LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 7/1 ts. 7
  • Pego ya Baboledi ba Bogosi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Pego ya Baboledi ba Bogosi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tuelo ya go Ikanyega
  • Basha ba kwa Italy ba Itirela Ditshono tsa go Supa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Boikanyegi Bo Buelela Tirelo ya Rona
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Go Thusa Batho ba ba “Nyorilweng” Kwa Russia
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ikanyege mo Dilong Tsotlhe
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 7/1 ts. 7

Pego ya Baboledi ba Bogosi

◻ BARUTWA ba le bantsi ba ga Keresete ba phuthego ya Bokeresete ba ne ba phatlaladiwa ke “pogishō e kgolo” e e neng e le kgatlhanong le bone. (Ditihō 8:1) Lefa go ntse jalo, pogiso eno e ne ya dira se se kgatlhanong le boikaelelo jwa yone ka gonne ba ba neng ba faladitswe ba ne ba “tsamaea tsamaea ba èta ba rèra lehoko.” (Ditihō 8:4) Filipo o ne a tswelela pele a rera mme “machutichuti a èla dilo tse di bolelwañ . . . tlhōkō ka boñwe hèla yoa pelo.” (Ditihō 8:6) Pogiso e ne ya dira se se kgatlhanong le boikaelelo jwa yone kwa motseng mongwe kwa bokone jwa Thailand fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga.

Mmulatsela yo o kgethegileng wa Basupi ba ga Jehofa o ne a simolola go rera mo motseng ono, mme kwa tshimologong baagi ba motse ba ne ba sa batle go reetsa. Lefa go ntse jalo, batho ba ne ba phuthega fa a ne a bua le moruti wa mo tikologong eo. Bangwe ba ne ba lemoga gore Mosupi yono o ne a itse Bibela botoka go gaisa moruti wa bone, ka jalo ba ne ba simolola go ithuta Bibela le mmulatsela yono lemororo ba bangwe ba ne ba ba tlhasela. Ba ne ba bolaya dingwe tsa dipidipidi tsa bone, ba tshosetsa go bolaya mmulatsela yono, mme ba tshuba ntlo ya monna mongwe yo o kgatlhegang ka molelo. Monna yoo o ne a re: “Ba kgonne go tshuba ntlo ya me, mme ga ba kake ba tshuba pelo ya me.” Batho ba ba neng ba ithuta le Mosupi yono ba ne ba tsamaya sekgala se seleele ka dibaesekele fa ba ya kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Go ne ga kolobediwa ba banè ba bone, mme ba bangwe ba barataro ba santse ba tla dipokanong le bone.

Tuelo ya go Ikanyega

◻ Bakaulengwe ba kwa Zambia ba itiretse leina le lentle la gore ba a ikanyega, mme seno se ile sa ba leretse masego, mmogo le go thusa ba bangwe go bona boammaaruri. Mogolwane mongwe wa mmulatsela wa ka metlha o ne a tsamaya ka bese fa a ne a utlwa Mosupi yo mongwe a bua le ba bangwe ka tsogo ya baswi. Mongwe wa bapagami o ne a mmotsa jaana: “Ke ka ntlhayang fa lona Basupi lo re bodumedi jwa lona ke jone fela jwa boammaaruri?” Mokaulengwe o ne a tsenelela mo kgannyeng mme a bolelela mopagami yoo gore Jehofa o tlile go duela Basupi ba gagwe ka gore ba ruta boammaaruri jo bo tswang mo Bibeleng.

Morago ga bosigogare ba ntse ba le mo loetong lono, bese eno e ne ya emisiwa ke mapodisi foo a thibelelang gone. Pula e ne e na tota. Lesole lengwe le ne la emisa bese mme la botsa gore a go na le bangwe ba Basupi ba ga Jehofa mo beseng. Go ne go na le ba le bararo. Morago le ne la re: “Go siame, Basupi ba ka sala ba ntse fa fatshe, lona lotlhe tswelang kwantle ka dikgetse tsa lona.” Batho botlhe ba bangwe ba ne ba tswela kwa puleng, mme ba ne ba boela gape dithoto tsa bone le diaparo tsa bone di kolobile.

Lesole leo le ne la bua jaana fa ba boela mo beseng: “Lebaka la go bo ke lesa Basupi go sala mo beseng ke gore ke batho ba ba ikanyegang. Re ile ra dirisana thata le bone mme ra fitlhela gore ke bone fela ba ba ikanyegang; ba re bolelela boammaaruri fa re ba botsa gore go na le eng mo dikgetseng tsa bone.” Fa bese e tsamaya, mokaulengwe o ne a botsa jaana: “Ke bodumedi bofe jo e leng jwa boammaaruri?” Motho mongwe o ne a araba ka go re: “Ke jo bo sa kolobediwang ke pula.”

Ee, boikanyegi bo thusa go supa gore bodumedi jwa boammaaruri ke bofe, mme eleruri bo a duela!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela