Pego ya Baboledi ba Bogosi
Go Thusa Batho ba ba “Nyorilweng” Kwa Russia
JESU o ne a re: “Go sego ba ba bolawang ke tlala le lenyora ka ntlha ya tshiamo; gonne ba tla kgorisiwa.” (Mathaio 5:6) Maitemogelo a a latelang a bontsha kafa Basupi ba ga Jehofa ba thusang ka teng go ntsha lenyora la semoya la batho ba bantsi kwa Russia, koo go neng go sena kgololesego ya bodumedi gone ka dingwaga tse di fetang 70.
▪ Mosadi mongwe yo o bidiwang Valentina o ne a na le dipotso tse di masisi tsa Baebele tse di neng di sa arabiwa ka dingwaga di le dintsi. Ka sekai, o ne a ipotsa gore: ‘Jesu o ne a rapela mang?’ O ne a akanya gore Jesu o tshwanetse a bo a ne a rapela mongwe yo o kwa godimo ga gagwe mme o ne a ipotsa gore leina la Motho yoo ke mang.
O ne a etela Kereke ya Orthodox ya Russia. Lefa go ntse jalo, ga a ka a bona dikarabo dipe tsa dipotso tsa gagwe mo bodumeding joo. E re ka a ne a sa kgotsofala, o ne a ya kwa kerekeng ya Porotesetanta mme le teng ga a ka a bona dikarabo tse di phepafetseng. E re ka a ne a sa tlhole a itse gore a ye kae, Valentina o ne a simolola go bala Baebele, a leka go iponela dikarabo—mo go neng go sa mo thuse sepe. O ne a rapelela thuso.
Nakonyana morago ga moo Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kokota mo lebating la gagwe. Ba ne ba mmontsha go tswa mo Baebeleng gore leina la Modimo ke Jehofa. Kgabagare, o ne a ithuta gore Jesu o ne a rapela mang! O ne a simolola go ithuta Baebele ka metlha le Basupi. Gantsi o ne a sa robale bosigo a ntse a bala dikgatiso tse di gatisitsweng ke Mokgatlho wa Watch Tower le go bala ditemana tsa Baebele. Go ise go ye kae Valentina o ne a swetsa gore o bone boammaaruri. Mo dikgweding tse tharo o ne a simolola go nna le seabe mo tirong ya go rera, mme dikgwedi tse pedi morago ga foo, o ne a kolobediwa. Go batla ga gagwe boammaaruri ka go rapela go ne ga duelwa.
▪ Mosupi mongwe o ne a tsaya loeto ka bese go ya go rera kwa lefelong le le kgakala. Fa a ntse a le mo loetong o ne a bua le mosadi mongwe yo o sa leng mosha ka ditsholofetso tsa Baebele, mme mosadi yo mosha yono o ne a sa kgatlhege. Dikgwedi tse pedi morago ga foo Mosupi yono o ne a tsaya loeto lwa bobedi a ya kwa lefelong leo a ya go neela puo ya phatlalatsa. Morago ga puo o ne a atamela moeng mongwe mme a mmotsa jaana: “A mongwe o kile a bua le wena ka mafoko a molemo go tswa mo Baebeleng?” Monna yono o ne a araba ka gore, “Ee, ke wena o buileng le nna.” Mosupi o ne a akanya gore o dira metlae. Mme lekawana leno le ne la tlhalosa gore dikgwedi tse pedi pele ga foo o ne a utlwa Mosupi yono a buisana le mosadi yole yo mosha, fa ba ne ba tsamaya ka bese. “Ke ne ke batla go itse mo go oketsegileng, mme o ne wa fologa mo beseng, mme ke ne ke ithaya gore nka se tlhole ke bona Basupi ba ga Jehofa gape. Morago ga foo kwa tirong ke ne ka kopana le monna mongwe yo o ithutang Baebele le Basupi. Mme ke nna yono ke tlile!”
Monna yono le mosadi wa gagwe ba ne ba simolola go ithuta Baebele. Morago ga sebakanyana se sekhutshwane fela, o ne a bona gore tiro ya gagwe ga e dumalane le melaometheo ya Baebele. E re ka a ne a batla go nna le segakolodi se se phepa fa pele ga Modimo, o ne a fetola tiro ya gagwe. Jaanong o bolelela batho ba bangwe ka Bogosi jwa Modimo fa a bona tshono ya go dira jalo. Mosadi wa gagwe le ene o ntse a gatela pele ka go ithuta Baebele.
Basupi ba ga Jehofa ba ba kwa tshimong e kgolo ya Russia ba itumelela go nna le seabe sa go raya batho botlhe ba ba tlhoafetseng ba re: “‘Tlaa!’ Le yo o nyorilweng a a tle; yo o ratang a a tseye metsi a botshelo, a a tseye fela a se na theko.”—Tshenolo 22:17.