LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g99 1/8 ts. 30-31
  • Ke Mang yo o Tla Phepafatsang Lefatshe la Rona?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Mang yo o Tla Phepafatsang Lefatshe la Rona?
  • Tsogang!—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Batho ba ka Kgona Seno ka Bobone?
  • Lefatshe le le Phepafaditsweng—Jang?
  • Ke Mang yo o Tla Bolokang Lefatshe?
    Ditlhogo Tse Dingwe
  • Kgotlelo—E Bakwa Ke Mang?
    Tsogang!—1990
  • A Bokhutlo jwa Kgotlelo bo Gaufi?
    Tsogang!—1990
  • Bogosi Jwa Modimo—Puso e Ntšha ya Lefatshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1999
g99 1/8 ts. 30-31

Ke Mang yo o Tla Phepafatsang Lefatshe la Rona?

“KE BONA sentle gore ka ngwaga wa 2025 lefoko ‘kgotlelo’ le tla bo le sa tlhole le dirisiwa gotlhelele mo setšhabeng sa rona mo madirelong a rona.” Eo ke ponelopele ya bosheng jaana e e neng ya buiwa ke moporesidente mongwe wa lekgotla la dikhemikale. A o dumela gore seo se tla diragala? Fa go le jalo, se tla dirwa jang?

Ke go eletsa go bona dipoelo mo gantsi go dirang gore go rekisiwe dikhemikale tse di kotsi mo mabenkeleng. Ka sekai, melao ya sephiri ya kgwebo e dumelela dikhampani tse di dirang dibolayaditshenekegi gore di se bue dintlha dingwe tse di botlhokwa ka dikhemikale tsa bone ka go di kwala fela di re “inert [e bokoa]” e leng lefoko le motho a ka le tlhaloganyang fela le bolela “ga e kotsi.” Le fa go ntse jalo, “bobotlana go dirisitswe metswako e e seng kotsi e le 394 gore e nne dibolayaditshenekegi tse di kotsi,” go bega jalo makasine wa Chemical Week. Mo metswakong eno, e le 209 ke dilo tse di kotsi tse di kgotlelang, e le 21 e tsewa ka fa molaong e le e e bakang kankere, mme e le 127 e kotsi mo tirong!

Ke boammaaruri gore mekgwa ya puso ya go boloka pabalesego e ile ya thusa mo mabakeng a le mantsi. Mme mokwadi mongwe o bolela gore selo se segolo se dipuso di amegileng thata ka sone ke “go gola ga itsholelo le dipoelo tsa madirelo.” Ka gone, ka metlha ba lebana le go leka go lekalekanya dilo tse pedi tse di sa kopaneng—dikotsi le melemo. Mme go felele ka ‘kgotlelo e e beetsweng melao.’

Ka jalo re ka bona kae tharabololo? Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a botsa mong wa ntlo mongwe yo o botsalano potso eno. Motho yono o ne a araba ka tsela e e bontshang gore o tshepa baeteledipele ba batho le baitsesaense: “Ba tlile go baakanya dilo letsatsi lengwe.”

“Mme ba ke bomang?” Mosupi yono o ne a botsa jalo. “A ga se batho ba ba tshwanang le nna le wena? Ba ka tswa ba rutegile thata, mme ba na le ditlhaelo le makoa. Ba dira diphoso.” Mo godimo ga moo, ba faraferwe ke mathata a a boima le ke batho ba ba pelotshetlha e bile ba le bonweenwee.

A le wena o dumela gore ba tla baakanya dilo? Hisitori e telele ya go palelwa ga motho ga e tshepise. Makasine wa Outdoor Life o ne wa bolela jaana: “Baitsesaense le baemedi ba bone ba dira botoka thata mo go ithuteng mathata a kgotlelo go feta mo go a rarabololeng.” A re ka lebelela gore batho ba ka rarabolola bothata jono jo bo masisi?

A Batho ba ka Kgona Seno ka Bobone?

Go laola kgotlelo ya dikhemikale ga se bothata jwa baeteledipele ba lefelo le le rileng fela. Seno ke ka gonne dikhemikale tse di dirisiwang mo nageng e nngwe di ama batho ba ba mo dinageng tse di bapileng le yone, tota le batho mo lefatsheng lotlhe! Mme batho ba ile ba palelwa ke go dirisana mmogo gore ba rarabolole mathata a a ntseng jalo a lefatshe. Baebele e bontsha lebaka la seno fa e re: ‘Motho o na le thata mo go yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) Ke ka ntlha yang fa batho ba palelwa ke go ipusa? Gape, Baebele e tlhalosa jaana: “Ga goyo mo mothong yo o tsamayang ka dinao go siamisa dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Seo se kaya eng?

Se kaya gore batho ba ne ba sa direlwa go ipusa ba sa kaelwe ke Modimo. Ke boammaaruri gore batho ba dirile dilo tse di gakgamatsang—ba agile matlo a mantle, ba dirile dilo ka botswerere, ba bo ba ya kwa ngweding—le fa go ntse jalo ga ba kgone go ipusa ba sa kaelwe ke Modimo. Ke se Baebele e se rutang, mme hisitori e supela gore Baebele e boammaaruri.

Lefatshe le le Phepafaditsweng—Jang?

Mmopi wa rona, Jehofa Modimo, ka metlha o ntse a amegile ka batho le ka lefatshe leno, le a le diretseng motho. Fa a sena go bopa batho, o ne a laela gore ba tlhokomele lefatshe le sengwe le sengwe se se tshelang mo go lone. (Genesise 1:27, 28; 2:15) Moragonyana, fa batho ba ntlha ba babedi ba sena go tlogela go utlwa ditaelo tsa gagwe, o ne a neela setšhaba sa Iseraele wa bogologolo ditaelo malebana le go tlhokomela naga, go akaretsa taelo ya gore e tlogelwe e le legola fela ngwaga otlhe mo ngwageng mongwe le mongwe wa bosupa. Seno se ne se thusa gore e ntšhafale. (Ekesodo 23:11; Lefitiko 25:4-6) Mme batho ba ne ba nna pelotshetlha ba tlogela go utlwa Modimo. Ba ne ba boga mmogo le naga ya bone.

Ke boammaaruri gore kgotlelo ya dikhemikale e e tshwanang le e re nang le yone gompieno e ne e seyo ka nako eo. Le fa go ntse jalo, naga e ne ya senyega ka gonne Baiseraele ba ne ba palelwa ke go dira gore e ikhutse go ya ka boikaelelo jwa Modimo, mme batho ba ba se nang molato ba ne ba boga. Ka jalo Modimo o ne a dumelela Bababelona go fenya Iseraele mme ba isa setšhaba seno kwa botshwarong kwa Babelona ka dingwaga di le 70. Gape kotlhao eno e ne ya dira gore naga eno e ikhutse e le gore e ka boa ya ntšhafala gape.—Lefitiko 26:27, 28, 34, 35, 43; 2 Ditirafalo 36:20, 21.

Hisitori eno e re ruta gore Modimo o dira gore batho ba ikarabele ka se ba se dirang ka lefatshe. (Baroma 15:4) Tota e bile, Modimo o solofetsa gore o tla “senyaka ba ba senyakang lefatshe.” (Tshenolo 11:18) Totatota, Baebele e tlhalosa mofuta wa batho ba ba nang le seabe mo go le ‘senyakeng.’ Mekgwa ya bone e e tlhomologileng, jaaka e boletswe mo Baebeleng mo go 2 Timotheo 3:1-5, e akaretsa go rata madi ka tsela e e feteletseng le boithati mo motho a felelang a se na sepe le Modimo le popo ya gagwe, go akaretsa le batho ba bangwe.

Ka jalo ditemana tse pedi tseno tsa Baebele—2 Timotheo 3:1-5 le Tshenolo 11:18—di dira gore re fitlhelele ditshwetso tse pedi tse di ka se ganediweng. Sa ntlha, megopolo e e kgotletsweng e dira gore lefatshe le kgotlelwe. Mme sa bobedi, Modimo o tla tsereganya gore a sireletse polanete eno le batho ba ba boifang Modimo fa mefuta eno e mebedi ya kgotlelo e tla bo e nyeleditswe. Modimo o tla tsereganya jang?

Modimo o ne a bolelela pele ka moporofeti wa gagwe Daniele jaana: “E tlaa re mo metlheng ya dikgosi tseo [go bonala e le dipuso tsa gompieno], Modimo wa legodimo o tlaa tlhoma bogosi jo bo . . . tlaa thubaganya[ng] bo nyeletsa magosi ao otlhe, mme bo tlaa ema ka bosakhutleng.” (Daniele 2:44) Bogosi joo ke puso ya mmatota ya lefatshe. Jesu Keresete o ne a ruta balatedi ba gagwe go rapelela puso eo fa a ne a re: “Lo tshwanetse go rapela ka tsela eno: ‘Rraarona yo o kwa magodimong, . . . a bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.’”—Mathaio 6:9, 10.

Tlase ga bolebedi jo bo lorato jwa Bogosi jwa Modimo, baagi ba lefatshe ba tla itumelela tshiamelo e e molemolemo ya go dira polanete yotlhe paradaise. Mowa o tla bo o le phepa, melapo e tla elela metsi a a phepa, mme mmu o tla ntsha maungo a a sa leswefalang. (Pesalema 72:16; Isaia 35:1-10; Luke 23:43) Morago ga moo, Baebele e solofetsa jaana: “Dilo tsa pele [malwetse a gompieno, go boga, kgotlelo le matshwenyego a mangwe a mantsi] ga di ketla di gakologelwa, le fa e le go tla mo mogopolong.”—Isaia 65:17.

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Lefatshe le le phepa—a o tla le bona?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela