LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g90 5/8 ts. 4-9
  • Kgotlelo—E Bakwa Ke Mang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgotlelo—E Bakwa Ke Mang?
  • Tsogang!—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Kgotlelwa Ga Mmu Go A Oketsega
  • Metsi A A Leswe—Ga A A Siamela Botshelo
  • Pula ya Asiti—Matshosetsi A A Sa Jeseng Di Welang
  • Ozone—Mmaba Yo O Sa Bonaleng
  • Kgotlelo E E mo Boitsholong
  • E Kete Motho o ka Hema Mowa o o Phepa!
    Tsogang!—1996
  • Re Atlegile go le Kana Kang go Namola Tikologo?
    Tsogang!—2003
  • A Bokhutlo jwa Kgotlelo bo Gaufi?
    Tsogang!—1990
  • Moya
    Tsogang!—2023
Tsogang!—1990
g90 5/8 ts. 4-9

Kgotlelo—E Bakwa Ke Mang?

“SETLHAKETLHAKE seno ke sa puso mme ke se go diriwang ditekeletso mo go sone. Mmu wa sone o tletse ka bolwetsi jwa kwatsi mme ebile se kotsi. Ga go ope yo o letlelelwang go tla fano.”a Lotshwaonyana lono lo lo beilweng mo kgaolong nngwe mo Scotland go lebagana le Gruinard Island lo tlhagisa bao ba batlang go etela koo. Setlhaketlhake se sentle seo se ne sa tlala ka dilo tse di bakang bolwetsi jwa kwatsi, go tloga dingwaga di le 47 tse di fetileng fa e sale se dirisediwa ditekeletso tsa dithunya tsa dibetsa tseo di tlhaselang go dira ga mmele wa motho ka ntwa ya bobedi ya lefatshe.

Gruinard Island ke sekai se se tlhomologileng sa kgotlelo. Mme mefuta mengwe e e seng kotsi thata ya go kgotlelwa ga mmu e ntse e le bothata jo bo tletsetletseng bo bile bo oketsega.

Go Kgotlelwa Ga Mmu Go A Oketsega

Sengwe seo se bakang kgotlelo ya mmu ke leswe. Ka sekai, go ya ka The Times ya Lontone, lelapa le le tlwaelegileng la batho ba le banè mo Boritane, le latlha dikilogerama di le 51 tsa tshipi le dikilogerama tse 41 tsa polasetiki ngwaga le ngwaga, “tseo bontsi jwa tsone bo kgotlelang mebila, fa thoko ga tsela, lotshitshi lwa lewatle le mafelo a mangwe fela a boitapoloso.”

Makasine wa Sefora GEO o bega gore ka nako nngwe lefelo leo go latlhelwang leswe gone la Entressen kafa ntle ga Marseilles, kwa Fora, le ne le fitlhile kwa bogodimong jwa dimetara di le 60 mme le oka dinonyane tsa lewatle tse di ka nnang 145 000. Terata e e ageletseng lefelo leno le go latlhelwang matlakala mo go lone ga ya ka ya kgona go thibela phefo go foka matlakala a dipampiri le a polasetiki. Ka jalo, babusi ba mo lefelong leo ba ne ba tshwanela go reka lefelo leo le lengwang le le gaufi le lone la diheketere di le 30 go leka go rarabolola bothata jwa kgotlelo.

Ga go gakgamatse go bo fa go ne go rulaganyediwa Ngwaga wa Yuropa wa Tikologo—o o neng wa khutla ka March 1988—Motsamaisi wa EEC Stanley Clinton Davis o ne a fitlhela lenane la mathata a kgotlelo “le le leleele le sa fele.”b Jalo he, go ne ga rulaganyediwa gore go dirwe dikgothatso tsa go dirisa dilo tse di latlhiwang gape ka boikaelelo jwa go dirisa gape 80 lekgolong ya ditone tse di ka nnang 2 200 000 000 tsa leswe le le latlhiwang mo lefelong leo ngwaga le ngwaga.

Kgotlelo e e bakiwang ke leswe ga e kwa Yuropa Bophirima fela. E mo kgolokweng yotlhe. Go ya ka makasine wa New Scientist, go ile ga tlhokega gore go phepafadiwe le kontinente e e kwa kgakala ya Antarctica. Borasaense ba patlokitso ba kwa Australia ba ile ba kgobokanya ditone di le 40 tsa ditshipi tse di latlhilweng tsa metšhine le tsa go aga tseo di neng di tletsetletse kwa ba direlang gone. The New York Times (December 19, 1989) e bega gore Baamerika ba kwa McMurdo Station, kwa Antarctica, ba phepafatsa leswe le le kokoaneng la dingwaga tse di fitlhang go 30, go akaretsa le terekere ya ditone di le 35 000 eo e neng e nwetse boteng jwa dimetara di le 24 mo metsing.

Ee, lefatshe le kgotletswe tota ebile le leswe. Me go tweng ka metsi a a mo lefatsheng?

Metsi A A Leswe—Ga A A Siamela Botshelo

“Dinoka tsa Boritane di ntse di nnela leswe kwa pele e le la ntlha mo nakong e e fetang kwatara ya dingwaga di le lekgolo,” go ne ga bua jalo The Observer. “Kattegat (lewatle le le fa gare ga Sweden le Denmark) le a swa. Le ntse le palelwa ke go tshedisa ditlhapi ka gonne le kgotletswe thata ebile ga le na okosejene,” go ne ga bega The Times ya Lontone. “Dinoka tsa Poland di ntse di fetoga go nna moo go latlhelwang leswe la mantle ka bonako mme go lebega go tokafadiwa go le gonnye fela.”—The Guardian.

Go ne ga nna le masetlapelo a magolo a kgotlelo ka November 1986 moo Daily Telegraph ya Lontone e neng ya a tlhalosa jaaka “go senngwa ga mosele o mogolo le o o tlhomologileng thata wa metsi mo Yuropa Bophirima.” Molelo o mogolo o o neng wa tuka mo feketiring ya dikhemikale kwa Basel, kwa Switzerland, o ne wa tingwa ke batimamolelo ka metsi. Ka go sa lemoge ba ne ba tshela dikhemikale tse di bolayang ditshenekegi tsa ditone tse ditlogang go 10 go ya go 30 mo nokeng ya Rhine, ba dira se go ka tweng ke “Chernobyl ya difeketeri tsa metsi.” Tiragalo eno e ne ya nna ditlhogo tsa dikgang. Lefa go ntse jalo, seo gantsi se sa begweng, ke gore leswe la dikhemikale tsa dibomo le latlhelwa mo nokeng ya Rhine ka selekanyo se segolo ka metlha.

Kgotlelo ya metsi ga e felele fela mo lefelong leo e simolotseng mo go lone. Matswela a yone a ka nna a tlhagisa kotsi le eleng dikilometara di le dintsi go tloga foo. Dinoka tsa Yuropa tse di tshelang mo North Sea di rwalelela pente koo, disweufatsi tsa sesepa sa meno, matlakala a a tletseng botlhole, le motshotelo, ka dilekanyo tse dikgolo mo eleng gore Dutch Institute for the Investigation of Fishery jaanong e bolela gore ditlhapi tsa North Sea ga di a tshwanela go jewa. Dipatlisiso di bontsha gore 40 lekgolong ya ditlhapi tse di tswang mo mafelong a a seng boteng di na le malwetsi a letlalo kana ditlhagala tse di nang le kankere.

Ke mang yo o molato ka kgotlelo eno? Bontsi bo supa difeketiri ka monwana, tseo bogagapa jwa tsone jwa go nna le merokotso go fetang go amega ga bone ka tikologo. Lefa go le jalo, balemi le bone ba na le molato wa go kgotlela dinokana le dinoka tseo di leng gaufi le masimo a bone. Go dirisa ga bone menontsha e e nang le naeterojene jaanong go ka dira gore tlhaga e e tlhogang mo mafelong a a gaufi le dinokana tseo e bo e na le botlhole.

Batho ba dirisa dinoka gape jaaka lefelo leo ba latlhelang matlakala mo go lone. Noka ya Mersey, eo metsi a yone a dirisiwang kwa karolong e e ka kwa bokone mo bophirima jwa Enyelane, go bolelwa gore ke e e leswe go gaisa mo Yuropa. “Jaanong, ke seeleele fela kana yo o sa itseng kaga seno yo o ka thumang mo Mersey,” go ne ga akgela jalo Daily Post ya Liverpool, ya bo ya oketsa jaana: “Mongwe fela yo o seng lesego yo o welang mo metsing ao a ka nna a lwala a bo a tseelwa kwa kokelong.”

Maswe a mantle le one a na le seabe se segolo mo go kgotleleng mawatle. Lewatle lengwe le le gaufi le lengwe la matshitshi ao a a ratelwang boitapoloso a mo Enyelane le na le selekanyo sa “mantle se se tshwanang lefa bata e e tlhapelang e e tletseng metsi e tshetswe selekanyo sa kopi ya lone,” moo go fetang kgakala selekanyo sa EEC go menagane ganè.

He go na le kotsi e nngwe gape; eno e tswa kwa loaping.

Pula ya Asiti—Matshosetsi A A Sa Jeseng Di Welang

Ka nako nngwe, batho ba kwa Enyelane ba ne ba swa ka gonne ba ne ba hemile moya—kana, go na le moo, semoko. Gompieno, dintsho tse di bakiwang ke kgotlelo e e ntseng jalo ga di a tlwaelega. Semoko sa kwa Lontone, se se neng sa bolaya batho ba ba ka nnang 4 000 ka 1952, ga se tlhole se ba tshosa. Diteishane dingwe tsa motlakase tseo di tshubang malatlha ao a neng a dira gore go nne le semoko di ile tsa isiwa kwa magaeng mme ga dirwa gore di nne le dintshamosi tse di kwa godimo mme, mo mabakeng a mangwe, le dilo tseo di di phepafatsang tseo di tlosang bontsi jwa digase tse di bolayang.

Lefa go ntse jalo, seno ga se a thibela kgotlelo ya mo loaping. Dintshamosi tse di kwa godimo tseno di ka tswa di rarabolotse bothata jwa mo lefelong le le fa gaufi. Mme jaanong, diphefo tseo di fokang di isa leswe leno kgakala—gantsi kwa dinageng tse dingwe. Go felela ka gore, Scandinavia e kgotlelwe ke leswe le le tswang kwa Boritane, mme batho ba le bantsi ba bolela gore Boritane ke “Monna Mogolo yo o Leswe wa Yuropa.” Ka tsela e e tshwanang, diintaseteri tsa kwa Bophirima jo bo kwa Gare jwa United States di dira gore go nne le bothata jwa pula ya asiti kwa Canada.

Ka dingwaga di le dintsi, borasaense ba ile ba supa sulfur dioxide e le yone eo e neng e baka kgotlelo ya moya mme ebile e le yone e e bakang pula ya asiti. Ka 1985 Drew Lewis, yo a neng a emetse poresidente wa U.S. mo dikgannyeng tse di neng di le kaga pula ya asiti kwa Canada le Amerika, o ne a bua jaana: “Go bolela gore di-sulphate ga di dire gore go nne le pula ya asiti go tshwana fela le fa o ka re go goga motsoko ga go bake kankere ya makgwafo.” Go bonala gore, fa e kopana le mouwane wa metsi, sulfur dioxide e dira gore go nne le sulfuric acid, eo e ka dirang gore pula e nne le asiti kana e dira gore marothodi a yone a tlale mo marung, ka gone e tlatsa dikgwa ka bongola jo bo bolayang.

Fa pula eno ya asiti e na kana, se se fetang seo, fa semathana sa asiti se gakologa, mmu o o kwa tlase wa amega. Borasaense ba Sweden bao ba neng ba boeletsa patlisiso ya 1927 ba ne ba swetsa ka gore asiti e e mo mmung wa dikgwa o o disentimetara di le 70 e oketsegile ga lesome. Go fetoga gono ga dikhemikale go ama ka moo sejalo se monyang matswai a a botlhokwa ka gone, jaaka calcium le magnesium.

Sotlhe seno se ama motho jang? O nna le mathata fa matšha le dinoka tseo pele di neng di tletse ka ditshedi jaanong di tlala asiti mme ebile ditshedi tsa tsone di swa. Mo godimo ga moo, borasaense ba kwa Norway ba ne ba swetsa ka gore go ya ka dipatlisiso tsa bone go oketsega ga asiti e e mo metsing, e le mo matšheng kana mo mmung go tlhaolosa aluminum. Seno se kotsi thata mo boitekanelong. Borasaense ba ile ba tlhokomela gape “gore dipalo tse di kwa godimo tsa loso le go oketsega ga aluminum mo metsing” go amana ka tsela nngwe. Go amana ga aluminum le bolwetsi jwa Alzheimer le malwetsi a mangwe a batsofe go tswelela go tshosa.

Ka boammaaruri, mo mafelong a a tshwanang le Noka ya Mersey kwa Boritane le koo go latlhelwang leswe gone kwa Entressen kwa Fora, go ile ga dirwa maiteko a go tokafatsa boemo joo. Lefa go ntse jalo, mofuta ono wa bothata ga o fele. O nna o tlhagelela mo lefatsheng lotlhe. Mme go na le mofuta o mongwe wa kgotlelo—o o sa bonaleng.

Ozone—Mmaba Yo O Sa Bonaleng

Digotetsi tsa tlholego tse di fisiwang mo diteishaneng tsa motlakase kana mo melelong ya mo lapeng, di ntsha dilo dingwe tse di kgotlelang tse di oketsang sulfur dioxide. Tseno di akaretsa di-oxide tsa naeterojene le di-hydrocarbon tse di sa sheng.

Dikgopolo tsa borasaense jaanong di ntse di pega di-oxide tseno tsa naeterojene molato wa go kgotlela moya. Fa di kopana le letsatsi, di ntsha gase e e bolayang, eleng ozone. “Ozone ke yone e e kwa pele eo e kgotlelang moya oo o amang dijalo kwa U.S.,” go ne ga bua jalo David Tingey wa U.S. Environmental Protection Agency. O ne a fopholetsa gore seno se ne sa dira gore naga ya gagwe e latlhegelwe ke dimilione di le 2 600 tsa diranta mo ngwageng oo wa 1986. Yuropa e bolelwa e latlhegelwa ke dimilione di le 1 000 tsa diranta ngwaga le ngwaga.

Ka gone, fa pula ya asiti e bolaya dinoka, ba le bantsi ba akanya gore ozone, e e bakiwang ke mesi ya dikoloi, ke yone eo e bolayang ditlhare go gaisa pula ya asiti. The Economist e ne ya bua jaana: “Ditlhare [kwa Jeremane] di swa pele ga nako ka ntlha ya ozone mme eseng ka ntlha ya pula ya asiti. Lefa di bolawa ke segagane, mouwane o o nang le asiti kana malwetsi, ozone ke yone eo e dirang gore ditlhare di kgone go tlhaselwa ke dilo tseo.” Mme seo se diragalang kwa Yuropa se bontsha fela seo se diragalang mo dikontinenteng tse dingwe. “Ditlhare tse di mo diparakeng tsa morafe kwa California di senngwa ke kgotlelo ya moya eo e ka bong e tswa kwa kgakala kwa Los Angeles,” go bega jalo New Scientist.

Lefa go ntse jalo, go na le mofuta mongwe o o botlhole thata wa kgotlelo o o kgotlelang lefatshe. Ke sone selo sa motheo seo se bakang go kgotlelwa ga lefatshe, metsi, le moya mo polaneteng ya rona.

Kgotlelo E E mo Boitsholong

Go motlhofo gore o tsiediwe ke tebego ya batho. Jesu Keresete o ne a tshwantsha seo. Fa a bua le baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe, o ne a re: “A bo go latlhèga lona . . . gonne lo chwana le diphupu tse di shweuhadicweñ, tse di bonalañ di le dintlè kaha ntlè, me mo teñ di tletse . . . boitshekologō yotlhe hèla.” (Mathaio 23:27) Ee, motho a ka lebega a le phepa, le eleng go nna montle kafa ntle, mme puo ya gagwe le boitsholo di ka bontsha botho jwa gagwe jwa mmatota jo bo oleng. Go utlwisa botlhoko go bolela gore go kgotlelwa go go ntseng jalo mo boitsholong go tletsetletse gompieno.

Go kgotlelwa mo boitsholong go akaretsa tiriso e e maswe ya diokobatsi, eo e tletsetletseng go gaisa pele. Bagaka ba mmino wa pop, ba ba binang mo seraleng kana gongwe le eleng borakgwebo ba ba tlotlegang, ba ile ba nna ba bolelwa ka mo go tlhabisang ditlhong ka go ikaega ga bone ka diokobatsi. Go kgotlelega mo boitsholong gape go akaretsa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, jo e ka tswang e le jone bo bakang go thubega ga malapa, tlhalo, go ntshiwa ga dimpa, le go gola ga dikgogodi tsa malwetsi a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo, go akaretsa le sebetso se se bolayang sa AIDS.

Bogagapa ke jone bo bakang kgotlelo eno ya boitsholo, jone joo gape bo bakang go kgotlelwa ga mmele goo go tlhasetseng batho. Tereza Kliemann, yo a dirang thata ka melemo e e alafang AIDS kwa São Paulo, kwa Brazil, o ne a tlhomolola bothata jaana: “Go thibela [AIDS] go raya go fetola boitsholo fa gare ga ditlhopha tseo di ka amiwang ke seno mme seo se bokete.” Bontsi jwa batho bo ganelela mo go direng seo bone ba batlang go se dira, go na le go akanyetsa ka moo ditiro tsa bone di ka amang ba bangwe ka gone. Go felela ka gore, dibuka, boitlosobodutu, le eleng ngwao yotlhe ya motho e bo e tlhasetswe ke kgotlelo ya boitsholo.

Maikutlo a batho ba bantsi ke gore maiteko a segompieno a go iphepafatsa mo mmeleng le mo boitsholong a lebega e le go bipa se e leng boammaaruri. O ka nna wa ipotsa he gore a go na le tsholofelo epe fela e e ka ikanngwang ya gore lefatshe leno le ka nna phepa mo mmeleng le mo boitsholong. O seka wa kgobega marapo. Bibela e re bolelela gore kgotlelo e tla tlosiwa!

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Kwatsi ke bolwetsi jo bo tshelanwang jwa diphologolo jo bo dirang makukunopu a dintho mo letlalong la diphologolo kana mo makgwafong a motho.

b EEC e emela European Economic Community, kana Common Market.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Sengwe Se Se Maswe Thata Go Gaisa Tshenyego Ya Tlholego E E Nnang Teng Fa Nako E Ntse E Tsamaya

Morago ga gore sefatlhego seno se se betlilweng ka letlapa se nne mo maemong a a seng monate a bosa ka dingwaga di le dintsi, se ne se setse se tshwana fela le setshwantsho sa sefatlhego sa motho yo o suleng. Sengwe se se maswe thata go gaisa tshenyego ya tlholego e e nnang teng fa nako e ntse e tsamaya ke tshenyo e e bakwang ke go kgotlelwa ga moya. Dikago tsa bogologolo mo lefatsheng lotlhe di kokonwa ke pula ya asiti eo e di tlhatswang, go tloga ka Holo ya Toropo ya kwa Schenectady, kwa United States, go ya go dikago tse di itsegeng thata tsa kwa Venice, Italy. Dikago tsa bogologolo tsa kwa Roma go begwa fa di tlhotlhorega fela fa di kgongwa. Parthenon e e itsegeng thata ya kwa Greece go dumelwa fa e nnile le tshenyego e e seng kana ka sepe mo dingwageng tse 30 tse di fetileng go gaisa eo e nnileng le yone mo go tse 2 000 tsa pele ga moo. Tshenyego ya go nna jalo gantsi e gakadiwa ke dilo tsa tikologo tse di akaretsang thempereitšhara, phefo, le bongola di tlhakane, mmogo le ke dibaketeria tse di nnang mo dipoteng tsa dikago. Ereka kgotlhelo e nna le diphelelo tseno mo dilong tse di sa tsheleng, ke diphelelo dife tse e ka tswang e na le tsone mo dibopiweng tse di tshelang?

[Setshwantsho]

Tsheto e e mo kerekeng nngwe kwa Lontone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela