwa China, e e leng gore go tla go fitlha gompieno e itsege e na le dibaesekele di le dimilione tse 400, se tla bo se fetogile. Jaaka go begilwe ka 1994, “puso e dira dithulaganyo tsa go oketsa go dirwa ga dikoloi ka bofefo,” go simolola ka dikoloi di le dimilione tse 1,3 ka ngwaga go ya go tse di dimilione tse 3 kwa bofelong jwa lekgolo leno la dingwaga.
Matshosetsi a Kgotlelo
“Boritane e feletswe ke moya o o phepa,” go ne ga bolela jalo The Daily Telegraph ya October 28, 1994. Seno se ka tswa se feteleditswe mme se boammaaruri jo bo ka dirang gore batho ba tshwenyege. Porofesa Stuart Penkett, wa University of East Anglia, o ne a tlhagisa jaana: “Dimotokara di fetola khemiseteri yotlhe ya atemosefere ya rona ya tlholego.”
Buka ya 5000 Days to Save the Planet, e bolela gore kgotlelo e e feteletseng ya khabonemonokosaete e “dira gore mmele o se ka wa bona okosejene, e dira gore motho a se ka a lemoga dilo le go akanya sentle, e fokotsa tsela e mmele o tsibogang ka yone gape e dira gore motho a otsele.” Mme World Health Organization ya re “mo e ka nnang halofo ya batho botlhe ba ba nnang mo ditoropokgolong tsa kwa Yuropa le kwa Amerika Bokone ba mo kotsing ya khabonemonokosaete e ntsi thata.”
Go fopholediwa gore kwa mafelong mangwe, mesi e e tswang mo dikoloing ngwaga le ngwaga e bolaya batho ba le bantsi—mo godimo ga gore e senya dimilione di le dikete tsa diranta mo tshenyegong ya tikologo. Ka July 1995 pego ya dikgang ya thelebishene e ne ya bolela gore Maesemane a ka nna 11 000 a swa ngwaga le ngwaga a bolawa ke moya o o kgotletsweng o o bakwang ke dikoloi.
Ka 1995 United Nations Climate Conference e ne ya tshwarwa kwa Berlin. Baemedi ba ba neng ba tswa mo dinageng di le 116 ba ne ba dumalana gore sengwe se ne se tshwanetse go dirwa. Bangwe ba ne ba swaba ka gore, tiro ya go itirela mekgele e e rileng le go dira melao e e tlhomameng kgotsa go dira dithulaganyo tse di rileng e ne ya tlosolosiwa.
Fa re akanyetsa se buka ya 5000 Days to Save the Planet e neng ya se bolela ka 1990, go lebega go sena kgatelopele epe e e neng e ka solofelwa. E ne ya tlhalosa jaana: “Tsela e ditsamaiso tsa sepolotiki le ikonomi di ntseng ka yone mo setšhabeng sa segompieno sa intasetiri, e laola gore dikgato tsa go lwantsha go senya tikologo di amogelesega fela fa di sa kgoreletse ditiro tsa ikonomi.”
Ka jalo, Time bosheng jaana e ne ya tlhagisa ka gore “go ka nna ga kgonega gore khabonetaeokosaete le digase tse dingwe tsa atemosefere di oketsege mo go ka dirang gore kgolokwe yotlhe e gotele ka bonya ka bonya. Go ya ka baitsesaense ba le bantsi, matswela e ka nna mauba, go nyera ga aese, go oketsega ga selekanyo sa metsi a lewatle, go penologa ga matshitshi a lewatle, matsubutsubu a a maswe le go feta le masetlapelo a mangwe a tlelaemete.”
Bomasisi jwa bothata jwa kgotlelo bo batla gore sengwe se dirwe. Mme go ka dirwa eng?