LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 6/8 ts. 31
  • E Kete Motho o ka Hema Mowa o o Phepa!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • E Kete Motho o ka Hema Mowa o o Phepa!
  • Tsogang!—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgotlelo—E Bakwa Ke Mang?
    Tsogang!—1990
  • Moya
    Tsogang!—2023
  • Go Hema ‘Moya’ wa Lefatshe Leno Go a Bolaya!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Go Senka Ditharabololo Tse di ka Kgotsofatsang
    Tsogang!—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 6/8 ts. 31

E Kete Motho o ka Hema Mowa o o Phepa!

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA BORITANE

AMOWA o o o hemang o phepa? Tsela e mowa o kgotlelegileng ka yone gompieno e “maswe thata go gaisa go goga motsoko,” go bolela jalo ngaka nngwe e The Times ya Lontone e neng ya e nopola. Kwa Engelane le kwa Wales, batho ba le 10 000 ba bolawa ke mowa o o leswe ngwaga le ngwaga. Mo lefatsheng lotlhe, boemo bo maswe thatathata mo ditoropong tse dikgolo.

Bontsi bo pega molato intaseteri e e dirang dikoloi gore ke yone e kgotlelang atemosefere. Go fokotsa mosi o o kotsi, dikoloi tse dintsi tse disha jaanong di tla di tsentswe selo se se dirang mosi gore o se ka wa nna kotsi, mme seo se fokotsa kgotlelo. Dihaeterokhabone tse di mo digaseng tsa mosi wa dikoloi di fokotsegile ka diperesente di le 12 go tloga mo selekanyong sa 1970 mme le diokosaete tsa naeterojene le khabonomonokosaete di fokotsegile. Bana ba ba mo diporemeng ba mo kotsing thata gonne ba kgaramediwa ba lebagane le bogodimo jo dikoloi di ntshang mosi ka jone. Lefa go ntse jalo, kgotlelo ya mowa e kotsi le mo bapagaming ba dikoloi. Go begiwa gore kgotlelo e kwa godimo go menagane gararo mo teng ga koloi go na le ka kwa ntle ga yone. Selo se sengwe se se kotsi ke fa o hema bensine e e tswang mo peterolong fa e tshelwa mo tankeng ya koloi ya gago.

Jaanong mofuta o o tletsetletseng wa kgotlelo ya mowa mo lefatsheng ke wa “Dikarolwana Tse Dinnye Tse di Akgegang,” go bolela jalo pego ya Ditšhaba Tse di Kopaneng ya 1993-94 ya tikologo. Go lebega gore, mesidi kana dikarolwana tse dinnyennye di kgona go tsena mo makgwafong di bo di a tsenya dikhemikale tse di kotsi.

Metswedi ya dikgang e akgela thata ka go fela ga boalo jwa ozone kwa godimo ga kgolokwe eno. Lefa go ntse jalo, fa e le fa tlase fano, lesedi la letsatsi le dira gore ozone e nne ntsi thata fa le kopana le diokosaete tsa naeterojene le dikarolwana dingwe tse di akgegang tse di kgotlelegileng tsa mowa. Selekanyo seno se ile sa menagana gabedi kwa Boritane mo lekgolong leno la dingwaga. Digase tseno di senya pente le dilo tse dingwe tsa go aga, di tsenya ditlhare, dimela le dijalo malwetse e bile go lebega di bakela batho bangwe mathata a go hema. Le mororo bontsi jwa kgotlelo ya ozone bo diragala mo ditoropong, se se gakgamatsang ke gore metseselegae ke yone e nnang mo kotsing thata. Mo ditoropong, diokosaete tsa naeterojene di monya ozone motlhofo fela, mme koo diokosaete tseno di seng dintsi teng, ozone e senya fela e sa kganelwe ke sepe.

Mo godimo ga moo, kgotlelo ya mowa “e kwa godimo ka diperesente tse 70 mo teng ga matlo go na le ka kwa ntle,” go bega jalo The Times. Mo teng, dilo tse di shafatsang mowa, dikgolokwe tse di bolayang motoutwane le diaparo tse di tswang kwa matlhatswetsong di kgotlela mowa. Mosi wa sekerete le one o baya boitekanelo jwa batho mo kotsing fa o le mo teng ga ntlo.

Ke eng he, se o ka se dirang go sireletsa lelapa la gago? The Times ya Lontone e ne ya akantsha ditsela tse di latelang.

• Se dirise koloi ya gago thata. Fa go kgonega tlhakanela koloi le ba bangwe. Kgweetsa sentle. Fa o thibetswe ke dikoloi tse dingwe kana o eme metsotso e sekae, tima koloi. Fa go kgonega, fa go le mogote thata baya koloi ya gago mo moriting go fokotsa kgotlelo e e dirwang ke fa peterole e mowafala.

• Itshidile mmele go santse go le phakela thata fa selekanyo sa ozone se le kwa tlase thata kwa ntle.

• Tlhoma molao wa gore go se ka ga gogelwa motsoko mo teng ga ntlo ya gago.

• Tlogela difensetere tsa ntlo ya borobalo di butswe go le gonnye fela bosigo go fokotsa mongola mme o ntshetse dilo tse di ka nnang kotsi kwa ntle.

O tshwanetse wa bo o dumalana le seno: E kete motho o ka hema mowa o o phepa!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela