LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 3/1 ts. 26-29
  • Jehofa O Ne A Ntshegetsa kwa Kgolegelong E E Kwa Sekakeng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa O Ne A Ntshegetsa kwa Kgolegelong E E Kwa Sekakeng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ka Tshwarwa
  • Ka Nako Ya Fa Re Ntse Re Tshwerwe
  • Kgolegelo E E kwa Sekakeng
  • Botshelo kwa Kgolegelong
  • Go Nna Re Nonofile Semoyeng
  • Go Buisana le Ditsala tsa Rona
  • Kgabagare Re Ne Ra Gololwa!
  • Ke Tlogetse Dipolotiki go Nna Mokeresete Yo o Sa Tseyeng Letlhakore
    Tsogang!—2002
  • Dingwaga Tse di Fetang 50 ke Ntse ke ‘Kgabaganyetsa ka Kwa’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Go Segofadiwa ka ‘Paka e e Dumelang le ka Paka ya Matshwenyego’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Ka Metlha Ke ne ka Bona Sengwe se Ke ka se Direlang Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 3/1 ts. 26-29

Jehofa O Ne A Ntshegetsa kwa Kgolegelong E E Kwa Sekakeng

JAAKA GO BOLETSE ISAIAH MNWE

Ga go a ka ga nna le tsheko epe, mme le nna ke ne ke sa tlola molao ope.Lefa go ntse jalo, ke ne ka atlholelwa go dira tiro e e bokete ya batshwarwa kwa lefelong lengwe leo batshwarwa ba otlhaelwang gone kwa bogareng jwa Sekaka se se mogote thata sa Sahara sa Afrika. Se se neng se le maswe le go feta ke gore go ne go sena ope wa ditsala tsa me yo o itseng gore ke kwa kae. Seno se ne sa direga dingwaga tse di fetang robedi tse di fetileng, ka setlha sa selemo sa 1984. Mma ke tlhalose gore go tlile jang gore ke nne mo boemong jo bo botlhoko jono.

KA 1958, fa ke ne ke le dingwaga di le 12 fela, morwarre o ne a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Lefa go ntse jalo, rre le mmè ba ne ba tswelela pele ba ntse ba obamela medimo ya Abia State, kwa Nigeria, kwa re neng re nna teng.

Ka 1968, ke ne ka tsenelela bosole jwa Biafra. Ka nako ya fa ke ne ke le mo lebaleng la tlhabanelo, ke ne ka akanya ka boemo jwa Basupi ba ga Jehofa jwa boitlhaodi, mme ka rapela Modimo gore o nthuse. Ke ne ka solofetsa gore fa a ne a ka ntetla gore ke falole mo ntweng, ke ne ke tla nna mongwe wa Basupi ba gagwe.

Morago ga ntwa ke ne ka itlhaganelela go diragatsa tsholofetso ya me. Ke ne ka kolobediwa ka July 1970 mme ka bonakonyana fela ka tsenelela bodihedi jwa nako e e tletseng jaaka mmulatsela. Kgabagare ke ne ka hakiwa jaaka mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete. Go ise go ye kae ke ne ka amogela taletso e e tswang kwa ofising ya lekala ya kwa Nigeria gore ke ye go dira jaaka morongwa kwa nageng e e gaufi kwa tiro ya Basupi ba ga Jehofa e neng e sa dumelelwa teng go ya ka molao. Ke ile ka amogela kabelo eo, mme ka January 1975, ke ne ka wela mo tseleng ke tshwere pasepoto.

Ka Tshwarwa

Ka 1978, ke ne ka fiwa kabelo ya go etela Basupi go ralala naga yotlhe. Ereka ba ne ba le mmalwa fela, ke ne ka etela karolo e kgolo, ke etela metsemegolo yotlhe eo mo go yone go neng go na le diphuthego gone, mmogo le mo mafelong ao mo go one go neng go na le batho ba ba kgatlhegang. Gantsi ke ne ke botsolodiwa mo mafelong ao mapodisi a neng a phuruphutsa batho gone. Ke ile ka tswalelwa gabedi, mo makgetlong oomabedi ka matsatsi a le manè ke botsolodiwa kaga tiro ya rona.

Mme, ka June 1984, ka Sontaga mongwe fa re ne re ntse re ipaakanyetsa bodihedi jwa tshimo, modiredi mongwe yo mogolo yo o botsalano o ne a re tlhagisa gore mapodisi a batla go tshwara Basupi ba ga Jehofa. Beke morago ga moo nna le Djagli Koffivi yo o tswang kwa Togo, re ne ra tshwarwa. Re ne ra isiwa kwa ntlokgolong ya mapodisi mme ra laelwa go ntsha maina otlhe a Basupi ba ga Jehofa mo motseng. “Ga re kitla re lo golola” ba ne ba bolela jalo, “fa lo sa re bolelele maina ao.”

“Ke lona mapodisi,” ke ne ka araba jalo. “Ke tiro ya lona go senka batho bao lo ba batlang. Ga ke modiredi wa lona.” Re ne ra ganetsana ka metsotso e e ka nnang 30, mme mapodisi a re tshosetsa ka gore a tla re betsa. Lefa go ntse jalo, ga re a ka ra ba bolelela maina a bakaulengwe ba rona ba Bakeresete. Mme ba ile ba swetsa gore ba tseye motlobo wa me o mogolo wa dibuka tsa ditshupiso tsa Bibela.

Ka Nako Ya Fa Re Ntse Re Tshwerwe

Morago ga fa re sena go boela kwa seteishaneng ka dibuka, nna le Djagli re ne ra di pagolola. Jaaka fa re ne re ntse re di pagolola, go ile ga wa pampiri mo Bibeleng ya me ya ditlhaka tse dikgolo. E ne e le thulaganyo ya kopano ya kgaolo eo mo go yone go neng go kwadilwe maina a bagolwane botlhe ba Bakeresete mo nageng yotlhe. Ke ile ka e sela ka bonako mme ka e sukunyetsa mo pateng ya me. Lefa go ntse jalo, mongwe wa mapodisi o ne a mpona mme a ntaela gore ke e mo neye. Gone tota, go ne go ntshwenya thata.

Pampiri e ne ya bewa mo godimo ga tafole ya kamore eo nna le Djagli re ne re rwalela dibuka mo go yone. Ka nako ya fa ke tsena ka morwalo o o latelang, ke ne ka ya kwa tafoleng, ka tsaya pampiri mme ka e tsenya mo pateng ya me. Morago ga moo ka ba bolelela gore ke batla go ithusa. Mongwe wa mapodisi o ne a ntshala morago a nkisa kwa lefelong leo ntlwana e ne e le mo go lone. Morago ga fa ke sena go tsena le go tswala kgoro, ke ne ka kgagola pampiri eo ka ditokana mme ka e tsamaisa ka metsi a ntlwana.

Erile fa mapodisi a utlwa se se diragetseng ba ne ba tlala bogale. Mme ba ne ba tshaba go dira sengwe ka gone, ereka baokamedi ba bone ba ne ba tla ba latofatsa ka gore ba ne ba le botlhaswa ka go nneela tshono ya go gagola pampiri eo. Morago ga go re tswalela ka matsatsi a le 17, motlhatlhobi mongwe wa mapodisi o ne a re bolelela gore re phuthe dilwana tsa rona ka gore re ne re fudusediwa go sele. Re ne ra tsenya diaparo dingwe mo teng ga kgetsi ya polasitiki, mme kwa tlase ga yone ka tsenya Bibela e nnye eo moeti mongwe a neng a e re tliseditse ka bokukuntshwane.

Re ne ra kgona go itsise Basupi gore re a fudusiwa mme re ne re sa itse gore re ya kae. Phakela ka letsatsi le le latelang, ka July 4, 1984, motlhatlhobi wa mapodisi o ne a re tsosa. O ne a re phuruphutsa, a re kopa gore re ntshe diaparo mo kgetsing mme re di akge mo matsogong a rona. Mme e ne ya re fa ke fitlha mo hempeng ya bofelo, o ne a re nka busetsa diaparo gape mo kgetsing, ka jalo Bibela ga e a ka ya bonwa.

Kgolegelo E E kwa Sekakeng

Mapodisi a ne a re isa kwa boemadifofaneng, koo re ileng ra palama sefofane sa masole gone. Morago ga diura di le mmalwa re ne ra fitlha kwa toropong nngwe eo e nang le batho ba ba ka nnang 2 000, koo go nang le kgolegelo gaufi gone. Ke sekgala sa dikilometara tse 650 go ya kwa toropong e e gaufi. Re ile ra folosiwa mo sefofaneng ra isiwa kwa kgolegelong mme ra neelwa mosuporotendente wa kgolegelo. Go ne go sena ope wa malapa kana ditsala tsa rona yo o neng a itse gore re ne re isitswe kae.

Toropo e re neng re isitswe kwa go yone ke lefelo le letala mo sekakeng sa Sahara. Go na le ditlhatshana, ditlhare di le mmalwa, le dikago tse di nang le mabota a a agilweng ka seretse se se omisitsweng. Metsi a ka bonwa fela ka go epa metara kana metara le halofo go ya kwa tlase. Lefa go ntse jalo, monna mongwe yo o goletseng teng koo wa dingwaga di le 31 o ne a re bolelela gore pula e nele gangwe fela mo botshelong jwa gagwe koo! Mme lefelo leo le ne le le mogote thata. Legolegwa lengwe le ne la bolela gore temometara e kile ya bega dikirii di le 60 tsa Celsius mo bonnong jwa bagolegwa! Go ne go na le phefo e e neng e foka e sa kgaotse, motlhaba o o neng o foka o ne o tlhaba letlalo mme o gobatsa matlho.

Mongwe le mongwe yo o neng a fitlha mo lefelong leo o ne a lemoga gore o mo lefelong le le sa gaisiweng ke sepe la go otlhaela batho mo nageng eo. Kgolegelo e ne e dikologilwe ke mabota a a kwa godimo ao a neng a sireletsa mo phefong le mo letsatsing. Lefa go ntse jalo, go ne go sa tlhokege mabota go thibela batho go ngwega, ereka go ne go sena gope koo motho a neng a ka ya gone. Ka kwa ntle ga lefelo le letala leno, go ne go sena le fa e le setlhare se le sengwe, go sena sepe gotlhelele seo se neng se ka direla ope fela yo o neng a batla go ngwega moriti.

Pele re tsena, mosuporotendente wa kgolegelo o ne a re phuruphutsa. O ne a re bolelela gore re ntshe sengwe le sengwe mo kgetsing ya rona. Ke ne ka simolola go tsholetsa dihempe tsa rona ka bongwe ka bongwe. Ka nako ya fa go ne go setse le hempe e e neng e khurumeditse Bibela, ke ne ka kuka kgetsi ka mmontsha hempe e e neng e le mo teng mme ka bolela jaana: “Ke gone gotlhe goo ba re dumeletseng go go tsaya.” A kgotsofaditswe ke seo, o ne a re re tsene mo teng ga jarata ya kgolegelo. Bibela e ne e le yone fela kgatiso eo re neng re na le yone.

Botshelo kwa Kgolegelong

Go ne go na le bagolegwa ba le 34 ka kakaretso. E ne e le dikebekwa tse di kotsi tse di bileng di itsege thata mo nageng eo. Ba le bantsi ba bone e ne e le babolai ebile ba lebiwa jaaka batho bao ba se kitlang ba tlhola ba siama. Rotlhe re ne re robala mo diseleng tse pedi tse dikgolo tseo di neng di kgaogantswe ke ntlwana ya go tlhapela e e sa tswalelwang. Ntlwana e ne e na le emetshana e e neng e sa khurumelwe eo e neng e dirisiwa jaaka ntlwana ya boithomelo. Le mororo e ne e tshololwa moso mongwe le mongwe ke bagolegwa ba bangwe, go ne go bonala ekete dintsi tsotlhe tsa sekaka di ne di tla go itumelela botsididi le leswe le le mo emetshaneng eo.

Mabele e ne e le one fela dijo tseo re neng re di ja. A ne a silwa ke legolegwa lengwe, a apewa, a bo a tsholelwa mo dijaneng, mme morago ga moo a be a bewa mo mosemeng o legolegwa lengwe le lengwe le robalang mo go one. Dijo di ne di sa khurumediwe. Ka nako ya fa re boa kwa tirong, sejana sengwe le sengwe se ne se setse se kotangwe ke makgolokgolo a dintsi. Fa re tsholetsa dijana tsa rona, dintsi di ne di tswa di suma. Matsatsi a ntlha a mabedi ga re a ka ra ja sepe. Kgabagare, ka letsatsi la boraro, morago ga fa re sena go boka dintsi mme re ntshitse letlalo le le omeletseng le le mo godimo, re ile ra simolola go ja mabele ao. Re ile ra rapela Jehofa gore a sireletse botsogo jwa rona.

Re ne re bereka mo letsatsing, re thuba mabota a bogologolo a jarata ya kgolegelo mme re aga a masha. E ne e le tiro e e bokete tota. Re ne re dira re sa kgaotse go tloga ka 6:00 a.m. go fitlha motshegare wa sethoboloko, re je re bo re bereke gape go fitlha 6:00 p.m. Go ne go sena matsatsi ape a boikhutso. Re ne re sa bolawe fela ke mogote mme ka nako ya mariga re ne re bolawa ke serame. Mme gape re ne re bogisiwa ke balebeledi ba ba setlhogo.

Go Nna Re Nonofile Semoyeng

Nna le Djagli re ne re balela Bibela mo sephiring, mme re ne re buisana ka dilo tseo re di ithutileng. Re ne re sa kgone go bala phatlalatsa ka gore Bibela e ne e tla tsewa mme re ne re tla otlhaiwa. Legolegwa lengwe le ke neng ke simolotse go ithuta Bibela le lone le ne le na le lebone la kerosine leo re neng re le dirisa mmogo. Gantsi ke ne ke tle ke tsoge ka ura ya bongwe kana ya bobedi mo mosong ke bale go fitlha mo e ka nnang ka ura ya botlhano. Ke ne ka kgona go bala Bibela yotlhe ka tsela eo.

Re ne re rerela magolegwa a mangwe, mme mongwe wa bone o ne a bolelela motlhokomedi yo mogolo ka rona. Re sa lebelela, motlhokomedi o ne a naya mogolegwa yoo makasine wa Tsogang! o a neng a na le one, mme mogolegwa yoo a re o neela. Ke ile ka o bala ke o boaboela gantsintsi. Go bala le go rera ga rona go ile ga re thusa gore re nne re nonofile semoyeng.

Go Buisana le Ditsala tsa Rona

Re ne re sa letlelelwa go kwala kana go romela makwalo. Lefa go ntse jalo, motho mongwe yo o neng a itsalanya le rona o ne a bolela gore o tla re thusa. Ka August 20, mo e ka nnang dibeke tse thataro morago ga fa re sena go goroga, ke ne ka kwala makwalo a mabedi mo sephiring, le lengwe le ya kwa ntlong ya boemedi kwa Nigeria mme le lengwe go ditsala tsa Basupi. Ke ne ka a epela mo motlhabeng mme ka tshwaya lefelo leo ka go baya leje le legolo. Moragonyana tsala ya me e ne ya tla go a epolola.

Go ne ga feta dibeke mme ka se ka ka utlwa sepe. Jaaka fa nako e ntse e ya ke ne ka felelwa ke tsholofelo ya gore makwalo a rometswe. Gone mme a ile a tsamaya, mme Mosupi ka rona o ne a dirisana le kgang eo go tlhomamisa gore re gololwe. Lephata la Merero ya Dinaga Di Sele la kwa Nigeria le lone le ne la tsenya letsogo mo kgannyeng eno ka go botsa puso gore ke ka ntlha yang fa ba nkgolegile le gore ke eng fa ba ntswalela mo kgolegelong e e ntseng jaaka eno.

Kgabagare ka November 15, 1984, re ne ra tsewa gore re ye go phepafatsa. Balebeledi ba ne ba nkisa kwa ntlwaneng ya sekolo se segolwane eo batho ba neng ba ntse ba e dirisa ka dibeke di le dintsi le mororo e ne e sa tsamaise leswe. E ne e tletse mantle. Balebeledi ba ne ba bolela gore tiro ya me e ne e le go e phepafatsa. Didirisiwa tseo ke neng ke na le tsone fela e ne e le diatla tsa me. Jaaka fa ke ne ke santse ke ipotsa gore ke tla dira tiro e e tenang eno jang, molebeledi yo mogolo o ne a tla go bolela gore modiredi yo mogolo wa kgaolo wa lefelo leo o ne a batla go mpona.

Fa ke fitlha modiredi yo mogolo wa kgaolo o ne mpolelela gore o ne a sa tswa go bua le poresidente wa naga eo yo o neng a utlwile ka bothata jwa me. Poresidente o ne a tlhalosa gore fa nka ntsha maina a Basupi ba ga Jehofa ba ba mo nageng eo, ke ne ke tla gololwa ka bonako mme ke ne ke tla tsamaya ka sefofane se se latelang. Ke ne ka boa gape ka bolela gore fa ba batla Basupi ba ga Jehofa, e ne e le tiro ya bone mapodisi go ba senka. Modiredi yo mogolo yono wa kgaolo o ne a mpolelela gore ke akanyetse kopo eno ka masisi. O ne a tla nnaya malatsi a le manè kgotsa a le matlhano gore ke akanye ka gone. Morago ga moo ke ne ka tlogelwa gore ke tsamaye, mme balebeledi ba mphelegetsa ba mpusetsa gape kwa kgolegelong mme ka leboga go bo re sa boela kwa ntlwaneng ele ya boithomelo!

Morago ga malatsi a le matlhano modiredi yo mogolo wa kgaolo o ne a mpitsa mme a mpotsa gore ke sweditse ka go reng. Ke ile ka bolela gore lebaka leo ke leng mo kgolegelong e ne e le ka go bo ke supa ka Modimo wa boammaaruri mme ga go na sepe se ke se dirileng seo se sa siamang. Ke ile ka tlhalosa gore ke na le pasepoto e e kafa molaong le gore ke dumeletswe kafa molaong go nna mo lefelong leo. Makwalo a me otlhe a ne a siame, mme nako le nako fa ke ne ke tshwanelwa ke go ya kwa motseng o mongwe, ka metlha ke ne ke ikgolaganya le mapodisi go tlhomamisa gore sengwe le sengwe se siame. Ereka ke sa tlola molao ope, ke ne ka botsa jaana: “Ke eng fa ke otlhaiwa? Fa e le gore ke ne ke sa batlege mo nageng eno, ke eng fa ke ne ke sa busediwe morago? Ke eng fa ke ne ke atlholelwa go tla mo lefelong leno?”

Ke ne ka bua mo e ka nnang ka metsotso e le 15. Fa ke sena go fetsa, ke ne ka kopiwa go kwala seo ke sa tswang go se bolela, mme ka bolelelwa gore dikakgelo tsa me di ne di tla neelwa poresidente. Ke ne ka neelwa pampiri mme ka kwala ditsebe di le nnè.

Kgabagare Re Ne Ra Gololwa!

Ga ke a ka ka utlwa sepe ka kgang eno go fitlha ka January 1985, mo e ka nnang dikgwedi tse supa morago ga gore ke tsenngwe mo kgolegelong. Ka nako eo, motlhokomedi yo mogolo o ne a tla go mpotsa gore a ke ne ke kwaletse ntlo ya boemedi ya Nigeria lekwalo. Ke ne ka araba ka gore, “Ee.”

O ne a botsa a re “Ke eng fa o ne o go dira? Ke eng fa o ne o sa nkitsise?”

Ke ne ka mmolelela gore kgang eo e ne e sa mo ame. Mme ke ne ka mo tlhomamisetsa gore ke ne ke sa kwala sepe kgatlhanong le ene, ereka a ne sena seabe sepe malebana le go romelwa kwa kgolegong ga me. “Le mmè tota ga a itse gore ke kwa kae,” ke ne ka bolela jalo. Morago ga moo o ne a batla go itse gore ke rometse lekwalo leo jang, mme ke ne ka gana go mmolelela.

Ka letsatsi le le latelang balebeledi ba ne ba baakanya Land-Rover mme ba bolelela nna le Djagli gore re a fudusiwa. Re ne ra ntshediwa kwa ntle, ra apolwa, le go phuruphutshiwa. Pelenyana ga moo ke ne ka naya legolegwa le ke neng ke ithuta le lone Bibela ya me ka gore ke ne ke itse gore mapodisi a ne a tla e tsaya fa ba ne ba ka e fitlhela mo go nna. Monna yono o ne a re bolelela gore fa a gololwa o ne a tla nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Re rapela gore a dire jalo.

Ka bonakonyana morago ga moo, ke ne ka busediwa kwa Nigeria, mme ka February 1985, ke ka boela mo tirong ya me ya go nna molebedi yo o etang mo nageng eo. Ke ntse ke direla jaaka molebedi wa kgaolo kwa Nigeria fa e sale ka 1990. Gone jaanong Djagli o ntse a direla jaaka Mosupi yo o ikanyegang kwa Côte d’Ivoire.

Mo dilong tse di re diragaletseng tseno, ke ile ka ithuta gore Jehofa Modimo o kgona go re tshegetsa le eleng fa re le kafa tlase ga kgatelelo e e botlhokotlhoko. Gangwe le gape re ile ra bona letsogo la gagwe le re sireletsa kwa kgolegelong. Go gololwa ga rona go ile ga mpontsha gore Jehofa ga a itse fela gore batlhanka ba gagwe ba kae le gore ba boga jang mme gape o itse gore a ba golole jang mo pitlaganong.—2 Petere 2:9.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela