Ka Metlha Ke ne ka Bona Sengwe se Ke ka se Direlang Jehofa
Jaaka go boletse Jean Queyroi
E NE e le ka selemo se se itumedisang bogologolo ka 1939. Letsatsi la Letlhafula le ne le phatsima mo nageng ya selegae e e dikologileng Martigny, mo kgaolong ya Valais ya Se-Swiss. Fa godimo ga rona e ne e le ditlhoa tsa dithaba tse di kwa godimodimo tsa Alps, jaaka eo e neng e na le kapoko ya Grand Combin, e e boleele jwa dimetara di le 4 314. Ke ne ka ipelela go nna le lelapa lengwe la Bakeresete ka malatsi a sekae, mme re ne re feditse dioura di le dintsi re tsamaya mo dithabeng mmogo. Ke ne ka ikutlwa ekete ke setse ke le mo Paradaiseng.
Ka bonako fela ke ne ka tshwanela go laela le go boela kwa Paris. Ke ne ka reka pampiri ya dikgang gore ke tle ke e bale mo tereneng, mme dikgang tse di tshosang di ne tsa ntira gore ke akanye ka se se diragalang. Seemo sa lefatshe se ne se senyegile fela thata, mme ntwa e ne e setse e tloga e simologa.
Ke ne ka simolola tiro gape kwa ofising ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Paris, koo ke neng ke setse ke diretse gone go feta lobaka lwa ngwaga. Mme malatsi a sekae moragonyana, ke ne ka amogela lokwalo lwa gore ke kgethilwe go ya bosoleng mme lwa ntaela go ya kwa kampeng ya masole ya Fort of Vincennes, fela kafa botlhaba jwa Paris. Botshelo jwa me bo ne bo tla tloga bo fetoga ka mo go gakgamatsang.
Seemo sa Boitlhaodi
Fora le Great Britain di ne tsa itsise ka ntwa ya tsone le Jeremane ka September 3, 1939. Ke ne ka ya kwa Vincennes mme ka emela boemo jwa boitlhaodi jwa me jwa Bokeresete. Ka bonakonyana fela ke ne ka iphitlhela mo kolotsaneng e e gogiwang ke sethuuthuu se se neng se kgweediwa ke lesole le lebotlana leo le neng le laetswe go nkisa kwa Fort of Charenton. Lefa sethuuthuu seo se ne se tsosa modumo o mogolo, lesole le lebotlana leno, leo le neng le itse gore ke isediwang koo, le ne la leka go bua le nna. O ne a nkopa jaana: “Queyroi, tswee-tswee se tswelele ka seno. O seka wa gana go ya ntweng, go sa nneng jalo dilo ga di kitla di go tsamaela sentle.” Ke ne ka itlhaganelela go mo tlhomamisetsa gore ke ne ke sa tshabe.
Morago ga foo ke ne ka robala lantlha mo ntlwaneng ya kgolegelo. Ntlwana e ne e le boleele jwa dimetara di le pedi le bophara jwa metara le sephatlo mme e ne e na le dikobo di le pedi fela le lepolanka leo go robalwang mo go lone. Go ne go sena dipone. Ke ne ka akanya gore ke tla direla Jehofa eng mo seemong seo ke neng ke le mo go sone ka nako eo. Fa ke thanya, ke ne ka fitlhela gore go ne go sena lefa e le fenseterenyana e nnye go ka tsenya lesedi la letsatsi. Ke ne ke letlelelwa go tlhapa, ke isiwa kwa botlhapelong ke lepodisi le le tshotseng sethunya le na le masole a mabedi ao le one a neng a tshotse dithunya mo e ka nnang ka kwatara ya oura letsatsi le letsatsi. Ke ne ke tshwarwa jaaka senokwane se se kotsi fela thata!
Masole ao a neng a ntlisetsa dijo a ne a farologana. Ba ne ba kgatlhiwa ke seemo seo ke neng ke se tsere, mme seno se ne sa nnaya tshono ya go direla Jehofa sengwe. Ke ne ke ba naya bosupi jo bo molemo, mme go ise go e kae ba bangwe ba ne ba simolola go nthata mme ba mpha mokgwaro, dikerese, le eleng dijo tse di oketsegileng. Pele ba ne ba tsere Bibela ya me, mme ka baka la moofisiri yo ke mo lebogang, ke ne ka e busediwa. Abo ke ile ka itumela jang ne go bala mafoko a yone a a botlhokwa ka lesedi la kerese!
Moragonyana ke ne ka fudusediwa kwa kgolegelong ya sesole e gompieno e sa tlholeng e le gone, kwa rue du Cherche-Midi, kwa Paris. Ke ne ka tsenngwa mo ntlwaneng ya kgolegelo ke le nosi, ka jalo ke ne ke na le nako e ntsi go tlhatlhanya ka boemo jwa me.
Ke ne ke na le dingwaga tse 27 mme ke ne ke setse ke diretse Jehofa ka nako e e tletseng ka dingwaga tse pedi. Lelapa la gaetsho le ne la itse la ntlha ka Basupi ba ga Jehofa ka mananeo a Radio Vitus, eleng seteitšhane se eseng sa puso kwa Paris. E ne e le ka 1933. Ke ne ka amogela boammaaruri ka 1935, morago ga go wetsa tirelo e e patelediwang ya bosole. Ke ne ka kolobediwa kwa Lucerne, kwa Switzerland, ka August 1936.
Nna, batsadi ba me, morwarre, le kgaitsadiake re ne ra kopanela le phuthego eo e neng e le yone fela mo Paris. Mokaulengwe Knecht, yo a neng a tlhokometse tiro mo Fora ka nako eo, o ne a tswelela go kgothaletsa Basupi ba babotlana go tsenela bodihedi jwa nako e e tletseng. Ga felela ka gore, nna, morwarre, le kgaitsadiake re swetse go nna babulatsela, kana badihedi ba nako e e tletseng ka April 1938. Re ne re abetswe Auxerre, toropo e e ka nnang dikilometara di le 154 kafa borwa-botlhaba jwa Paris. Kgaitsadiake Jeannette o ne a rera mo toropong yone eo, fa nna le morwarre Marcel re ne re tsamaya ka dibaesekele re ya kwa metseng e e dikologileng eo e neng e ka nna bokgakala jwa dikilometara tse 30. Bogologolo ka nako eo tiro ya go rera e ne e dirwa fela ka go gasa dibuka tsa Bibela, go sa diriwe maeto a go boela. Ke gakologelwa ka moo seno se neng se ntshwenya ka gone.
Ke ne ka lalelediwa go tla go dira kwa ofising ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Paris, ka June 1938. Ka nako eo badiredi, kana lelapa la Bethele, mo Fora le ne le na le maloko a a ka nnang lesome, mme ke ne ke abetswe go thusa mo Lephateng la Thomelo. Ke gone koo ke neng ke dira gone fa ke ne ke bilediwa tirelo ya sesole mme ka amogela “kabelo e ntšha.”
Kabelo ya me e Ntšha—Kgolegelo
Go tloga fela kwa tshimologong ke ne ka lemoga gore fa ke ne ke sa senke ditsela tsa go direla Jehofa sengwe—lefa e le se sennye jang—fa ke santse ke le mo kgolegelong, tumelo ya me e ne e tla koafala ka bonako. Mme go ise go e kae ke ne ka kgona go bona tshono ya go bua le ba bangwe ka boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. Dibeke di sekae morago ga go fitlha kwa kgolegelong ya Cherche-Midi, ke ne ka fudusediwa mo kamoreng e le nngwe le magolegwa a mangwe. Koo ke ne ka kopana le moithuti mongwe wa molao yoo a neng a latlhetswe mo kgolegelong ka go bo a ne a boile malatsi a sekae morago ga malatsi a gagwe a boikhutso a bosole. Go ne go na le moithutela-boruti mongwe gape wa Mokatoliki yo a neng a atlholetswe go utswa. Ka boraro re ne ra ipelela go tlotla ka boammaaruri jwa Bibela ka lobaka lo loleele.
Letsatsi lengwe ke ne ka bona legolegwa lengwe le ntse le le nosi kwa thoko. Fa ke mo atamela, ke ne ka bona gore o ne a bala. Ke ne ka bua nae. O ne a retologa mme a mpontsha Bibela ya gagwe. A o ko o akanye fela! E ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa! E ne e le Mo-Poland leina la gagwe e le Ceglarski, mme jaaka nna, o ne a le mo kgolegelong ka ntlha ya boitlhaodi jwa gagwe. Kgabagare ka bona tsala ya Mokeresete! O ka akanya fela ka moo re neng ra penologa ka teng ka boitumelo roobabedi. Jaanong re ne re ka kgona go ipelela dioura tse dintsi tsa motlotlo o o agang.
Mo kgolegelong eno re ne re letlelelwa go tswela kwantle dioura di sekae ka letsatsi, ka jalo ke ne ka kgona go bua le magolegwa a sekae a a neng a itumelela go utlwa molaetsa wa Bibela. Ka dinako dingwe le eleng badisa-kgolegelo ba ne ba kopanela mo dipuisanong tseno tsa rona. Ke ne ke bone sengwe seo ke neng ke ka se direla Jehofa. Ebile tota, kgolegelo e ne e fetogile kabelo ya me e ntšha ya go rera, mme ke ne ke dira dioura tse di lekanang le tsa babulatsela, lemororo ke ne ke sa kgone go di bega. Mme seo se ne se sa ntshwenye.
Khudugo e Kgolo
Dikgwedi di ne tsa feta fela go sa diragala sepe—eleng seo se neng se bidiwa Phony War. Mme seno se ne sa khutla ka May 1940, fa Majeremane a ne a tlhasela Fora. Baeteledipele ba Mafora ba ne ba ntsha magolegwa mo dikgolegelong tsotlhe tsa Paris ka ntlha ya masole a a neng a atamela a Majeremane. Re ne ra isiwa kwa Orleans, toropo e e leng dikilometara tse 100 kwa borwa jwa Paris ka dilori tsa sesole. Morago ga go ema ka lobakanyana, magolegwa otlhe a loago le a sesole a ne a dirwa setlhopha se le sengwe fela mme ra laelwa gore re tsamaye ka dinao go leba kwa borwa-botlhaba go bapa le lotshitshi lo lo kwa bokone lwa noka ya Loire. Badisa-magolegwa ba ba tshotseng dithunya ba ne ba tlhokometse mokoloko ono. Go tsamaya go ne go le bokete ka letsatsi le ne le le mogote ka e ne e le June.
Go ne go na le dinokwane mo gare ga rona, mme badisa-magolegwa ba ne ba laetswe gore ba thuntse ope fela yo o tla emang, a wa, kana a sa kgone go tswelela le mosepele. Mo letsatsing la boraro, Mokaulengwe Ceglarski o ne a simolola go gotediwa ke letsatsi fela thata mme a lwala. Go mo tlogela go ne go tla raya gore o ne a tla bolawa. Badisa-magolegwa ba ne ba ntetla, ke thusiwa ke magolegwa a mangwe, gore re mo tsenye mo kobong, mme re ne ra mo rwala. O ne a ikutlwa botoka mo letsatsing le le latelang mme a kgona go tsamaya gape ka dinao.
Pele ga re fitlha fela kwa Briare, torotswana e nnye kwa bokone jwa lotshitshi lwa Loire, setlhopha sa rona se ne sa kopana le batho bao ba neng ba rwele dithoto tsotlhe tsa bone tse ba ka di kgonang kana ba di pegile mo dikolotsaneng. Ba ne ba tshabela kwa borwa ba tshaba masole a a atamelang a Majeremane. Re ne ra kgona go lemoga kafa khudugo e neng e le kgolo ka gone ka go bona diketekete tsa batho ba eseng masole bao ba neng ba iphalotsa.
Go tswa foo re ne ra lemoga gore badisa ba rona ba ne ba nyeletse, mme re ne re setse re le nosi. Jaanong re ne re tla dira eng? Re ne re ka seka ra kgona go tshela noka e e sephara thata ya Loire le go tswelela ka loeto lwa rona go leba kwa borwa ka gonne marogo otlhe a ne a thuntshitswe ka dibomo. Setlhopha sa rona se sennye (seo e neng e le nna, Mokaulengwe Ceglarski, le magolegwa a mangwe a mabedi) se ne sa swetsa go boela kwa Paris.
Re ne ra fitlhela dipitse dingwe tse di tlogetsweng mme ra di pega disale ka moo re ka kgonang ka gone. Ke ne ke gobetse mo lengoleng mme ke sa kgone go oba leoto la me, ka jalo ditsala tsa me di ne tsa nthusa go palama pitse. Re ne ra fitlhela gore pitse ya me le yone e ne e tlhotsa! Ka jalo ra tsamaya ka bonya jaaka pitse ya me e ne e kwetsepela. Legale loeto lwa rona lo ne lwa kgaupediwa ka bonako. Re ne re tsamaile dikilometara di le mmalwa fela fa re ne re kopana le setlhopha sa masole a Majeremane, mme lepodisi la sesole le ne la re laela gore re pagologe. Seo re neng re kgonne go se dira fela e ne le go bona badisa ba bangwe!
Magolegwa a Ntwa
Ka bokhutshwane fela morago ga go tshwarwa, nna le Mokaulengwe Ceglarski re ne ra kgaoganngwa, mme o ne a sala e le legolegwa la Majeremane go fitlha ntwa e khutla. Morago ga go nna mo kgolegelong dikgwedi di sekae kwa dikampeng tsa masole tsa Joigny, kwa bogare jwa Fora, ke ne ka isiwa kwa Stettin, boemela-kepe joo bo neng bo le kwa go kileng ya bo e le East Prussia. Jaanong ke boemela-kepe jwa Poland jwa Szczecin.
Ereka tota ke ne ke le mo kgolegelong ya sesole ya Fora fa ke ne ke tshwarwa ke Majeremane, ke ne ka tsenngwa mo kampeng ya magolegwa a ntwa, koo maemo a neng a se makgwakgwa jaaka mo dikampeng tsa pogisetso. Kampa eo e ne e le ntlo e kgolo eo e neng e ka tsenya magolegwa a le 500, ao a neng a tlhokometswe ke badisa-magolegwa ka dithunya. Magolegwa ao a ne a dira ditiro tse di farologaneng mo motsemogolong motshegare mme ba ne ba busediwa kwa kampeng mo maitseboeng. Jalo ke ne ke tla kgona go direla Jehofa eng, ka banna bao ba ne ba tsamaya letsatsi lotlhe?
Mo ntlong e kgolo eo, go ne go na le lomati lo logolo loo tshedimosetso e neng e bewa gone, mme ke ne ka bona tetla ya go dirisa karolwana e nnye mo lomating loo. Ke ne ka bona pampiri, mme morago ga go e sidila sentle, ke ne ka kwala ditemana di sekae tse dikhutshwane ka dikgang tsa Bibela. Kwa tlase, ke ne ka tlhalosa koo ke neng ke ka bonwa gone le nako eo mongwe le mongwe yo o kgatlhegelang molaetsa wa Bogosi jwa Modimo a neng a ka tla go mpona ka yone.
Go Rerela Banna ba Mefuta Yotlhe
Mokgwa ono o ne wa nna le matswela a a molemo. Go ise go e kae ke ne ke kgona go tshwara dipuisano mo maitseboeng mangwe le mangwe le ba ba ka nnang barataro, robedi, mme ebile ka dinako dingwe ba ne ba nna lesome. Gantsi motlotlo wa rona o ne o tsaya oura kana go feta, go ya ka dipotso tseo di neng di bodiwa. Gangwe le gape, modisa mongwe wa Mojeremane yo a neng a bua Sefora o ne a kopanela le rona.
Ereka ke ne ke na le Bibela e le nngwe fela, ke ne ka kwalela ba Red Cross kwa Geneva ke ba kopa gore ba nthomelele Dibibela tse dintsi ka moo ba ka kgonang ka gone. Nako e ne ya feta, mme kgabagare ke ne ka amogela sephuthelwana sa ntlha sa Dibibela tse di neng di setse di dirisitswe. Letsatsi lengwe ke ne ka bolelelwa go ya kwa ofising ya kampa ka gonne moeng mongwe, moemedi wa Red Cross, a ne a batla go mpona. E ne e le moruti wa Moporotesetanta. Go lebega a ne a akanya gore le nna ke ne ke le Moporotesetanta. O ne a swaba go sekae fa a ne a lemoga gore ke ne ke le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa!
Lefa go ntse jalo, o ne a le pelonomi a ba a nkakgolela seo ke neng ke se dira. O ne a ntlhomamisetsa gore ke ka tswelela go kopa Dibibela le gore ke ne ke tla di romelelwa. Seno se ne sa nna boammaaruri. Ka gone, ke ne ka kgona go aba mo e ka nnang Dibibela di le 300 mo nakong e ke e ntseng mo kampeng eo. Morago ga ntwa, abo go ne ga impedisa jang ne go utlwalela gore legolegwa lengwe la kwa Belgium leo le neng le bidiwa Wattiaux, yoo ke neng ka mo rerela fa ke le kwa kampeng kwa Stettin, o ne a amogetse boammaaruri!
Fa ke ntse ke tshwerwe kwa Jeremane, ke ne ka nna le tshiamelo ya go amogela dijo go tswa go balelapa la me. Ke ne ka fitlhela gore mo sephuthelwaneng sengwe le sengwe go ne go na le dijo tse di tlhwatlhwa-kgolo tsa semoya. Kgaitsadiake o ne a kwala dikgang tsa ditlhogo tsa Tora ya Tebelo mo pampiring e tshesane a bo a e tsenya mo diphuthelwaneng tsa makarone. Badisa ba ne ba seka ba di bona. Ke ne ka ba ka amogela le sekaelo sa buka Children mo sephuthelwaneng sengwe sa me sa dijo. Yone e ne ya itshupa e le molemo fela thata mo bodiheding jwa me.
Go Atolosa Bodihedi jwa Me
Jaaka ke ne ke le motho yo o baakanyang dikoloi, kgabagare ke ne ka abelwa go dira kwa bobaakanyetsong jwa dikoloi koo go neng go baakanngwa diterekere gone. Koo go ne go dira Majeremane a le 20, ao bontsi jwa one a neng a tsofetse thata go ka dira tiro ya bosole. Jalo ke ne ka dira boiteko jwa go ithuta Sejeremane go sekae. Keletso ya me e kgolo e ne e le go atolosa bodihedi jwa me le gore ke seka ka rerela fela magolegwa a a buang Sefora.
Lefa go ntse jalo, ke ne ka tshwanela go dira ka kelotlhoko, ka gonne badiri ba Majeremane ba ne ba tshaba go bua dikgopolo tsa bone phatlalatsa. Jalo ke ne ke bua le bone ka bongwe ka bongwe. Jaaka ka tlwaelo fela, ba ne ba itse Bibela fela thata, mme ba ne ba setse ba utlwaletse ka Basupi ba ga Jehofa. Ba bangwe ba ne ba bile ba itse gore Basupi ba bantsi ba ne ba rometswe kwa dikampeng tsa pogisetso.
Letsatsi lengwe le lengwe kwa bobaakanyetsong jwa dikoloi, ke ne ke felela ke buile le badiri-ka-nna ba le mmalwa ka boammaaruri. Bangwe ba ne ba reetsa molaetsa, mme motlhokomedi ene o ne a sa batle go reetsa. Ga go belaetse gore ke ne ka senya dilo fa ke ne ke kwala Jehovas Zeugen (Basupi ba ga Jehofa) mo tafoleng e a direlang mo go yone, go mo thusa go tlhaloganya gore ke mang. Monna yono o ne a lebega a tshogile fa a bona seo mme a phimola ka bonako. Mme ga a ka a nkotlhaya. Fa nako e ntse e tsamaya, badiri ba bangwe ba ne ba nna botsalano. Ebile tota, ba ne ba ntlela dijo tse dintsi mo eleng gore ke ne ke kgona go di abalana le magolegwa a mangwe kwa kampeng.
Jehofa, Kago e e Nonofileng ya Botshabelo
Fa dingwaga di ntse di tsamaya, ke ne ke ithutile gore go na le seo ka metlha re ka se direlang Jehofa le batho ba bangwe, lefa maemo a ka nna bokete jang. Stettin e ne ya thuntshiwa ka dibomo tse dintsi ka makgetlo a le mmalwa ke masole a Yuropa. Re ne ra leka go iphitlha kafa tlase mo mesimeng e e neng e khurumeditswe ka dipolanka le mmu. Seno e ne ya seka ya nna tshireletso ya sepe, ka gonne bontsintsi jwa magolegwa bo ne jwa latlhegelwa ke matshelo a bone mo mesimeng eo. Fa go ne go tlhaselwa ka difofane, ka dinako dingwe ke ne ke utlwa ekete go na le letsogo leo le neng le ntshwara mo lefifing, mme le bo le ntlogela fa tlhaselo e sena go feta. Ke ne ka seka ka itse gore e ne e le mang. Go lebega gore, magolegwa mangwe a ne a akanya gore ke ne ke sirelediwa ka mo go kgethegileng ka go bo ke ne ke bua ka Modimo.
Mo tlhaselong nngwe ya difofane, kampa ya rona e ne ya tshubiwa ka dibomo tse di fisang. Re ne ra sala fela re le rosi mo mebileng ya toropo mme ra bona dilo tse dintsi tse di tshosang. Batho bao ba neng ba fisiwa ke molelo ba ne ba itatlhela mo meseleng e metona ya Noka ya Oder e e neng e elela go ralala Stettin. Fa batho bano ba ba sheleng ba ne ba tswa mo metsing foseforase e ne e tswelela e ntse e sha mo go bone. Ba le bantsi ba ne ba swa.
Ka gonne masole a Russia a ne a atamela, re ne ra laelwa go tswa mo Stettin mme ra tsaya tsela e e yang kwa borwa kwa Neubrandenburg mme morago ra ya kwa Güstrow. Re ne re palame mo godimo ga terekere re tsamaya go bapa le tsela eo dibomo tsa Ma-Russia di neng di wela mo go yone gangwe le gape. Kgabagare dikoloi tsa ntwa tsa Russia di ne tsa re tshwara kwa Güstrow. Masole a Russia a a bogale a ne a busa toropo ka lobaka lwa beke. Masole a Boritane a ne a atamela, mme fa re ntse re emetse gore masole a kopane, baeteledipele ba Russia ba ne ba kgaoganya magolegwa a sesole le magolegwa a mangwe. Ba ne ba tshwara magolegwa a mangwe mme a mangwe (go akareletsa le nna) ba ne ba a neela Maboritane.
Go ne ga felela jalo. Dibeke di sekae moragonyana, ke ne ka iphitlhela ke le mo boemelong jwa terena kwa seteitšhaneng sa Gare du Nord mo Paris. Letsatsi le ne le setse le tla tlhaba. E ne e le fa gare ga May 1945, mme kgabagare ke ne ke boile, morago ga go tshwarwa ka dikgwedi di le 69.
Go Bona Dilo tse di Oketsegileng go di Direla Jehofa
Ka 1946 Mokgatlho o ne wa ntaleletsa gape go direla kwa Bethele, eo jaanong e neng e le kwa Montmorency, torotswana e e kwa bokone jwa Paris. Dikgwedi di sekae moragonyana, nna le Mokaulengwe Paul Dossman re ne ra abelwa go etela diphuthego mo Fora jaaka balebedi ba ba etang. Ka nako eo, go ne go na le Basupi ba le 2 000 fela mo nageng yotlhe. Gompieno, dingwaga tse di fetang 40 moragonyana, go na le baboledi ba ba fetang dikete tse di lekgolo.
Moragonyana ke ne ka bilediwa gape kwa Bethele, eo ka nako eo e neng e le mo kgaolong ya bonno ya Paris. Ka 1949, ke kgothadiwa ke bakaulengwe ba babedi ba barongwa go tswa England ke ne ka simolola go ithuta Seesemane—ke tshwanetse go dumela gore go ne go se motlhofo. Mo ngwageng o o latelang, ke ne ka bilediwa kwa Sekolong sa Bibela sa Watchtower sa Gilead.
Fa ke boela gape kwa Fora, ke ne ka direla ka nakwana mo tirong ya go eta, mme go tswa foo Mokgatlho o ne wa nkopa go direla jaaka morongwa kwa Afrika. Ka nako eo, ke ne ke setse ke nyetse Titica, kgaitsadi wa Mogerika. Re ne ra nna kwa Senegal dingwaga tse tlhano mme ra nna le tshiamelo ya go bona go tlhongwa ga phuthego ya ntlha kwa Dakar. Ka ntlha ya boitekanelo, re ne ra patelesega go boela kwa Fora moragonyana.
Jaanong ke mo ngwageng wa me wa bo-50 ke le mo tirelong ya nako e e tletseng mme ke ile ka ipelela go thusa batho ba ba fetang lekgolo go bona boammaaruri mo dingwageng tsotlhe tseo. Eleruri Jehofa o ile a tswelela a le molemo le go nthusa fela thata. Ke ile ka ithuta go tswa mo boitemogelong jwa botshelo gore lefa boemo jwa rona e ka nna bofe, ka metlha re ka bona tsela nngwe ya go galaletsa le go tlotla Modimo wa rona, Jehofa.
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Jean Queyroi le mosadi wa gagwe, Titica