LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 5/1 ts. 27
  • Boikanyegi Bo Buelela Tirelo ya Rona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boikanyegi Bo Buelela Tirelo ya Rona
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ikanyege mo Dilong Tsotlhe
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Go Ikanyega go Raya Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Pego ya Baboledi ba Bogosi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Go Itsise Bogosi Jwa Modimo Kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Fiji
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 5/1 ts. 27

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Boikanyegi Bo Buelela Tirelo ya Rona

BOIKANYEGI ke selo sa botlhokwa se Bakeresete ba tshwanetseng go nna le sone. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana mo go Bahebera 13:18: “Rea tlhōmamisa ha re na le segakolodi se se siameñ, re eletsa go tshela ka go tlhōka macoketsane mo diloñ cotlhe.” Go dirisa ga rona boikanyegi go ‘kgabisa thuto ya Modimo Moreboloki mo dilong tsotlhe.’ (Tito 2:10) Go ikanyega, mmogo le go rerwa ga Bogosi go go neng ga dirwa ke Bakeresete ba babedi ba kwa nageng ya Tonga e e busiwang ke kgosi mo Pacific Borwa go neela bosupi jo bo nonofileng. Ofisi ya lekala la Mokgatlho wa Watch Tower ya kwa Samoa Bophirima e tlhalosa jaana:

“E ne e setse e le dingwaga di le dintsi banyalani bangwe ba Basupi ba ntse ba bua kaga Bogosi jwa Modimo le batho ba ba neng ba nna mo metseng e mene e e neng e le mo setlhaketlhakeng sa bone mme lefa go ntse jalo go sena matswela ape a a bonalang. Ka nako eo, fa monna a ne a lwala, mosadi o ne a tshwanelwa ke go tlhokomela polantasi ya bone mme a bo a kgaola le go anega copra, eleng sone fela selo se se neng se ka kgona go ba thusa ka madi. Fa nako e fitlha ya gore batho ba ba rekang copra ba e tlhatlhobe, o ne a fitlhela gore kgetsi ya mongwe e ne e tlhakane le dikgetsi tsa gagwe tse tlhano. Batho ba motse ba ne ba mo tlhotlheletsa gore a ipolokele kgetsi eo e nngwe le gore a e tseye jaaka lesego le le tswang kwa Modimong. Lefa go ntse jalo, kgaitsadi yoo o ne a gana, mme le eleng fa a ne a duelwa madi a dikgetsi di le thataro, o ne a batla go amogela fela madi a a neng a tshwanetse go a neelwa. Boikanyegi jwa gagwe bo ne jwa lemogiwa.

“Moragonyana, fa monna wa gagwe a ne a tshwanela ke go tsaya loeto go ya kwa setlhaketlhakeng se sengwe, mong wa lebentlele o ne a mo kopa gore a mo rekele dilwana dingwe. Mosupi yoo o ne a dira fela jaaka a ne a kopilwe mme a busetsa monna yoo madi a a neng a sala fa a sena go reka. Monna yoo o ne a gakgamala tota. O ne a re e ne e le la ntlha a bona motho a busa madi a a setseng. Ka metlha e ne e re fa a kopa bangwe gore ba mo rekele dilo dingwe, ba ne ba itseela madi a a setseng. Nako nngwe fa Mosupi yoo a ne a tlhoka sengwe mo lebenkeleng la monna yono, monna yoo o ne a mo naya selotlolo sa lebentlele, a mo laela gore a tseye dilo tse a neng a di tlhoka mme a bo a tlogela madi mo lebentleleng. Batho bangwe ba ba neng ba le gone ba ne ba botsa mong wa lebentlele gore ke eng fa a naya Mosupi yoo selotlolo sa lebentlele mme bone a sa se ba neye. Mong wa lebentlele o ne a tlhalosa gore Mosupi yoo e ne e le ene fela motho yo a neng a ka mo ikanya mo motseng oo.

“Batho ba motse ba tlhola ba tlotla ka boitshwaro jo bontle jwa banyalani bano. Basupi bao ba itsege gore ke batho ba ba ikanyegang, gore ga ba tseye letlhakore mo dipolotiking, le gore ba supa kaga Bogosi jwa Modimo eleng sengwe se se supang pharologanyo magareng ga seo batho ba motse ba se dumelang le dilo tseo Bibela e di rutang. Jaanong fa go tlhaga dipotso tse di mabapi le Bibela, batho gantsi ba ya kwa Basuping bao go bona dikarabo. Monna o kile a ba a tsoga bosigo, a ya kwa kokoanong nngwe ya motse, mme a fitlha a araba dipotso tse di neng di botswa mabapi le kgang nngwe mo Bibeleng. Fa a ile kwa diphitlhong tsa motse, gantsi o ne a kopiwa gore a supe gore Bibela ya reng kaga loso, mme se a neng a se bua se ne se amogelwa.”

Ka jalo, go ikanyega ga banyalani bano ba Basupi le go rera ga bone ka Bogosi go neela bosupi jo bo molemo mo setlhaketlhakeng seno se sentle sa Pacific Borwa. Ba solofela gore bangwe ba bone ba tla ithuta Bibela le go emela boammaaruri. Fa ba ka dira jalo, tota Jehofa Modimo o tla ba segofatsa.—Yohane 8:32.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela