A Bokhutlo jwa Kgotlelo bo Gaufi?
GO ITUMEDISA eleruri go lebelela lefatshe le le phepa. Mme a go a utlwala? Tota mme, dinaga dingwe di leka ka natla go tokafatsa boemo jwa kgotlelo. Go begwa fa kgotlelo ya moya e ile kwa tlase ka ntlha ya dikgato tse di gagametseng tsa go leka go fokotsa loto e e mo ditshiping tse di ntshang mosi tsa dikoloi. Mo mafelong a mangwe, go lebega kgotlelo ya difeketiri le yone e fokotsegile. Lefa go ntse jalo, seno ga se ka ntlha ya taolo e e gagametseng. Go na le moo, ka dinako dingwe ke ka ntlha ya go tlhabololwa ga diintaseteri goo go bakiwang ke mathata a lefatshe a itsholelo.
Lefatshe—A Le Dirilwe le Kgona go Iphepafatsa?
Mo godimo ga moo, go na le dilo dingwe tsa tlholego tseo di phepafatsang tse di dirang. Ka sekai, Dr. Aubert wa Medical Oceanography Center kwa Nice, kwa Fora o ne a bolela gore phytoplankton ke dingwe tsa dilo tse dikgolo tseo di tlosang kgotlelo mo lewatleng. Dijalo le ditshedinyana tseno di ntsha sere sa tlhago seo se lwang kgatlhanong le malwetsi. Ka botlhokalesego, di a fekeediwa. Kwa Italy, kwa Venice Lewatle le le gaufi la Adriatic le fekeediwa ke bolele. Mo Adriatic kgotlelo e baka “bolele,” eleng sere se se nkgang se se boregerege, se se serolwana, se se setlha le se se kwebu, seo se tlalatlalang makgolokgolo a dikilometara go ya kwa borwa” fa go le selemo. (The Globe and Mail, ya kwa Toronto, kwa Canada) Sengwe se se oketsang seo ke go elela ga leswe le le tswang mo nokeng ya Po, “eo e nang le mantle a batho ba ba fetang dimilione di le 15, leswe le le tswang kwa difeketiring tse dikgolo tsa Italy . . . le motshotelo wa dikolobe tse di fetang dimilione di le tlhano.”
Go tweng ka go kgotlelwa ga mmu? Patlisiso e e dirilweng ke khampane nngwe e kgolo ya dikhemikale e kopane le U.S. Department of Energy e ne ya senola gore go na le mefuta e le mentsi ya baketeria, dithuthuntshwane, le di-amoeba mo lefatsheng, tseo dingwe di leng dimetara di le 260 go ya kwa tlase. Dr. David Balkwell wa Florida State University o ne a akgela jaana: “Ditshedinyana tseno tse di kwa teng di ka tswa di phepafatsa metsi a a mo majeng a a kwa tlase [metsi a tlhago a a mo lefatsheng].” Se sengwe gape, Dr. Balkwell o solofela gore batlhalefi ba dibopapopego ba tla kgona go dira gore ditshedinyana tseno tse di fitlhegileng di “senye dilo tse di bakang kgotlelo.”
Lefa go le jalo, ka mo go utlwalang, re tshwanetse go dumela gore boemo jwa gone jaanong ga bo dumelele go nyelediwa ka bonako ga kgotlelo mo lefatsheng leno. Lefa go le jalo, re ka tlhomamisa gore bokhutlo jwa kgotlelo bo gaufi. Ka ntlhayang?
Go Tlosiwa ga Kgotlelo ya Boitsholo
Go re polanete eno ka boammaaruri e nne legae le le phepa la motho, baagi ba lone e tshwanetse go nna batho ba ba phepa mo boitsholong le mo mmeleng. Batho ba tshwanetse go lesa go iteba ba le nosi mme ba godise dinonofo tse di senang bogagapa ba akanyetsa batho ba bangwe le diphologolo tse di mo tikologong ya bone. A seno se ka dirwa?
Basupi ba ga Jehofa mo masomesomeng a dingwaga ba ile ba fitlhela gore seo se ka dirwa. Ba ile ba leka maatla a Bibela ao a bopang botho, mme ba ne ba fitlhela gore buka eno e na le maatla a go fetola batho, mme seo se solegela tikologo molemo. Ka sekai, baokamedi ba ditadiamo ba kgatlhiwa ke thulaganyo le bophepa jwa boidiidi jo bo tlang kwa dikopanong tse dikgolo tsa Basupi ba ga Jehofa. Gangwe le gape ba akgela ka go re ‘setadiamo se tlogetswe se le phepa go gaisa fa Basupi ba ne ba tsena mo go sone.’
Mongwe wa badiri ba kwa dikagong dingwe tsa metshameko kwa Lisbon, kwa Portugal, o ne a tlhalosetsa Mosupi mongwe wa ga Jehofa jaana: “Fa batho bangwe ba mpotsa gore ke akanya eng ka lona, ga ke bue maaka. Ke ba bolelela gore Basupi ba ga Jehofa ba na le maitseo a mantle, ba phepa ebile ba na le thulaganyo. . . . Fa lo tlatsa selo se le sengwe leswe lo phepafatsa di le 99!”
Go ganelela ga Basupi mo bophepeng jwa kafa ntle go amana le melaometheo ya bone e e kwa godimo. Melaometheo efe? Eo e kwadilweng mo Bibeleng, eo eleng lefoko le le kwadilweng la Modimo. Fa e bua ka bao ba boelang kwa morago, Bibela e bolela gore ditsela tsa Modimo ‘ga se tsa bone, le megopolo ya gagwe ga se ya bone.’ (Isaia 55:7-9) Lefa go le jalo, re ka ithuta ditsela tsa Modimo ka gonne Modimo ka boone o dira gore batho botlhe ba ba batlang go tshela ka melao ya gagwe ba e bone. Thuto eno ya bomodimo e botlhokwa mabapi le isagwe ya rona.
Dimilione tsa Basupi gompieno di leka ka natla go tshela ka ditekanyetso tseno tse di phepa tsa boitsholo, mme ba solegelwa molemo thata. Lefa go le jalo, mo go ba le bantsi, seno se ne sa raya go fetola mekgwa ya bone le kafa ba tshelang ka gone thata.
Diokobatsi, Go Lwa, le Phenyo
Akanya ka kgang ya ga Marie, mongwe yo o tswang mo lelapeng la batho ba le 13 mo toropokgolong nngwe kwa Enyelane eo e tletseng thubakanyo.
“Balelapa la me ba ne ba itsege ka boganka botlhe, mme nna jaaka bone ke ne ke le modipa. Fa ke na le dingwaga di le 15, ke ne ka senyegelwa ke mpa. Dingwaga di le pedi moragonyana, ke ne ka tshola morwadiake, mme ke ne ka tshwanelwa ke go mo godisa ke le esi. Mosimane yo ke neng ke ratana le ene o ne a isiwa kwa sekolong [sa diganana]. O ne a tshaba koo, mme ke ne ka ithwala gape. Ke ne ka leka dilo tsotlhe go leka go fedisa mpa eno mme kgabagare ka atlega, mme ke ne ka batla ke swa.
“Mosimane yo ke neng ke ratana le ene o ne a simolola go goga motekwane mme o ne a mpetsa, le eleng lefa ke ne ke ithwele gape. Ke ne ka kopanela le nna ke goga ke bile ke o rekisa. Ka nako eo ke ne ke nna mo ntlong e e tletseng ka diaka. Ke ne ke ba tlhokomelela bana.
“Fa ke sena go ratana le mosimane yo mongwe, mosimane wa me wa ntlha o ne a emisa botsala joo ka go mo tlhaba garobedi ka thipa. O ne a tshwarelwa seo gape. Morago ga a gololwa mo kgolegelong re ne ra nyalana mme rotlhe re ne re dirisa diokobatsi thata.”
Morago ga go kopana le Basupi ba ga Jehofa le go ithuta Bibela le bone, motho yono yo mmotlana o ne a simolola go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete mme o ne a fetoga ka bonya ka bonya. Marie o tlhalosa jaana:
“Ke ne ka simolola go lemoga gore go goga le go dirisa diokobatsi go ne go le phoso. Morago ga go bolelela monna wa me gore ke batla go emisa seno, o ne a tlhola a futswelela mosi wa motekwane mo sefatlhegong sa me a leka go ntira gore ke simolole gape go dirisa diokobatsi. Ke ne ka ithwala gape. Go ise go e kae, monna wa me o ne a simolola go lala nageng.
“Dikgwedi di le robedi moragonyana o ne a tsaya dilo tsotlhe tsa gagwe mo ntlong mme a ntlogela. Ke ne ka rapela Jehofa gore a nthuse go dirisana le seno, mme o ne a dira jalo. Morago ga dikgwedi tse tharo, monna wa me o ne a boa. Ke ne ka rapelela go bona nonofo gore ke dire se se siameng. Ke ne ka leka gape go dira gore lenyalo la me le atlege, mme mo dikgweding di le thataro ke ne ke setse ke rokilwe meroko e le 14 go dikologa leitlho, ka ntlha ya go rata ntwa ga monna wa me; o ne a santse a rata diokobatsi thata. Ntlo ya rona e ne e le lefelo le legolo koo go rekisiwang diokobatsi gone mo lefelong leo lotlhe. E ne e tlala ka ‘ditsala’ tsa gagwe tseo bontsi jwa tsone bo neng bo tagilwe ke diokobatsi.
“Ka thuso ya ga Jehofa, ke ne ka nna le bopelokgale mme ka bua le banna bao. Ke ne ka ba kopa ka bonolo gore ba tswele kwa ntle fa ba batla go tswelela ba goga diokobatsi tsa bone. Fa monna wa me a utlwa seo, o ne a galefa, a mpiletsa kwa ntlong ya boapeelo, mme a simolola go betsaganya tlhogo ya me le lobota. Ke ne ka leka go mmolelela gore ke ne ke amegile thata ka bana mme ke batla go ba naya tshiamelo ya go golela mo tikologong e e phepa le e e siameng. Monna wa me o ne a boela kwa ditsaleng tsa gagwe a galefile. Ke ne ka leta, ke rapela. O ne a tsena mo ntlong ya boapeelo gape, ke ne ke akanya gore o tlile go mpolaya.
“Lefa go le jalo, go tloga ka nako eo, dilo di ile tsa ritibala. Moragonyana re ne ra fuduga. Fa batho ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi bano ba ne ba tla go eta, ba ne ba sa tlhole ba dirisa puo e e maswe kana ba bua ka matshelo a bone a a leswe jaaka pele. Go ne go lebega ba re tlotla.”
Boemo joo Marie a neng a bo tsaya go emela boitsholo jo bo phepa le botshelo jo bo sa kgotlelwang ke sepe bo ne jwa ama pelo ya monna wa gagwe, mme le ene kgabagare o ne a ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa. Marie le monna wa gagwe jaanong ke Basupi ba ba kolobeditsweng mme ba tshwaregile mo go thuseng ba bangwe go phepafatsa matshelo a bone ka thuso ya kitso ya Bibela. Marie o bolela jaana:
“Fa ke utlwa monna wa me a rapela, kana fa ke mo utlwa a bua kafa a ratang Jehofa ka gone, pelo ya me e a itaya! Phetogo e e leng mo tebegong ya gagwe e gakgamatsa ditsala tsa gagwe tsa pele. Jaanong lelapa la rona le utlwana tota. Ga ke ise ke ikutlwe ke itumetse jaana, mme ga ke ise ke bo ke kgaotse go lebogela Jehofa go bo a re ntshitse mo tsamaisong eno ya dilo e e leswe.”
Go atlega go go ntseng jalo go fenya go kgotlelwa mo boitsholong go senola maatla a Lefoko la Modimo. Mo godimo ga moo, go re naya tsholofelo ya gore le jaanong mefuta yotlhe ya kgotlelo e ka khutlisiwa. Bibela ya reng kaga seno?
Lefatshe Le Le Phepa—Le Tla Nna Gone
Go ithuta Bibela ka tlhoafalo go senola gore re tshela mo “metlheñ ea bohèlō” ya tsamaiso ya gone jaanong ya dilo. (2 Timotheo 3:1-5) Boemo jwa tikologo jaanong ke karolwana e le nngwe fela ya bosupi jo bo tlhomamisang seno. Seno se kaya eng malebana le tsholofelo ya rona ya go nna le lefatshe le le phepa?
Go raya gore Modimo o tlile go tsenelela mo dikgannyeng tsa motho go ise go e kae. O tla tloga a tsaya kgato e e nonofileng go tlosa kgotlelo epe fela e e mo boitsholong le e e bonalang mo polaneteng ya rona. Mo bukeng ya Tshenolo o solofetsa go “senya ba ba senyañ lehatshe.”—Tshenolō 11:18.
Eleruri, ke Modimo fela a nang le maatla a go tlisa lefatshe le le phepa, le le sa kgotlelwang. Go a itumedisa go itse gore o ikaeletse go dira jalo. Fa a dira jalo, mo isagweng e e fa gaufi, go tla nna jaaka a bua jaana: “Bōnañ, dilō cotlhe ke di diha sesha.” (Tshenolō 21:5) He, kwa bofelong, polanete ya rona e tla bo e le lefelo le le tshwanelang le le phepa, le le nang le batho ba ba siameng, ba ba phepa, bao ba tla ipelelang letlepu la yone ka bosakhutleng.