LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 3/1 ts. 8-13
  • Fetolang Mogopolo mme Lo Sedimoge Pelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fetolang Mogopolo mme Lo Sedimoge Pelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Jaaka Baditšhaba Ba Sepela’
  • Megopolo E E Senang Thuso Ebile E Le mo Lefifing
  • Dipelo Tse Di Senang Kitso Ebile Di Kgwaraletse
  • “Ba Helecwe Ke Maikutlō”
  • “Sepelañ Yaka Bana ba Lesedi”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Tsamaela Kgakala le Lefifi, Mme o Tswelele O le Mo Leseding
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • Nna o Tsamaye mo Tseleng ya ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Lesedi la Modimo le Leleka Lefifi!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 3/1 ts. 8-13

Fetolang Mogopolo mme Lo Sedimoge Pelo

“Ke gōna ke bua lehoko ye, ke bile ke shupa mo Moreneñ, ka re, lo se ka loa tlhōla lo sepela yaka Badichaba ba sepela.”—BAEFESIA 4:17.

1. Megopolo ya rona le dipelo tsa rona di re direla eng?

MOGOPOLO le pelo ke dikarolo tse pedi tse di gakgamatsang thata tse batho ba nang le tsone. Lefa ditiro tsa tsone di le dintsi fela thata, mongwe le mongwe o na le tse di sa tshwaneng le tsa ga ope gape. Botho jwa rona, tsela eo re buang ka yone, tsela eo re itshwarang ka yone, tsela eo re ikutlwang ka yone, le dilo tseo re di tsayang e le tsa botlhokwa tsotlhe di amiwa thata ke tsela eo megopolo ya rona le dipelo tsa rona di dirang ka yone.

2, 3. (a) Bibela e dirisa jang mafoko “pelo” le “mogopolo”? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse ra amega ka pelo le mogopolo ka bobedi jwa tsone?

2 Mo Bibeleng, gantsi lefoko “pelo” le raya seo se go tlhotlheletsang, kafa o ikutlwang ka gone, le maikutlo a a kwa tengteng, mme “mogopolo” o raya go kgona go tlhaloganya le go akanya. Lefa go ntse jalo, pelo le mogopolo ga se dilo tse di sa amaneng gotlhelele. Ka sekai, Moshe o ne a kgothatsa Baiseraele jaana: “U go tsenyè mo peduñ [ntlhanyana e e kwa tlase go NW, “o gakologelwe mo mogopolong wa gago”] go re, Yehofa ke èna Modimo.” (Duteronome 4:39) Jesu o ne a raya bakwadi ba ba neng ba mo logela maano a re: “Lo gopolèlañ boshula mo dipeduñ tsa lona?”—Mathaio 9:4; Mareko 2:6, 7.

3 Seno se supa gore mogopolo le pelo di amana fela thata. Di dirisana mmogo, ka dinako tse dingwe di bile di nonotshana gore di dire mmogo ka kutlwano, mme gantsi nngwe le nngwe ya tsone e ntse e lwela gore e nne yone e laolang. (Mathaio 22:37; bapisa Baroma 7:23.) Ka ntlha ya lebaka leno, e le gore re tle re amogelwe ke Jehofa, ga re a tshwanela go tlhomamisega ka boemo jwa megopolo ya rona le dipelo tsa rona fela mme gape re tshwanetse ra di thapisa gore di dire mmogo ka kutlwano, gore di gogele ntlha e le nngwe. Re tshwanetse ra fetola mogopolo ra bo ra sedifala pelo.—Pesalema 119:34; Diane 3:1.

‘Jaaka Baditšhaba Ba Sepela’

4. Satane o tlhotlheleditse megopolo le dipelo tsa batho jang mme seno se feletse ka eng?

4 Satane ke setswerere sa go tsietsa le go dirisa maretshwa. O itse gore o tshwanetse a itebaganya le megopolo le dipelo tsa batho e le gore a tle a kgone go ba laola. Go tswa fela kwa tshimologong ya hisitori ya motho, o ntse a dirisa dilo tsa mefuta e e farologaneng gore a fitlhelele seo. Ka ntlha ya seo, “lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” (1 Yohane 5:19) Ebile tota, Satane o ile a atlega thata mo go tlhotlheletseng dipelo le megopolo ya batho ba lefatshe mo e leng gore Bibela e ba tlhalosa e re ke “losika lo lo kgōpō le logwadi.” (Bafilipi 2:15) Moaposetoloi Paulo o tlhalosa ka phepafalo boemo jwa pelo le mogopolo jwa losika loo lo lo kgopo le lo lo logwadi, mme mafoko a gagwe ke tlhagiso mo go rona rotlhe gompieno. Ka sekai, tsweetswee bala Baefesia 4:17-19, o bo o e bapisa le mafoko a ga Paulo a a mo go Baroma 1:21-24.

5. Ke ka ntlha yang fa Paulo a ile a kwalela Baefesia kgakololo ka mafoko a a bogale?

5 Re ka tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba kwa Efeso mafoko a a bogale jalo fa re gakologelwa gore motse oo o ne o itsege ka boitsholo jwa one jo bo maswe le kobamelo ya one ya medimo ya disetwa ya boheitane. Le mororo Bagerika ba ne ba na le batlhalefi le baithuti ba bone ba ba itsegeng, go lebega gore thuto ya Segerika e ile ya neela bontsi jwa batho phatlha ya gore ba ka dira bosula ka selekanyo se segolwane, mme ngwao ya bone e ne e ba lootsa fela mo ditirong tsa bone tse di bosula. Paulo o ne a tshwenyegile thata kaga Bakeresete ka ene ba ba neng ba nna mo tikologong e e ntseng jalo. O ne a itse gore ba le bantsi mo go bone pele e ne e le batho ba ditšhaba mme ba ne ba ile ba “sepela . . . kaha mokgweñ oa lehatshe yeno.” Mme lefa go ntse jalo jaanong ba ne ba amogetse boammaaruri. Megopolo ya bone e ne e fetogile, le dipelo tsa bone di ne di sedimogile. Mo godimo ga tsotlhe, Paulo o ne a batla gore ba ‘sepele kafa go tshwanetseng pitso.’—Baefesia 2:2; 4:1.

6. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse ra kgatlhegela mafoko a ga Paulo?

6 Go ntse fela jalo le gompieno. Le rona re tshela mo lefatsheng le le tsayang dilo tse di sokameng e le tsone tsa botlhokwa, le le tletseng maitsholo a a leswe, le ditlwaelo tsa bodumedi jwa maaka. Ba le bantsi ba rona ba kile ba ne ba tshela tumalanong le tsamaiso ya dilo ya lefatshe leno. Bangwe ba rona ba tlamega go dira ba atamalane thata le batho ba lefatshe letsatsi le letsatsi. Ba bangwe ba nna mo magaeng ao mo go one go renang moya wa lefatshe. Ka jalo, go tlhokega gore re tlhaloganye gore mafoko a ga Paulo a kaya eng e le gore re solegelwe molemo ke kgakololo ya gagwe.

Megopolo E E Senang Thuso Ebile E Le mo Lefifing

7. Paulo o ne a raya eng fa a re “mo boithamakoñ yoa dipelo tsa bōnè”?

7 Fa Paulo a ne a tshegetsa ka mafoko a a utlwalang kgothatso ya gagwe ya gore Bakeresete ‘ba se ka ba tlhola ba sepela jaaka Baditšhaba ba sepela,’ o ne a simolola ka go umaka ‘boithamako jwa dipelo tsa bone.’ (Baefesia 4:17) Seo se kaya eng? Go ya ka The Anchor Bible, lefoko leo le ranotsweng go nna ‘boithamako,’ “le kaya go nna lolea, go tlhoka mosola, lefela, boeleele, go tlhoka boikaelelo, le go swabisiwa.” Ka jalo Paulo o ne a tlhalosa gore tumo le kgalalelo ya lefatshe la Bagerika le Baroma di ne di ka nna tsa bo di ile tsa lebega di kgatlha mme lefa go ntse jalo go di latelela tota go ne go le lolea, e le boeleele, ebile go sena boikaelelo. Bao ba eletsang tumo le kgalalelo kgabagare ba ne ba sa bone sepe fa e se go bolawa ke pelo le go swaba. Molaomotheo ono o a dira le mo lefatsheng la gompieno.

8. Ditiro tsa lefatshe ga di na mosola ka ditsela dife?

8 Lefatshe le na le boramatlhale ba lone le boramaemo ba lone bao batho ba lebang kwa go bone gore ba bone dikarabo tsa dipotso tsa botlhokwa tse di tshwanang le gore botshelo bo tswa kae mme boikaelelo jwa jone ke eng le gore isagwe ya batho ke efe. Mme lefa go ntse jalo ba lemosa batho eng le gone ba ba neela kaelo e e ntseng jang? Ba bolela fela kaga bolatolamodimo, tumelo ya gore ga go na Modimo, thutotlhagelelo, le megopolo le dithuto tse dingwe tse dintsintsi tse di tlhakanyang tlhogo ebile di ganetsana tseo di sa feng lesedi fela jaaka ditlwaelo tsa bodumedi le ditumelabotlhoding tsa mo nakong e e fetileng. Ditiro tse dintsi tsa lefatshe le tsone di lebega di kgotsofatsa ka selekanyo se se rileng. Batho ba bua kaga go atlega le go fitlhelela dilo dingwe mo go tsa saense, botaki, mmino, metshameko, dipolotiki, jalo le jalo. Ba itumelela metsotswana e e sa nneleng ruri ya go galalediwa go ba go bonang. Lefa go ntse jalo, gompieno dibuka tsa hisitori le direkoto tsa ditiro tse dikgolo tsa batho tsa nako e e fetileng di tletse ka bagaka ba ba setseng ba lebetswe. Seno sotlhe ke lolea fela, ga se na mosola, ke lefela, boeleele, go tlhoka boikaelelo, le go swabisiwa.

9. Batho ba le bantsi ba simolola go latelela dilo dife tse di senang mosola?

9 Ereka ba lemoga kafa maiteko a a ntseng jalo a seng mosola ka gone, ba le bantsi ba simolola go latelela go nna le dilo tse di bonalang—ba kgobokanya madi le dilo tse di ka rekwang ka madi—ba bo ba dira gore dilo tseno tse ba di batlang e nne mokgele wa bone mo botshelong. Ba dumela gore boitumelo bo tlisiwa ke khumo, dithoto, le go batla go iitumedisa. Ga se fela gore ba di dira ka pelo yotlhe mme gape ba iketleeditse gore ba latlhegelwe ke sengwe le sengwe—boitekanelo jwa mmele, lelapa, le eleng segakolodi. Go felela ka eng? Go na le gore ba kgotsofale, ba “iphololeditse ka mahutsana a le mantsi.” (1 Timotheo 6:10) Ke gone ka moo Paulo a ileng a kgothaletsa Bakeresete ka ene gore ba lese go tsamaya jaaka baditšhaba ka ntlha ya boithamako jwa tsela eo ba neng ba akanya ka yone.

10. Batho ba lefatshe ba “hihadicwe mo tlhaloganyoñ” jang?

10 Go bontsha gore mo lefatsheng ga go na sepe se se molemo mo eleng gore se ka tswelwa pelo kana sa ediwa, go tswa foo Paulo o ne a re “ba hihadicwe mo tlhaloganyoñ.” (Baefesia 4:18) Gone ke boammaaruri, lefatshe le na le batho ba ba botlhale le ba ba nang le kitso mo e ka nnang mo mefuteng yotlhe ya dilo tse di dirwang. Lefa go ntse jalo, Paulo o ne a bolela gore ditlhaloganyo tsa bone di mo lefifing. Ka ntlha yang? Seo a neng a se bua ga se malebana le botswerere kana bokgoni jwa bone jwa tlhaloganyo. Lefoko “mogopolo” gape le ka lebisa go tsela eo motho a kgonang go lemoga dilo ka yone, tlhaloganyo, motho wa kafa teng. Ba mo lefifing ka gonne ga go na lesedi lepe le le ba kaelang kana kitso ya gore tota maiteko a bone a lebile kae. Seno se ka bonwa mo tseleng eo ba lebang selo se se molemo jaaka se se bosula le se se bosula ba se leba jaaka se se molemo. Batho ba ka nna ba akanya gore tsela ya gompieno ya go akanya ke ya lesedi, tsela e go sa sekasekiweng dilo mo go yone, ya gore sengwe le sengwe fela se batho ba se dirang se siame, mme go ya ka Paulo tota ke tsela e e lefifi ya go akanya. Ka tsela ya semoya, ba apaapa mo lefifing le lentshontsho.—Yobe 12:25; 17:12; Isaia 5:20; 59:6-10; 60:2; bapisa Baefesia 1:17, 18.

11. Ke eng se se bakang lefifi la mogopolo le le mo lefatsheng?

11 Ke ka ntlha yang fa batho ba ka nna botlhale mo dilong tse dintsi jaana mme ba nna mo lefifing la semoya? Mo go 2 Bakorintha 4:4, Paulo o ne a araba jaana: “Modimo oa lehatshe yeno o [foufaditse] megopolō ea ba ba sa dumeleñ, gore lesedi ya Mahoko a a Molemo a kgalalèlō ea ga Keresete eo e leñ sechwanō sa Modimo, le se ka ya ba phatsimèla.” Abo e le masego a magolo jang ne go bo bao ba amogetseng mafoko a a molemo ba fetotse mogopolo ebile ba sedimogile pelo!

Dipelo Tse Di Senang Kitso Ebile Di Kgwaraletse

12. Lefatshe le “fapogile mo botshelong jo e leng jwa Modimo” jang?

12 Go re thusa go bona mo go oketsegileng gore ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go fetola mogopolo le go sedimoga pelo, Paulo o ne a re gakolola gore tsela ya lefatshe e “fapogile mo botshelong jo e leng jwa Modimo.” (Baefesia 4:18, NW) Ga se gore batho ga ba tlhole ba dumela mo Modimong kana ba tlogetse bomodimo gotlhelele. Mokwadi mongwe wa pampiri ya dikgang o ne a tlhalosa seno jaana: “Go na le gore re re ga ba dumele mo Modimong, a re tlhameng lefoko le lesha: go sa dumele mo Modimong go le kalo. Batho ba ba sa dumeleng mo Modimong go le kalo ba batla go akgolelwa go dumela mo Modimong fa bone ka nako e e tshwanang ba Mmeile mo lebokosong, ba Mo ntsha fela ka moso wa Sontaga mme ba se ke le ka motlha ba mo letla go nna le seabe mo dipolotiking tsa bone tsa lefatshe kana mo matshelong a bone pele go fitlha Sontaga yo mongwe. Ka tsela nngwe gone [ba] dumela mo Modimong mme lefa go ntse jalo ga ba akanye gore O na le mo gontsi mo a ka go bolelang kaga setšhaba sa gompieno.” Paulo o ne a tlhalosa jaana fa a ne a kwalela Baroma: “Leha ba itsile Modimo, ga baa ka ba o galaletsa yaka Modimo, leha e le go o leboga.” (Baroma 1:21) Malatsi otlhe re bona batho ba ba tshelang fela mme ba se ke le ka motlha ope ba akanya ka Modimo. Kwantle ga pelaelo ga ba mo tlotle lefa e le go mo leboga.

13. “Botshelo jo e leng jwa Modimo” ke eng?

13 Mafoko a a reng ‘botshelo jo e leng jwa Modimo’ ke a botlhokwa. A bontsha gape kafa lefifi la mogopolo le la semoya le senyang kgono ya batho ya go bona gore dilo tsa botlhokwa ke dife. Lefoko la Segerika le le ranotsweng jaaka “botshelo” fano ga se biʹos (leo mo go lone go tswang mafoko a a tshwanang le “biology,” “biography”), leo le rayang tsela eo motho a tshelang ka yone, kana mokgwa wa go tshela. Go na le moo, ke zo·eʹ (leo mo go lone go tswang mafoko a a tshwanang le “zoo,” “zoology”). Le kaya “botshelo jaaka bo ntse ka tlholego, botshelo jo bo feletseng, botshelo jo Modimo o nang najo. . . . Motho o ile a katogela kgakala le botshelo jono ka ntlha ya Go Leofa,” go ya ka Vine’s Expository Dictionary of Old and New Testament Words. Ka jalo, Paulo o ne a re bolelela gore lefifi la mogopolo le la semoya ga le a gogela batho ba lefatshe kwa go boleng ga nama fela mme gape le dirile gore ba seka ba nna le tsholofelo eo Modimo a e fang batho ya botshelo jo bo sa khutleng. (Bagalatia 6:8) Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? Paulo o ne a tswelela pele a re neela mabaka.

14. Lebaka lengwe la go bo lefatshe le fapogile mo botshelong jo e leng jwa Modimo ke lefe?

14 Selo sa ntlha, o ne a re ke “ka ntlha ea botlhōkakicō yo bo mo go bōnè.” (Baefesia 4:18) Mafoko a a reng “yo bo mo go bōnè” a gatelela gore botlhokakitso jono ga bo bakiwe ke go tlhoka tshono mme bo bakiwa ke go gana kitso ya Modimo ka bomo. Mafoko ano ka dinako tse dingwe a bewa jaana: “go gana ga bone go itse Modimo” (The Anchor Bible); “ba sena kitso ka gonne ba tswetse dipelo tsa bone gore ba se ka ba nna le yone” (Jerusalem Bible). Ereka ba sa amogele kitso e e tlhomameng ya Modimo, kana ba e gana ka bomo, ga go na kafa ba ka amogelang ka gone botshelo jo Jehofa a bo solofetsang batho ba ba dumelang mo go Morwawe, yo o neng a re: “Botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.”—Yohane 17:3; 1 Timotheo 6:19.

15. Ke eng seo se dirang gore lefatshe leno le fapoge mo botshelong jo e leng jwa Modimo?

15 Go ya ka Paulo, lebaka le lengwe gape la go bo lefatshe ka kakaretso le fapogile mo botshelong jo e leng jwa Modimo, ke “go kgwaralala ga dipelo tsa bōnè.” (Baefesia 4:18) “Go kgwaralala” fano totatota go kaya go omelela, jaaka ekete sengwe se apesitswe ke letlalo le le omeletseng le le tshwanang le la serethe. Rotlhe re itse gore letlalo le le thata le nna teng jang. Letlalo le ka nna la simolola le le boleta le kgona go utlwa botlhoko, mme lefa go ntse jalo fa le gatelelwa kana le gotlhiwa kgapetsakgapetsa ka tsela nngwe, le a omelela le bo le nna thata, le fetoga letlalo le le omeletseng. Ga le tlhole le utlwa sepe fa le angwa. Fela jalo, batho ga ba tsholwe ba na le pelo e e kgwaraletseng kana e e omeletseng mo e leng gore ba simolola fela ba sena maikutlo ape a go rata Modimo. Mme lefa go ntse jalo ereka re nna mo lefatsheng ebile re amana le moya wa lone, ga go tseye nako epe e telele gore pelo e omelele kana e kgwaralale fa e sa sirelediwa. Ke gone ka moo Paulo a neng a tlhagisa jaana: “Lo itisè . . . gore opè oa lona a se ka a kgwaraladiwa ke tsieco ea boleo.” (Bahebera 3:7-13; Pesalema 95:8-10) Ka jalo, abo go potlakile jang ne gore re nne re fetotse mogopolo ebile re sedimogile pelo!

“Ba Helecwe Ke Maikutlō”

16. Lefifi la mogopolo le le mo lefatsheng le go fapoga ga lone mo botshelong jo e leng jwa Modimo di feletse ka eng?

16 Diphelelo tsa lefifi le le ntseng jalo le go fapoga go go ntseng jalo di sobokanngwa ke mafoko a mangwe a ga Paulo: “Ba e reñ ka ba helecwe ke maikutlō, boo ba ineèla mo bopepeñ, go diha mashwè aotlhe ka bopelotshètlha.” (Baefesia 4:19) Mafoko a a reng “ba helecwe ke maikutlō” tota a raya gore “ba sa tlhole ba utlwa botlhoko,” botlhoko jo bo malebana le boitsholo. Pelo e e kgwaraletseng e simologa fela jalo. Fela fa e kgaotsa go utlwa go tshwenya ga segakolodi kana go lemoga boikarabelo jwa yone mo Modimong, boikgapo bo a fela. Ka jalo, Paulo o ne a bolela gore “ba ineèla” mo boitsholong jo bo sa siamang le mo dilong tse di maswe. Ke kgato e e dirwang ka bomo, ka go rata. Kafa lefoko ‘bopepe’ le dirisiwang ka gone mo Bibeleng, le kaya boikutlo jwa go nna sebete, go sa tlhajwe ke ditlhong, le go nyatsa molao le babusi. Ka tsela e e tshwanang, “mashwè aotlhe” a akaretsa eseng mekgwa e e fapogileng ya tlhakanelodikobo fela mme gape le dilo tse di maswe tseo di dirwang go twe ke tsa bodumedi, tse di jaaka ditirelo le meetlo ya go thusa tsalo tseo di neng di direlwa mo tempeleng ya ga Aretemise (Diana) kwa Efeso, eo batho ba Paulo a neng a ba kwalela ba neng ba e itse sentle.—Ditihō 19:27, 35.

17. Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a re batho ba ba feletsweng ke maikutlo ba leofa “ka bopelotshètlha”?

17 Paulo o oketsa ka go re batho ba ba ntseng jalo ba dira “ka bopelotshètlha,” jaaka ekete go ineela mo bopepeng le mo masweng otlhe e ne e le dinyana fela. Fa batho ba ba santseng ba na le boikutlo jwa go bona se se molemo le se se bosula mo boitsholong ba dira phoso, bobotlana ba ka ikutlwa ba swabile ba bo ba leka thata gore ba se ka ba e dira gape. Mme lefa go ntse jalo bao ba ‘feletsweng ke maikutlo’ ba leofa “ka bopelotshètlha” (“mme ba ntse ba batla mo go oketsegileng,” The Anchor Bible). Ba tsena ka matlhagatlhaga mo mokgokoloseng o o ba digelang mo bosuleng ka bofefo jo bo ntseng bo oketsega ba bo ba tsenelela kwa tengteng ga bosula—mme ba bona go siame fela. Abo e le tlhaloso e e opang kgomo lonaka jang ne ya “keleco ea Badichaba”!—1 Petere 4:3, 4.

18. Fa re sobokanya, re ka re Paulo o ne a tlhalosa jang boemo jwa lefatshe jwa mogopolo le jwa semoya?

18 Paulo ka go rialo o senola boemo jwa boammaruri jwa lefatshe jwa boitsholo le jwa semoya mo ditemaneng di le tharo fela eleng Baefesia 4:17-19. O bontsha gore megopolo le dithuto tseo di rotloediwang ke boramatlhale ba lefatshe le go rata khumo le menate ka pelo yotlhe ga go na mosola le eseng. O tlhalosa ka phepafalo gore ka ntlha ya lefifi la mogopolo le la semoya, lefatshe le mo bothateng jwa boitsholo, le ntse le tsenelela kwa tengteng. Seno se ile sa felela ka gore lefatshe le katoge fela thata botshelo jwa Modimo ka ntlha ya go tlhoka kitso go le go ipaketseng le go kgwaralala dipelo. Kwantle ga pelaelo, re na le mabaka a a utlwalang a gore re se ka ra tsamaya jaaka baditšhaba!

19. Ke dipotso dife tsa botlhokwa tseo di santseng di tshwanetse go sekasekwa?

19 Ereka lefifi le le mo mogopolong le mo pelong e le lone le dirang gore lefatshe le katoge Jehofa Modimo, re ka dira jang gore re tlose lefifi lotlhe le le mo megopolong le mo dipelong tsa rona? Ee, re tshwanetse ra dira eng gore re tswelele pele re tsamaya jaaka bana ba lesedi re bo re nne re ntse re amogelwa ke Modimo? Seno se tla tlhatlhobiwa mo setlhogong se se latelang.

A O Ka Tlhalosa?

◻ Ke eng seo se ileng sa dira gore Paulo a kwale kgakololo ya mafoko a a bogale e e mo go Baefesia 4:17-19?

◻ Ke ka ntlha yang fa ditsela tsa lefatshe di sena mosola ebile di le mo lefifing?

◻ Mafoko a a reng ba “fapogile mo botshelong jo e leng jwa Modimo” a kaya eng?

◻ Mogopolo o o lefifi le pelo e e kgwaraletseng di felela ka eng?

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

feso e ne e itsege thata ka boitsholo jo bo maswe le go obamela medimo ya disetwa

1. Ramabole wa Roma kwa Efeso

2. Matlotla a tempele ya ga Aretemise

3. Lebala la metshameko kwa Efeso

4. Aretemise wa kwa Efeso, modimo wa sesadi wa tsalo

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Batlhalefi ba lefatshe ba ka neela temogo efe?

Nero

[Motswedi wa Setshwantsho]

Musei Capitolini, Roma

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela