Pego ya Baboledi ba Bogosi
Ditiro Tse di Molemo Tse di Galaletsang Jehofa
MO THERONG ya gagwe ya kwa Thabeng, Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “A lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho gore ba bone ditiro tsa lona tse di molemo, mme ba galaletse Rraeno yo o kwa legodimong.” (Mathaio 5:16) Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba dira “ditiro tse di molemo” tse di galaletsang Jehofa.
Ditiro tseno tse di molemo ke eng? Di akaretsa go rerwa ga mafoko a a molemo, mme gape le boitshwaro jwa rona jwa go tlhoma sekao se se molemo bo botlhokwa thata. Gantsi boitshwaro jwa rona jo bo molemo ke jone jo bo gogelang batho mo phuthegong ya Bokeresete. Maitemogelo a a latelang a bontsha gore Basupi ba ga Jehofa kwa Martinique ba dira jang gore ‘lesedi la bone le phatsime fa pele ga batho.’
◻ Fa a ntse a dira tiro ya go rera ka ntlo le ntlo, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a etela mosadi mongwe wa Mokatoliki. Mosadi yono o ne a ntse a nna le monna yo o sa mo nyalang ka dingwaga tse 25. O ne a itse dithuto tsa Basupi ba ga Jehofa ka go bo mo dingwageng tse di ka nnang supa tse di fetileng, o ne a ile a amogela buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise.a Mosadi yono o ne a bolelela Mosupi jaana: “Go na le madumedi a le mantsi. Ga ke itse gore ke dumele bofe mo gare ga tlhakatlhakano eno.” Mosupi o ne a tlhalosa gore boammaaruri bo ka bonwa fela mo Baebeleng mme fa a batla go bo bona o tshwanetse go ithuta Dikwalo ka kelotlhoko mme a rapele Modimo a kope moya le kaelo ya one.
Lefa a ne a kgatlhegela go ithuta Baebele, go ne ga tsaya lobaka lo loleele mosadi yono a gana ka makgetlho a le mantsinyana fa a lalediwa go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa. Ka ntlha yang? O ne a le ditlhong thata. Lefa go ntse jalo, fa a sena go lalediwa go ya Segopotsong sa loso lwa ga Keresete, o ne a fenya go nna ditlhong ga gagwe, mme a ya.
Se se neng sa mo kgatlha thata ka pokano eno e ne e le lorato lo lo neng lwa bontshiwa kwa Holong ya Bogosi. O ne a ise a ke a bone botsalano jwa mmatota jo bo ntseng jalo kwa kerekeng ya gagwe! Morago ga pokano eo, o ne a simolola go nna gone kwa dipokanong tsotlhe tse di neng di tshwarwa ke Basupi ba lefelo leo, mme ka bonakonyana a nyalana le monna yo o neng a nna le ene. Gone jaanong ke leloko le le kolobeditsweng la phuthego.
◻ Ditiro tse di molemo tsa Mosupi mongwe di ile tsa nna le matswela a a molemo thata. O ne a dira tiro nngwe ya maemo a a kwa godimo ya ofisi. Morago ga gore go thapiwe monna mongwe yo o neng a tswa kwa setlhaketlhakeng sa Réunion, bangwe ba badiri ba ne ba simolola go sotla monna yono ka ntlha ya gore o ne a le mokhutshwane thata. Batho ba ne ba tlhola ba mo tshegile. Lefa go ntse jalo, Mosupi yono ene o ne a aga a le pelonomi thata mo monneng yo mme e bile a mo tlotla. Go ise go ye kae monna yono o ne a botsa gore ke ka ntlha yang fa ene a ne a sa tshwane le ba bangwe.
Mosupi yono o ne a mo tlhalosetsa gore lebaka la go bo a ne a mo tlotla e ne e le ka ntlha ya melaometheo ya Baebele eo a neng a e ithutile mo Basuping ba ga Jehofa. Gape o ne a mo tlhalosetsa seo Dikwalo di se bolelang ka ga maikaelelo a Modimo le ka tsholofelo ya lefatshe le lesha. Monna yoo o ne a dumela go ithuta Baebele, a simolola go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete, mme a nyala mosadi yo o neng a ntse a nna le ene.
Kgabagare o ne a boela kwa Réunion. Mo nakong e e fetileng, o ne a nna le mathata le ba losika, segolobogolo ba lelapa la ga bo mosadi wa gagwe. Mme jaanong ba ne ba kgatlhwa thata ke boitshwaro jwa gagwe jo bo molemo jwa Bokeresete. Monna yono o ne a kolobediwa mme gone jaanong ke motlhanka wa bodiredi. Ba lelapa la gagwe, go akaretsa mosadi le barwadi ba gagwe ba babedi, ba direla mo phuthegong ya Bokeresete e le baboledi ba mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.