Pego ya Baboledi ba Bogosi
‘Modimo Ga Se Motlhaodi Wa Batho’
DINGWAGA tse 1 900 tse di fetileng, moaposetoloi yo o tlhotlheleditsweng Petere, o ne a bolela jaana: ‘Modimo ga se motlhaodi wa batho, mme mo merafeng yotlhe yo o boifang one, a ba a dira tshiamo, o a lebosega mo go one.’ (Ditihō 10:34, 35) Gareng ga Basupi ba ga Jehofa go fitlhelwa batho ba ditso tsotlhe le ba ditumelo tse di sa tshwaneng. Ba eletsa tshiamo, gape ba boifa Modimo. Jehofa o ba amogela botlhe go tsena mo setšhabeng sa lefatshe le lesha, jaaka ka sekai, a ile a dira jalo ka mosadi mongwe kwa Chad.
Mosadi yono o ne a sa kgotsofadiwe ke bodumedi jwa gagwe. Mo dingwageng tse di fetileng o ne a kile a ikamogelela kopi ya buka ya Bosha Jwa Gago—Go Iponela Molemo mo go Jone, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, mme o ne a anaanela kgakololo e e molemo e e mo bukeng eno. Go ne ga simololwa thuto ya Bibela le ene, mme ka metlha o ne a nna gone fa thuto e tshwarwa. Lefa go ntse jalo, fa a ne a kgothalediwa go tla dipokanong kwa Holong ya Bogosi, o ne a sa tle. Ka ntlha yang? Lefa gone monna wa gagwe a ne a se kgatlhanong le gore a tshwarelwe thuto, o ne a gana go mo letlelela go tla dipokanong kwa Holong ya Bogosi.
Fa mosadi a ne a batla go ya kopanong ya potologo, Mosupi yo o neng a mo tshwarela thuto o ne a bontsha monna thulaganyo e e neng e bua thata ka kgang ya go supa maitsholo a mantle. O ne a raya mosadi wa gagwe a re o mo letlelela go ya “gangwe fela.” O ne a ya mme o ne a itumelela thulaganyo thata. Morago ga go tlhalosetsa monna wa gagwe se a neng a se ithutile, o ne a seka a tlhola a mo thibela go ya kwa dipokanong tse dingwe. O ne a kgatlhiwa thata ke go bona gore phuthego e ne e dirilwe ka batho ba ditso tse di farologaneng ba ba neng ba anaanelana thata. Morago ga moo o ne a ya kopanong ya kgaolo mme o ne a sala a jele kgakge ke go bona bana ba gagwe ba harilwe ke Basupi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe. Basupi ba ne ba kgaogana dijo tsa bone le bana ba gagwe mme ba ba tshwara jaaka e kete ke maloko a malapa a bone. Seno se ne sa dira gore go nne le phetogo e kgolo mo go ene.
Lefa go ntse jalo, go ne ga latela kganetso. Lefa gone e le motho yo o ditlhong ka tlholego, o ne a simolola go akgela kwa dipokanong le go emelana le dipuo tsa tshotlo tsa balosika le baagisani. Lefa gone a ntse dingwaga di le dintsi le monna wa gagwe, ba ne ba nyalane lenyalo la setso le le neng le sa kwadisiwa semolao. O ne a tla phunya jang kgang ya gore ba nyalane semolao? Morago ga fa a sena go rapela Jehofa ka tlhoafalo, o ne a bua le monna wa gagwe, yo o neng a re o tla akanyetsa kgang eo. Kgabagare o ne a dumela, mme ba ne ba nyalana semolao.
Mogadibo yo a neng a nna le bone o ne a tsosa mathata a le mantsi, mme lefa go ntse jalo, monna o ne a ema le mosadi wa gagwe. Morago ga moo rraagwe monna o ne a ba etela. O ne a bolelela morwawe gore a tlhale mosadi wa gagwe, e re ka a ne a tlogetse bodumedi jwa gagwe. Rre yoo o ne a bolelela morwawe gore o ne a tla mo ntshetsa magadi a go nyala “mosadi yo o botoka go feta yono.” Morwawe o ne a mo fetola ka go re: “Nnyaa, nka se dire jalo. Ke mosadi yo o siameng. Ee gone, fa e le ene a reng o batla go tsamaya, e seng gore nna ke mo reye ke re a tsamaye.” Mosadi ga a ise a ko a tseye ratsalaagwe bosula, mme o ne a swaba ka ntlha ya se a neng a se dirile. Lefa go ntse jalo, fa a boela kwa motseng o a neng a nna kwa go one, o ne a kwalela morwawe, mo lekgetlong leno a mo naya tshwetso ya bofelo. O ne a re fa morwawe a gana go leleka mosadi wa gagwe, ga a sa tlhole a le morwawe. Morwa yono gape o ne a ema le mosadi wa gagwe. Akanya fela gore mosadi o tshwanetse a bo a ne a itumetse jang ne go bona monna wa gagwe a ititaya sehuba jalo gore o ema le ene.
Gone jaanong barwa ba bone ba bannye ba babedi ba rata go tsamaya le mmaabone kwa Holong ya Bogosi. Ba bile ba kopa rraabone dithai, e re ka ba ne ba bona bakaulengwe botlhe ba ba neelang dipuo ba di tsenya. Gompieno mosadi yono ke kgaitsadi yo o kolobeditsweng.
Ke mongwe wa Basupi ba ba itumetseng ba le 345 kwa Chad ba ba bolelang mafoko a a molemo a Bogosi jwa ga Jehofa le go anaanela gore, eleruri, ‘Modimo ga se motlhaodi wa batho.’