LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 3/1 ts. 13-18
  • “Sepelañ Yaka Bana ba Lesedi”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Sepelañ Yaka Bana ba Lesedi”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ithute Kaga Keresete
  • “Lo Apolè Motho oa Bogologolo”
  • ‘Moya O Mosha wa Mogopolo’
  • “Lo Aparè Motho eo Mosha”
  • “Sepelañ Yaka Bana ba Lesedi”
  • “Lo Apare Botho jo Bosha”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1999
  • ‘Lefoko la Modimo le Tshedile le Bile le Naya Maatla’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • ‘Aparang Diaparo Tsa Phemelo Tsa Lesedi’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • “Lehoko ya Modimo le Tshedile”
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 3/1 ts. 13-18

“Sepelañ Yaka Bana ba Lesedi”

“Lo aparè motho eo mosha, eo kaha Modimoñ o bopilweñ mo tshiamoñ, le mo boitshepoñ yoa boamarure.”—BAEFESIA 4:24.

1. Baobamedi ba ga Jehofa ba segofadiwa ka eng? Ka ntlha yang?

JEHOFA MODIMO ke “Rra masedi,” mme “ga go na lehihi lepè mo go ōna.” (Yakobe 1:17; 1 Yohane 1:5) Morwawe ebong Jesu Keresete o ne a bolela jaana fa a itlhalosa: “Ke nna lesedi ya lehatshe: eo o ntshalañ moragō ga a ketla a tsamaea mo lehihiñ, me o tla nna le lesedi ya botshelō.” (Yohane 8:12) Ka jalo baobamedi ba boammaaruri ba ga Jehofa, balatedi ba Morwawe, ba segofadiwa ka go sedifalediwa—mo mogopolong, mo boitsholong, le semoyeng—mme ba ‘bonala jaaka masedi mo lefatsheng.’—Bafilipi 2:15.

2. Go ne ga bolelelwa pele kaga pharologano efe fa gare ga batho ba Modimo le lefatshe?

2 Bogologolo, moperofeti Isaia o ne a tlhotlhelediwa gore a bolelele pele pharologano eno: “Bōna, lehihi le tla bipa lehatshe, le lehihi ye lenchoncho le tla bipa dichaba: me wèna, Yehofa o tla gu tlhabèla, le kgalalèlō ea gagwè e tla bōnala mo go wèna.” Ebile tota, ga twe batho botlhe ba ba ikgogonneng mo Modimong ba kafa tlase ga taolo le tlhotlheletso ya “babusi ba lehatshe ye le lehihi ye.”—Isaia 60:2; Baefesia 6:12.

3. Ke ka ntlha yang fa re kgatlhegela kgakololo ya ga Paulo e e mo nakong?

3 Moaposetoloi Paulo o ne a tshwenyegile thata gore Bakeresete ka ene ba tswe mo lefifing le le ntseng jalo. O ne a ba kgothaletsa gore ba “se ka [ba] tlhōla ba sepela yaka Badichaba ba sepela” mme ba ‘sepele jaaka bana ba lesedi.’ (Baefesia 4:17; 5:8) Gape o ne a tlhalosa gore ba ka atlega jang go dira seno. Gompieno, lefifi le letobo tseo di apesitseng merafe di totile thata ka bontsho. Lefatshe le nwetse kwa tengteng mo lerageng la go palelwa mo boitsholong le mo dilong tsa semoya. Baobamedi ba ga Jehofa ba na le ntwa e e ntseng e tshosa thata e ba tshwanetseng ba e lwa. Ka jalo re shwegashwega go itse gore Paulo o ne a reng.

Ithute Kaga Keresete

4. Paulo o ne a akantse eng fa a re: “Ga loa ka loa ithuta Keresete yalo”?

4 Fa a sena go tlhalosa ditiro tsa lefatshe tse di senang mosola le leswe la lone, moaposetoloi Paulo o ne a bua kaga Bakeresete ka ene ba kwa Efeso. (Tsweetswee bala Baefesia 4:20, 21.) Paulo o ne a nnile dingwaga di ka nna tharo a rera le go ruta mo motseng oo, mme o tshwanetse a bo a ile a tlwaelana thata le ba le bantsi mo phuthegong eo. (Ditihō 20:31-35) Ka jalo, fa a ne a re, “Lona ga loa ka loa ithuta Keresete yalo,” o ne a bontsha gore o ne a itse sentle gore Bakeresete ba Baefesia ba ne ba sa rutiwa mofuta wa boammaaruri o o tswapogileng o o neng o letla mefuta e e maswemaswe ya go sa itshole sentle eo a neng a e tlhalositse mo ditemaneng 17 go ya go 19. O ne a itse gore ba ne ba rutilwe tsela ya Bokeresete ya boammaaruri ka tshwanelo le ka tlhomamo fela jaaka Jesu Keresete a ne a tlhomile sekao sa yone. Ka jalo, ba ne ba sa tlhole ba tsamaya mo lefifing jaaka baditšhaba, mme e ne e le bana ba lesedi.

5. Go na le pharologano efe fa gare ga go nna mo boammaaruring ka leina fela le go dira gore boammaaruri bo nne mo go rona?

5 Abo go le botlhokwa jang he, go “ithuta Keresete” ka mokgwa o o tshwanetseng! A go na le ditsela tse di phoso tsa go ithuta Keresete? Ee ruri. Pelenyana ga fa, mo go Baefesia 4:14, Paulo o ne a tlhagisitse bakaulengwe jaana: “Re se ka ra tlhōla re le banyana ba go heheutlèlwa kwano le kwa, le go kgarakgatshiwa ke phehō ñwe le ñwe ea thutō, ka boherehere yoa batho, ka bohelepa yo bo latedisañ timèlō.” Go bonala sentle gore go ne go na le bangwe bao ba neng ba ithutile kaga Keresete mme ba santse ba tsamaya mo ditseleng tsa lefatshe ebile ba leka go rotloetsa ba bangwe le bone gore ba dire jalo. A re bona go tswa mo go seno kafa go leng kotsi ka gone go nna mo boammaaruring fela, jaaka bangwe ba tle ba bue, go fapaana le gore boammaaruri bo nne mo go rona? Mo motlheng wa ga Paulo bao ba neng ba sa tlhaloganye dilo sentle ba ne ba faposiwa ke ba bangwe motlhofo ebile e le ka bofefo fela, mme le gompieno go ntse jalo. Go thibela seno, Paulo o ne a tswelela pele a bolela gore Baefesia ba ne ba tlhoka gore ba ka bo ba ‘utlwile Keresete mme ba rutilwe ka Jesu.’—Baefesia 4:21.

6. Re ka ithuta, ra utlwa kaga Keresete ra ba ra rutiwa ke ene jang gompieno?

6 Mafoko a Paulo a a dirisitseng eleng “go ithuta,” “go utlwa,” le “go rutiwa” otlhe a kaya tiro ya go ithuta le go kaelwa, jaaka mo sekolong. Gone ke boammaaruri, gompieno re ka se ka ra utlwa Jesu ka tlhamalalo, kana ra ithuta mo go ene, kana ra rutiwa ke ene ka tlhamalalo. Mme lefa go ntse jalo o dirisa “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” go tsamaisa thulaganyo ya thuto ya Bibela mo lefatsheng lotlhe ka bophara. (Mathaio 24:45-47; 28:19, 20) Re ka “ithuta Keresete” ka tshwanelo le ka tlhomamo ka go ja dijo tsa semoya tse di mo nakong ka metlha tseo re di fiwang ke setlhopha sa motlhanka, re ithuta ka tlhoafalo lefa re le nosi kana jaaka phuthego, re tlhatlhanya ka tsone, re bo re dirisa seo re se ithutang. A re tlhomamiseng gore re dirisa ka botlalo dilo tsotlhe tseo re di baakanyediwang gore re kgone go bolela ka boammaaruri gore re “utlwile èna, me [ra] rutwa mo go èna.”

7. Mafoko a ga Paulo a a reng, ‘boammaaruri bo mo go Jesu,’ a kaya eng?

7 Go a kgatlha mo go Baefesia 4:21 gore fa Paulo a sena go gatelela tiro ya go ithuta, o ne a oketsa ka go re: “Hèla yaka boamarure bo le mo go Yesu.” Bangwe ba ba akgelang kaga Bibela ba ntsha ntlha ya gore Paulo o ne a sa atise go dirisa leina la ga Jesu le le nosi fa a kwala. Ebile tota, fano ke gone fela fa le dirisiwang teng mo lokwalong lo a neng a lo kwalela Baefesia. A seno se na le bokao bongwe jo bo tlhomologileng? Gongwe Paulo o ne a batla gore ba ele tlhoko sekao seo se neng se tlhomilwe ke Jesu fa e ne e le motho. Gakologelwa gore Jesu o kile a bua jaana a ithaya ene ka boene: “Ke nna tsela, le boamarure, le botshelō.” (Yohane 14:6; Bakolosa 2:3) Jesu o ne a re: “Ke nna . . . boammaarure” ka gonne o ne a sa bo bue le go bo ruta fela mme gape o ne a bo tshelela ebile e le ene boammaaruri. Ee, Bokeresete jwa boammaarure ga se mogopolo fela mme ke tsela ya go tshela. Go “ithuta Keresete” go akaretsa go ithuta go mo etsa jaaka a ne a tshelela boammaaruri. A o tshela jaaka Jesu? A o latela dikgato tsa gagwe thata malatsi otlhe? Re ka kgona go sepela jaaka bana ba lesedi fela fa re dira jalo.

“Lo Apolè Motho oa Bogologolo”

8. Paulo o ne a dirisa setshwantsho sefe mo go Baefesia 4:22, 24, mme ke ka ntlha yang fa se tshwanela?

8 Go bontsha kafa re ka atlegang ka gone fa re “ithuta Keresete” re bo re sepela jaaka bana ba lesedi, Paulo o ne a tswelela pele go bolela mo go Baefesia 4:22-24, gore go na le dikgato tse tharo tse di tlhomologileng tseo re tshwanetseng go di latela. Ya ntlha mo go tsone ke eno: “Kaga mokgwa oa botshelō yoa lona yoa galè, lo apolè motho oa bogologolo, eo o bōlañ kaha dithatoñ tsa tsieco.” (Baefesia 4:22) Mafoko a go ‘apola’ le go ‘apara’ (temana 24) a lere kakanyo ya go apola le go apara seaparo. Eno ke tshwantshiso eo Paulo a neng a e dirisa gantsinyana, mme e a dira. (Baroma 13:12, 14; Baefesia 6:11-17; Bakolosa 3:8-12; 1 Bathesalonia 5:8) Fa sengwe seo re se apereng se tlala leswe kana se gasiwa ke sengwe, jaaka fa re ntse re ja, re se apola ka bofefo fela fa re bona sebaka. A ga re a tshwanela go tshwenyega ka tsela e e ntseng jalo ka go tlala leswe mo boemong jwa rona jwa semoya?

9. Motho o apola motho wa bogologolo jang?

9 Jalo he, motho o apola jang motho wa bogologolo? Lediri “apola” ka puo e le ranotsweng go tswa mo go yone le mo pakapheting e e sa supeng gore a tiro eo e weditswe, e a tswelela kana e a boelediwa. Le tlhalosa tiro eo e dirwang gangwe fela kana e dirwa e bo e sa tlhole e dirwa gape. Seno se re bolelela gore “motho oa bogologolo,” mmogo le “mokgwa oa botshelō yoa [rona] yoa galè,” di tshwanetse tsa apolwa ka tsela ya go ititaya sehuba, ka kelotlhoko le gone di apolwa gotlhelele. Ga se sengwe seo re ka okaokang ka sone kana ra tikatika ka bomo ka sone. Ka ntlha yang?

10. Ke ka ntlha yang fa motho a tshwanetse go ititaya sehuba le go iketleetsa fa a apola motho wa bogologolo?

10 Mafoko a a reng “eo o bōlañ” a bontsha gore “motho oa bogologolo” o nnela maswe kwa pele mo boitsholong, ga a nne botoka ka gope. Totatota, batho botlhe ba mo mokgokoloseng ka gonne ba ganne lesedi la semoya. Paulo o ne a bolela gore seno ke ka ntlha ya ‘dithato tsa tsietso.’ Dikeletso tsa nama di a tsietsa ka gonne di ka lebega di se kotsi, mme kgabagare di nna kotsi. (Bahebera 3:13) Fa di sa elwe tlhoko, phelelo e nna go leswefala le go swa. (Baroma 6:21; 8:13) Ke gone ka moo motho wa bogologolo a tshwanetseng go apolwa, a ntshiwa ka go ititaya sehuba ebile a ntshiwa gotlhelele, fela jaaka fa go apolwa seaparo se segologolo, se se leswe.

‘Moya O Mosha wa Mogopolo’

11. Go ntšhafadiwa ga semoya go tshwanetse ga simolola kae?

11 Motho yo o tswang mo dithetseng ga a tlhoke go apola diaparo tsa gagwe tse di leswe fela mme gape o tlhoka go tlhapa sentle pele a apara sengwe se se phepa. Ke sone tota seo Paulo a neng a se tlhalosa e le kgato ya bobedi gore motho a sedimoge semoyeng: “Lo shahadiwè mo moeeñ oa pelo tsa lona.” (Baefesia 4:23) Jaaka fa a ile a bontsha pelenyana, mo ditemaneng 17 le 18, merafe e tsamaya “mo boithamakoñ yoa dipelo tsa bōnè” ebile “ba hihadicwe mo tlhaloganyoñ ea bōnè.” Go a utlwala gore phetogo e tshwanetse ya simologa mo mogopolong, eleng lone lefelo la konokono la temogo le tlhaloganyo. Seno se ka dirwa jang? Paulo o ne a tlhalosa gore ke ka go shahatsa meya ya dipelo tsa rona. Moya oo ke eng?

12. Moya wa mogopolo ke eng?

12 A moya wa pelo ya rona o Paulo a buang ka one ke moya o o boitshepo? Nnyaa. Mafoko a a reng “mo moeeñ oa pelo tsa lona” totatota a balega jaana “moya wa mogopolo wa lona.” Ga go na gope mo Bibeleng fa go buiwang kaga moya wa Modimo o o boitshepo e le wa motho kana e le karolo ya motho. Lefoko “moya,” tota le kaya “mohemo,” mme lefa go ntse jalo gape mo Bibeleng le dirisediwa “go kaya maatla a a dirang gore motho a lebe dilo ka tsela e e rileng, a ikutlwe ka tsela e e rileng, kana a itshware ka tsela e e rileng kana a tseye kgato kana tsela e e rileng.” (Insight on the Scriptures, Bolumo 2, tsebe 1026) Ka jalo “moya wa mogopolo” ke maatla a a dirang gore mogopolo wa rona o dire, tsela eo re tlwaetseng go akanya ka yone ebile re sekametse mo go yone.

13. Ke ka ntlha yang fa tsela eo re akanyang ka yone e tshwanetse go ntšhafadiwa?

13 Ka tlholego fela gantsi mogopolo o o sa itekanelang o ganelela mo dilong tsa senama, le tse di bonalang ebile o sekametse mo go tsone. (Moreri 7:20; 1 Bakorintha 2:14; Bakolosa 1:21; 2:18) Lefa motho a ka apola motho wa bogologolo le ditiro tsa gagwe tse di bosula, fa a sa fetole tsela eo a akanyang ka yone e e sekametseng mo boleong, go ise go ye kae, e tla mo tlhotlheletsa gore a boele kwa go se a se tlogetseng. A seno ga se sone se diragalelang batho ba bantsi bao ba ileng ba leka gore, ka sekai, ba tlogele go goga, go nwa mo go feteletseng, kana ditiro tse dingwe tse di maswe? Fa ba ne ba sa dire boiteko bope jwa gore ba fetolwe mo moyeng wa mogopolo wa bone, ba ne ba ka nna ba boela kwa mokgweng o ba lekang go o tlogela motlhofo fela. Phetogo epe fela ya mmatota e tshwanetse ya akaretsa go fetola mogopolo gotlhelele.—Baroma 12:2.

14. Moya wa mogopolo o ka ntšhafadiwa jang?

14 Jalo he, motho o shahatsa jang moya oo gore o dire gore mogopolo wa gagwe o sekamele kafa tseleng e e tshwanetseng? Mo temaneng ya Segerika, lediri “lo shahadiwè” le kwadilwe ka pakajaanong, le bontsha gore tiro e tswelela pele. Ka jalo moya o ka shahadiwa ka go tswelela pele re ithuta Lefoko la Modimo la boammaaruri le ka go tlhatlhanya ka seo le se kayang. Borasaense ba re bolelela gore mo bobokong jwa rona, tshedimosetso e kgabaganya jaaka ditemosi tsa motlakase kana tsa dikhemikale go tswa mo nuroneng e nngwe go ya kwa go e nngwe, e kgabaganya makopanelo a tsone a le mantsi a go tweng ke disinapase. “Fa temosi e e nang le tshedimosetso eno e feta mo tshikaneng ya sinapase e boloka tshedimosetso eno e le selo se se tla gakologelwang moragonyana, e tlogela e kwadile sengwe se se sa tshwaneng le sa sepe,” go bolela jalo buka ya The Brain. Fa yone temosi eo e feta foo ka nako e e latelang, disele tsa ditshikana di a e lemoga mme di tseye kgato ka bofefo le go feta. Fa nako e ntse e ya, seno se dira gore motho a simolole go akanya ka tsela nngwe e ntšha. Fa re ntse re tswelela pele re nna le tshedimosetso e e mosola ya semoya, go nna le tsela e ntšha ya go akanya, mme moya wa mogopolo wa rona o a ntšhafadiwa.—Bafilipi 4:8.

“Lo Aparè Motho eo Mosha”

15. Motho yo mosha o mosha ka tsela efe?

15 Sa bofelo, Paulo a re: “Lo aparè motho eo mosha, eo kaha Modimoñ o bopilweñ mo tshiamoñ, le mo [boikanyeging, NW] yoa boamarure.” (Baefesia 4:24) Ee, Mokeresete o apara motho yo mosha. Fano ‘bosha’ ga bo kae nako, mme bo kaya boleng. Ke gore, ga se gore o mosha ka gonne e le wa mofuta wa bosheng. Ke motho yo mosha gotlhelele “eo kaha Modimoñ o bopilweñ mo tshiamoñ.” Mo go Bakolosa 3:10, Paulo o ne a dirisa mafoko a a ntseng jalo mme a bolela gore motho yono o ntse a “shahalediwa mo kicoñ kaha sechwanoñ sa eo o mo tlhodileñ.” Motho yo mosha yono o nna teng jang?

16. Ke ka ntlha yang fa go ka twe motho yo mosha ke “eo kaha Modimoñ o bopilweñ mo tshiamoñ”?

16 Jehofa Modimo o bopile batho ba ntlha ba babedi, Adame le Efa, mo tshwanong le kafa setshwanong sa Gagwe. Ba ne ba fiwa dinonofo tsa boitsholo le tsa semoya tseo di neng di ba farologanya le diphologolo ebile di ba dira gore ba nne kwa godimo thata ga tsone. (Genesise 1:26, 27) Lefa go tsuologa ga bone go ne ga latlhela batho botlhe mo sebeng le go sa itekanela, rona jaaka ditlogolwana tsa ga Adame, re santse re ka kgona go bontsha dinonofo tsa boitsholo le tsa semoya. Modimo o batla gore bao ba dumelang mo thekololong ya setlhabelo ba latlhe motho wa bogologolo mme ba ipelele ‘kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.’—Baroma 6:6; 8:19-21; Bagalatia 5:1, 24.

