LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 5/1 ts. 4-7
  • Bibela—Kaelo E E Ka Thusang Batho Ba Segompieno

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bibela—Kaelo E E Ka Thusang Batho Ba Segompieno
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ipolokele Botlhale jo bo Nang le Mosola
  • Go Laola go Ngomoga Pelo
    Tsogang!—2010
  • Go Ngomoga Pelo go ka Laolwa!
    Tsogang!—1998
  • O ka Kgona go Laola go Ngomoga Pelo!
    Tsogang!—2005
  • Lebaka La go Bo Baebele e le Mosola mo Motlheng wa Rona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 5/1 ts. 4-7

Bibela—Kaelo E E Ka Thusang Batho Ba Segompieno

“Lokwalo longwe le longwe lo kwadilwe ka tlhotlheletso ya Modimo mme e bile lo ka dirisiwa ka tsela e e molemo . . . go kaela matshelo a batho.”—2 Timotheo 3:16, “The Jerusalem Bible.”

TEMANA eno e tlhalosa lebaka la konokono la go bo Bibela e thusa mo motlheng wa rona. E tlhotlheleditswe ke Modimo. Ereka re bopilwe ke Modimo, ga go na motho ope yo o nang le kitso ka ga mebele ya rona, megopolo ya rona, maikutlo a rona, le dilo tse re di tlhokang go feta ka tsela e a re itseng ka teng. Kgosi ya Moiseraele ebong Dafide o kile a bua jaana ka Jehofa Modimo: “Matlhō a gago a na a bōna go nna ga me ke e se ke bopege, me mo lokwaloñ loa gago go no go kwadilwe ditokololō cotlhe tsa me.” (Pesalema 139:16) Fa e le gore Mmopi wa rona o re itse go le kalo, go a tshwanela he gore re sekaseke kgakololo le kaelo ya gagwe malebana le gore ke jang re ka bonang boitumelo le katlego mo botshelong.

Maitemogelo a bontshitse gore melaometheo ya Bibela e a thusa gape e ka ikanngwa mo motlheng wa rona. E bile gape e opa kgomo lonaka. Fano go latela dikai di le nnè tse di supang gore letsatsi lengwe le lengwe Bibela e a thusa.

Dikamano Tsa Batho Le Ba Bangwe le Boitshwaro jwa Motho ka Namana: Bibela e rotloetsa gore batho ba nne le maitsholo a a siamang a a ka dirang gore ba nne le dikamano tse di itumedisang, le tse di atlegang le ba bangwe. Ka sekai, morafe wa Iseraele o ne wa laelwa jaana: “U se ka ua ipusholosetsa, leha e le go nna ka pelo e e boshula . . . me u ratè oa ga eno yaka u ithata.” (Lefitiko 19:18) Le mororo re se ka fa tlase ga molao wa Iseraele, go latela melaometheo ya Bibela go ka re thusa gore re tshedisane ka kagiso le bangkarona. Ka sekai, akanya fela gore batho ba ne ba ka kgona go rarabolola mathata a le mantsi go le kana kang fa mongwe le mongwe a ne a ka leka go tlhagolela dinonofo tsa semoya tse di fitlhelwang mo go Bagalatia 5:22, 23: “Louñō loa Mōea ke loratō, le boitumèlō, le kagishō, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemō, le boikañō, le boiñōtlō, le boikgapō: dilō tse, ga di añwe ke molaō opè.”—Bapisa Baroma 8:5, 6.

Ka maswabi, fa mathata a botshelo a ntse a gola, gantsi go tsoga matshwenyego le dikgotlhang. Mo maemong a a ntseng jalo, go dirisa mafoko a tlhagiso a a fitlhelwang mo go Diane 29:11 go ka re thusa gore re tswe mo mathateng a mantsi. “Seeleele se tle se bolèle bogale yotlhe yoa shōna: me motho eo o botlhale oa bo kganèla a bo didimatse.”—Bapisa Diane 15:1; Mathaio 7:12; Bakolosa 3:12-14.

Kgakololo e e molemo tota—lefa go le jalo a gone tota e na le mosola mo botshelong? Tsaya kgang ya monna mongwe wa kwa Fora yo o neng a na le bothata jo bo masisi jwa go nna pelokhutshwane. O ne a tlhola a tsena mo mathateng gantsintsi fela, tota le mo kgolegelong, ka ntlha ya go tlhola a lole le batho. Lebaka la go bo e ne e le setswerere mo maboleng le ne la oketsa bothata jwa gagwe le go feta. Letsatsi lengwe monna yono o ne a omana le rraagwe. E ne ya re ka ponyo ya leitlho fela a iphitlhela a karaladitse rraagwe ka motlhana fa fatshe ka lebole. Ba ne ba simolola go tlhoana lebekebeke.

E ne ya re fa nako e ntse e feta, monna yono a kopana le Basupi ba ga Jehofa mme a simolola go ithuta melaometheo ya Bibela. Seno se ne sa mo tlhotlheletsa gore a sekaseke ka tlhoafalo tsela e a neng a itshwara ka yone mo bathong ba bangwe. O ne a leka ka natla go simolola go fetola mokgwa o a neng a itshwara ka one mo bathong, mme a simolola go nna bonolo. Mme e ne ya re letsatsi lengwe a boela kwa go rraagwe go ya go agisana le ene. Rraagwe o ne a gakgamadiwa thata ke tsela eo morwawe a neng a fetogile ka yone mo ba neng ba boa ba utlwana gape.

Seno ke sengwe sa dikai di le dintsi tse di supang gore mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo a boammaaruri: “Gonne lehoko ya Modimo le tshedile, le tlhaga, le bogale go heta dichaka cotlhe tse di magale mabedi, . . . me le boheho go lemoga megopolō le maikaèlèlō a pelo.”—Bahebera 4:12.

Botshelo jwa Lelapa: A lelapa la gago le itumetse? Malapa a le mantsi ga a nna jalo. “Jaanong go tlhomamisega tota gore setheo sa lelapa se lebane le matshosetsi,” go akgela jalo The Natal Witness, pampiri ya dikgang ya Afrika Borwa, mme e oketsa ka go re “bana ba gompieno ba tsholwa mo motlheng o setšhaba se fetogang fela thata.”

Lefa go ntse jalo, Bibela e tletse ka dikgakololo tse di nang le mosola tota tseo maikaelelo a tsone e leng go thusa malapa go atlega le fa mathata a tlhaga. Ka sekai, Bibela e bolela jaana malebana le seabe sa banna mo lelapeng: “Banna le bōnè ba chwanetse go rata basadi ba bōnè . . . yaka e ka bo e le mebele ya bōnè.” Fa monna a diragatsa maikarabelo ano, mosadi wa gagwe le ene a ka itumelela go mo direla se se tshwanang ka go nna le “[tlotlo e e boteng go] monna oa gagwè.” (Baefesia 5:25-29, 33) Go buiwa ka kamano eo e tshwanetseng go nna gone gareng ga bana le batsadi mo go Baefesia 6:4: “Le lona borra bana, lo se ka loa rumola bana ba lona go ba gakatsa: me lo ba godisetsè mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.” Seno le sone, se dira gore mo lelapeng go nne motlhofo mo baneng go latela taelo ya Bibela ya go utlwa batsadi ba bone.—Baefesia 6:1.

Dintlha tse di fa godimo fano ke dikai di le mmalwa fela tsa dilo tseo Bibela e buang ka tsone malebana le botshelo jwa lelapa. Ka go latela kaelo ya Modimo, batho ba le bantsi ba ile ba atlega le go itumela mo magaeng a bone. Edward yo e leng rre wa bana ba babedi, o tlhalosa molemo o a ileng a iponela one ka ntlha ya go dirisa melaometheo ya Bibela. O gakologelwa jaana: “Lenyalo la me le ne le thubega. Ke ne ke se na nako ya go nna le kamano e e molemo le bongwanake. Selo se le sengwe se se neng sa re momaganya e ne ya nna go dirisa seo Bibela e se bolelang malebana le botshelo jwa lelapa.”—Diane 13:24; 24:3; Bakolosa 3:18-21; 1 Petere 3:1-7.

Boitekanelo jwa Tlhaloganyo, Mmele le Maikutlo: Dipatlisiso di ile tsa bontsha gore boitekanelo jwa motho jwa mmele bo amana ka selekanyo se se rileng le jwa tlhaloganyo le maikutlo. The World Book Encyclopedia e bolela gore: “Matshwao a a tlwaelegileng a go gatelelwa mo maikutlong a kopanyeletsa go nna le pelo e e itaang ka lebelo le legolo, kgatelelo e e kwa godimo ya madi, go gagamala mesifa, go lapa tlhaloganyo, le go sa kgoneng go tlhoma mogopolo mo dilong.” Lefa go le jalo, bangwe ba dumela gore tsela e nngwe ya go fokotsa go gatelelwa mo maikutlong ke go dira tiro nngwe e e go tlhokang gore o dirise mašetla mo go yone. Pampiri ya dikgang ya Afrika Borwa ya The Star, e bolela gore, “motshameko wa mabole e ka nna selo se segolo se se ka kokobetsang kgatelelo ya maikutlo.” E nopola mantswe a mogakolodi wa tsa go itekanela ebong Jannie Claasens fa a re: “Fa mosadi a ka tswa a ile a nna le letsatsi le le sa itumediseng, a ka fokotsa kgatelelo ya maikutlo ka go itaya kgetsi eo borramabole ba ikatisang ka yone.”

Lefa go le jalo, a go ne go se kitla go nna botoka go gaisa fa motho a ne a ka ithuta go laola lebaka la konokono la go sulafala mo moeng? Mo lokwalodikgannyeng lwa Stress—The Modern Scourge, Dr. Michael Slutzkin o bolela gore “go lemoga kgatelelo ya maikutlo go botlhokwa thata . . . ka gonne dilo di le dintsi tse di e bakang di ka alafiwa.” O oketsa ka go re “go laola kgatelelo ya maikutlo . . . go ka nna ga ba ga dira gore go fola go tle ka bofefo tlase ga mabaka mangwe a a farologaneng.”

Bibela e tlhalosa tsela e e molemo thata e e ka dirang gore motho a kgone go laola kgatelelo ya maikutlo: “Lo se ka loa tlhobaediwa ke sepè; me mo diloñ cotlhe a ditōpō tsa lona di itsisewè Modimo . . . me kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe, e tla dibèlèla dipelo tsa lona le megopolō ea lona mo go Keresete Yesu.” (Bafilipi 4:6, 7) Go laola kgatelelo ya maikutlo ka tsela eno go na le mesola e le mentsi—le mo mmeleng tota. Seane sengwe sa Bibela se baya kgang eno jaana: “Pelo e e thethebetseñ hèla ke botshelō joa nama.” (Diane 14:30) Seane se sengwe sone se re: “Pelo e e nntseñ mokete ke kalahō e e molemō: me mōea o o phatlogileñ o omeletsa marapō.”—Diane 17:22.

Ba le bantsi ba leka go tila kgatelelo ya maikutlo le go lapa tlhaloganyo ka go ikaega ka motsoko, bojalwa le diokobatsi. Go na le bosupi jo bo seng kana ka sepe jo bo bontshang dikgobalo tse di nnang gone ka ntlha ya go tshwakgolwa ke dilo tseno. Le gone, Bibela ga e bolo go nna e kgothaletsa go ikeha “mo maitshekologoñ aotlhe a nama.” (2 Bakorintha 7:1; bapisa Diane 23:29-35.) Eleruri, go tila ditlwaelo tse di tshwanang le tseno tse di gobatsang ke tshireletso ya mmatota mo lefatsheng la gompieno.

Tiro, Madi, le go Ikanyega: Botshwakga ga bo ke bo duela ka gope. Diane 20:4 ya re: “Serorobe se tle se gane go lema ka go bo go le mariga: ke gōna ka mouō e tla reñ go rōywa o tla kopa, me o tla bo a sa bone sepè.” Ka fa letlhakoreng le lengwe go dira ka natla go a duela. Baefesia 4:28 ya re: “Eo o ucwileñ a a se tlhole a ucwa.” Lekwalo leno le oketsa ka go re go botoka gore motho a “dihè [ka natla], a dihè se se molemō ka diatla tsa gagwè, gore a tlè a dihanè le se o ka se naeañ eo o tlhōkañ.”—Bapisa Diane 13:4.

A o ne o itse gore melaometheo ya Bibela e ka dirisiwa le mo dikamanong tsa kwa tirong tota? Badiri, fela jaaka “batlhanka” ba metlha ya Bibela, ba tla bo ba dira sentle go “[utlwa] mo diloñ cotlhe ba e leñ beñ ba [bone] kaha nameñ.” Ka fa letlhakoreng le lengwe, bathapi kana “beñ,” ba tshwanetse go “[direla] batlhanka ba [bone] ka se e leñ tshiamō le tekanyō.”—Bakolosa 3:22-24; 4:1; bapisa 1 Petere 2:18-20.

Bibela e bua go le gontsi thata ka ga ditsela tse di ikanyegang tsa kgwebo. Lefa gone ka maswabi boikanyego bo seyo mo metlheng ya gompieno, go le gantsi ke nonofo e batho ba e eletsang le go e rata. Ke yone e Bibela e e gatelelang thata. Nako nngwe Jesu o kile a re: “Eo o ikanyègañ mo go se sennye, o ikanyèga le mo go se segolo; me eo o sa siamañ mo go se sennye, ga aa siama le mo go se segolo.”—Luke 16:10; bapisa Diane 20:10; 22:22, 23; Luke 6:31.

Mo nageng nngwe ya Afrika, intaseteri ya diteemane e ne e aparetswe ke bogodu jo bogolo le boferefere. Go ne ga dirwa tshwetso ya gore go tlhophiwe motho yo mosha gore a e tlhokomele. Ditona tsa puso di ne tsa kopiwa go tlisa maina a batho bao ba neng ba akanya gore ba tla siamela tiro eo. Ka nako ya fa khuduthamaga ya puso e ne e kopane go tla go dira tshwetso, maina a batho ba ba neng ba tlhopilwe a ne a phimolwa ka bongwe ka bongwe bogolo jang ka ntlha ya go nyalanngwa le boferefere. Kgabagare, ba ne ba fitlha mo leineng la bofelo mo lenaaneng leo—leina la motho yo o neng a tlhophilwe ke tautona ka namana.

Tona nngwe e ne ya ngongorega ka go re: “Mme kana motho yoo ga se leloko la phathi ya rona!”

Tautona o ne a araba ka go re maemo ao ga se a bopolotiki.

Tona e nngwe e ne ya re: “Ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa.”

Tautona o ne a re: “Mme e bile leo ke lone lebaka le le dirang gore a tshwanelwe ke tiro eno.” O ne gape a oketsa jaana: “Re a itse go re ke batho ba ba ikanyegang, mme re batla ene motho yo o ntseng jalo. Re a itse gore re ka mo ikanya.”

Ee, bao ba tshelang tumalanong le melaometheo ya Bibela gantsi ba fitlhela gore seo se dira gore ba solegelwe molemo le e leng mo lefatsheng la gompieno.

Ipolokele Botlhale jo bo Nang le Mosola

Re ile ra sekaseka dikai di se kae fela tse di bontshang gore go “bōna kico ea Modimo” go kaya eng. (Diane 2:1-9) Go na le kgakololo e ntsi e e opang kgomo lonaka, le e e mosola mo Bibeleng. Melaometheo e e malebana le dilo tse di jaaka go nna phepa, go dira ka natla, puisano, tlhakanelodikobo, tlhalo, go duela makgetho, go lepalepana le go farologana le ba bangwe ka botho, le go itshokela lehuma ke dingwe tsa dilo tse di amang botshelo tse Bibela e tlotlang ka tsone. Batho ba le dimilione ba ka ntsha bosupi jwa gore pharologano eo e nnileng gone gareng ga katlego le go retelelwa ga bone mo botshelong e ne e ikaegile ka selekanyo se ba neng ba dirisa melaometheo ya Bibela ka sone.

Lefa gone motho a ka kgona go solegelwa molemo ke Bibela gone jaanong, e santse gape e solofetsa melemo e mengwe gape e e tla tsayang lobaka lo loleele e ntse e le gone. Ka sekai, Bibela e solofetsa gore selo sa konokono seo se bakang matshwenyego le go boga mo lefatsheng la segompieno go ise go ye kae Modimo o tla tsaya kgato go se tlosa.—Daniele 2:44; 2 Petere 3:11-13; Tshenolō 21:1-5.

Ka gone, re go rotloetsa gore o ithute go le gontsi ka mo o ka kgonang ka gone ka ga Bibela. Fa e le gore ga o na sekaelo sa yone, dira gore o nne le sone. Bagatisi ba makasine ono ba tla itumelela go go thusa. Fela jaaka batho ba le bantsi ba ile ba solegelwa molemo ke go dirisa dikgakololo tse di mosola tsa Bibela, le wena o ka thusiwa go tlhaloganya boleng jwa Lefoko la Modimo, gone jaanong le mo isagweng.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Bibela ke kaelo e e thusang go dira gore botshelo jwa lelapa bo itumedise

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela