Go Leka go Nna “Modiri Yo o Se Nang Se se Ka mo Tlhabisang Ditlhong”
JAAKA GO BOLETSE ANDRÉ SOPPA
Ntwa ya Lefatshe II e ne ya baka kgailo e e boitshegang mme ya tlogela batho ba le mo tlalelong. E re ka ke ne ke le mosupatsela mo Sesoleng sa Lewatle sa Jeremane gaufi le kwa Narvik, kwa Norway, ke ne ka iponela ka matlho bosetlhogo jwa motho mo go yo mongwe. E ne e tle e re bosigo fa re ipatikile gaufi le kgogometso, dipone tse dintle tsa legodimo tsa kwa bokone di ne di tle di dire gore ke akanye thata ka dilo tsa botshelo. Ke ne ke dumela ke sa belaele gore Modimo yo o bopileng dilo tse di ntseng jalo e ka se ka ya bo e le ene yo o bakang ntwa eo e e setlhogo.
KE TSHOTSWE ka 1923 kwa motsaneng o monnye wa Lassoth (o jaanong o leng mo Poland), gaufi le molelwane wa Czech, mme ke goletse mo lelapeng le le humanegileng le le neng le nna mo polaseng. Batsadi ba me e ne e le Bakatoliki mme bodumedi e ne e le selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa rona. Le fa go ntse jalo, ke ne ka simolola go nna le dipelaelo ka bodumedi jwa me ke sa le monnye. Mo motsaneng wa rona go ne go na le malapa a mararo a Baporotesetanta mme batho ba motse wa rona o o tletseng ka Bakatoliki ba ne ba a kgaphela kwa thoko. Ke ne ke ipotsa gore ke eng fa ba dirwa jalo. Kwa sekolong re ne re rutwa katekasima. Mme letsatsi lengwe e ne ya re fa ke kopa moruti gore a ntlhalosetse Tharonngwe o ne a nkaraba ka go nkgwathisa dithupa di le lesome. Le fa go ntse jalo, tiragalo nngwe e e neng ya direga ke le dingwaga tse 17 ke yone e e neng ya dira gore ke tlhoboge kereke le e leng go feta. Batsadi ba ga mmè ba ne ba tlhokafala kgwedi ka go latelana mme mmè o ne a se na madi a a lekaneng go ka duela kereke madi a diphitlho tse pedi. Ka jalo o ne a kopa moruti gore a mo letle go mo duela moragonyana. O ne a araba jaana: “Batsadi ba gago ba ne ba na le dithoto, a ga go jalo? Di rekise mme o dirise madi a tsone go tshwara phitlho.”
Dingwaga di sekae pele ga foo, morago ga gore Hitler a buse ka 1933, re ne re sa letlelelwa go bua Se-Poland; re ne re patelediwa go bua Sejeremane. Batho ba ba neng ba gana, kana ba ba neng ba sa kgone go ithuta Sejeremane, ba ne ba nyelela ka iketlo—moragonyana re ne ra bolelelwa gore ba ne ba romelwa kwa dikampeng tsa pogisetso. Tota le leina la motsana wa rona le ne la fetolelwa mo leineng la Sejeremane e leng, Grünfliess. Ke ne ka tlogela sekolo ke na le dingwaga di le 14, mme ka go bo ke ne ke se mo mokgatlhong wa Basha wa ga Hitler, ke ne ka nna le mathata a go bona tiro. Le fa go ntse jalo, kgabagare ke ne ka bona tiro ya go rutwa go nna mothudi wa ditshipi. Fa ntwa e sena go simolola, Hitler le masole a Jeremane a ne a aga a rapelelwa mo kerekeng. Ke ne ke tle ke ipotse gore a le masole a letlhakore le lengwe a ne a rapelela gore a fenye.
Go Bereka mo Sesoleng sa Lewatle sa Jeremane
Ka December 1941 ke ne ka ikwadisa mo Sesoleng sa Lewatle sa Jeremane mme mo masimologong a 1942 ka romelwa kwa lobopong lwa Norway go dira mo sekepeng sa botlhodi. Re ne ra abelwa tiro ya go tsamaya re tlhokometse dikepe tse di rweleng masole, marumo kana dithoto mo tseleng e e magareng a Trondheim le Oslo. Ke ka nako eo fa ke le mo lewatleng ke neng ka utlwa batsamai ka sekepe bangwe ba babedi ba bua ka bokhutlo jwa lefatshe jo bo boleletsweng pele mo Baebeleng. Le mororo ba ne ba tshaba go bua phatlalatsa, ba ne ba mpolelela gore batsadi ba bone ba kopanela le Basupi ba ga Jehofa mme bone ga ba a ka ba latela sekao sa bone. E ne e le la ntlha ke utlwa gore go na le Basupi ba ga Jehofa.
Fa ntwa e khutla, Baboritane ba ne ba re dira batshwarwa mme ba re naya Baamerika go re busetsa kwa Jeremane. Bangwe ba rona ba magae a bone jaanong a neng a wela mo karolong ya Soviet ba ne ba isiwa kwa kampeng ya kgolegelo kwa Liévin, kwa bokone jwa Fora, go ya go dira mo meepong ya magala. E ne e le ka August 1945. Ke gopola ke botsa mongwe wa badisakgolegelo ba Fora gore ke wa bodumedi bofe. O ne a re: “Ke Mokatoliki.” E re ka le nna ke ne ke le Mokatoliki ke ne ka mmotsa gore ke eng se se dirileng gore re nne baba? O ne a re: “Ga go tlhokege gore o batle go itse. Ke kafa dilo di leng ka teng.” Mo go nna, go ne go le boeleele gore batho ba bodumedi bo le bongwe ba lwe le go bolaana.
Lesedinyana Kwa Moepong wa Magala
Mo letsatsing la me la ntlha kwa moepong ke na le badiramoepong ba koo, monna mongwe yo o bidiwang Evans Emiot o ne a ntaletsa go ja disementšhisi tsa gagwe le ene. O ne a tswa kwa Ohio, kwa United States mme a na le dingwaga di sekae a nna mo Fora. O ne a ntlotlela ka lefatshe le go tla bong go se na ntwa mo go lone. Ke ne ka kgatlhiwa ke kafa a neng a le molemo ka teng. O ne a sa nkile le mororo ke ne ke le Mojeremane ene e le Moamerika. Re ne ra se ka ra tlhola re kopana gape go fitlha mo masimologong a 1948 fa a ne a nnaya bukana ya setlhogo se se reng “The Prince of Peace.” Kgabagare ke ne ka ithuta ka Modimo o o ratang molemo o o ilang ntwa—ene Modimo o ke neng ka akanya ka ene fa ke ne ke lebile dipone tsele tsa bokone. Ke ne ka ikaelela go senka bodumedi jo bo rutang dilo tseno. Mme e re ka Evans a ne a bereka kwa karolong e nngwe ya moepo, ke ne ka se ka ka kgona go ikgolaganya le ene. Ke ne ka etela madumedi a a farologaneng mo kampeng ya kgolegelo ke botsa gore a ba itse sengwe ka bukana eno, mme ka se ka ka atlega.
Kgabagare ka April 1948, ke ne ka gololwa mo kampeng ya kgolegelo mme ka nna mmereki yo o golotsweng. Mo Sontageng o o latelang ke ne ka gakgamadiwa ke go utlwa tleloko e lela mo mmileng. A bo ke ne ka itumela jang ne go bona Evans! O ne a na le setlhopha sa Basupi ba ga Jehofa ba tsentse diboto tse di phasalatsang setlhogo sa puo ya phatlalatsa. Mosupi yo o neng a letsa tleloko e ne e le Marceau Leroy, yo gone jaanong e leng leloko la Komiti ya Lekala kwa Fora. Ke ne ka itsisiwe Mo-Poland mongwe yo o buang Sejeremane yo leina la gagwe e leng Joseph Kulczak, yo o ileng a boga thata mo dikampeng tsa pogisetso ka ntlha ya tumelo ya gagwe. O ne a ntaletsa go tla kwa dipokanong mo maitseboeng ao. Ke ne ka se ka ka tlhaloganya bontsi jwa dilo tse di neng di buiwa koo, le fa go ntse jalo, e ne ya re fa mongwe le mongwe yo o neng a le gone a tsholetsa letsogo, ke ne ka botsa motho yo ke neng ke bapile le ene gore ke eng fa ba ne ba dira jalo. “Ke ba ba yang go rera kwa Dunkerque beke e e tlang.” Ke ne ka botsa jaana: “A le nna nka ya?” O ne a araba a re: “Ee!” Ka jalo mo Sontageng se se latelang ke fa ke rera ka ntlo le ntlo. Le fa bangwe ba batho ba re neng re kopana le bone ba ne ba sa rate, ke ne ka itumelela tiro eno mme go ise go ye kae ke fa ke setse ke rera ka metlha.
Go Ithuta go Laola Kgalefo ya Me
Ka bonako morago ga foo, Basupi ba ne ba simolola go rera mo dikomponeng tse mo go tsone go neng go nna bagolegwa ba Bajeremane ba ba neng ba golotswe. Seno se ne sa nketefaletsa dilo ka gonne ke ne ke itsege thata koo ke le motho yo o bogale. Fa mongwe a ne a sa ntseye tsia, ke ne ke tle ke mo tshose ke re: “Fa o sa ikele tlhoko, o tla tloga o di gama o sa di tlhapela.” Nako nngwe fa re ne re bereka mo moepong ke ile ka ba ka itaya mongwe yo o neng a sotla ka Jehofa ka lebole.
Le fa go ntse jalo, ka thuso ya ga Jehofa ke ne ka kgona go fetola botho jwa me. Letsatsi lengwe fa re ne re rera mo dikomponeng tseno, setlhopha sengwe sa banna ba ba neng ba nole bojalwa thata se ne sa tshwenya Basupi bangwe. E re ka mokaulengwe yo ke neng ke na le ene a ne a itse gore ke galefa ka bonako, o ne a leka go nthiba gore ke se ka ka tsena mo kgannyeng eo, le fa go ntse jalo mongwe wa banna bano o ne a nkatamela mme a apola baki ya gagwe. Ke ne ka fologa baesekele ya me ka mo naya yone gore a e tshware, mme ka tsenya matsogo mo dipotleng. Seo se ne sa mo gakgamatsa thata mo a ileng a ba a reetsa se ke neng ke se bua. Ke ne ka re a ye gae a ye go robala mme fa a tsoga a tle puong ya phatlalatsa. Ga o ka ke wa dumela gore ka 3:00 p.m. ke fa a le gone! Kgabagare batho ba le 20 ba e neng e kile ya bo e le bagolegwa ba ne ba amogela molaetsa. Mme nna, ke ne ka kolobediwa ka September 1948.
Tiro e Ntsi Mme Gone e Itumedisa
Ke ne ka abelwa maikarabelo a go tlhokomela ditshimo tse re neng re rera mo go tsone le go senka mafelo a re neng re tla tshwarela dipuo tsa phatlalatsa mo go one. Ka ntlha ya seno, ka dinako tse dingwe ke ne ke tsaya mesepele ya dikilometara di ka nna 50 ka sethuthuthu sa me se sennye pele ga ke ya tirong ya bosigo kwa meepong. Mme mo mafelobekeng, re ne re ya tshimong eo ka bese re bo re tlogela baboledi ba babedi kana ba banè le sebui. Mo ditoropong tse dikgolo, fa re sena go bona lefelo le le siameng, re ne re tlhatlhaganya disutukeise tsa rona go dira setlhomo sa sebui. Gantsi re ne re rwala diboto tse mo go tsone re neng re phasalatsa dipuo tsa phatlhalatsa re laletsa batho ka tsone.
Ka 1951 ke ne ka kopana le Jeannette Chauffour, Mosupi wa kwa Reims. Re ne ra ratana la ntlha fela fa re bonana mme ngwaga morago ga foo ka May 17, 1952 ra nyalana. Re ne ra fudugela kwa Pecquencourt, toropo ya meepo e e gaufi le Douai. Mme ka bonako fela morago ga foo, ke ne ka simolola go lwala. Go ne ga fitlhelwa gore ke tshwerwe ke silicosis, bolwetse jwa khemo jo bo bakilweng ke go bereka kwa meepong, le fa go ntse jalo, ke ne ke sa kgone go bona mmereko o sele. Ka jalo ka 1955, ka nako ya kopano ya ditšhabatšhaba kwa Nuremberg, kwa Jeremane, fa re ne re kopiwa go ya go thusa phuthego e nnye kwa Kehl, toropo e nnye ya madirelo kwa Rhine, re ne re gololesegile go ka fudugela koo. Ka nako eo go ne go na le baboledi ba le 45 fela mo phuthegong. Mo dingwageng tse di fetang tse supa tse re di feditseng re bereka le phuthego eno, palo ya baboledi e ne ya oketsega go nna 95.
Dikabelo Tse Dingwe Tsa Tirelo
E re ka phuthego eno e ne e setse e godile, re ne ra kopa Mokgatlho gore o re abele kwa Fora go ya go nna babulatsela ba ba kgethegileng. Re ne ra gakgamala tota fa re abelwa go ya kwa Paris. Dikgwedi tse robedi tse re di feditseng re le koo di ne di itumedisa tota. Nna le Jeannette re ne ra nna le tshiamelo ya go ithuta Baebele le batho ba le 42. Ba le batlhano ba batho bano ba ne ba kolobediwa re sa le gone koo, mme ba bangwe ba le 11 ba ne ba amogela boammaaruri moragonyana.
E re ka re ne re nna mo Latin Quarter (motse o go nnang baithuti mo go one), gantsi re ne re tle re kopane le boporofesa ba Sorbonne. Porofesa mongwe wa filosofi yo o neng a le mo bodumeding jo bo fodisang batho ka go ba rapelela o ne a ithuta Baebele mme kgabagare a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Letsatsi lengwe ke ne ka simolola motlotlo wa Baebele le moenjeniri mongwe wa tsa kago yo o neng a tsalana thata le baruti ba Bajesuite. O ne a tla mo ntlong ya rona mo e ka nnang ka ura ya boraro mo thapameng mme a bo a tsamaya ka ura ya lesome mo maitseboeng ao. Re ne ra gakgamala fa re mmona gape a boile ura le sephatlo morago ga foo. O ile a bua le Mojesuite yo o neng a palelwa ke go araba dipotso tsa gagwe ka boporofeti jwa Baebele. Ka ura ya bongwe mo mosong, o ne a ya gae, mme a bo a boa gape ka ura ya bosupa. Fa go ntse go ya le ene o ne a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Tsela e e ntseng jalo ya go nyorelwa boammaaruri e ne e re kgothatsa thata nna le mogatsake.
Morago ga go abelwa kwa Paris, ke ne ka lalediwa go ya go nna molebedi wa potologo kwa botlhaba jwa Fora. Go ne go re itumedisa tota go etela diphuthego tse di buang Sefora le Sejeremane, re nonotsha bakaulengwe. Ka nako ya fa re ne re etetse phuthego ya Rombas, kwa Lorraine, ke ne ka kopana le Stanislas Ambroszczak. E ne e le Mo-Poland yo e neng e le lesole la disapomarine tsa masole a Semphato ka nako ya ntwa mme a kile a lwa mo lewatleng la Norway. Re ne re kile ra bo re le mo matlhakoreng a a lwantshanang mo lewatleng leo. Jaanong re ne re le bakaulengwe re direla Modimo wa rona Jehofa mmogo. Ka nako nngwe gape ke ne ka bona motho mongwe yo ke neng ke mo itse, kwa kopanong kwa Paris. E ne e le molaodi wa kampa e ke neng ka nna mogolegwa kwa go yone kwa bokone jwa Fora. A bo re ne ra itumelela go dira mmogo jang ne mo kopanong eo! Ke kafa Lefoko la Modimo le nang le maatla ka teng go fetola batho ba e kileng ya bo e le baba go nna bakaulengwe le ditsala tse dikgolo!
Ka maswabi, morago ga go fetsa dingwaga di le 14 mo tirong ya go eta ke ne ka tshwanelwa ke go e tlogela ka ntlha ya go lwala. Le fa go ntse jalo, nna le mosadi wa me re ne ra ikemisetsa go tswelela pele re direla Jehofa ka bojotlhe ka mo re ka kgonang ka teng. Ka jalo re ne ra bona bonno le tiro kwa toropong ya Mulhouse kwa botlhaba jwa Fora, mme ra nna babulatsela (bareri ba nako e tletseng).
Sengwe gape se se ileng sa intumedisa thata ke seabe se ke nnileng le sone mo go ageng Diholo Tsa Bogosi. Ka 1985, ke ne ka kopiwa go rulaganya setlhopha sa go aga kwa botlhaba jwa Fora. Ka go dirisa badiri ba ba nang le bokgoni le ka go thapisa baithaopi ba ba neng ba rata go thusa re ne ra kgona go dira setlhopha se se ileng sa nna le seabe mo go ageng kana mo go tlhabololeng diholo di le 80 re dira gore di tshwanele kobamelo ya ga Jehofa. Mme a bo ke ile ka itumela jang ne ka 1993 fa ke ne ke nna le seabe mo go ageng Holo ya Kopano le Diholo Tsa Bogosi di le tlhano kwa French Guiana, kwa Amerika Borwa!
Go Gatela Pele Le fa Re le mo Ditekong
Nka bua ka tlhomamo gore mo dingwageng tse 50 tse ke di feditseng mo tirong ya puso ya Modimo, ke nnile le dilo tse dintsi tse di itumedisang thata le ditshiamelo tsa tirelo. Ka maswabi, ka December 1995 mogatsake yo ke mo ratang yo re feditseng dingwaga tse 43 le ene, o ne a tlhokafala. Le mororo eno e nnile nako ya khutsafalo—le gompieno ke sa ntse ke hutsafetse—Jehofa o a nnonotsha, mme bakaulengwe le bokgaitsadiake ba semoya le bone ba ile ba mpontsha lorato le go nkema nokeng e leng se se dirang gore khutsafalo ya me e okobale fa nako e ntse e ya.
Ke sa ntse ke gopola sentle mafoko a mokaulengwe mongwe wa motlodiwa kwa kopanong ya kwa Munich, kwa Jeremane ka 1963. O ne a re: “André, se lebe ka fa molemeng kana ka fa mojeng. Bakaulengwe kwa dikampeng tsa pogisetso ba ile ba lekwa thata. Jaanong ke boikarabelo jwa rona gore re gatele pele. Le ka motlha ga re a tshwanela go ikutlwela botlhoko. Ka jalo, gatela pele!” Ga nke ke lebala mafoko ano. E re ka jaanong ke sa kgone go tlhola ke dira go le gontsi ka ntlha ya go lwala le go tsofala, ka metlha ke ikgomotsa ka mafoko a Bahebera 6:10: “Modimo ga o tshiamololo mo o ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la one.” Ee, go direla Jehofa ke tshiamelo e kgolo go gaisa epe fela e motho a ka nnang le yone. Mo dingwageng tse 50 tse di fetileng, mokgele wa me e nnile gore, e bile e sa ntse e le gore, ke nne “modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong.”—2 Timotheo 2:15.
[Setshwantsho mo go tsebe 22]
Mofuta wa mokoro o ke neng ke bereka mo go one kwa kgogometsong kwa Norway
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Ke rera ka baesekele kwa bokone jwa Fora
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Disutukeise tse di tlhatlhagantsweng go dira setlhomo sa sebui sa puo ya phatlalatsa
[Ditshwantsho mo go tsebe 24]
Ke na le mogatsake, Jeannette, mo lenyalong la rona ka 1952