17. Ke ka ntlha yang fa tshiamo le boikanyegi e le dinonofo tse di tlhomologileng tsa motho yo mosha?

17 Tshiamo le boikanyegi tsa boammaaruri ke dinonofo tse pedi tseo Paulo a ileng a di tlhomolola e le tse di bontshang botho jo bosha. Seno se gatelela thata gore motho yo mosha o shahadiwa go ya ka setshwano sa yo O mmopileng. Pesalema 145:17 e re bolelela jaana: “Yehofa o tshiamō mo ditseleñ cotlhe tsa gagwè, o [boikanyegi, NW] mo ditihoñ cotlhe tsa gagwè.” Tshenolō 16:5 le yone e bolela jaana kaga Jehofa: “U tshiamō, wèna [Moikanyegi, NW], eo u leeoñ, le o u nntseñ u . . . leeō.” Eleruri, tshiamo le boikanyegi ke dinonofo tsa botlhokwa fa e le gore re batla go tshela tumalanong le go bopiwa ga rona mo tshwanong ya Modimo, re bontsha kgalalelo ya gagwe. Ekete re ka nna jaaka Sekaria, rraagwe Johane Mokolobetsi, yo o neng a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo go galaletsa Modimo ka go bo a ne a neetse batho ba Gagwe “tshiamelo ya go mo direla ba sena poifo ka boikanyegi le ka tshiamo.”—Luke 1:74, 75, NW.

“Sepelañ Yaka Bana ba Lesedi”

18. Paulo o re thusitse jang gore re bone ditsela tsa lefatshe fela jaaka di ntse?

18 Ereka re setse re tlhatlhobile ka botlalo mafoko a ga Paulo a a mo go Baefesia 4:17-24, go na le go le gontsi go re ka akanyang ka gone. Mo ditemaneng 17 go ya go 19, Paulo o re thusa go bona ditsela tsa lefatshe fela jaaka di ntse. Ka go gana kitso ya Modimo le go ikgwaralatsa dipelo kgatlhanong le ene, bao ba santseng ba le mo lefatsheng ba ikgaogantse gotlhelele le motswedi wa boammaaruri wa botshelo. Seno se felela ka gore, ereka ba sena boikaelelo ebile ba sa itse kwa ba yang teng, maiteko a bone a felele e le boeleele le lefela. Ba ntse ba tsenelela kwa tengteng mo bosuleng jwa boitsholo le jwa semoya. Abo e le seemo se se tlhomolang pelo jang ne! Mme abo e le lebaka le le nonofileng jang ne mo go rona gore re ititeye sehuba gore re tswelele re sepela jaaka bana ba lesedi!

19. Paulo o re kgothatsa jang labofelo gore re tswelele pele re sepela jaaka bana ba lesedi?

19 Go tswa foo, mo ditemaneng 20 le 21, Paulo o gatelela kafa go leng botlhokwa ka gone gore re ithute boammaaruri ka tlhoafalo gore re se ka ra bo re amana le boammaaruri fela mme gape re tshele ka jone jaaka Jesu. La bofelo, mo ditemaneng 22 go ya go 24, o re kgothaletsa gore re apole motho wa bogologolo mme re apare o mosha—re iketleeditse, re ititeile sehuba. Go ntse go le jalo, re tshwanetse ra tswelela pele re kaela megopolo ya rona mo tseleng e e siameng, ya semoya. Mo godimo ga moo, re tshwanetse gore re lebe kwa go Jehofa gore a re thuse fa re ntse re sepela jaaka bana ba lesedi. “Ka e le Modimo o o rileñ, Lesedi le tla phatsima le cwa mo lehihiñ, ko ōna o o phatsimileñ mo dipeduñ tsa rona, go re naea lesedi ya kicō ea kgalalelō ea Modimo mo sehatlhogoñ sa ga Jesu Keresete.”—2 Bakorintha 4:6.

A O A Gakologelwa?

◻ Re ka “ithuta Keresete” jang gompieno?

◻ Ke ka ntlha yang fa motho yo mogologolo a tshwanetse go apolwa ka go ititaya sehuba?

◻ Moya wa mogopolo ke eng, mme o shahadiwa jang?

◻ Ke dinonofo dife tse di tlhomololang motho yo mosha?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Jesu o ne a re: “Ke nna tsela, le boamarure, le botshelō”

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

‘Apolang motho wa bogologolo le ditiro tsa gagwe’—kgakalo le bogale, le bosula, le kgalo, le puo ya matlhapa, le go aka.—Bakolosa 3:8, 9

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

“Lo aparè motho eo mosha, eo kaha Modimoñ o bopilweñ mo tshiamoñ, le mo [boikanyeging, NW] yoa boamarure.”—Baefesia 4:24

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela