“Dumela! A O Itse Gore Leina la Modimo Ke Mang?”
LEKWALO le le latelang le ne la amogelwa kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brazil, le tswa kwa go bokgaitsadi ba babedi ba mawelana ba ba nang le dingwaga tse 12 ba kwa motseng wa Fortaleza:
“Morago kwa ka 1990 ka nako ya fa re ne re le mo seemeng sa botlhano, sekolo sa rona se ne sa rulaganya modiro wa saense, wa tiro ya diatla, le wa setso. Re ile ra tlhalosetsa morutabana wa rona gore re ne re rata go dira se se farologaneng le seo baithuti ba bangwe ba neng ba rulagantse go se dira. Ereka a kile a re utlwa re bua kaga Jehofa le ka Bibela mo nakong e e fetileng, o ne a akantsha jaana: ‘Mme he, lo ka nna lwa kwala kaga Modimo wa lona!’
“Re ile ra bona fa seno e le tshono ya go ka neela bosupi mme ra swetsa go kwala kgang nngwe re dirisa dikgatiso tsa Bibela tseo di buang ka leina la ga Jehofa. Re ile ra kwala kgang e telele ka mafoko a a tswang mo go Pesalema 83:18 mme ra e kgomaretsa mo setshwantshong sa Bibela e e butsweng. Mo godimo ga moo, re ne ra baya dithanolo tse di farologaneng tsa Dibibela tse di nang le leina la ga Jehofa mo godimo ga tafole. Mo go yone tafole eo re ne ra baya mefutafuta ya dibuka tsa Bibela. Kwa bofelong jwa tafole re ne ra baya VCR le thelebishene gore re tle re bontshe baeng sekai se le sengwe seo mo go sone leina la ga Jehofa le ileng la dirisiwa gantsintsi mo motshamekong o o itsegeng thata.
“Ka nako ya modiro fa motho a ne a tla kwa tafoleng ya rona re ne re bolela jaana: ‘Dumela! A o itse gore leina la Modimo ke mang?’ Morago ga gore re neye moeng sebaka sa go araba, re ne re tswelela pele jaana: ‘Bona fa! Dithanolo tse di farologaneng tsa Bibela di bontsha gore leina la gagwe ke Jehofa,’ re supa leina leo mo Dibibeleng tse di farologaneng tse di ntseng jaaka ya João Ferreira de Almeida, The Jerusalem Bible, le New World Translation. Morago ga moo re ne re tshameka setshwantsho re bontsha koo motshameki yo mogolo a gatelelang gore Jehofa ke leina la Modimo. Fa batho ba ne ba kgatlhegela seno re ne re ba naya makasine kana pampitshana e e nang le tshedimosetso e e oketsegileng.
“Mongwe wa basha ba ba neng ba tla kwa tafoleng ya rona o ne a batla buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo tse Di Nnang le Tharabololo. Morutabana wa rona o ne a tlhatlhoba buka ya Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago Go Itumedisa mme a tlhaeletsa jaana: ‘Ija! Abo buka eno e kgatlha jang ne!’ Ka nako ya fa modiro o fela, re ne re tsamaisitse dibuka di le 7, dipampitshana di le 18, le dimakasine di le 67. Re ile ra bona maemo a boraro mo modirong oo. Mme mo godimo ga tsotlhe tseno, re ne re itumetse thata go bo re ile ra nna le tshono ya go itsise leina la Modimo ebong Jehofa.”