LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 7/1 ts. 8-13
  • O Jela mo Lomating Lofe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Jela mo Lomating Lofe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tila ‘Lomati lwa Badimona’
  • ‘Motlhanka Yo O Boikanngo’ O Tshola Dijo mo Lomating lwa ga Jehofa
  • Itise mo Dijong Tse Di Botlhole Tse Di mo Lomating lwa Badimona
  • Go Tla Sala Lomati lwa ga Jehofa Fela
  • Diteng
    Tsogang!—2024
  • Jesu o Maatla go Feta Madimona
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Thuto ya Bomodimo Kgatlhanong le Dithuto tsa Badimona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Madimona—Re ka Emelana le One Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 7/1 ts. 8-13

O Jela mo Lomating Lofe?

“Ga lo kake loa yèla mo lomatiñ loa Morèna, le mo lomatiñ loa badimo.”—1 BAKORINTHA 10:21.

1. Go beilwe dimati dife fa pele ga rona, mme moaposetoloi Paulo o re tlhagisa jang malebana le tsone?

MAFOKO ano a a tlhotlheleditsweng a ga moaposetoloi Paulo a bontsha gore go beilwe dimati di le pedi tsa tshwantshetso fa pele ga batho. Lomati longwe le longwe lo bonala ka mofuta wa dijo tsa tshwantshetso tse di beilweng mo go lone, mme mongwe le mongwe wa rona o jela mo go longwe lwa tsone. Lefa go ntse jalo, fa re batla go itumedisa Modimo, ga re kake ra jela mo lomating lwa gagwe mme gape re ntse re kokona dijo tsa lomati lwa badimona. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa jaana: “Dilō tse Badichaba ba di isañ ditlhabèlō ba di isetsa badimo, e señ Modimo: me ga ke rate loa bo lo na le kabalanō le badimo. Ga lo kake loa nwa senwèlō sa Morèna, le senwèlō sa badimo; ga lo kake loa yèla mo lomatiñ loa Morèna, le mo lomatiñ loa badimo.”—1 Bakorintha 10:20, 21.

2. (a) Ke lomati lofe lwa ga Jehofa lo lo neng lo le teng mo metlheng ya Iseraele wa bogologolo, mme ke bomang ba ba neng ba nna le kabelo mo ditlhabelong tsa kabalano? (b) Go jela mo lomating lwa ga Jehofa go kaya eng gompieno?

2 Mafoko a ga Paulo a re gopotsa ditlhabelo tsa kabalano tse Baiseraele ba bogologolo ba neng ba di isa tumelanong le Molao wa ga Jehofa. Sebeso sa Modimo se ne se bidiwa lomati, mme yo o neng a tlisa phologolo setlhabelo go ne go twe o na le kabalano le Jehofa le baperesiti. Jang? Selo sa ntlha, Jehofa o ne a na le kabelo mo setlhabelong ka gonne madi a ne a kgatshiwa mo sebesong sa gagwe mme mafura a ne a fisiwa ke dikgabo tsa molelo kafa tlase ga sone. Sa bobedi, moperesiti o ne a na le kabelo ka gonne ene (le lelapa la gagwe) o ne a ja sehuba le serope sa moja sa phologolo e e isitsweng setlhabelo fa di sena go besiwa. Mme sa boraro, yo o neng a tlile go ntsha setlhabelo o ne a na le kabelo ka go ja gotlhe mo go setseng ga yone. (Lefitiko 7:11-36) Gompieno, go jela mo lomating lwa ga Jehofa go raya gore re mo obamele ka tsela eo a batlang ka yone, re latela sekao se re se tlhometsweng ke Jesu le baaposetoloi ba gagwe. Gore re dire seno, re tshwanetse ra ja ka tsela ya semoya seo Jehofa a se re neelang ka Lefoko la gagwe le phuthego ya gagwe. Baiseraele, bao ba neng ba abelana le Jehofa ka tsela e e kgethegileng fa lomating lwa gagwe, ba ne ba sa letlelelwa go dirisetsa lomati lwa bone go isetsa badimona ditlhabelo. Baiseraele ba semoya le ditsala tsa bone tsa “dinku di sele” ba thibetswe ka tsela e e ntseng jalo ke Modimo.—Yohane 10:16.

3. Motho o ka nna le molato wa go jela mo lomating lwa badimona jang mo motlheng wa rona?

3 Mo motlheng wa rona motho a ka nna le molato wa go jela mo lomating lwa badimona jang? Ka go rotloetsa sengwe le sengwe fela se se kgatlhanong le Jehofa. Lomati lwa badimona lo akaretsa dipolelo tsotlhe tse di anamisiwang tsa sedimona, tse di diretsweng go re latlha le go re faposa mo go Jehofa. Ke mang yo o neng a ka batla go tsenya botlhole jo bo ntseng jalo mo pelong le mo mogopolong wa gagwe? Bakeresete ba boammaaruri ba gana go nna le seabe mo ditlhabelong tse bontsi jwa batho gompieno bo di neelang medimo ya ntwa le dikhumo.—Mathaio 6:24.

Go Tila ‘Lomati lwa Badimona’

4. Rotlhe re lebane le potso efe, mme ke ka ntlha yang fa re ka se ke re batle go jela mo lomating lwa badimona ka bomo?

4 Potso e e lebaneng mongwe le mongwe wa rona ke gore, Ke jela mo lomating lofe? Ga re ka ke ra ganetsa boammaaruri jwa gore fa re sa jele mo lomating lo longwe re tshwanetse ra bo re jela mo go lo longwe. (Bapisa Mathaio 12:30.) Re ka se ke re rate go jela mo lomating lwa badimona ka bomo fela. Go dira jalo go ne go tla dira gore re se ka ra tlhola re ratiwa ke Modimo o o esi wa boammaaruri le o o tshelang, Jehofa. Kafa letlhakoreng le lengwe, go ja dijo mo lomating lwa ga Jehofa fela go tla dira gore re tshelele ruri re itumetse! (Yohane 17:3) Go na le polelwana e e reng motho ke se a se jang. Ka jalo, mongwe le mongwe yo o batlang go nna a itekanetse sentle mo mmeleng le mo mogopolong o tshwanetse a nna kelotlhoko ka se a se jang. Fela jaaka dijo tse di mafura thata tse di sa otleng mmele, lefa di apeilwe ka tsela e e rokotsang mathe di tsentswe le dikhemikale, di sa re thuse go tswelela pele re itekanetse mo mmeleng, dipolelo tse di anamisiwang tsa lefatshe leno tse di natetshitsweng ka dikgopolo tsa bodimona le tsone ke dijo tsa tshwantshetso tse di sa otleng mmele tse di tla bodisang megopolo ya rona.

5. Re ka tila go amogela dithuto tsa badimona jang gompieno?

5 Moaposetoloi Paulo o ne a bolelela pele gore mo metlheng ya bofelo, batho ba ne ba tla faposiwa ke “dithutō tsa badimo.” (1 Timotheo 4:1) Dithuto tse di ntseng jalo tsa bodimona ga di fitlhelwe fela mo ditumelong tsa maaka tsa bodumedi mme di anamisiwa le ka ditsela tse dingwe gape. Ka sekai, re tlhoka go tlhatlhoba le go sekaseka gore rona le bana ba rona re bala dibuka le dimakasine dife, re lebelela dithulaganyo dife tsa thelebishene, le gore ke metshameko efe le difilimi dife tse re di lebelelang. (Diane 14:15) Fa e le gore re intsha bodutu ka go bala dipolelo tse di itlhametsweng, a di bua thata ka thubakanyo e e feteletseng, tlhakanelodikobo e e sa tshwanelang, kana go dirisana le meya e e sa bonaleng? Fa e le gore re bala dilo tse di tlhalosang dilo tsa mmatota gore re tle re rutege, a di buelela filosofi nngwe kana tsela nngwe ya botshelo eo “e señ kaha mokgweñ oa ga Keresete”? (Bakolosa 2:8) A di neela diphopoletso tse di sa kayeng sepe, a kana di rotloetsa gore batho ba tsenelele mo makgotleng a lefatshe a tsa loago? A di kgothaletsa batho gore ba itome molomo wa tlase gore ba hume thata? (1 Timotheo 6:9) A ke kgatiso e e neelang dithuto tse di kgaoganyang tse e seng tsa Bokeresete ka tsela e e bofitlha? Fa e le gore karabo ke ee mme re tswelela pele re bala kana re lebelela tshedimosetso e e ntseng jalo, re ipaya mo kotsing ya go jela mo lomating lwa badimona. Gompieno go na le dikgatiso di le diketekete di le makgolokgolo tse di rotloetsang difilosofi tsa lefatshe tse di lebegang di na le lesedi tota e bile di le mo nakong. (Moreri 12:12) Mme tota ga go na polelo epe mo go tseno e e leng ntšha; le gone ga e solegele motho molemo lefa e le go tlisa botoka bongwe, fela jaaka se Satane a se boleletseng Efa ka boferefere se sa ka sa mo tokafaletsa sepe.—2 Bakorintha 11:3.

6. Fa Satane a re laletsa gore re utlwe dijo tsa gagwe tsa bodimona tse di senang dikotla, tota re tshwanetse ra dira eng?

6 Ka jalo, fa Satane a re laletsa gore re utlwe dijo tsa gagwe tsa bodimona tse di sa otleng mmele, re tshwanetse ra dira eng? Jaaka Jesu a ne a dira fa a ne a raelwa ke Satane gore a fetole maje senkgwe. Jesu o ne a araba ka go re: “Go kwadilwe, ga twe, Motho ga a tshele ka senkgwè se le shosi, ha e se ka lehoko leñwe le leñwe ye le cwañ mo molomuñ oa Modimo.” Mme fa Diabolo a ne a re o ka fa Jesu “magosi aotlhe a lehatshe, le kgalalèlō ea aōna” fa a ne a ka wela fa fatshe le go obamela Satane, Jesu o ne a araba jaana: “Tloga u eè koñ, Satana: gonne go kwadilwe, ga twe, U ōbamèlè Yehofa Modimo oa gago, ke èna esi eo u tla mo dihèlañ.”—Mathaio 4:3, 4, 8-10.

7. Ke ka ntlha yang fa re tla bo re iphora fa re ka akanya gore re ka atlega go jela mo lomating lwa ga Jehofa le mo go la badimona ka nako e le nngwe fela?

7 Lomati lwa ga Jehofa le lwa baba ba gagwe ba badimona ga di kake tsa dirwa seoposengwe le ka motlha ope! Ee, ruri, go kile ga lekwa. Gakologelwa Baiseraele ba bogologolo mo metlheng ya ga moperofeti Elija. Batho ba ne ba iphaka gore ba obamela Jehofa, mme lefa go ntse jalo ba ne ba dumela gore medimo e mengwe, e e jaaka Baale, e ne e solofetsa katlego. Elija o ne a tla mo bathong mme a re: “Lo tla akabala ha gare ga maikhutlō a le mabedi ka lobaka lo lo kaee? E re ha Yehofa e le èna Modimo, eañ naè: me ha e le Baale, hoñ lo eeñ naè.” Kwantle ga pelaelo, Baiseraele ba ne ba tlola “ka leoto le lengwe pele ba bo ba tlola ka le lengwe.” (1 Dikgosi 18:21; The Jerusalem Bible) Elija o ne a gwetlha baperesiti ba ga Baale gore ba ntshe bosupi jwa gore medimo ya bone ke medimo tota. Modimo o o neng o tla kgona go folosa molelo kwa legodimong gore o laile setlhabelo o ne o tla itshupa fa e le one Modimo wa boammaaruri. Lefa ba ne ba leka thata, baperesiti ba ga Baale ba ne ba palelwa. Go tswa foo Elija o ne a rapela jaana fela: “Nkutlwa Yehofa, u nkutlwè, gore batho ba, ba itse ha wèna Yehofa u le Modimo [wa boammaaruri, NW].” Gone fela foo go ne ga fologa molelo kwa go Jehofa kwa legodimong mme wa laila setlhabelo sa phologolo e e neng e tshetswe ka metsi a mantsi. E re ka ba ne ba tshikintswe maikutlo ke pontsho e e sa belaetseng ya gore Jehofa ke Modimo tota, batho ba ne ba utlwa Elija mme ba bolaya baperofeti botlhe ba ba 450 ba ga Baale. (1 Dikgosi 18:24-40) Ka jalo gompieno, re tshwanetse ra amogela Jehofa jaaka Modimo wa boammaaruri mme re swetse gotlhelele gore re tla jela mo lomating lwa gagwe fela, fa e le gore ga re ise re dire jalo.

‘Motlhanka Yo O Boikanngo’ O Tshola Dijo mo Lomating lwa ga Jehofa

8. Jesu o ne a bolelela pele gore o ne a tla dirisa motlhanka ofe go jesa barutwa ba gagwe dijo tsa semoya ka nako ya go nna gone ga gagwe, mme motlhanka yo ke mang?

8 Morena Jesu Keresete o ne a bolelela pele gore mo motlheng wa go nna gone ga gagwe “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” o ne a tla neela barutwa ba gagwe dijo tsa semoya: “Go segō motlhanka eo e tla reñ morèna oa gagwè a tla, a mo hitlhèle a nntse a diha yalo. Amarure kea lo raea, o tla mo tlhōma molaodi oa dilō cotlhe tse o nañ nacō.” (Mathaio 24:45-47) Motlhanka yono o itshupile e se motho ope fela a le esi, mme e le setlhopha sa Bakeresete ba ba ineetseng, ba ba tloditsweng. Setlhopha seno se tsholetse masalela a a tloditsweng mmogo le “boidiidi yo bogolo” dijo tse di molemo thata tsa semoya mo lomating lwa ga Jehofa. Jaanong ba boidiidi jo bogolo, ba ba fetang dimilione tse nne ka palo, ba eme le masalela a a tloditsweng go tshegetsa bolaodi jwa lobopo lotlhe jwa ga Jehofa Modimo le Bogosi jwa gagwe jo a tla itshepisang leina la gagwe le le boitshepo ka jone.—Tshenolō 7:9-17.

9. Setlhopha sa motlhanka se ntse se dirisa eng go neela Basupi ba ga Jehofa dijo tsa semoya, mme tsela e ba leng mo moketeng wa dijo tsa semoya ka yone e ile ya tlhalosiwa jang ka tsela ya boperofeti?

9 Setlhopha seno se se ikanyegang sa motlhanka se ntse se dirisa Watch Tower Bible and Tract Society go tlamela Basupi ba ga Jehofa botlhe ka dijo tsa semoya. Le mororo Labokeresete le tsamaiso eno yotlhe ya dilo e le mo tlaleng ya dijo tsa semoya tse di tshedisang, batho ba ga Jehofa bone ba mo moketeng. (Amose 8:11) Seno se diragatsa boperofeti jo bo mo go Isaia 25:6: “Mo thabeñ e, Yehofa oa mashomōshomō o tla baakanyetsa dichaba cotlhe modihō oa dilō tse di nonneñ, modihō oa mayalwa a mafine a a itshekileñ, oa dilō tse di nonneñ tse di tletseñ mōkō, oa mayalwa a a itshekileñ a a tlhōtlhegileñ sentlèntlè.” Jaaka temana ya 7 le ya 8 di bontsha, mokete ono o tla tswelela pele ka bosakhutleng. A bo seo se tla tlisa masego a magolo jang ne mo phuthegong ya ga Jehofa e e bonalang gone jaanong, mme a bo se tla tswelela pele go lere masego mo isagweng!

Itise mo Dijong Tse Di Botlhole Tse Di mo Lomating lwa Badimona

10. (a) Setlhopha sa motlhanka yo o bosula se aba dijo tse di ntseng jang, mme se tlhotlhelediwa ke eng? (b) Setlhopha sa motlhanka yo o bosula se tshwara ba e neng e le batlhanka ka bone pele jang?

10 Dijo tse di mo lomating lwa badimona di botlhole. Ka sekai, ela tlhoko dijo tse di anamisiwang ke setlhopha sa motlhanka yo o bosula le batenegi. Ga di nonotshe, e bile ga di agelele; ga di phepa. Di ka se ke di siame, ka gonne batenegi ga ba tlhole ba jela mo lomating lwa ga Jehofa. Ka ntlha ya seno, sengwe le sengwe se ba neng ba se tlhagoletse sa botho jo bosha se ile. Ga ba tlhotlhelediwe ke moya o o boitshepo, mme ba tlhotlhelediwa ke pelo e e maswe e e galakang. Ba gakaletse selo se le sengwe fela—go betsa bao e neng e le batlhanka ka bone pele, jaaka Jesu a boleletse pele.—Mathaio 24:48, 49.

11. C. T. Russell o ne a kwala eng kaga dijo tsa semoya tse motho a ka di tlhophang, mme o ne a tlhalosa batho ba ba tlogelang lomati lwa ga Jehofa jang?

11 Ka sekai, bogologolo ka 1909, yo e neng e le poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower ka nako eo, C. T. Russell, o ne a kwala ka ga bao ba neng ba tswa mo lomating lwa ga Jehofa mme ba simolola go sotla bao e neng e le batlhanka ka bone pele. The Watch Tower ya October 1, 1909, e ne ya re: “Mo boemong jwa gore botlhe ba ba ikgaoganyang le Mokgatlho le tiro ya one ba dire gore ba atlege ka bobone ba bo ba agelele ba bangwe mo tumelong le mo maungong a moya, go lebega ba dira sengwe se se fapaaneng le seo—ba leka go senya Tiro e ba neng ba ntse ba le mo go yone pele, mme ba bo ba lebalwa ka iketlo le ka tidimalo, go ikgobatsa bone fela mmogo le ba bangwe ba ba tsenweng ke moya o o ntseng jalo wa dikgogakgogano. . . . Fa e le gore bangwe ba akanya gore ba ka bona dijo tse di tshwanang kana tse di botoka mo ditafoleng tse dingwe, kana gore bone ba ka ntsha dijo tse di tshwanang kana tse di botoka—a ba tseye tsela ya bone. . . . Mme lefa re letla gore ba bangwe ba ye gongwe le gongwe fela gotlhe kwa ba ka bonang dijo le lesedi tse di ba kgotsofatsang, go a gakgamatsa gore bao ba fetogang baganetsi ba rona ba dira sengwe se se fapaaneng thata le seo. Go na le gore ba bolele ka maikutlo a senna a lefatshe ba re, ‘Ke bone sengwe se ke se ratang botoka; salang sentle!’ ba bontsha bogale, bopelompe, letlhoo, le go rata kgotlhang, ‘ditiro tsa nama le tsa ga diabolo’ ka selekanyo se re iseng re ko re bone batho ba lefatshe ba di dira ka sone. Go lebega e kete ba a tsenwa, ba na le heterofobia [molafo] ya ga Satane. Ba bangwe ba a re tlhasela go tswa foo ba bo ba bolela gore ke rona re ba tlhasetseng. Ba iketleeditse go bua le go kwala dilo tse di makgapha tse di seng boammaaruri le gone go dira ditiro tse di bosula thata tota.”

12. (a) Batenegi ba betsa batlhanka ka bone jang? (b) Ke ka ntlha yang fa go le kotsi go dirisa dikwalo tsa batenegi fela ka gonne re batla go bona?

12 Ee, batenegi ba gatisa dibuka tse di buang ka dilo tse di sokamisitsweng, boammaaruri jo bo tlhaelang, le tse e leng maaka fela a a mo pepeneneng. Ba bile ba ema gaufi le fa dikopano tsa Basupi di tshwaretsweng gone ba kgothaletsa batho gore ba se ka ba ya kwa go tsone, ba leka go kgabelela ba ba sa ntshang matlho dinameng. Ka jalo, re tla bo re dira selo se se kotsi thata fa re ka letla gore go rata go lekeletsa dilo go re tlhotlheletse gore re bale mekwalo e e ntseng jalo kana re reetse dipuo tsa bone tsa tlhapatso! Lefa re ka nna ra se ke re bone go le kotsi mo go rona ka namana, gone go ntse go kotsi. Ka ntlha yang? Selo sa ntlha, dingwe tsa dibuka tsa botenegi di tlhalosa maaka di dirisa ‘puo e e borethe’ le “mahoko a boitimokanyō.” (Baroma 16:17, 18; 2 Petere 2:3) Gone o ne o ka solofela eng mo dimating tsa badimona? Mme lefa batenegi gape ba ka nna ba ntsha mabaka mangwe, gantsi ba a a sokamisa gore ba tle ba goge ba bangwe ba ba ntshe mo lomating lwa ga Jehofa. Dilo tsotlhe tse ba di kwalang di tshwayatshwaya diphoso fela le go kgoba marapo! Ga go na sepe sa tsone se se agelelang.

13, 14. Maungo a batenegi le dipolelo tsa bone tse di senyang ke dife?

13 Jesu o ne a re: “Lo tla ba itse ka mauñō a bōnè.” (Mathaio 7:16) Mme jaanong, maungo a batenegi le dikgatiso tsa bone ke afe? Go na le dilo tse nne tse di tshwayang dipolelo tsa bone. (1) Botlhajana. Baefesia 4:14 e bolela gore ba na le “bohelepa yo bo latedisañ timèlō.” (2) Botsipa jo bo bontshang boikgogomoso. (3) Go tlhoka lorato. (4) Go sa ikanyege ka ditsela tse dintsi. Eno ke yone mefuta e megolo ya dijo tse di mo lomating lwa badimona, mme tsotlhe di diretswe go koafatsa tumelo ya batho ba ga Jehofa.

14 Mme go na le ntlha e nngwe gape. Batenegi ba boetse kwa go eng gape? Ba le bantsi ba bone ba boetse mo lefifing la Labokeresete le dithuto tsa lone, tse di jaaka tumelo ya gore Bakeresete botlhe ba ya kwa legodimong. Mo godimo ga moo, bontsi jwa bone ga ba tlhole ba ema ba tlhomame go dumelana le Dikwalo malebana le madi, boitlhaodi, le kafa go tlhokegang ka gone gore ba neele bosupi kaga Bogosi jwa Modimo. Lefa go ntse jalo, rona re falotse lefifi la Babelona O Mogolo, mme ga re batle gore le ka motlha re boele kwa go lone. (Tshenolō 18:2, 4) Jaaka batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, tota re tla bo re batlelang lefa e le gone go okomela fela dipolelo tse di senyang tse di anamisiwang ke batho bano ba ba ganang lomati lwa ga Jehofa ba jaanong ba betsang ka mafoko batho bao ba re thusang go amogela “mahoko a a tshedileñ”?—2 Timotheo 1:13.

15. Ke molaomotheo ofe wa Bibela o o re thusang go tsaya tsela e e bontshang botlhale fa re utlwalela kaga ditatofatso tse di dirwang ke batenegi?

15 Ba bangwe ba ka rata go itse mo go oketsegileng kaga ditatofatso tse batenegi ba di dirang. Mme lefa go ntse jalo re tshwanetse ra tsaya tsia molaomotheo o o mo go Duteronome 12:30, 31. Fano Jehofa o ne a dirisa Moshe go tlhagisa Baiseraele kaga se ba neng ba tshwanetse go se tila fa ba sena go fenya baagi ba baheitane ba Lefatshe le le Solofeditsweng. “U itisè gore u se ka ua raèlwa ua e sala moragō, e sena go senyediwa ha pele ga gago: le go re, u se ka ua botsa kaga medimo ea eōna, ua re, Ana merahe e, e tle e dihèle medimo ea eōna yañ? le nna ke dihè hèla yalo. U se ka ua dihèla Yehofa Modimo oa gago yalo.” Ee, Jehofa Modimo o itse gore batho ba rata jang go itse dilo. Gakologelwa Efa, mmogo le mosadi wa ga Lote! (Luke 17:32; 1 Timotheo 2:14) Le ka motlha a re se ka ra reetsa se batenegi ba se buang kana ba se dirang. Go na le moo, a re tshwaregeng ka go agelela batho le go jela ka boikanyegi mo lomating lwa ga Jehofa!

Go Tla Sala Lomati lwa ga Jehofa Fela

16. (a) Ke eng se se tla tlogang se diragalela Satane, badimona ba gagwe, le lomati lwa tshwantshetso loo merafe ya lefatshe e ntseng e jela mo go lone? (b) Batho botlhe ba ba tswelelang pele ba jela mo lomating lwa badimona ba tla diragalelwa ke eng?

16 Mo bogautshwaneng, sepitla se segolo se tla simologa ka tshoganetso, se bo se fitlha kwa ntlheng ya konokono e leng kwa “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe.” (Tshenolō 16:14, 16) Se tla befa fa Jehofa a senya tsamaiso eno ya dilo le lomati lwa tshwantshetso loo merafe ya lefatshe e ntseng e jela mo go lone. Gape Jehofa o tla senya phuthego yotlhe e e sa bonaleng ya ga Satane Diabolo le lesomo la yone la badimona. Bao ba ileng ba tswelela pele ba jela mo lomating lwa ga Satane lwa semoya, lomati lwa badimona, ba tla patelesega go nna teng fa go jewa dijo tsa mmatota, nnyaa, e seng ba tla go di ja, mme go jewa bone—e le gone jaaka ba senngwa!—Bona Esekiele 39:4; Tshenolō 19:17, 18.

17. Batho ba ba jelang mo lomating lwa ga Jehofa fela ba segofadiwa jang?

17 Go tla sala lomati lwa ga Jehofa fela. Bao ba jelang mo go lone ka go anaanela ba tla nna le tshiamelo ya go jela mo go lone ka bosakhutleng. Le ka motlha ga ba ketla ba tlhola ba nna mo tlaleng lefa e le ya mofuta ofe. (Pesalema 67:6; 72:16) Ba tla direla Jehofa Modimo ka botsogo jo bo itekanetseng mo Paradaiseng! Kgabagare mafoko a a amang maikutlo a a mo go Tshenolō 21:4 a tla diragadiwa ka tsela e e gakgamatsang: “O tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure.” E re ka go tla bo go sa tlhole go na le kganetso, bolaodi jwa ga Jehofa Modimo jwa lobopo lotlhe bo tla rena gongwe le gongwe ka bosakhutleng le ka bosaengkae jaaka masego a Modimo a a sa feleng a tla bo a thelegela batho ba ba rekolotsweng ba ba tla bong ba le mo lefatsheng la Paradaise. Gore re tle re bone tuelo eno, a rotlhe re ititeyeng sehuba gore re je fela mo lomating lwa ga Jehofa, lo lo penologang ka dijo tse di molemo thata tsa semoya!

O Ne O Tla Araba Jang?

◻ Re ka tila jang go faposiwa ke dithuto tsa badimona?

◻ Ke ka ntlha yang fa go ka se kgonege gore re jele mo lomating lwa ga Jehofa le mo go lwa badimona ka nako e le nngwe fela?

◻ Batenegi ba aba dijo tse di ntseng jang?

◻ Ke ka ntlha yang fa go le kotsi go rata go itse ditatofatso tsa batenegi?

◻ Maungo a batenegi ke afe?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Lomati lwa ga Jehofa lo penologa ka dijo tse di molemo thata tsa semoya

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela